Tsela ya go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Tlotla
A GANTSI o go fitlhela go le motlhofo go tlotla le batho ba bangwe? Mo bathong ba le bantsi, kgopolo fela ya go tlotla, bogolo jang le motho yo ba sa mo itseng, e a tlhobaetsa. Batho bano ba ka nna ba bo ba le ditlhong. Ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘Ke tla bua ka eng? Nka simolola motlotlo jang? Nka dira jang gore o nne o tswele pele?’ Batho ba ba itshepang, ba ba botsalano ba ka nna ba bo ba rata go bua thata fa go tlotlwa le bone. Ba ka nna ba bo ba lebane le kgwetlho ya go dira gore ba bangwe ba ntshe maikutlo a bone le go ithuta go reetsa se motho yo mongwe a se buang. Ka jalo rotlhe, re ka tswa re le ditlhong kgotsa re le botsalano, re tshwanetse go nna re tlhagolela botswerere jwa go tlotla.
Simolola Kwa Gae
Gore o tokafatse bokgoni jwa gago jwa go tlotla, ke ka ntlha yang fa o sa simolole kwa gae? Motlotlo o o agang o ka thusa thata go dira gore lelapa e nne le le itumetseng.
Selo se segolo thata se se tla thusang gore lo nne le metlotlo e e ntseng jalo ke fa o amega ka tsela ya mmatota ka ba bangwe. (Dute. 6:6, 7; Dia. 4:1-4) Fa re amegile ka motho yo mongwe, re tlotla le ene, mme re a mo reetsa fa a batla go bua sengwe. Selo se sengwe se se botlhokwa ke go nna le sengwe se se molemo go se bua. Fa re na le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele ka namana le go e ithuta, re tla nna le dilo di le dintsi tse re ka buang ka tsone. Go dirisa bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ka tsela e e botlhale go ka dira gore re nne le se re ka tlotlang ka sone. Mo motshegareng, gongwe re nna le boitemogelo bongwe jo bo itumedisang mo tirelong ya tshimo. Re ka nna ra bala sengwe se se rutang kgotsa e bile se kgatlha. Re tshwanetse ra itlwaetsa go nna re tlotla ka dilo tseno fa re tlotla re le lelapa. Seno se tla re thusa gape gore re tlotle le batho ba e seng ba lelapa.
Go Tlotla le Motho Yo o Sa mo Itseng
Batho ba le bantsi ba a okaoka go simolola motlotlo le motho yo ba sa mo itseng. Mme Basupi ba ga Jehofa, ka gonne ba rata Modimo le baagelani ba bone, ba tsaya matsapa a go ithuta gore ba ka tlotla jang gore ba bolelele ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Ke eng se se tla go thusang go tokafatsa mo ntlheng eno?
Molaomotheo o o tlhalosiwang mo go Bafilipi 2:4 o botlhokwa. Re kgothalediwa gore re tlhokomele, “e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [rona] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” E akanye ka tsela eno: Fa o ise o ke o tsamaye o kopane le motho pele, o go leba o le motswakwa. O ka dira jang gore a ritibale? Go nyenya ka lorato le go mo dumedisa ka botsalano go tla thusa. Mme go na le dilo tse dingwe tse di tshwanetseng go akanyediwa.
O ka nna wa bo o mo kgaoseditse mo go se a neng a ntse a akanya ka sone. Fa o leka go dira gore a tlotle le wena ka se se leng mo mogopolong wa gago o sa akanyetse se se leng mo mogopolong wa gagwe, a o tla arabela sentle? Jesu o ne a dirang fa a kopana le mosadi mongwe kwa sedibeng se se kwa Samarea? Mogopolo wa gagwe o ne o le mo go geng metsi. Jesu o ne a simolola motlotlo wa gagwe le ene a dirisa sone seo, mme go ise go ye kae o ne a fetola seo go nna motlotlo o o molemo wa dilo tsa semoya.—Joh. 4:7-26.
Fa o le motho yo o elang dilo tlhoko, le wena o ka kgona go lemoga se batho ba ka nnang ba bo ba se akantse. A motho yono o bonala a itumetse kgotsa a utlwile botlhoko? A o godile, kgotsa gongwe e bile a golafetse? A o bona sengwe se se go bontshang gore go na le bana mo legaeng leno? A motho yono o bonala a humile kgotsa a kgaratlha gore a bone dilo tse a di tlhokang mo botshelong? A mekgabiso ya mo ntlong kgotsa dilo tse a ikgabisitseng ka tsone di bontsha gore ke motho yo o ratang bodumedi? Fa o akanyetsa dilo tseno fa o mo dumedisa, motho yono a ka nna a go leba o le motho yo o kgatlhegelang dilo tse di tshwanang le tsa gagwe.
Fa o sa kopane le mong wa ntlo lo lebane difatlhego, gongwe o mo utlwa fela ka kwa ga lebati le le tswetsweng, o ka swetsa ka goreng? Gore motho yono a ka nna a bo a tshelela mo poifong. A o ka dirisa tshedimosetso eo go simolola motlotlo kgoro e ntse e tswetswe?
Mo mafelong mangwe go a kgonega go dira gore motho a tsene mo motlotlong ka go mmolelela sengwe kaga gago—kwa o tswang teng, lebaka la go bo o mo etetse, gore ke ka ntlha yang fa o dumela mo Modimong, gore ke ka ntlha yang fa o ile wa simolola go ithuta Baebele le kafa Baebele e go thusitseng ka teng. (Dit. 26:4-23) Mme gone, seno se tshwanetse go dirwa ka botlhale e bile o itse sentle se boikaelelo jwa gago e leng sone. Seno se ka nna sa dira gore motho yono a go bolelele sengwe kaga gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone.
Mo ditsong tse dingwe, go amogela baeng ke selo se se tlwaelegileng. Batho ba ka nna ba go kopa ka bonako fela gore o tsene mo ntlong o bo o nne fa fatshe. Fa o setse o ntse fa fatshe, fa o botsa ka maitseo gore go tsogilwe jang mo lapeng mme o bo o reetsa ka tlhoafalo fa ba go araba, mong wa ntlo le ene a ka nna a tlhwaela se o se buang tsebe. Batho ba bangwe ba kgatlhegela baeng fela thata, ka jalo o ka nna wa senya nako e ntsi o le mo ditumedisong fela. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ka nna ba tlhokomela gore lo na le dilo tse dintsi tse lo tshwanang le bone mo go tsone. Seno se ka nna sa dira gore lo nne le motlotlo o o molemo wa dilo tsa semoya.
Go tweng fa e le gore go na le batho ba le bantsi mo lefelong la lona ba ba buang dipuo di sele? O ka dira jang gore o fitlhelele batho bano? Fa o ithuta le eleng ditumediso tse dikhutshwane fela ka dingwe tsa dipuo tseo, batho bano ba tla lemoga gore o a ba kgatlhegela. Seno se ka nna sa bula tsela ya gore lo tlotle go ya pele.
Tsela ya go Tsweletsa Motlotlo
Go dira gore motlotlo o nne o tswelele pele, kgatlhegela se motho yo mongwe a se buang. Mo kgothaletse gore a itlhalose fa e le gore o rata go dira jalo. Go ka thusa go botsa dipotso dingwe tse di tshwanelang sentle. Go molemo go botsa dipotso tse di mo fatang maikutlo ka gonne gantsi di dira gore a se ka a araba fela ka gore ee kgotsa nnyaa. Ka sekai, fa o sena go umaka bothata bongwe jo batho ba le bantsi ba tshwenyegileng ka jone mo lefelong la gaeno, o ka nna wa botsa jaana: “O akanya gore ke eng se se bakileng bothata jono?” kgotsa “O akanya gore ke eng se se ka bo rarabololang?”
Fa o botsa motho potso, reetsa karabo ya gagwe ka tlhoafalo. Bontsha gore o kgatlhegela se a se buang ka tsela ya mmatota ka go bua sengwe, ka go dumela ka tlhogo, ka go dira sengwe. O se ka wa mo tsena ganong. Ka mogopolo o o bulegileng, akanyetsa se a se buang. “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jak. 1:19) Fa o arabela, bontsha gore tota o ne o reeditse se a neng a se bua.
Le fa go ntse jalo, o gakologelwe gore ga se mongwe le mongwe yo o tla arabang dipotso tsa gago. Batho ba bangwe ba ka nna ba tsiboga fela ka go gakgamala kgotsa go nyenya. Ba bangwe ba ka nna ba araba fela ka gore ee kgotsa nnyaa. O se ka wa kgobega marapo. Nna pelotelele. O se ka wa leka go pateletsa batho go tlotla. Fa motho a rata go reetsa, dirisa sebaka seo go mmolelela dintlha dingwe tse di agang tsa Dikwalo. Fa nako e ntse e ile motho yono a ka nna a simolola go go tsaya jaaka tsala. Go tswa foo go ka direga gore jaanong a iketleeletse go go bolelela megopolo ya gagwe ka tshosologo.
Fa o ntse o bua le batho, baakanyetsa metlotlo ya isagwe. Fa motho a botsa dipotso di le mmalwa, araba di le mmalwa mme o tlogele e le nngwe kgotsa di le pedi gore o di arabe mo nakong e e tlang fa lo tla bo lo tlotla mmogo gape. Mmolelele gore o ile go ya go dira dipatlisiso, mme go tswa foo mmolelele se o se fitlheletseng. Fa a sa botse dipotso, o ka nna wa konela motlotlo wa lona ka potso e o akanyang gore e tla mo kgatlha. Mmolelele gore o tla tla go tlotla ka yone mo nakong e e tlang fa o mo etetse gape. O ka kgona go bona dikgopolo tse dintsi thata mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo, boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? le dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
Fa o Na le Badumedimmogo
Fa o kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha, a o leka go dira gore lo itsane? Kgotsa a lo ema mmogo fela foo lo didimetse? Go rata bakaulengwe ba rona go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go batla go ba itse. (Joh. 13:35) O ka simolola jang? O ka nna wa mmolelela leina la gago fela o bo o mmotsa la gagwe. Go mmotsa gore o ithutile jang boammaaruri gantsi go dira gore lo nne le motlotlo o o kgatlhang e bile go tla lo thusa gore lo itsane. Tota le fa se o se buang se sa utlwale se tsamaya ka thelelo go le kalo, matsapa a o a tsayang a bontsha motho yo mongwe gore o amegile ka ene, mme seo ke sone se se botlhokwa.
Ke eng se se ka dirang gore lo nne le motlotlo o o molemo le motho wa phuthego ya lona? Bontsha gore o kgatlhegela motho yono le lelapa la gagwe ka tsela ya mmatota. A dipokano di sa tswa go tswa gone fela jaanong? Tlotla ka dintlha tse o fitlhetseng di le molemo. Seno se ka lo solegela molemo loobabedi. O ka nna wa umaka ntlha nngwe mo makasineng mongwe wa bosheng wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! O se ka wa dira seno ka tsela ya go dira mponeng kgotsa go leka kitso ya ba bangwe. Go dire ka tsela ya go bolelela motho yo mongwe sengwe se o fitlhetseng se kgatlha thata. Lo ka nna lwa bua ka kabelo nngwe e mongwe wa lona a nang le yone mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le go naana dikakantsho tsa gore e ka neelwa jang. Gape lo ka nna lwa bolelelana maitemogelo a lo nnileng le one mo tirelong ya tshimo.
Gone ke boammaaruri gore go kgatlhegela ga rona batho ba bangwe gantsi go dira gore re bue ka batho bao—dilo tse ba di buang le tse ba di dirang. Gape re ka bua re dira metlae. A se re se buang se tla aga ba bangwe? Fa re nna re gakologelwa kgakololo ya Lefoko la Modimo e bile re tlhotlhelediwa ke lorato lwa bomodimo, eleruri puo ya rona e tla nna e e agang.—Dia. 16:27, 28; Baef. 4:25, 29; 5:3, 4; Jak. 1:26.
Pele ga re ya tirelong ya tshimo, re a baakanyetsa. Ke ka ntlha yang fa o sa baakanyetse kgangnyana fela e e kgatlhang e o tla e tlotlang le ditsala? Fa o ntse o bala e bile o utlwa ka dilo dingwe tse di kgatlhang, ela tlhoko dintlha tse o tla ratang go di bolelela ba bangwe. Fa nako e ntse e ile, o tla nna le dilo di le dintsi go di tlotla. Go dira jalo go tla go thusa gore o kgone go dira se se fetang fela go nna o akgela ka dilo tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo. Mo godimo ga tsotlhe, e kete puo ya gago e ka bontsha gore Lefoko la Modimo le botlhokwa go le kana kang mo go wena!—Pes. 139:17.