LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/15 ts. 18-23
  • “Tirelo e e Boitshepo e e Dirwang ka Maatla a Lona a go Akanya”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tirelo e e Boitshepo e e Dirwang ka Maatla a Lona a go Akanya”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tokafatsa Maatla a Rona a go Akanya
  • Makgoba a Modimo le Keresete, e Seng a Batho
  • Go Nna le “Mogopolo wa ga Keresete”
  • Go Tshela ka Molao wa ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • A o Ka Ikanya Segakolodi sa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Letla Melao le Melaometheo ya Baebele Gore e Thapise Segakolodi sa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/15 ts. 18-23

“Tirelo e e Boitshepo e e Dirwang ka Maatla a Lona a go Akanya”

“Lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, se se amogelwang ke Modimo, e leng tirelo e e boitshepo e e dirwang ka maatla a lona a go akanya.”—BAROMA 12:1, NW.

1, 2. Go ithuta go dirisa melaometheo ya Baebele go tshwana le go ithuta puo nngwe e ntšha jang?

AO KILE wa leka go ithuta puo nngwe e ntšha? Fa go le jalo, kwantle ga pelaelo o tla dumela gore ga se kgetsi e potlana. Kana gone, go tlhokega dilo di le dintsi mo godimo ga go ithuta mafoko a masha fela. Gape gore o bue puo nngwe ka botswerere go tlhokega gore o itse kerama ya yone sentle. O tshwanetse wa tlhaloganya tsela e mafoko a amanang ka yone le kafa a kopanang ka gone gore a bope dintlha tse di utlwalang.

2 Go tshwana le go nna le kitso ya Lefoko la Modimo. Go tlhokega dilo di le dintsi go na le go ithuta ditemana tsa Dikwalo tse di rileng fela. Gape re tshwanetse gore re ithute kerama ya Baebele, jaaka go ka tualo. Re tlhoka gore re tlhaloganye tsela e dikwalo di amanang ka yone le kafa di ntseng jaaka melaometheo e e ka dirisiwang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi ka gone. Ka gone re tla nna “boitekanelo, [re] iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:17.

3. Ke phetogo efe e e neng ya diragala ka 33 C.E. e e malebana le tirelo ya Modimo?

3 Mo thulaganyong ya Molao wa ga Moshe, boikanyegi bo ne bo ka bontshiwa segolobogolo ka go tlhwaela tsebe thata melao e e tlhalositsweng sentle. Lefa go ntse jalo, ka 33 C.E. Jehofa o ne a phimola Molao, ka go o “kokothela mo mokgorong” tota o Morwawe a neng a bolaelwa mo go one. (Bakolosa 2:13, 14) Morago ga moo, batho ba Modimo ba ne ba se ka ba neelwa lenaane le letelele la gore ba ntshe ditlhabelo dife le la melao e ba tshwanetseng go e latela. Go na le moo, ba ne ba bolelelwa jaana: “Lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, se se amogelwang ke Modimo, e leng tirelo e e boitshepo e e dirwang ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1, NW) Ee, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dira ka natla, ka pelo yotlhe ya bone, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe le ka nonofo yotlhe mo tirelong ya Modimo. (Mareko 12:30; bapisa Pesalema 110:3.) Mme ke eng se se kaiwang ke “tirelo e e boitshepo e e dirwang ka maatla a lona a go akanya”?

4, 5. Ke eng se se akarediwang mo go direleng Jehofa ka maatla a rona a go akanya?

4 Polelwana e e reng ‘maatla a go akanya’ e ranotswe mo lefokong la Segerika le le reng lo·gi·kosʹ, le le rayang “go utlwisisa” kana “botlhale.” Batlhanka ba Modimo ba kopiwa gore ba dirise segakolodi sa bone se se katisitsweng ke Baebele. Go na le gore Bakeresete ba theye ditshwetso tsa bone mo melaong e mentsintsi e e tlhomilweng go sa le gale, ba tshwanetse gore ba sekaseke melaometheo ya Baebele ka kelotlhoko. Ba tlhoka gore ba tlhaloganye “kerama” ya Baebele, kana kafa melaometheo ya yone e e farologaneng e amanang ka gone. Ka gone, ba ka dira ditshwetso tse di lekalekaneng ka maatla a bone a go akanya.

