LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 4/15 ts. 26-31
  • Kotlhao Eo e Ka Ungwang Loungo lwa Kagiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kotlhao Eo e Ka Ungwang Loungo lwa Kagiso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa go Tsewa Kgato Eno e e Gagametseng?
  • A go Kgaoganwe Nae?
  • Go Tweng ka Balosika?
  • Phetso ya Kgotla-tshekelo
  • Kotlhao—Ba Bantsi ba Solegelwa Molemo
  • Bontsha Boikanyegi Jwa Bokeresete fa wa Losika a Kgaotswe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Kafa re Tshwanetseng go Dirisana le Motho yo o Kgaotsweng ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Ke ka Ntlha Yang fa go Kgaola e le Thulaganyo e e Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlogela Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 4/15 ts. 26-31

Kotlhao Eo e Ka Ungwang Loungo lwa Kagiso

“Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.”—BAHEBERA 12:11.

1, 2. (a) Go ya ka Bahebera 12:9-11, Modimo ka lorato o baakanyetsa ka eng? (b) Sekai se sengwe sa kotlhao ke sefe, mme seno se ka felela ka eng?

A O KE o akanye ka malatsi a bonyana jwa gago. A o gakologelwa batsadi ba gago ba go otlhaya? Bontsi jwa rona re a gakologelwa. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa seo jaaka sekai fa a ne a akgela malebana le kotlhao e e tswang kwa Modimong, jaaka re bala mo go Bahebera 12:9-11.

2 Kotlhao ya Modimo e e tshwanang le ya rre, eo e ka amang matshelo a rona a semoya, e ka tla ka ditsela tse dintsi. Nngwe ya tsone ke thulaganyo ya go ntsha motho yo o sa tlholeng a batla go tshela ka ditekanyetso tsa Modimo mo phuthegong ya Bokeresete kana a gana go dira jalo. Motho yo o iteilweng thata jalo kana a otlhailwe a ka nna a ikotlhaya a bo a sokologa. Fa seno se ntse se diragala, phuthego ya ba ba ikanyegang le yone e a otlhaiwa ka gonne e ithuta mosola wa go dumalana le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Modimo.—1 Timotheo 1:20.

3. Batho bangwe ba itshwara jang ka mogopolo wa go kgaola?

3 ‘Mme,’ mongwe a ka nna a botsa, ‘a ga se bosetlhogo go koba motho mme go tswa foo go bo go ganwa go buiwa le ene?’ Pono eo e ne ya utlwiwa mo tshekong ya bosheng jaana ya kgotla-tshekelo e e neng e kopanyeletsa mosadi mongwe yo o neng a godisitswe ke batsadi bao e neng e le Basupi ba ga Jehofa. Batsadi ba gagwe ba ne ba kgaotswe. Ene o ne a sa kgaolwa, mme o ne a itomolola ka bogagagwe ka go kwala lekwalo a intsha mo phuthegong. Jaaka e le matshwanedi, phuthego e ne ya itsisiwe fela gore o ne a sa tlhole e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tsamaya, mme morago ga dingwaga o ne a bowa mme a fitlhela gore Basupi ba lefelo leo ba ne ba sa mmuise. Jalo a isa kgetsi eo kwa kgotla-tshekelong. Phelelo e ne ya nna eng, mme seno se ka nna sa go ama jang? Gore o tle o tlhaloganye kgang eno sentle, a re bone seo Bibela e se buang ka kgang eno ya go kgaolwa e e amanang le seo.

Ke Eng fa go Tsewa Kgato Eno e e Gagametseng?

4. Ke eng se se tleng se diragale ka batho bangwe ba ba mo phuthegong? (Bagalatia 6:1; Yude 23)

4 Bakeresete ba boammaaruri ka bontsi ba ema Modimo nokeng le melao ya gagwe ya tshiamo ka boikanyego. (1 Bathesalonia 1:2-7; Bahebera 6:10) Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe motho o fapoga mo tseleng ya boammaaruri. Ka sekai, go sa kgathalesege thuso e e tswang mo bagolwaneng ba Bakeresete, a ka nna a tlola molao wa Modimo kwantle ga boikwatlhao. Kana a ka nna a gana tumelo ka go ruta dithuto tsa maaka kana a itomolola mo phuthegong. Jalo he go tshwanetswe ga dirwa eng? Dilo tsa go nna jalo di ne tsa nna gone le eleng fa baaposetoloi ba santse ba tshela; he, a re boneng se ba neng ba se kwala kaga seno.

