Dirisa Ditiragalo Tsa Bosheng go Tsosa Kgatlhego
1 A o ka rata go nna o ntse o na le dintlha tse dintsi tse di molemo tse o ka buang ka tsone tse di tla dirang gore bodiredi jwa gago e se ka ya nna jo bo lapisang le tse di tla dirang gore batho ba nne ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele? He dirisa se se diregang mo lefatsheng le mo tikologong ya lona go simolola metlotlo. O ka nna wa dirisa ditiragalo tse di diragetseng bosheng jaana mo lefelong la lona le mo nageng ya lona kana wa dirisa dikgang tsa dinaga di sele. Dilo tseno di nna di fetoga ka metlha yotlhe. (1 Bakor. 7:31) Akanyetsa dikai tse di latelang.
2 Mathata a itsholelo le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa ke dilo tse batho ba tshwenyegileng thata ka tsone. Ka gone, o ka nna wa re:
◼ “A o utlwile mo dikgannyeng gore tlhwatlhwa ya [umaka selo seo] e a tlhatloga gape?” Kana o ka nna wa bua ka go tlhoka ditiro fa feme nngwe e kgolo e tlogedisitse badiri ba le bantsi ba yone tiro. Go ikaegile ka gore o batla go tswelela jang ka motlotlo ono, o ka nna wa arabela ka go botsa gore “A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go itshedisa?” kana wa re “A o akanya gore go tla nna go ntse go le thata jaana go itlamela ka dilo tse o ka itshedisang ka tsone?”
3 Dipego ka thubakanyo, tse di jaaka matlhotlhapelo mo malapeng kana mo baneng ba sekolo, di go naya selo se sengwe se o ka tlotlang ka sone. O ka nna wa botsa jaana:
◼ “A o bone mo lokwalodikgannyeng gore [kaya matlhotlhapelo mangwe a a diragetseng mo lefelong la lona]?” Go tswa foo botsa gore “O akanya gore ke eng se se bakang thubakanyo e e kanakana mo lefatsheng?” kana gore “A o akanya gore go tla tsamaya go nna le nako e ka yone re tla ikutlwang re sireletsegile?”
4 Dikgang ka merwalela e e senyang, dithoromo tsa lefatshe, kana dikhuduego tsa baagi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe le tsone di re naya dilo tse re ka buang ka tsone go tsosa kgatlhego. Ka sekai, o ka nna wa botsa jaana:
◼ “A Modimo ke ene a bakileng [umaka matlhotlhapelo mangwe a tlholego]?” Kana o ka nna wa bua ka dikhuduego tsa baagi tse di diragetseng bosheng jaana mme o bo o re: “Fa e le gore mongwe le mongwe o batla kagiso, ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go e fitlhelela?”
5 Nna o ntshitse matlho dinameng go lemoga ditiragalo tsa bosheng tse o ka di dirisang mo matsenong a gago. Dikakantsho tse di ka re thusang di ka fitlhelwa mo setlhogong se se reng “Ditiragalo tsa Bosheng,” mo tsebeng ya 11, ya buka ya Go Fetolana. Le fa go ntse jalo, tlhokomela gore o se ka wa tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa sepolotiki kana tsa loago. Go na le moo, isa tlhokomelo kwa Dikwalong le kwa Bogosing jwa Modimo gore ke jone fela tharabololo e e tla nnelang ruri ya mathata a batho.