Go Neela Bosupi ka Katlego ka Founu
1 Maikaelelo a rona jaaka Basupi ba ga Jehofa ga se fela gore re dire tiro ya go rera dikgang tse di molemo mme gape ke go bolelela mongwe le mongwe molaetsa wa Bogosi. (Dit. 10:42; 20:24) Re lemoga gore le fa tiro ya ka ntlo le ntlo e le yone ya konokono ya gore re kgone go kopana le batho, le fa re e dirisa ga re kgone go kopana le mongwe le mongwe. Ka jalo gore re ‘wetse bodiredi jwa rona ka botlalo,’ re dirisa mekgwa e mengwe gore re bone batho ba sekadinku—go akaretsa go neela bosupi ka founu.—2 Tim. 4:5.
2 Mo mafelong a le mantsi, batho ba nna mo difoleteng tse di nang le tshireletso ya maemo a a kwa godimo, dikago tse go nnang malapa a mantsi mo go tsone, kgotsa mafelo a a nnang a tswetswe go se motlhofo go tsena mo go one, a go leng thata gore kwa go one re dire tiro ya rona e e tlwaelegileng ya ka ntlo le ntlo ya go kopana le batho. Le mo mafelong a re kgonang go tsamaya ka ntlo le ntlo mo go one, batho ba le bantsi ga ba yo mo magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, baboledi ba bantsi ba atlega tota fa ba buisana le baagi bano ka founu.
3 A o a okaoka go akaretsa go neela bosupi ka founu mo bodireding jwa gago? Mokaulengwe mongwe o dumela jaana: “Ga ke rate go lelediwa mogala ke motho kwa lapeng gore a nthekisetse sengwe, ka jalo ga ke rate tsela eno ya go neela bosupi.” Le fa go ntse jalo, fa a sena go leletsa bangwe mogala gabedi fela, o ne a re: “Ke a e rata! Ke ne ke sa akanya gore nka dira jalo, mme ke a e rata! Batho ba bua ba iketlile mo founung, e bile o na le sengwe le sengwe se o se tlhokang gaufi. E na le matswela tota!” Kgaitsadi mongwe o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang: “Ke ne ke sa kgatlhegele go neela bosupi ka founu go le kalo. Boammaaruri ke gore ke ne ke sa batle go go dira. Mme ke ne ka go leka mme ka fitlhela go na le matswela a mantsi. Ke na le dipoelo di le 37 ka ntlha ya go neela bosupi ka founu e bile ke na le dithuto tse dintsi mo ke sa kgoneng go di tshwara tsotlhe!” Fa o rata go leka go neela bosupi ka founu, le wena o ka atlega.
4 Go Rulaganyetsa go Neela Bosupi ka Founu: Tiro ya phuthego ya go neela bosupi e okametswe ke molebedi wa tirelo. Go ya ka gore a go na le tlhokego eo, setlhopha sa bagolwane se ka nna sa tlhoma mogolwane yo mongwe kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang gore a bereke mmogo le ene go rulaganya tiro ya go neela bosupi ka founu. Mokaulengwe yo o tlhokometseng tshimo o tshwanetse go nna le seabe le ene, ka gonne o tla aba tshimo a bo a boloka direkoto ka tsela e e tshwanetseng. Ka tsela e e tshwanang, molebedi wa potologo o tla kgatlhegela go itse gore thulaganyo eno e tswelela jang.
5 Fa e le gore go na le dikarolo dingwe tsa tshimo ya lona tse go sa kgonegeng gore lo fitlhe kwa go tsone fa lo neela bosupi ka ntlo le ntlo, go tshwanetse ga rulaganngwa tshimo e e tla dirwang ka founu. Mokaulengwe yo o abetsweng tiro eno o tla dira ka kelotlhoko lenaane la diaterese tsa dikarolo tsa tshimo tse di tla dirwang ka founu, tse di tshwanetseng go dirwa dinnye ka mo go lekaneng gore di tle di berekwe ka metlha. Dimmapa tsotlhe tsa tshimo tse di nang le dikarolo tseo di tshwanetse go tshwaiwa go bontsha gore karolo e e tshwailweng eo e beetswe kwa thoko gore e dirwe ka go neela bosupi ka founu.
6 O ka bona kae dinomoro tsa difounu? Seno se ka nna sa nna thata. Diphuthego tse dingwe di dira manaane a dinomoro tsa founu ka go dirisa buka ya dinomoro tsa founu. Fa lefelo la bonno le le nang le tshireletso ya maemo a a kwa godimo le na le lenaane la lone la founu, gongwe o ka tsaya dinomoro koo. Go seng jalo, go ka nna ga kgonega go kwalolola maina a batho ba ba nnang mo lefelong leo mo lenaaneng la maina a bone le le kwa kgorong e botlhe ba tsenang ka yone gore o tle o a batle mo bukeng ya dinomoro tsa founu. O tlhomamise gore tsela le fa e le efe e o e dirisang gore o bone dinomoro tsa difounu e kafa molaong. Fa o newa nomoro ke moagelani kgotsa motho mongwe o sele, o ka nna wa rata go nna kelotlhoko malebana le go bolela gore o e neilwe ke mang.
7 Bagolwane ba ka bontsha gore ba kgatlhegela tiro eno ka go rulaganya gore ba ba nang le maitemogelo a go neela bosupi ka founu ba thapise ba bangwe, gongwe ba ka dirisa thulaganyo ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe. Ka dinako tse dingwe, go ka bewa puo ya dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko mo Pokanong ya Tirelo go tlotliwa ka go tokafatsa go atlega ga mokgwa ono wa go neela bosupi.
8 Fa bagolwane ba dira maeto a go boela mo bathong ba ba nnang fela mo ntlong ka ntlha ya bolwetse, kgotsa ba ba dikoa, ba ka nna ba ba kgothatsa gore ba nne le seabe mo go neeleng bosupi ka founu. Gongwe mogolwane o ka leletsa bangwe mogala makgetlho a le mmalwa mmoledi a mo lebeletse. Go tswa foo mmoledi o ka nna le sebaka sa gore a leletse mongwe mogala. Batho ba bantsi ba ba simolotseng jaana ba dirisa metsotso e le mmalwa letsatsi le letsatsi ba dira tiro eno, e bile ba e rata tota.
9 Dikakantsho Tsa Gore o Atlege: Fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe gore ba ye go rera, o ne “a ba romela ka bobedi ka bobedi.” (Luke 10:1) Ka ntlha yang? O ne a itse gore fa ba bereka mmogo ba ne ba tla rutana le go kgothatsana. Go a tshwana le ka go neela bosupi ka founu. Fa lo dira mmogo, lo ka rutana, lo ka tlotla ka matswela a lo nnileng le one, mme lwa bolelelana dikakantsho tse lo ka di dirisang mo motlotlong o o latelang. Le ka nako e lo leng mo mogaleng ka yone, lo ka nna lwa thusana go bona tshedimosetso e e tshwanetseng. Go akantshiwa gore baboledi ba bereke ba le babedi fa ba neela bosupi ka founu jaaka ba dira fa ba neela bosupi ka tsela e e tlwaelegileng ya ka ntlo le ntlo.
10 Gore o tle o kgone go akanya sentle le go tlhoma mogopolo, o nne mo o ka kgonang go baya didirisiwa tsa gago tsa go neela bosupi teng, mo pele ga gago—Baebele, buka ya Go Fetolana, boroutšhara jwa Re Direng, dimakasine, le tse dingwe. Kwala dilo tse o tla ratang go bua ka tsone, mme o di beye mo o ka di bonang teng. O nne o ipaakanyeditse go boloka direkoto tse di siameng le tse di feletseng, go akaretsa letsatsi le nako gore o tle o itse gore o ka dira leng poelo mo go bontshitsweng kgatlhego teng.
11 Batho gantsi ba nna podimatseba fa ba utlwa lentswe le ba sa le tlwaelang mo founung. Ka jalo, o nne lorato, o nne botsalano, e bile o nne kelotlhoko. Selo se mong wa ntlo a ka utlwang ka sone gore o na le botho jo bo ntseng jang le gore a o peloephepa ke lentswe la gago fela. O phuthologe mme o bue go tswa mo pelong. O bue ka bonya e bile o utlwala sentle le modumo wa gago wa lentswe e nne o o lekaneng. Naya mong wa ntlo sebaka sa gore a bue. Dirisa leina la gago le le feletseng, mme o bolele gore o nna mo lefelong leo. Ga re batle gore batho ba akanye gore re bapatsa dilo ka founu. Go na le gore o bolele gore o leletsa baagi botlhe ba kago nngwe e e rileng mogala, dira gore go utlwale o bua le ene fela.
12 Puisano mo Founung: Bontsi jwa matseno a a mo bukeng ya Go Fetolana mo ditsebeng 9-15 a ka dirisiwa go neela bosupi ka founu. O ka nna wa re: “Ke go leleditse mogala ka gonne ga ke kgone go tla kwa go wena ka namana. Ke go leleditse ka maikaelelo a gore ke kope pono ya gago malebana le potso nngwe e e kgatlhang.” Bolela potso eo.
13 Puisano ya ntlha e e nang le setlhogo se se reng “Bokebekwa/Pabalesego” e ka dirisiwa jaana: “Dumela. Leina la me ke______. Ke nna mo lefelong la gaeno. Ke batla go go tlhomamisetsa gore ga ke rekise sepe kgotsa go dira patlisiso. Ke go leleditse mogala ka ntlha ya go bo ke tshwenyegile ka kgang ya pabalesego ya botho. Go na le bokebekwa jo bontsi go re dikologa, mme bo ama matshelo a rona. A o akanya gore go tla tla nako e mo go yone batho botlhe ba tla kgonang go tsamaya mo mmileng bosigo mme ba ikutlwa ba babalesegile? [Letela karabo.] Tla ke bale se Modimo a solofeditseng go se dira.”
14 Go dirisa mokgwa wa go kopa motho ka tlhamalalo mo founung gore o mo tshwarele thuto ya Baebele go setse go nnile le matswela a a molemo. O ka bontsha motho gore thuto e tshwara jang ka metsotso e se kae. Bolelela motho yoo gore o tla mo etela kwa legaeng la gagwe gore lo tswelele ka thuto, kgotsa fa motho yoo a okaoka, mmolelele gore lo ka tswelela ka thuto mo founung ka letsatsi le lengwe.
15 Fa o konela motlotlo, akanya ka sengwe se se tla dirang gore o etele motho yoo kwa legaeng la gagwe kgotsa o mo romelele buka nngwe. Fa motho yoo a okaoka go go naya aterese ya gagwe, mmolelele gore o tla founa gape. Go ka nna ga tlhokega gore o foune makgetlho a le mmalwa pele ga a ka gololesega sentle gore a go laletse gore o tle kwa legaeng la gagwe.
16 Nna wa Ntlha go Tsaya Kgato: Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 15 o ne a simolola tirelo ya gagwe ya mo mosong ka go leletsa mongwe mogala. O ne a bua le mosadi mongwe yo o neng a dumela go amogela buka ya Kitso. Fa kgaitsadi yono a ne a isa buka eo kwa legaeng leo, mosadi yoo o ne a batla go itse gore go tlile jang gore kgaitsadi yono yo mosha a itse nomoro ya gagwe ya founu, ka gonne e ne e seyo mo lenaaneng la difounu. Kgaitsadi yono o ne a mo leleditse ka phoso! Mosadi yoo o ne a amogela thuto mme jaanong ke mmoledi yo o sa kolobediwang.
17 Kgaitsadi mongwe o ne a ikopela tshimo e e dirwang ka founu mme a se ka a e dira dibeke di le tharo tse di neng di latela ka gonne a ne a tshaba. Ke eng se se neng sa mo naya sebete sa gore a simolole? O ne a gakologelwa setlhogo sa Tsogang! ya January 22, 1997, (ka Seesemane), se se neng se re “Fa ke Le Bokoa, ke Gone ke Leng Maatla.” Se ne se bua ka Mosupi mongwe yo o rerang ka founu go sa kgathalesege bokoa jwa gagwe jwa mo mmeleng. Kgaitsadi yoo o ne a re: “Ke ne ka rapela Jehofa ka mo kopa gore a nneye nonofo. Ke ne ka mo kopa gore a nneye mafoko a a tshwanetseng gore ke a dirise fa ke buisana le motho.” Matswela a letsatsi la gagwe la ntlha a neela bosupi ka founu e ne ya nna afe? O bega jaana: “Jehofa o ne a araba thapelo ya me. Batho ba ne ba ntheetsa, mme ke ne ka rulaganyetsa loeto lwa go boela.” Moragonyana go neela bosupi ga gagwe ka founu go ne ga felela ka gore a nne le thuto ya Baebele. O konela ka gore: “Jehofa o nthutile gape gore ke mo ikanye mme ke se ka ka iikanya.”—Dia. 3:5.
18 Go bolela boammaaruri ka founu go fetogile mokgwa o o atlegileng wa go rera dikgang tse di molemo. Baakanyetsa sentle, mme o go dire ka pelo yotlhe. O se ka wa kgobega marapo fa batho ba sa arabele sentle fa o ba leleditse mogala makgetlho a ntlha a le mmalwa. Rapelela gore Jehofa a go kaele, mme o tlotle le ba bangwe ba ba rerang ka tsela eno e e kgatlhang thata. E kete re ka dira bodiredi jwa rona ka moya wa go potlaka, re sa batle go tlogela ope re sa bua le ene mo tshimong ya rona.—Bar. 10:13, 14.