5, 6. (a) Re na le kgakololo efe e e botlhale malebana le go tshwara bao ba dirang dibe tse di masisi mme ba sa ikotlhae? (Mathaio 18:17) (b) Re lebanwe ke dipotso dife?

5 Fa monna mongwe mo Korintha a ne a sa ikotlhaele boitsholo jo bo sa siamang, Paulo o ne a kwalela phuthego jaana: “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè.” (1 Bakorintha 5:11-13) Go ne go tshwanetse ga dirwa jalo le ka batenegi, ba ba tshwanang le Humenaio: “Motho eo o itomololañ mo go ba bañwe, e re a sena go tlhagisiwa gañwe hèla leha e le gabedi, u mo ganè; U nntse u itse ha eo o nntseñ yalo a hapogile, me oa leoha, go bile go itshekisitse èna.” (Tito 3:10, 11; 1 Timotheo 1:19, 20) Go ikgogona mo go ntseng jalo gape go tla bo go tshwanetse, mo go ope yo o ganang phuthego: “Ba dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona; gonne ha e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa nntse ba na le rona: me ba cwa, gore ba tlè ba bōnatshiwè kaha ba señ ba rona botlhe ka gōna.”—1 Yohane 2:18, 19.

6 Go solofelwa gore, yo o ntseng jalo o tla sokologa e le gore a tle a amogelwe gape. (Ditihō 3:19) Fa go ntse jalo, a Bakeresete ba tshwanetse go nna le bokopano jo bo lekanyeditsweng le ene, kana a go tlhokafala gore a tilwe gotlhelele? Mme, fa go ntse jalo, ka ntlhayang?

A go Kgaoganwe Nae?

7. Boitshwaro jwa rona bo ne bo tla farologana jang malebana le ditlhopha tse pedi tsa baleofi?

7 Bakeresete ga ba iphaphe mo bathong. Re tlwaetse go kopana le baagelani ba rona, badiri-mmogo, balekane ba sekolo, le ba bangwe, ebile re a ba rerela lefa ba bangwe e le ‘bagokahadi, batho ba ba bogagapa, baikgagapeledi, kana baobamedi ba medimo ya disetwa.’ Paulo o ne a kwala gore re ka seke re ba tile gotlhelele, ‘eseng jalo re ne re tla tshwanelwa ke go tswa mo lefatsheng.’ Lefa go le jalo, o ne a supa gore go ne go tshwanetse ga farologana ka “modumedi” yo o tshelang jalo: “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me [a boetse kwa ditseleng tsa go nna jalo], lo se ka loa . . . ya naè.”—1 Bakorintha 5:9-11; Mareko 2:13-17.

8. Moaposetoloi Johane o ne a neela kgakololo efe e e malebana le go ikgogona?

8 Mo mekwalong ya ga moaposetoloi Johane, re fitlhela kgakololo e e tshwanang e e otlelelang ka moo re tshwanetseng go tila ba ba ntseng jalo ka botlalo ka teng: ‘Lefa e le mang yo o tlolelang pele, mme a sa nnele ruri mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo . . . fa mongwe a tla kwa go lona, mme a sa tlise thuto eno, lo se ka lwa mo amogela mo matlong a lona, le gone lo seka lwa mo dumedisa. Gonne yo o mo dumedisang [Segerika, khaiʹro] o tlhakanetse nae ditiro tsa gagwe tse di bosula.’a—2 Yohane 9-11.

9, 10. (a) Batlola-molao ba ba sa ikotlhaeng ba ne ba diragalelwa ke eng mo Iseraele, mme ka ntlhayang? (b) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka thulaganyo ya gompieno ya ka moo batho ba ba lelekelwang sebe se ba sa se ikotlhaeleng ba tshwarwang ka gone? (2 Petere 2:20-22)

9 Ke eng fa kgato e e gagametseng jalo e tshwanetse le eleng gompieno? Ebu, gakologelwa taolo ya kwa morago ka go kgaolwa mo go botlhoko mo go neng go kwadilwe mo Molaong wa Modimo go Baiseraele. Mo dikgannyeng tse di farologaneng tse di masisi, ba ba neng ba tlola molao ka boomo ba ne ba bolawa. (Lefitiko 20:10; Dipalō 15:30, 31) Fa seo se ne se diragala, ba bangwe, le eleng ba losika, ba ne ba ka se tlhole ba buisa moroba-molao yoo yo o suleng. (Lefitiko 19:1-4; Duteronome 13:1-5; 17:1-7) Lemororo Baiseraele ba ba ikanyegang ba bogologolo koo e ne e le batho ba ba tlwaelegileng ba ba neng ba na le maikutlo a a tshwanang le a rona, ba ne ba itse gore Modimo o tshiamiso ebile o lorato le gore Molao wa gagwe o ne o sireletsa bophepa jwa bone jwa boitsholo le jwa semoya. Jalo ba ne ba ka amogela gore thulaganyo ya gagwe ya go kgaola ba ba dirileng phoso e ne e le selo se se kafa tshwanelong se se neng se le molemo ebile se siame.—Yobe 34:10-12.

10 Re ka tlhomamisega ka tsela e e tshwanang gore thulaganyo ya Modimo ya gore Bakeresete ba gane go tsalana le mongwe yo o kobilweng ka ntlha ya go sa ikwatlhaele sebe ke tshireletso e e botlhale mo go rona. “Tlosetsañ rure sebedishō se segologolo, gore lo nnè boupe yo bosha, hèla yaka lo sa bedisèga.” (1 Bakorintha 5:7) Gape fa Bakeresete ba tila ba ba itomolotseng ka boomo, ba sireletsega mo go nneng le dipono tsa go nyatsa, tsa go sa bontshe kanaanelo kana le eleng tsa botenegi tse ba ka nnang ba bo ba na natso.—Bahebera 12:15, 16.

Go Tweng ka Balosika?

11, 12. (a) Balosika mo Iseraele ba ne ba amega jang fa modira-molato a ne a tlosiwa? (b) Tshwantsha melemo ya kutlo.

11 Kwantle ga pelaelo Modimo o lemoga gore go diragatsa melao ya gagwe ya tshiamo ya go kgaola ba ba dirileng phoso gantsi go kopanyeletsa balosika ebile go a ba ama. Jaaka go umakilwe fa godimo, fa Moiseraele yo o dirileng phoso a ne a bolawa, go ne go sa kake ga tlhola go kgonega gore ba lelapa ba kopane nae. Tota ebile, fa morwa a ne a le letagwa ebile a le bogagaru, batsadi ba gagwe ba ne ba tshwanetse go mo isa fa pele ga baatlhodi, mme fa a ne a sa ikotlhae, batsadi ba ne ba tshwanetse go tsaya karolo mo go bolaweng ga gagwe mo go tshwanetseng, ‘go tlosa bosula mo gare ga Iseraele.’ (Duteronome 21:18-21) O ka lemoga gore seno se ne se se kitla se nna motlhofo mo go bone. Gape, akanya kafa bomorwa-rra motho yo o dirileng phoso, bokgaitsadie, kana batsadi ba batsadi ba gagwe ba neng ba ikutlwa ka gone. Lefa go le jalo, fa ba ne ba ikanyega mo Modimong wa bone o o tshiamo go feta ka moo ba neng ba rata balelapa ka gone go ne go tla boloka botshelo jwa bone.

12 Gakologelwa kgetsi ya ga Kora, yo o neng a eteletse tsuologo kgatlhanong le boeteledipele jwa Modimo ka Moshe pele. Jehofa ka tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng, o ne a bona fa Kora a ne a tshwanetse go swa. Mme o ne a gakolola botlhe ba ba ikanyegang ka go re: “Kea lo rapèla, tlogañ ha megopiñ ea batho ba, ba ba boshula, me lo se ameñ sepè sa bōnè, lo ka tla loa nyèlèdiwa mo dibiñ cotlhe tsa bōnè.” Balosika bao ba neng ba seka ba amogela tlhagiso ya Modimo ba ne ba swa le batsuolodi bao. Mme bangwe ba losika lwa ga Kora ka botlhale ba ne ba ikgethela go ikanyega mo go Jehofa, mo go neng ga boloka matshelo a bone mme ga gogela kwa masegong mo isagweng.—Dipalō 16:16-33; 26:9-11; 2 Ditihalō 20:19.

13. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tla arabela jang fa leloko la lelapa le ba atamalaneng thata ka losika nalo le ne le kgaolwa kana le itomolola?

13 Go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete ga go reye gore motho o swa gone fela foo, jalo ditlamo tsa lelapa di a tswelela. Ka gone, monna yo o kgaolwang kana yo o itomololang mo phuthegong a ka nna a nna kwa gae le mosadi wa gagwe wa Mokeresete le bana ba gagwe ba ba ikanyegang. Go tlotla ga bone dikatlholo tsa Modimo le kgato e e tserweng ke phuthego di tla tlhotlheletsa mosadi le bana go lemoga gore ka tsela ya gagwe, o fetotse sebofo sa semoya se se neng se le fa gare ga bone.

14. Ke kgakololo efe ya bomodimo e e tshwanetseng go tlhotlheletsa dikamano tsa rona le wa losika yo o kgaotsweng kana yo o itomolotseng yo o kgakala le balelapa ba o atamalaneng nabo thata ka losika?

14 Seemo ke se se farologaneng fa yo o kgaotsweng kana yo o itomolotseng e le wa losika yo o nnang kgakala le legae le balelapa ba a atamalaneng nabo thata ka losika. Go ka nna ga kgonega gore go se nniwe le bokopano bope gotlhelele le motho yoo wa losika. Le eleng fa go na le dikgang tsa lelapa tse di tlhokang gore go kopanwe nae, ruri go tla dirwa gore seno se nne sewelo, tumalanong le molao-motheo wa bomodimo: “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi [kana a le molato wa sebe se sengwe se se masisi], . . . lo se ka loa . . . ya naè.”—1 Bakorintha 5:11.

15. Balosika ba ka dira jang gore ba seka ba tlhotlhelediwa ke maikutlo mo maemong a a ntseng jalo? (Pesalema 15:1-5; Mareko 10:29, 30)

15 Ka mo go tlhaloganyesegang, seno se ka nna sa nna bokete ka ntlha ya maikutlo le ditlamo tsa lelapa, tse di tshwanang le lorato lwa batsadi ba batsadi mo baneng ba bana ba bone. Lefa go le jalo, seno ke teko ya boikanyegi mo Modimong, jaaka go tlhalositswe ke kgaitsadi yo o tsopotsweng mo tsebeng ya 26. Ope fela yo o ikutlwang a hutsafadiwa a bile a utlwisiwa botlhoko ke seo wa losika yo o kgaotsweng a se bakileng a ka gomodiwa a bo a kgothadiwa ke sekao se se ileng sa tlhomiwa ke bangwe ba losika lwa ga Kora.—Pesalema 84:10-12.b

Phetso ya Kgotla-tshekelo

16-18. Ke phetso efe e e neng ya fitlhelelwa mo kgetsing nngwe ya kgotla-tshekelo e e umakilweng pelenyana, mme kgotla-tshekelo eo e ne ya oketsa ka pono efe gape?

16 O ka nna wa tswa o batla go itse gore kgetsi ele ya kgotla-tshekelo e ne ya felela jang e e neng e kopanyeletsa mosadi yole yo o neng a sa itumedisiwa ke go bo bao a kileng a bo a tlwaelane nabo ba ne ba sa buisane nae morago ga a sena go ikgethela go gana tumelo, ka go itomolola mo phuthegong.

17 Pele ga kgetse eo e isiwa tshekong, kgotla-tshekelo ya puso ya kgaolo eo e ne ya mo digela kgetsi kwantle ga go dia sebaka. Katlholo eo e ne e theilwe mo mogopolong wa gore dikgotla-tshekelo ga di itshunye nko mo dikgannyeng tsa kereke tsa kotlhao. Go tswa foo o ne a dira boikuelo. Katlholo ya bongwefela jwa pelo ya kgotla-tshekelo ya puso e go ikuelwang kwa go yonec e ne e theilwe mo mabakeng a a oketsegileng a ditshwanelo tsa go Tlhabololwa ga Ntlha (ga Molao-theo wa U.S.): “Ereka kgato ya go ikgogona e le bontlhanngwe jwa tumelo ya Basupi ba ga Jehofa, re bona gore paakanyetso ya ‘go dira ka kgololesego’ ya Molao-theo wa United States . . . ga e [mo] letlelele go fenya kgang eno. Balatofadiwa ba na le tshiamelo e e sirelediwang ke molao-theo ya go kopanela mo mokgweng wa go ikgogona. Ka gone, re tiisetsa” katlholo ya pelenyana ya kgotla-tshekelo ya kgaolo eno.

18 Pono ya kgotla-tshekelo eo e ne ya tswelela: “Go ikgogona [go kgaola] ke tlwaelo e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa tumalanong le ka moo ba tlhalosang dikwalo ka gone mme ga re letlelesege gore re tlhalose dikwalo tseo gape . . . Balatofadiwa ba na le tshwanelo ya go dirisa dilo tseo ba di dumelang ka kgololesego . . . Gantsi dikgotla-tshekelo ga di tlhotlhomise kamano gareng ga maloko (kana bao e neng e le maloko) a kereke thata. Dikereke di neelwa kgololesego e ntsi fa di otlhaya maloko kana bao e neng e le maloko. Re dumalana le pono ya ga Moatlhodi Jackson [yo o neng a le wa Kgotla-Tshekelo e Kgolo ya U.S.] gore ‘ditiro tsa [b]odumedi tseo di amang bao eleng maloko a tumelo fela di tshwanetse ebile di dirwa ka kgololesego—ka kgololesego e e feletseng ka mo go ka kgonegang ka teng.’ . . . Maloko a Kereke e [a] dirileng phetso ya go e tlogela a ile a konela ka gore ga ba sa tlhole ba batla go kopanela le ene. Re tiisetsa gore ba gololesegile go dira jalo.”

19, 20. Ke eng fa motho yo o kgaotsweng mo phuthegong a se mo seemong sa go duelelwa ditshenyegelo tsa madi mo kgotla-tshekelong?

19 Kgotla-tshekelo ya ikuelo e ne ya lemoga gore le fa e le gore mosadi yoo o ne a ikutlwa a tlaletswe ka ntlha ya go bo bao ba neng ba mo itse ba itlhophetse go sa buisane nae, “fa a letlelelwa gore a duelwe ka ntlha ya dikgobalo tse di sa bonaleng kana tsa boikutlo seo e ne e tla bo e le go ganela Basupi ba ga Jehofa ka kgololesego ya bodumedi moo go seng kafa molao-theong . . . Go bo molao-theo o letlelela kgololesego ya kobamelo go tlhoka gore batho ba itshokele mofuta wa dikgobalo tse [a] di bogileng ba di leba jaaka kotlhao e e mo tshwanetseng gore go sirelediwe tshwanelo ya go farologana ga ditumelo eo baagi botlhe ba nang le yone.” Tshwetso eno, ka tsela e nngwe, e ne ya tladiwa le eleng ka mo go oketsegileng morago ga e sena go dirwa. Jang jalo? Moragonyana mosadi yoo o ne a kopa kgotla-tshekelo e kgolo ya naga eo go reetsa kgetsi ya gagwe mme gongwe e bo e tsholole tshwetso e e neng e dirilwe kgatlhanong le ene. Mme ka November 1987, Kgotla-tshekelo e Kgolo ya United States e ne ya gana go dira jalo.

20 Ka gone, tsheko eno e e botlhokwa e ne ya lemotsha gore motho yo o kgaotsweng kana yo o itomolotseng o ka se duelelwe ditshenyegelo ke Basupi ba ga Jehofa tsa go ikgogonwa.d Ereka phuthego e ne e arabela go dikaelo tse di itekanetseng tseo rotlhe re ka di balang mo Lefokong la Modimo ra ba ra di dirisa, motho wa go nna jalo o utlwa botlhoko jo a bo itiretseng.

Kotlhao—Ba Bantsi ba Solegelwa Molemo

21. Ke eng fa go tlhokafala teka-tekanyo malebana le ka moo re lebang go kgaolwa ka gone?

21 Bangwe ba ba ka kwantle, fa ba utlwa kaga go kgaolwa ba nna le tshekamelo ya go utlwela yo o dirileng phoso yo a ka se tlholeng a buisana le maloko a phuthego ya Bokeresete botlhoko. A mme kutlwelo-botlhoko e e ntseng jalo e tshwanetse? Akanya ka melemo e e ka nnang ya ikamogelelwa ke yo o dirileng phoso le ba bangwe.

22, 23. Tshwantsha ka moo go leng botlhokwa le mosola ka gone fa re ikobela Modimo malebana le ka moo re lebang batho ba ba kgaotsweng ka gone.

22 Ka sekai, mo tsebeng ya 26 re ile ra tlhokomela kakgelo ya ga Lynette kaga phetso ya gagwe ya ‘go ikgaola mo go amaneng gotlhelele’ le morwadia-rraagwe yo o neng a kgaotswe ebong Margaret. Ene le balosika lwa gagwe ba Bakeresete ‘ba ne ba dumela gore tsela ya ga Jehofa ke e e molemo bogolo.’ Mme ruri ke yone!

23 Morwadia-rraagwe Lynette moragonyana o ne a mo raya a re: ‘Fa o ka bo o ile wa tsaya go kgaolwa motlhofo, ke itse gore nkabo ke ile ka seka ka tsaya dikgato gore ke busediwe ka bofefo jaaka ke dirile. Go kgaolwa gotlhelele mo go ba o ba ratang le mo kamanong e e atamalaneng le phuthego go ne ga godisa keletso e e nonofileng ya gore ke ikotlhaye. Ke ne ka lemoga ka moo kgato ya me e neng e le maswe thata ka gone le ka moo go huralela Jehofa go neng go le masisi ka gone.’

24. Karabelo ya kgaitsadi mongwe mo go kgaolweng e ne ya mo ama jang le ba bangwe?

24 Mo kgannyeng e nngwe, batsadi ba ga Laurie ba ne ba kgaolwa. Lefa go le jalo a re: ‘Bokopano jwa me le bone ga bo ise bo ke bo eme mme bo ne jwa gola. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka simolola go tsidifala thata. Ke ne ka tla mo seemong se ke neng ke sa ye kwa dipokanong gotlhelele.’ Go tswa foo o ne a bala kgang e e go Tora ya Tebelo ya February 1 le ya March 1, 1982, tseo di neng di otlelela kgakololo ya 1 Bakorintha 5:11-13 le 2 Yohane 9-11. “Go ne ga nna jaaka ekete ke ne ke tshubelwa lobone,” o kwala jalo. ‘Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go dira diphetogo dingwe. Jaanong ke tlhaloganya botoka bokao jwa Mathaio 10:34-36. Phetso ya me e ne e se e e motlhofo go amogelwa ke balelapa la gaetsho, ereka morwaake, yo o nang le dingwaga di le 5, e le ene mosimane fela, ba bile ba mo rata fela thata.’ Go solofelwa gore go latlhegelwa ke bokopano joo go tla ama dipelo tsa batsadi, jaaka go ne ga ama ba ga Margaret. Gape, kotlhao e e neng e kopanyelediwa e ne ya thusa Laurie: ‘Ke boetse mo bodiheding jwa tshimo. Lenyalo la me le lelapa di tiile thata ka ntlha ya phetogo ya me, fela jaaka le nna ke tiile.’

25. Motho mongwe yo o neng a buseditswe o ne a nna le pono efe kaga kotlhao ya Modimo?

25 Kana akanya ka maikutlo a mongwe yo o neng a kgaolwa mme moragonyana a busediwa. Sandi o ne a kwala jaana: ‘Ke batla go lo lebogela ditlhogo tse di thusang thata tse di rutang [tse di umakilweng fa godimo] kaga go kgalemela le go kgaola. Ke itumelela go bo Jehofa a rata batho ba gagwe mo eleng gore o tlhomamisa gore phuthego ya gagwe e bolokwe e le phepa. Seo se ka lebegang e le bosetlhogo mo go ba ba ka kwantle se a tlhokega ebile ke selo sa lorato se se tshwanetseng go dirwa. Ke lebogela go bo Rraarona wa selegodimo e le Modimo o o lorato le o o itshwarelang.’

26. Ke loungo lofe lwa tshiamo lo e ka nnang phelelo ya go amogela kotlhao? (Pesalema 94:10, 12)

26 Jalo Modimo wa rona o o batlang gore yo o dirileng phoso yo o sa ikotlhaeng a kobiwe mo phuthegong gape ka lorato o bontsha gore moleofi o ka busediwa mo phuthegong fa a ikotlhaya a ba a sokologa. (Ka go tshwana motho yo o itomolotseng o ka kopa gore a nne karolo ya phuthego gape.) Morago ga moo o ka gomodiwa ke Bakeresete bao ba tla mo tlhomamisetsang lorato lwa bone. (2 Bakorintha 2:5-11; 7:8-13) Ka boammaaruri, go ntse fela jaaka Paulo a ne a kwala jaana: “Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.”—Bahebera 12:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Johane mono o ne a dirisa khaiʹro, e e neng e le tumediso e e tshwanang le “dumela.” (Ditihō 15:23; Mathaio 28:9) Ga a ka a dirisa a·spaʹzo·mai (jaaka mo temaneng ya 13), mo go rayang “go kampa ka mabogo, e le go dumedisa, go gorosa sentle” me go ka bo go ile ga raya tumediso e e bothitho, gongwe e na le go tlamparelana. (Luke 10:4; 11:43; Ditihō 20:1, 37; 1 Bathesalonia 5:26) Jalo kaelo e e mo go 2 Yohane 11 e ka nna ya bo e ne e raya le eleng go sa re “dumela” go ba ba ntseng jalo.—Bona Tora ya Tebelo ya July 15, 1985, tsebe 31.

b Go bona kgang kaga go kgaolwa ga wa losika, bona Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, ditsebe 13-18.

c 819 F.2d 875 (9th Cir. 1987).

d Lefa batho ba ba farologaneng ba ile ba isa Basupi ba ga Jehofa tshekong, ga go na kgotla-tshekelo epe e e ba atlholetseng mokgwa wa bone o o theilweng mo Bibeleng wa go ikgogona.

Dintlha tse di Tshwanetsweng go Gakologelwa

◻ Go kgaolwa e ka nna mofuta wa kotlhao ka ditsela dife?

◻ Ke ka ntlhayang fa boitshwaro jwa Mokeresete tebang le batho ba ba kgaotsweng bo farologana le boitshwaro jwa gagwe tebang le badira-bosula ba ba mo lefatsheng?

◻ Go tshwanetswe ga gakologelwa kaelo efe ya Dikwalo le eleng fa wa losika a kgaotswe?

◻ Kgotla-tshekelo ya boikuelo e ne ya fitlhelela phetso efe mo kgetsing eo e neng e pegilwe ke motho mongwe yo o neng a itomolotse?

◻ Re ka ithutang mo ditlhalosong tsa botho tse di dirilweng ke batho bangwe kaga go kgaolwa?

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

“Go ikgaoganya ga rona gotlhelele le go amana le [morwadia-rre yo o neng a kgaotswe] Margaret go ne ga leka boikanyego jwa rona mo thulaganyong ya ga Jehofa. Go ne ga neela lelapa la rona sebaka sa go bontsha gore a tota re dumela gore tsela ya ga Jehofa e molemo bogolo kana nnyaa.”—Lynette.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Go Kgaolwa—Go Na le Matswela Afe?

Rahisitori wa Ennyelane ebong Edward Gibbon o ne a kwala ka moo go kgaolwa ga gautshwane le motlha wa baaposetoloi go neng go tshwanela ka gone ebile go na le matswela:

“Ke tshwanelo e e sa kakeng ya ganediwa ya mokgatlho mongwe le mongwe wa batho go tlogedisa batho tirelo le melemo bao gareng ga maloko a one ba ganang melawana eo e ileng ya dumalanwa ke bontsi le go e tlola. . . . Go kgaolwa go nna le diphelelo tsa senama [tsa selefatshe] gammogo le tsa semoya. Mokeresete yo o neng a boleletswe jalo o ne a rontshiwa go nna le seabe ka gope mo kobamelong ya ba ba ikanyegang. Ditlamo tsa bodumedi gammogo le tsa botsala jwa kwa thoko di ne di fedisiwa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela