Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Jesu o ne a rotloetsa jaana: “Itekeng ka tlhagafalo go tsena ka kgoro e tshesane, ka gonne ba le bantsi, ke a lo bolelela, ba tla senka go tsena mme ga ba na go kgona.” (Luke 13:24) O ne a kaya eng, mme seo se dira jang gompieno?
Re ka tlhaloganya temana eno sentle ka go sekaseka maemo a a amanang le yone. Dikgwedi di ka nna thataro pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a le kwa Jerusalema ka nako ya segopotso sa go kgakolwa ga tempele sesha. O ne a bua ka go nna modisa wa dinku tsa Modimo mme o ne a tlhalosa gore Bajuda ka kakaretso e ne e se bangwe ba dinku tseno ka gonne ba ne ba gana go reetsa. Fa a ne a bolela gore o “mongwe fela” le Rraagwe, Bajuda ba ne ba tsholetsa matlapa gore ba mo kgobotletse. O ne a tshabela kwa Perea ka kwa moseja ga Joredane.—Johane 10:1-40.
Monna mongwe o ne a botsa jaana gone koo: “Morena, a ba ba bolokwang ba mmalwa?” (Luke 13:23) E ne e le potso e e neng e tshwanela gore a e botse, e re ka Bajuda ba nako eo ba ne ba dumela gore e ne e le palo e e lekanyeditsweng fela e e neng e tla tshwanela poloko. Ka boikutlo jo ba neng ba na le jone, ga go thata go bona gore ba ne ba akanya gore ke bomang ba ba neng ba dira palo eo e e potlana. A bo ba ne ba le phoso jang ne, jaaka ditiragalo tsa moragonyana di ne di tla bontsha!
Ka dingwaga di ka nna pedi, Jesu o ne a na le bone, a ruta, a dira dikgakgamatso e bile a ba neela sebaka sa go ka nna baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo. Go ne ga felela ka eng? Bone, mme segolobogolo baeteledipele ba bone, ba ne ba ikgantsha ka gore ke ditlogolwana tsa ga Aberahame le go bo ba neetswe Molao wa Modimo. (Mathaio 23:2; Johane 8:31-44) Mme ba ne ba sa lemoge le go arabela lentswe la Modisa yo o Molemo. Go ne go ntse jaaka e kete kgoro e butswe fa pele ga bone, ya go nna maloko a Bogosi e le tuelo e kgolo ya go tsena ka yone, mme ba ne ba e gana. E ne e le ba sekae fela, bontsi jwa bone e le ba maemo a a kwa tlase, ba ba neng ba utlwa molaetsa wa ga Jesu wa boammaaruri, ba arabela le go mo kgomarela.—Luke 22:28-30; Johane 7:47-49.
Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., e ne e le ba ba seng kae fela bano ba ba neng ba tshwanelega go tlodiwa ka moya. (Ditiro 2:1-38) Ba ne ba se bangwe ba badiri ba tshiamololo ba Jesu a neng a bua ka bone ba ba neng ba tla lela le go phuranya meno a bone ka gonne ba ne ba palelwa ke go tsaya tshono e ba neng ba na le yone.—Luke 13:27, 28.
Ka jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga “bantsi” e ne e le Bajuda ka kakaretso, mme segolobogolo baeteledipele ba bodumedi. Bano ba ne ba bolela gore ba batla go amogelwa ke Modimo—mme ba latela fela ditekanyetso le ditsela tsa bone, e seng tsa Modimo. Se se farologaneng le seo, ba “babotlana” thata ba ba neng ba kgatlhega go tswa mo pelong gore ba nne karolo ya Bogosi ba ne ba nna maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete.
Jaanong sekaseka kafa seno se dirang thata ka gone mo motlheng wa rona. Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke tsa Labokeresete ba ntse ba rutiwa gore ba ya kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, keletso eno ga e a theiwa mo dithutong tse di tlhomameng tsa Dikwalo. Fela jaaka Bajuda pelenyana, bano ba batla go amogelwa ke Modimo le fa ba dira dilo ka tsela ya bone fela.
Le fa go le jalo, go ntse go na le ba babotlana mo motlheng wa rona ba ba ileng ba arabela ka boikokobetso mo molaetseng wa Bogosi, ba ineela mo go Jehofa, mme a ba amogela. Seno se ne sa dira gore ba nne “barwa ba bogosi.” (Mathaio 13:38) “Barwa” bao ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go lalediwa ka Pentekosete ya 33 C.E. Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore bosupi jwa gore Modimo o dirisana le batho ba gagwe bo bontsha gore totatota maloko a setlhopha sa selegodimo a setse a biditswe. Ka gone, batho ba ba ileng ba ithuta boammaaruri jwa Baebele mo dingwageng tsa bosheng jaana ba setse ba tlhaloganya gore jaanong ba neelwa tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Bano ba ile ba feta Bakeresete ba masalela a a tloditsweng ba ba ntseng ba fokotsega ka palo, ba tota ba lebeletseng go ya kwa legodimong. Luke 13:24 ga e bolele thata ka ba ba sa yeng kwa legodimong, mme tota e ba tshwaretse kgakololo e e botlhale.
Ka go re rotloetsa gore re iteke ka tlhagafalo, Jesu o ne a sa bolele gore ene kana Rraagwe ba baya dikgoreletsi mo tseleng ya rona gore di re kgoreletse. Mme re tlhaloganya mo go Luke 13:24 gore dilo tse Modimo a di tlhokang di dira gore batho ba ba sa tshwanelang ba tlosiwe. Mafoko a a reng “itekeng ka tlhagafalo” a kaya go kgaratlha, le go tsaya matsapa. Ka gone re ka ipotsa gore, ‘A ke tsaya matsapa?’ Luke 13:24 e ka tlhalosiwa jaana ka mafoko a mangwe, ‘Ke tlhoka go iteka ka tlhagafalo gore ke tsene ka kgoro e tshesane ka gonne ba le bantsi ba tla batla go tsena mme ba ka se kgone. Ka jalo a tota ke iteka ka tlhagafalo? A ke tshwana le motabogi kwa setadiamong sa bogologolo yo o dirang ka natla gore a gape sekgele? Motabogi yo o ntseng jalo a ka se dire ka pelo e e sa felelang a goga dinao. A ke ntse jalo le nna?’
Mafoko a ga Jesu a bontsha gore bangwe ba ka nna ba batla “go tsena ka kgoro” ka tsela e go batlang bone fela ka yone, ba dira jalo ba sa potlaka. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka ama Basupi. Ba bangwe ba ka nna ba akanya gore, ‘Ke itse Bakeresete bangwe ba ba ineetseng ba ba ileng ba iteka ka natla ka dingwaga di le dintsi, ba ithontsha dilo di le dintsi; le fa go ntse jalo, ka nako ya fa ba ne ba tlhokafala, bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo bo ne bo sa ntse bo ise bo tle. Ka jalo gongwe nka iketla, ke tshele botshelo jo bo tlwaelegileng.’
Go motlhofo go akanya ka tsela eo, a mme tota go botlhale? Ka sekai, a baaposetoloi ba ne ba akanya ka tsela eo? Tota nnyaa. Ba ne ba dira ka natla mo kobamelong ya boammaaruri—go fitlhela ba swa. Ka sekai, Paulo o ne a ka bolela jaana: “[Keresete] ke ene yo re mo itsiseng phatlalatsa . . . Eleruri ke dira ka natla gore ke dire seno, ke iteka tumalanong le go dira ga gagwe e bile e le mo go dirang mo go nna ka maatla.” Moragonyana o ne a kwala jaana: “Re dira ka natla e bile re iteka go dira seno, ka gonne re agile tsholofelo ya rona mo Modimong o o tshelang, o o leng Mmoloki wa batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo wa ba ba boikanngo.”—Bakolosa 1:28, 29; 1 Timotheo 4:10.
Re a itse gore Paulo o ne a dira selo se se siameng tota ka go iteka ka tlhagafalo. A bo re tla kgotsofala jang ne fa mongwe le mongwe wa rona a kgona go bolela jaana jaaka Paulo: “Ke tlhabane tlhabano e e molemomogolo, ke siane tshiano go ya bofelong, ke bolokile tumelo.” (2 Timotheo 4:7) Ka jalo go dumalana le mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 13:24, mongwe le mongwe wa rona a ka botsa gore, ‘A ke dira ka tlhoafalo le ka bonatla? Ee, a ke neela bosupi jo bo lekaneng, ka metlha jwa gore ke utlwa tlhagiso eno ya ga Jesu: “Itekeng ka tlhagafalo go tsena ka kgoro e tshesane”?’