5 A seno se raya gore Bakeresete ga ba na molao? Eleruri nnyaa. Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di thibela sentlentle kobamelo ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, go bolaya, go bua maaka, tirisabadimo, go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang le maleo a mangwe a a farologaneng. (Ditiro 15:28, 29; 1 Bakorinthe 6:9, 10; Tshenolo 21:8) Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go dirisa maatla a rona a go akanya gore re ithute melaometheo ya Baebele le go e dirisa ka selekanyo se se fetang se se neng se tlhokega mo Baiseraeleng. Fela jaaka go tlhaloganya puo nngwe e ntšha, seno se tlhoka nako le boiteko. Maatla a rona a go akanya a ka tokafala jang?

Go Tokafatsa Maatla a Rona a go Akanya

6. Go ithuta Baebele go akaretsa eng?

6 La ntlha, re tshwanetse ra bo re le baithuti ba Baebele ba ba tlhagafetseng. Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le “molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) Ka metlha ga re a tshwanela go lebelela gore boemo bongwe kana bothata bongwe bo ka rarabololwa ke temana e le nngwe fela ya Baebele. Go na le moo, re ka nna ra tshwanelwa ke go akanya ka dikwalo di le mmalwa tse di bonesang lesedi mabapi le boemo kana bothata jo bo rileng. Re tla tlhoka gore re sekaseke ka tlhoafalo tsela e Modimo a akanyang ka yone mo kgannyeng eno. (Diane 2:3-5) Gape re tlhoka gore re tlhaloganye, ka gonne ‘motho wa tlhaloganyo o tshwara dikgakololo tse di itekanetseng.’ (Diane 1:5) Motho yo o tlhaloganyang o ka kgona go farologanya mabaka ka bongwe a kgang nngwe mme go tswa foo a bo a bona gore a amana jang.

7. Batsadi ba ka sekaseka melaometheo ya Baebele jang e e malebana le kotlhao?

7 Ka sekai, a o ko o tseye kgang ya go nna motsadi. Diane 13:24 e bolela gore rrabana yo o ratang morwawe o a “tle a mo watlhae go sa le gale.” Fa re sekaseka lokwalo lono fela, lo ka nna lwa dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang go raya gore kotlhao e e setlhogo, e e dirwang ka metlha e siame. Lefa go ntse jalo, Bakolosa 3:21 e re neela tlhagiso e e lekalekaneng: “Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.” Batsadi ba ba dirisang maatla a bone a go akanya le go dumalana le melaometheo eno ba ka se sekamele mo kotlhaong e e ka nnang ya bidiwa “e e sotlang.” Ba tla tshwara bana ba bone ka lorato, ka go ba tlhaloganya le ka tsela e e nang le seriti. (Baefeso 6:4) Ka gone, mo kgannyeng ya go godisa bana kana epe fela e e akaretsang melaometheo ya Baebele, re ka nna le maatla a go akanya ka gore re bapise mabaka otlhe a a amanang. Ka tsela eno, re ka lemoga “kerama” ya melaometheo ya Baebele, gore ke eng se Modimo a neng a se ikaeletse le kafa re ka se fitlhelelang ka gone.

8. Re ka tila jang go leba boitlosobodutu ka tsela e e sa fetofetogeng, e e gagametseng?

8 Tsela ya bobedi e re ka tokafatsang maatla a rona a go akanya ka yone ke gore re tile go leba dilo ka ditsela tse di ka sekang tsa fetolwa, tse di gagametseng. Tsela e re lebang dilo ka yone e e sa fetofetogeng e kgoreletsa maatla a rona a go akanya gore a se ka a gola. A o ko o akanye ka kgang ya boitlosobodutu. Baebele e bolela jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) A seno se raya gore buka nngwe le nngwe, baesekopo, kana lenaneo la thelebishene e leng dilo tse di dirilweng ke lefatshe leno di bosula e bile di na le moya wa bosatane? Tota kgopolo e e ntseng jalo e ne e tla bo e sa utlwale. Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba ka nna ba itlhophela gore ba se ka ba leba thelebishene, dibaesekopo, kana go bala dibuka tsa lefatshe gotlhelele. Ba na le tshwanelo ya go dira jalo, mme ga ba a tshwanela gore ba tshwaiwe phoso ka gone. Mme le bone ga ba a tshwanela go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba tseye boemo jo bo ntseng jalo jo bo gagametseng. Mokgatlho o ile wa gatisa ditlhogo tse di neng di re tlhomela melaometheo ya Baebele tse di tshwanetseng gore di re thuse go tlhopha mekgwa ya boitapoloso kana boitlosobodutu ka tsela e e botlhale. Go tla bo go se botlhale tota gore re tlole dikaelo tseno re bo re akanya ka boitsholo jo bo sa siamang, bothubaki jo bo feteletseng, kana tirisabadimo e e leng teng thata mo boitlosobodutung jwa lefatshe leno. Totatota, gore re tlhophe boitlosobodutu go tlhokega gore re dirise maatla a rona a go akanya gore re dirise melaometheo ya Baebele re tle re nne le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.—1 Bakorinthe 10:31-33.

9. Ke eng se se bolelwang ka ‘temogo e e tletseng’?

9 Bontsi jwa boitlosobodutu jwa gompieno ga bo a tshwanela Bakeresete tota.a Ka gone, re tshwanetse gore re katise dipelo tsa rona gore di ‘ile bosula’ e le gore re se ka ra tshwana le batho bangwe ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba “[feletswe] ke maikutlo.” (Pesalema 97:10; Baefeso 4:17-19) Fa re akanya ka dikgang tse di ntseng jalo, re tlhoka ‘kitso e e tlhomameng le temogo e e tletseng.’ (Bafilipi 1:9) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “temogo” le raya “go lemoga dilo tse di amanang le boitsholo ka bofefo.” Lefoko leno le raya tsela ya mmatota e motho a lemogang dilo ka yone, jaaka go bona. Fa e le ka boitlosobodutu kana kgang epe e nngwe e e tlhokang gore motho a dire tshwetso nngwe, re tshwanetse ra tlhoma mogopolo mo tseleng ya rona ya go lemoga boitsholo e le gore re se ka ra lemoga fela dikgang tse di molemo le tse di bosula tse di bonalang motlhofo mme gape re lemoge le tse di sa lemotshegeng motlhofo. Mo godimo ga moo, re tshwanetse gore re tile go dirisa melaometheo ya Baebele ka tsela e e feteletseng re bo re patelela gore bakaulengwe ba rona botlhe ba dire ka tsela e e tshwanang.—Bafilipi 4:5.

10. Re ka tlhaloganya jang tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone jaaka go bontshitswe mo go Pesalema 15?

10 Tsela ya boraro e re ka tokafatsang maatla a rona a go akanya ka yone ke gore re lemoge tsela e Jehofa a akanyang ka yone le go e tsenya mo teng ga dipelo tsa rona. Jehofa o senola botho jwa gagwe le ditekanyetso tsa gagwe mo Lefokong la gagwe. Ka sekai, mo go Pesalema 15, re bala ka mofuta wa motho yo Jehofa a mo laletsang gore a nne moeng wa ntlo ya gagwe. Motho yoo o dira tshiamo, o bua boammaaruri mo pelong ya gagwe, o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, e bile ga a dirise ba bangwe ka tsela ya bogagapa. Fa o bala pesalema eno, ipotse gore, ‘A dinonofo tseno di bolela ka nna? A Jehofa o ne a tla ntaletsa gore ke nne moeng mo ntlong ya gagwe?’ Maatla a rona a go lemoga a nonotshiwa fa re ntse re dumalana le ditsela tsa ga Jehofa le tsela e a akanyang ka yone.—Diane 3:5, 6; Bahebere 5:14.

11. Bafarisai ba ne ba “tlhokomologa tshiamiso le lorato lwa Modimo” jang?

11 Bafarisai ba ne ba palelwa tota mo ntlheng eno. Bafarisai ba ne ba itse kafa Molao o neng o ntse ka teng mme ba ne ba sa itse “kerama” ya one. Ba ne ba kgona go bua dintlha tsa Molao di le dintsintsi ka tlhogo, mme ba ne ba palelwa ke go tlhaloganya Botho jwa mong wa one. Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Lo ntsha sa bosome sa mosukujwane, le sa rue, le sa merogo yotlhe lekgetho; mme lo tlhokomologa tshiamiso le lorato lwa Modimo!” (Luke 11:42) Bafarisai ba ne ba palelwa ke go dirisa maatla a bone a go akanya, e re ka ba ne ba na le megopolo e e sa fetofetogeng le dipelo tsa bone di ne di kgwaraletse. Tsela ya bone ya go akanya e e sa tshwaneng e ne ya itshupa fa ba ne ba tshwaya barutwa ba ga Jesu phoso ka go bo ba ne ba roba mabele ba bo ba ja diako ka Sabata; lefa go ntse jalo, morago ga moo ka lone letsatsi leo, segakolodi sa bone se ne se sa tsiboge le e seng fa ba ne ba dira leano la go bolaya Jesu!—Mathaio 12:1, 2, 14.

12. Re ka dumalana thata le Jehofa jang jaaka Motho?

12 Re batla gore re farologane le Bafarisai. Go itse ga rona Lefoko la Modimo go tshwanetse ga re thusa go dumalana thata le Jehofa jaaka Motho. Re ka dira seno jang? Batho ba bangwe ba ile ba thusiwa ke gore ba tlhatlhanye ka dipotso tse di tshwanang le tseno fa ba sena go bala karolo nngwe mo Baebeleng kana mo bukeng nngwe e e theilweng mo Baebeleng, ‘Ke eng se tshedimosetso eno e se nthutang kaga Jehofa le dinonofo tsa gagwe? Ke ka bontsha dinonofo tsa ga Jehofa jang fa ke dirisana le ba bangwe?’ Fa re tlhatlhanya ka dipotso tseo re godisa maatla a rona a go akanya gape go dira gore re kgone go nna “baetsi ba Modimo.”—Baefeso 5:1.

Makgoba a Modimo le Keresete, e Seng a Batho

13. Bafarisai ba ne ba itira e kete ke balaodi ba boitsholo jang?

13 Bagolwane ba tshwanetse go letlelela ba ba kafa tlase ga bone gore ba dirise maatla a bone a go akanya. Maloko a phuthego ga se makgoba a batho. “Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete,” Paulo o ne a kwala jalo. (Bagalatia 1:10; Bakolosa 3:23, 24) Se se farologaneng le seo, Bafarisai ba ne ba batla gore batho ba dumele gore go ne go le botlhokwa thata go amogelwa ke batho go na le go amogelwa ke Modimo. (Mathaio 23:2-7; Johane 12:42, 43) Bafarisai ke bone ba ba itlhophetseng gore ba nne balaodi ba boitsholo ba ba neng ba itlhamela melao ya bone mme go tswa foo ba bo ba atlhola ba bangwe go ya kafa ba neng ba e diragatsa ka teng. Batho ba ba neng ba latela Bafarisai ba ne ba koafala mo go diriseng segakolodi sa bone se se katisitsweng sa Baebele, totatota ba ne ba nna makgoba a batho.

14, 15. (a) Bagolwane ba ka itshupa jang gore ke badirimmogo le letsomane? (b) Bagolwane ba tshwanetse go rarabolola dikgang tse di amang segakolodi jang?

14 Gompieno bagolwane ba Bakeresete ba itse gore letsomane ga le ikarabelele thata mo go bone. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a rwala morwalo wa gagwe. (Baroma 14:4; 2 Bakorinthe 1:24; Bagalatia 6:5) Seno se tshwanetse sa nna jalo. Eleruri, fa e le gore maloko a letsomane a ne a ka nna makgoba a batho, ba ba utlwa fela ka ntlha ya go bo ba ne ba ba beile leitlho, ke eng se ba neng ba ka se dira fa banna bao ba ne ba seyo? Paulo o ne a tshwanelwa ke go itumelela Bafilipi jaana: “Fela jaaka lo ntse lo utlwa gale, e seng kwa ke leng gone go le gosi, mme bogolo thata gompieno ke seyo, lo itireleng poloko ka losi, ka poifo le ka thoromo.” Eleruri e ne e le makgoba a ga Keresete, mme e seng a ga Paulo.—Bafilipi 2:12.

15 Ka gone, mo dikgannyeng tse di tlhokang gore motho a dirise segakolodi, bagolwane ga ba direle batho ba ba kafa tlase ga bone ditshwetso. Ba tlhalosa melaometheo ya Baebele e e akaretsang kgang eo mme go tswa foo ba letlelela batho ba ba amegang mo go seo gore ba dirise maatla a bone a go akanya gore ba dire tshwetso. Jono ke boikarabelo jo bo masisi, lefa go ntse jalo ke jo motho ka bongwe a tshwanetseng go bo sikara.

16. Ke thulaganyo efe e e neng e le teng kwa Iseraele ya go rarabolola mathata?

16 A o ko o akanye ka nako ya fa Jehofa a ne a dirisa baatlhodi gore ba kaele Baiseraele. Baebele e re bolelela jaana: “Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe ka esi fela.” (Baatlhodi 21:25) Lefa go ntse jalo Jehofa o ne a dira ditsela tsa gore batho ba gagwe ba bone kaelo. Motse mongwe le mongwe o ne o na le banna ba ba godileng ba ba neng ba ka neela thuso e e itekanetseng mo dipotsong tse ba neng ba ka di bodiwa le go rarabolola mathata. Mo godimo ga moo, baperesiti ba Balefi ba ne ba tlhotlheletsa batho gore ba dire se se molemo ka go ba ruta melao ya Modimo. Segolobogolo fa go ne go tsoga dikgang tse di masisi, moperesiti yo mogolo o ne a senka kgakololo ya Modimo ka Urime le Thumime. Buka ya Insight on the Scriptures e akgela jaana: “Motho mongwe le mongwe yo o neng a ithuta dilo tseno, yo o neng a nna le kitso ya molao wa Modimo a bo a e dirisa, o ne a neela segakolodi sa gagwe kaelo e e siameng. Go bo a ne a dira se se ‘siameng mo matlhong a gagwe’ mo kgannyeng eo go ne go sa felele ka sepe se se bosula. Jehofa o ne a letla batho gore ba bontshe boikutlo le tsela e e ratang kana e e sa rateng.”—Bolumo 2, ditsebe 162-3.b

17. Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba gakolola go ya ka ditekanyetso tsa Modimo go na le tsa bone fela?

17 Fela jaaka baatlhodi ba Iseraele le baperesiti, bagolwane ba phuthego ba neela thuso e e itekanetseng fa go na le mathata le go neela kgakololo e e tlhokegang. Ka dinako tse dingwe, ba tle ba “kgalemele, [ba] laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta.” (2 Timotheo 4:2) Ba dira jalo go ya ka ditekanyetso tsa Modimo, e seng tsa bone. A bo seno se na le matswela jang ne fa bagolwane ba tlhoma sekao ba bo ba leka go fitlhelela dipelo!

18. Ke ka ntlha yang fa go na le matswela segolobogolo fa bagolwane ba fitlhelela dipelo?

18 Pelo ke “enjene” ya tiro ya rona ya Bokeresete. Ka gone Baebele e bolela jaana: “Matso a botshelo a tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Bagolwane ba ba tlhotlheletsang dipelo ba tla fitlhela gore batho ba ba mo phuthegong ba tla tlhotlheletsega go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya Modimo. E tla nna bone ba ba tsayang kgato pele, ba sa tlhoke gore ba kgothadiwe ke ba bangwe ka dinako tsotlhe. Jehofa ga a batle gore motho a patelediwe gore a mo utlwe. O batla gore motho a mo utlwe go tswa mo pelong e e tletseng ka lorato. Bagolwane ba ka kgothaletsa batho ba letsomane tirelo e e ntseng jalo e e tlhotlhelediwang ke pelo ka go ba thusa gore ba gole mo maatleng a bone a go akanya.

Go Nna le “Mogopolo wa ga Keresete”

19, 20. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne le mogopolo wa ga Keresete?

19 Jaaka go setse go bontshitswe, ga go a lekana go itse melao ya Modimo fela. Mopesalema o ne a kopa jaana: “Nnaya tlhaloganyo, mme ke tlaa boloka molao wa gago; ee, ke tlaa o tlhokomela ka pelo ya me yotlhe fela.” (Pesalema 119:34) Jehofa o senotse “mogopolo wa ga Keresete” mo Lefokong la gagwe. (1 Bakorinthe 2:16) Jesu o ne a re tlogelela sekao se se itekanetseng jaaka mongwe yo o neng a direla Jehofa ka maatla a gagwe a go akanya. O ne a tlhaloganya melao le melaometheo ya Modimo, e bile o ne a e dirisa a sa dire diphoso dipe. Fa re ithuta sekao sa gagwe, re tla “nonofel[a] go tlhaloganya le baitshepi botlhe jo e leng boatlhamo, boleele, bogodimo le boteng, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo fetang kitso.” (Baefeso 3:17-19) Ee, se re se ithutang mo Baebeleng kaga Jesu se gaisa thata go nna le kitso fela e e sa dirisiweng; se re lemotsha sentlentle kafa Jehofa a leng ka teng.—Johane 14:9, 10.

20 Ka gone, fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo, re ka lemoga tsela e Jehofa a akanyang ka yone mo dikgannyeng tse di rileng re bo re fitlhelela ditshwetso tse di lekalekaneng. Seno se tlhoka boiteko. Re tshwanetse go nna baithuti ba Lefoko la Modimo ba ba tlhagafetseng, re akanyetsa boikutlo le ditekanyetso tsa ga Jehofa. Re a bo re ithuta kerama e ntšha jaaka go ka tualo. Lefa go ntse jalo, batho ba ba dirang jalo ba tla bo ba latela kgakololo ya ga Paulo ya gore ba “ntshe mebele ya [bone] setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, se se amogelwang ke Modimo, e leng tirelo e e boitshepo e e dirwang ka maatla a [bone] a go akanya.”—Baroma 12:1, NW.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Seno se ka raya gore boitlosobodutu jo bo nang le bodimona, jo bo tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, kana jo bo nang le bosetlhogo bo phoso, mmogo le se se bidiwang boitlosobodutu jo bo siameng jwa lelapa lotlhe jo bo rotloetsang dikgopolo tse di seng phepa kana tse di letlelelwang tse Bakeresete ba ka sekeng ba di amogela.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O Ithutile Eng?

◻ Ke phetogo efe e e neng ya nna teng malebana le go direla Modimo ka 33 C.E.?

◻ Re ka tokafatsa maatla a rona a go akanya jang?

◻ Bagolwane ba ka thusa batho ba letsomane jang gore ba nne makgoba a Modimo le Keresete?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse gore re nne le “mogopolo wa ga Keresete”?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bagolwane ba thusa batho ba bangwe gore ba dirise maatla a bone a go akanya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela