LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 130-132
  • Buka ya Bibela ya bo 25—Dikhutsahalō

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 25—Dikhutsahalō
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO DIKHUTSAHALŌ
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Dikhutsafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • “Ke Tsentse Mafoko A me Mo Molomong wa Gago”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • A Go na le Molemo Mongwe mo go Bogisegeng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jehofa o fa Tsholofelo Gareng ga Bohutsana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 130-132

Buka ya Bibela ya bo 25—Dikhutsahalō

Mokwadi: Jeremia

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Gaufi le Jerusalema

Go Wediwa ga go E Kwala: 607 B.C.E.

1. Ke ka ntlhayang fa buka ya Dikhutsahalō e tshwanelwa ke leina la yone?

BUKA eno ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng e tshwanelwa ke leina leno tota. Ke khutsafalo e e supang go utlwisiwa botlhoko ke matlhotlhapelo ao a neng a diragala mo hisitoring ya batho ba ba kgethilweng ba Modimo, eleng go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. ke Nebukadenesare, kgosi ya Babelona. Ka Sehebera buka eno e bidiwa ka lefoko la yone la ntlha,ʼEh·khahʹ!, le le rayang “Jang!” Baranodi ba Septuagint ya Segerika ba ne ba bitsa buka eno Threʹnoi, seo se rayang “Difela tsa Khutsafalo; Dikhutsafalo.” Talmud ya Sebabelona e dirisa lereo Qi·nohthʹ, leo le rayang “Difela tsa Khutsafalo; Difela tsa Kutlobotlhoko.” Jerome, yo o neng a kwala ka Selatine, ke ene yo o neng a e bitsa Lamentationes, lefoko leo lereo la Seesemane eleng Lamentations le tswang mo go lone.

2. Buka ya Dikhutsahalō e ile ya tsenngwa mo setlhopheng sefe sa dibuka le fa kae mo Bibeleng?

2 Mo diphetolelong tsa Bibela tsa Seesemane, buka ya Dikhutsahalō e tla morago ga ya Yeremia, mme mo karolong ya Dikwalo tsa Sehebera, gantsi e fitlhelwa mo go Hagiographa, kana Mekwalong, mmogo le Sehela sa Dihela, Ruthe, Moreri, le Esethere—setlhopha sa dibuka tse di seng kalo tse fa di kopanngwa di bidiwang Meghil·lohthʹ (Memeno) e metlhano. Mo Dibibeleng dingwe tsa Sehebera tsa segompieno, e kwalwa fa gare ga Ruthe kana Esethere le Moreri, mme mo dikaelong tsa bogologolo go bolelwa fa e ne e kwalwa morago ga Yeremia, mme ke gone fa e leng gone mo Bibeleng ya rona gompieno.

3, 4. Go na le bosupi bofe jwa gore e kwadilwe ke Jeremia?

3 Buka eno ga e bolele gore e kwadilwe ke mang.a Lefa go le jalo, ga go belaesege gore e kwadilwe ke Jeremia. Mo go Septuagint ya Segerika, buka eno e na le ketapele eno: “Mme ga diragala gore, morago ga Baiseraele ba sena go isiwa botshwarwa le morago ga Jerusalema a sena go senngwa, Jeremia a nna fa fatshe a lela mo go botlhoko mme a hutsafalela Jerusalema a bua mafoko ano a khutsafalo a re.” Jerome o ne a tsaya fa mafoko ano e le a a itsenyeditsweng fela mme o ne a a ntsha mo phetolelong ya gagwe. Lefa go ntse jalo, Bajuda ga ba bolo go nna ba dumela gore buka ya Dikhutsahalō e ne ya kwalwa ke Jeremia mme ebile tokololo ya Syriac, Vulgate ya Selatine, Targum ya ga Jonathan, le Talmud ya Sebabelona, mmogo le tse dingwe le tsone di tlhomamisa jalo.

4 Batshwayadiphoso bangwe ba ile ba leka go supa gore Jeremia ga se ene yo o kwadileng buka ya Dikhutsahalō. Lefa go ntse jalo, A Commentary on the Holy Bible e umaka fa “go tlhalosiwa ga Jerusalema ka go opa kgomo lonaka mo go dikga. 2 le 4, tseo kwantle ga pelaelo eleng ditlhaloso tsa motho yo o boneng ka matlho; mmogo le tlhomogelopelo e kgolo le moya wa boperofeti wa maboko ano otlhe, mmogo le mokgwa o a kwadilweng ka one, go rulaganngwa ga mafoko a one, le mogopolo, tse le tsone di tshwanelang Jeremia” di supa fa Jeremia e le ene yo o kwadileng buka eno.b Go na le ditlhaloso tse di tshwanang mo go Dikhutsahalō le mo go Yeremia, tse di tshwanang le kutlobotlhoko e kgolo ya ‘matlho a a tshologang metsi (dikeledi)’ (Dikhuts. 1:16; 2:11; 3:48, 49; Yer. 9:1; 13:17; 14:17) le go ferosiwa sebete ke baperofeti le baperisiti ka baka la bosula jo bogolo jwa bone. (Dikhuts. 2:14; 4:13, 14; Yer. 2:34; 5:30, 31; 14:13, 14) Mafoko a a mo go Yeremia 8:18-22 le 14:17, 18 a bontsha gore Jeremia o ne a ka kgona go kwala mafoko a kutlobotlhoko a a mo bukeng ya Dikhutsahalō.

5. Ke mabaka afe a a re supetsang gore e kwadilwe ka nako efe?

5 Ka kakaretso go dumelwa fa nako ya go kwalwa ga buka eno e nnile ka bokhutshwane fela morago ga go wa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Jeremia o ne a santse a gakologelwa sentle letshogo la go dikaganyediwa mmogo le go jewa ka molelo ga motse oo, mme tlalelo ya gagwe e tlhalosiwa ka botlalo. Moakgedi mongwe o umaka gore ga go na mofuta ope wa kutlobotlhoko o o tlhalosiwang go feta selekanyo mo lefelong lepe fela le sele go na le fano, mme nngwe le nngwe ya tsone e nna e boaboelediwa mo mabokong a le mmalwa. Go tswa foo a re: “Mogopolo o o tlhakatlhakaneng ono . . . ke bongwe jwa bosupi jo bo nonofileng jwa gore buka eo e ne ya kwalwa fela fa ditiragalo tseo di sena go diragala le maikutlo ao e lekang go a tlhalosa.”c

6. Ke eng se se kgatlhisang ka mokgwa o buka ya Dikhutsahalō e kwadilweng ka one le go rulaganngwa ga mafoko a yone?

6 Buka ya Dikhutsahalō e kwadilwe ka tsela e e kgatlhisang fela thata mo bakanoking ba Bibela. Go na le dikgaolo di le tlhano, ke gore, maboko a le matlhano a a ka dirwang pina. A ntlha a mane a kwadilwe ka mokgwa wa acrostic, temana nngwe le nngwe e simolola ka tlhaka ya ditlhaka tsa Sehebera tse 22 ka go tlhomagana ga tsone. Mo letlhakoreng le lengwe, kgaolo ya boraro e na le ditemana di le 66, mo go rayang gore ditemana di le tharo tse di tlhomaganang di simolola ka tlhaka e e tshwanang pele ga go simololwa ka tlhaka e e latelang. Leboko la botlhano ga le a kwalwa ka mokgwa wa acrostic, lemororo le lone le na le ditemana di le 22.

7. Jeremia o tlhalosa kutlobotlhoko efe, mme go santse go na le tsholofelo efe?

7 Buka ya Dikhutsahalō e tlhalosa kutlobotlhoko e kgolo ka baka la go dikanyediwa, go gapiwa, le go senngwa ga Jerusalema ke Nebukadenesare, mme ga go na buka epe e e tlhalosang sengwe le sengwe ka botlalo le go tlhalosa maikutlo jaaka yone. Mokwadi yono o supa kafa a utlwisitsweng botlhoko thata ka gone ke tshwafalo, go tlhomola pelo, le tlhakatlhakano tseo a di bonang. Leuba, tšhaka, le dilo tse dingwe tse di boifisang di tlisitse pogisego e e boitshegang mo motsemogolong oo—tsotlhe e le katlholo e e tlhamaletseng e e tswang kwa Modimong, ka baka la maleo a batho, baperofeti, le baperisiti. Lefa go ntse jalo, ba santse ba na le tsholofelo le tumelo mo go Jehofa, mme ba mo rapela gore a ba busetse kwa lefatsheng la bone.

