Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mojuda?
1 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bontsi jwa “bana ba Iseraele” ba ne ba bontsha kanaanelo fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba rera. (Dit. 10:36) Jaaka ka nako eo, gompieno Bajuda ba ba peloephepa ba le bantsi ba amogela boammaaruri ka peloyotlhe—e seng fela kwa Iseraele mme gape le kwa Russia, United States, le kwa dinageng tse dingwe. A o ka rata go atlega thata fa o neela Bajuda bosupi? Dikakantsho tse di latelang di tla go thusa go neela Bajuda ba badumedi le ba e seng badumedi bosupi ka tsela e e botlhale.
2 Go Neela Bajuda ba Badumedi Bosupi: Re tshwanetse go lemoga gore Bajuda ba badumedi gantsi ba amegile ka go boloka dingwao tsa borabi go na le go tlhalosa dithuto dingwe tse di rileng. Ee ruri, gantsi ba tsaya ngwao e le botlhokwa fela jaaka Dikwalo. Ka gone, ga ba kgatlhegele thata go tlotla ka ditlhogo tse di boteng tsa Baebele. Gape ba akanya gore Baebele ke buka ya Bakeresete. Ka lebaka leo, gantsi go botoka gore fa o bua ka Baebele o dirise mafoko a a reng “Dikwalo Tsa Sehebera,” “Torah” kana “Dikwalo.” Kgatiso e e molemolemo e segolobogolo e gatiseditsweng Bajuda ke boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War?
3 Ke ditlhogo dife tse di ka kgatlhang Bajuda ba badumedi? Ebu, ba a dumela gore go na le Modimo a le mongwe, yo o kgatlhegelang batho thata. Gape ba a dumela gore Modimo o tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho. O ka nna wa dirisa dintlha tseno go batla kgang e lo ka dumalanang mo go yone. Mo godimo ga moo, Bajuda ba le bantsi ba a itse gore batho ba bone ba ne ba boga ka Ntwa ya Lefatshe II. Ba ipotsa lebaka la go bo Modimo a dumeletse tshiamololo e e ntseng jalo le gore boikepo bo tlile go khutla leng. Re ka kgona go araba dipotso tse di ntseng jalo, ka sekai, fa re bolela ka se se ileng sa diragalela bakaulengwe ba rona ka Polao ya Kgailo.
4 Legale, gore o se ka wa tlhobogana le mong wa ntlo, go molemo gore o se ka wa itlhaganela go tlotla kaga yo e leng Mesia. Go na le moo, o ka nna wa tlotla ka se Moshe a neng a se dira mo hisitoring ya Iseraele mme o botse mong wa ntlo gore a o dumela gore dithuto tsa ga Moshe di botlhokwa gompieno. Fa go setse go tshwanela go ka tlotla ka yo e leng Mesia, o ka nna wa bala Duteronome 18:15 pele, e e reng: “Jehofa Modimo wa gago o tlaa go tsosetsa moperofeti mo gare ga gago, wa bana ba ga rraeno, yo o tshwanang le nna; lo reetse ene.” Botsa mong wa ntlo gore Moshe o ne a akantse ka mang fa a ne a bua ka moporofeti yo o tshwanang le ene. Go tswa foo dirisa dintlha tse di mo boroutšhareng jwa World Without War, tsebe 14, dirapa 17 le 18.
5 Bajuda ba e Seng Badumedi ba Leba Dilo ka Tsela e e Farologaneng: Ga se Mojuda mongwe le mongwe yo o amogelang dithuto tsa Sejuda. Bajuda ba le bantsi ga ba lebe dilo ka tsela ya bodumedi. Ba kgatlhegela thata gore Bajuda ba itlhaole, ka setso sa bone, ka ngwao, le ka thuto go na le go dira dilo tsa bodumedi jwa Bojuda. Bajuda bangwe ba e seng badumedi ba dumela gore Modimo ke masaitseweng—ba sekae tota ke balatolamodimo. Kwa tshimologong, ga go ka ke ga thusa sepe fa o nopola thata mo Dikwalong Tsa Sehebera. Go ka nna molemo thata go simolola motlotlo jaaka e kete o tlotla le motho yo e seng modumedi. Ka sekai, o ka nna wa tlhalosa ka fa Baebele e leng mosola ka gone mo motlheng wa rona. Fa mong wa ntlo a sa dumele gore Baebele e tlhotlheleditswe, a ka nna a thusiwa ke dintlha dingwe tse di mo boroutšhareng jwa World Without War, segolobogolo tse di fitlhelwang mo karolong ya tsebe ya 3 e e nang le setlhogo se se reng “The Bible—Inspired by God?”
6 Fa o neela Mojuda bosupi, o ka nna wa re:
◼ “Bontsi jwa rona re kile ra hutsafadiwa ke go latlhegelwa ke moratiwa wa rona ka loso. O akanya gore go diragalang ka rona fa re swa?” Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bontsha mong wa ntlo lebokoso le le reng “Death and the Soul—What Are They?” mo tsebeng ya 22 ya boroutšhara jwa World Without War. Lebokoso leno le bapisa se Dikwalo di se bolelang ka botshelo morago ga loso le se borabi ba se rutang. Go tswa foo o ye kwa serapeng sa 17 mo tsebeng ya 23, mme o bontshe gore go ya ka Dikwalo, baswi ba tla tsosediwa mo botshelong mo lefatsheng la paradaise. Mo tsamaisetse boroutšhara. Fa o baakanyetsa loeto lwa go boela, o ka nna wa umaka gore tlhogo ya lotso e bong Jobe e ne e na le tsholofelo ya tsogo. Mmontshe dikwalo tse di umakilweng kwa bofelong jwa serapa sa 17, mme o kope go boa gape go tla go tlotla ka tsone.
7 Dibuka tsa Mathaio, Mareko, Luke, Johane le Ditiro di na le dikgang tsa Bajuda ba ba neng ba reetsa boammaaruri ba bo ba tsaya kgato. Jehofa o sa ntse a butse tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Bajuda ba le bantsi ba ba peloephepa ba sa ntse ba ka ithuta ka Jehofa, Modimo wa boammaaruri, gore le bone ba tshelele ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Mik. 4:1-4.