SEO SE LENG MO GO DIKHUTSAHALŌ

8. Ke tshwafalo efe e e tlhalosiwang mo lebokong la ntlha, mme Jerusalema yo go buiwang ka ene jaaka motho o itlhalosa jang?

8 “Ana motse o dutse o nntse matlōtla yañ, o o noñ o nntse o tletse batho!” Leboko la ntlha le simolola khutsafalo ya lone jalo. Morwadia Siona e ne e le morwadia kgosi, mme baratiwa ba gagwe ba mo latlhile le batho ba gagwe ke batshabi mo lefatsheng le sele. Dikgoro tsa gagwe di swafaditswe. Jehofa o mo otlhaile ka baka la maleo a gagwe a mantsi. Ga a sa tlhole a le montle. Baba ba gagwe ba mo tshegile ka baka la go wa ga gagwe. O ile kwa tlase ka tsela e e gakgamatsang mme ebile ga a na mogomotsi, mme batho ba gagwe ba ba setseng ba bolailwe ke tlala. Ene (Jerusalema yo go buiwang ka ene jaaka motho) o botsa ka go re: “[A] go na le bohutsana boñwe yo bo chwanañ le bohutsana yoa me?” O otlolola diatla tsa gagwe a bo a re: “Yehofa o tshiamō; gonne ke cuololetse taolō ea gagwè.” (1:1, 12, 18) O kopa gore Jehofa a tlise matlhotlhapelo mo babeng ba gagwe ba ba ileng ba mo ja koma, fela jaaka a ne a dira mo go ene.

9. (a) Matlhotlhapelo a a tletseng Jerusalema a tswa kwa go mang? (b) Jeremia o bua jang ka go sotliwa ga gagwe le ka maemo a a maswe a motse oo?

9 “Ana Yehofa o khurumeditse yañ morwadia Siona ka leru mo bogaleñ yoa gagwè!” (2:1) Leboko la bobedi le bontsha gore ke Jehofa ka boene yo o sentseng bontle jwa Iseraele. O dirile gore meletlo le Sabata di lebalwe, mme ebile o latlhile sebeso sa gagwe le tempele. Ao tlhe, a bo go na le dilo tse di utlwisang botlhoko jang ne mo Jerusalema! Jeremia o khutsa ka go re: “Matlhō a me a kalèga ka dikeledi, diteñ tsa me di huduegile, sebete sa me se gorometsegetse ha hatshe, ka ntlha ea tshenyègō ea morwadia batho ba me.” (2:11) O tla tshwantsha morwadia Jerusalema le mang? O tla gomotsa morwadia Siona jang? Baperofeti ba gagwe ba itshupile fa ba sena mosola mme ebile ba sa kgotsofatse. Jaanong bafetibatsela ba mo tshega ka go mo sotla ba re: “A ko ōna motse o batho ba ne ba o bitsa, ba re, Bontlè yo bo tletseñ, ba re, Boitumèlō yoa lehatshe yeotlhe?” (2:15) Baba ba gagwe ba butse melomo ya bone ba letsa melodi ba bo ba khuranya meno, ba re, ‘O ke one motlha o re ntseng re o letetse go tla re mo kometsa mo go one.’ Bana ba gagwe ba idibadiwa ke tlala, mme basadi ba ja bana ba bone. Ditopo di tletsetletse mo mebileng. “Go no go sa halola leha e le go sala opè mo motlheñ oa bogale yoa ga Yehofa.”—2:16, 22.

10. Jeremia o umaka dinonofo dife tsa Modimo jaaka motheo wa tsholofelo?

10 Leboko la boraro, la ditemana tse 66, le gatelela tsholofelo e Siona a nang nayo mo kutlwelobotlhokong ya Modimo. Moperofeti yoo, a dirisa dikapuo di le dintsi, o bontsha gore ke Jehofa yo o dirileng gore ba ye botshwarwa le gore lefatshe la bone le swafadiwe. Fa a le mo seemong se se utlwisang botlhoko, mokwadi yono o kopa Modimo gore o gakologelwe dipatikego tsa gagwe o bile o bolela fa a dumela gore Jehofa o tla ba bontsha bopelonomi jo bo lorato le mautlwelobotlhoko a gagwe. Mo mafokong a ntlha a ditemana di le tharo tse di latelelanang go na le lefoko “molemō” mme ebile di supa fa go tshwanela gore motho a emele poloko e e tswang kwa go Jehofa. (3:25-27) Jehofa ke ene yo o tlisitseng mahumapelo, mme gape o tla bontsha kutlwelobotlhoko. Mme mo nakong eno, lefa ba ipolela gore ba ile ba tsuologa, Jehofa ga a ise a ba itshwarele; o thibile tsela ya dithapelo tsa batho ba gagwe mme o di dirile gore e nne “mokgona le se se latlhwañ.” (3:45) Moperofeti yono o gakologelwa, a lela mo go botlhoko, gore baba ba gagwe ba ile ba mo tsoma jaaka nonyane. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo atamela a le mo khuting mme a mo raya a re: “Se boihè.” O kopa Jehofa gore a fetole kgobo ya mmaba wa gagwe ka go re: “U tla ba kōnatèlèla mo bogaleñ, u tla ba senyetsa rure ba tlogè ha tlhatse ga magodimo a ga Yehofa.”—3:57, 66.

11. Bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa bo tshololetswe jang mo go Siona, mme ka ntlhayang?

11 “Ana gouda e kgonne yañ!” (4:1) Leboko la bonè ke la go lelela tempele ya ga Jehofa e e sa tlholeng e galalela, eo matlapa a yone a latlhetsweng mo mebileng. Barwa ba ba rategang ba Siona ga ba sa tlhole ba le botlhokwa go le kalo, ba tshwana le dijana tsa letsopa. Ga go na lefa e le metsi kana senkgwe, mme ba ba godiseditsweng mo letlepung “ba bile ba ñaparetse dithotobolo.” (4:5) Kotlhao ya bone e kgolo le eleng go feta ya boleo jwa Sodoma. Banasara, ba pele ba neng ba ‘itshekile go gaisa kapoko ebile ba le basweu go gaisa mashi,’ jaanong ba ba “ncho bogolo go magala” mme ba sosobagane botlhe fela. (4:7, 8) Go ka bo go le botoka fa motho a ka bo a bolailwe ka tšhaka go na le go bolawa ke tlala, mo nakong e basadi ba ileng ba apaya bana ba eleng ba bone! Jehofa o tsholotse bogale jwa gagwe jo bo tukang. Go diragetse se se sa dumelesegeng—mmaba o tsene mo teng ga dikgoro tsa Jerusalema! Mme ka ntlhayang? “Ke ka ntlha ea maleo a baperofeti ba gagwè, le maikèpō a baperisiti ba gagwè,” bao ba tsholotseng madi a basiami. (4:13) Sefatlhego sa ga Jehofa se kgakala le bone. Lefa go ntse jalo, molato wa morwadia Siona o tlile bokhutlong jwa one, mme ga a kitla a isiwa botshwarwa gape. Jaanong ke nako ya gago, Wena morwadia Edoma, gore o nwe senwelo sa bogale jwa ga Jehofa!

12. Ke ikuelo efe e e ntshiwang ka boikokobetso mo lebokong la botlhano?

12 Leboko la botlhano le simolola ka go ikuela go Jehofa gore a gakologelwe masiela a batho ba gagwe. Go tlhalosiwa jaaka ekete baagi ba Jerusalema ke bone ba ba buang. Ke borraabonemogolo ba ba leofileng, mme jaanong batho ba tshwanetse go sikara molato wa bone. Ba busiwa ke batlhanka fela, mme ba segwa ke mala a logaba. Dipelo tsa bone ga di sa tlhole di itumela, mme go bina ga bone jaanong go fetogile selelo. Dipelo tsa bone di a lwala. Ka boikokobetso ba itsise Jehofa jaana: “Wèna Yehofa, u nntse ka bosakhutleñ; setulō sa gago sa bogosi se nntse mo tshikatshikeñ cotlhe.” Ba goa ba re: “Re shokololèlè kwa go wèna, Yehofa, me re tla bo re shokologile; shahatsa metlha ea rona yaka bogologolo. Me u re ganetse rure, u re cararagetse thata.”—5:19-22.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

13. Buka ya Dikhutsahalō e tlhalosa tshepo efe, lefa go le jalo ke ka ntlhayang fa e na le mosola mo go bontsheng bogale jo bogolo jwa Modimo?

13 Buka ya Dikhutsahalō e tlhalosa kafa Jeremia a neng a tshepile Modimo ka botlalo ka gone. Fa a ne a le mo kutlobotlhokong e kgolo e bile a fentswe gotlhelele, a sena tsholofelo epe ya gore motho ope o ka mo gomotsa, moperofeti yoo o lebela pele go poloko e e tla tlang ka letsogo la Modimo yo mogolo wa lobopo, Jehofa. Buka ya Dikhutsahalō e tshwanetse go tlhotlheletsa baobamedi botlhe ba boammaaruri gore ba nne kutlo ba bo ba thokgame, fa ka nako e e tshwanang e tlhagisa ba ba tlhokomologang leina le legolo le se le se emelang ka mafoko a a boifisang. Ga go na motse ope o o ileng wa senngwa o o bolelwang mo hisitoring o o kileng wa lelelwa go dirisiwa puo e e utlwisang botlhoko le e e amang go le kalo. Eleruri e na le mosola mo go tlhaloseng bogale jwa Modimo malebana le bao ba tswelelang ka go nna batsuolodi, ba ba thamodithata, le ba ba sa ikotlhaeng.

14. Ke ditlhagiso dife tsa Modimo le boperofeti tse di bontshiwang mo bukeng ya Dikhutsahalō fa di tla diragadiwa, mme buka eno e lomagana jang le mekwalo e mengwe e e thotlheleditsweng?

14 Buka ya Dikhutsahalō gape e na le mosola mo go bontsheng go diragadiwa ga ditlhagiso tsa Modimo le boperofeti bo le mmalwa. (Dikhuts. 1:2—Yer. 30:14; Dikhuts. 2:15—Yer. 18:16; Dikhuts. 2:17—Lefi. 26:17; Dikhuts. 2:20—Dute. 28:53) Gape elatlhoko gore buka ya Dikhutsahalō e neela bosupi jo bo opang kgomo lonaka malebana le go diragadiwa ga Duteronome 28:63-65. Mo godimo ga moo, buka eno e umaka dikarolo tse dingwe tsa Dikwalo tse di boitshepo makgetlo a le mmalwa. (Dikhuts. 2:15—Pes. 48:2; Dikhuts. 3:24—Pes. 119:57) Daniele 9:5-14 e tlhomamisa Dikhutsahalō 1:5 le 3:42 ka go bo e bontsha gore matlhotlhapelo ao a ne a wela batho bao ka baka la maleo a eleng a bone.

15. Buka ya Dikhutsahalō e lebisa pele go ‘metlha e mesha’ efe?

15 Eleruri seemo se se maswe sa Jerusalema se ama pelo! Gareng ga dilo tseno tsotlhe, buka ya Dikhutsahalō e tshepisa gore Jehofa o tla bontsha bopelonomi jo bo lorato le kutlwelobotlhoko le gore o tla gakologelwa Siona a bo a mmusetsa morago. (Dikhuts. 3:31, 32; 4:22) E bua ka tsholofelo mo ‘metlheng e mesha’ e e tshwanang le metlha ya bogologolo ya fa Kgosi Dafide le Kgosi Solomone ba ne ba santse ba busa mo Jerusalema. Kgolagano ya ga Jehofa le Dafide ya bogosi jo bosakhutleng e santse e le teng! “Ka go bo matlhomoga pelo a gagwè a sa tlhaele. A nntse masha ka meshō meshō.” Mme ba ba ratang Jehofa ba tla nna ba nna nao go fitlhela ka nako e setshedi sengwe le sengwe se tlaa khutsang ka go leboga se re: “Yehofa ke kabèlō ea me” se busiwa ke Bogosi jwa gagwe jwa tshiamo.—5:21; 3:22-24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lemororo Dibibela tsa dipuo tse dingwe di tsenya Jeremia jaaka karolo ya setlhogo sa buka eno, buka eno ka boyone ga e bolele gore e kwadilwe ke mang.

b 1952, e e kwadilweng ke J. R. Dummelow, tsebe 483.

c Studies in the Book of Lamentations, 1954, Norman K. Gottwald, tsebe 31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela