Leka go Dirisa Puisano e e Fetofetogang
Fa re kgatlhegela batho thata, seo se tla re tlhotlheletsa go leka go lemoga dilo tse ba amegileng ka tsone le go ba bontsha kafa Bogosi bo tla fedisang gotlhelele ka gone mathata a ba lebaneng le one. (Bafil. 2:4) Mokgwa o o molemo o baboledi ba le bantsi ba o fitlhelang o na le matswela ke go kopa mong wa ntlo go akgela ka ditshwantsho tsa Paradaise tse di mo dikgatisong tsa rona, tse di tshwanang le tse di mo kholomong e e kafa mojeng wa tsebe eno. O ka nna wa dira seno o dirisa mangwe a matseno ano:
◼ “A o akanya gore re tla tsamaya re bona batho ba tshela ka tsela e e mo setshwantshong seno?”
◼ “Rotlhe re eletsa gore bana ba rona ba tshele mo lefatsheng le le tshwanang le le le mo setshwantshong seno. O akanya gore go tlhokega eng gore go nne jalo?”
◼ “Se ke setshwantsho sa kafa go tla nnang ka gone fa thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng fela jaaka kwa legodimong. A o bona sengwe fano se se sa tshwaneng le botshelo jo re bo tshelang gompieno?”
◼ “A o ka rata go tshela mo maemong a a tshwanang le a a bontshitsweng mo setshwantshong seno? [Mo letle gore a arabe.] A o akanya gore seno se tla direga mo nakong e re tshelang mo go yone?”
Reetsa ka kelotlhoko gore motho o araba a reng, o bo o kopa gore a ntshe maikutlo a gagwe ka go mmotsa potso e le nngwe kana di le pedi. Fa bangwe ba araba ka go re ga ba eletse go tshela mo maemong a a tshwanang le a a bontshitsweng foo kana ba re ga ba dumele gore selo se se ntseng jalo se ka direga, o se ka wa swetsa ka bonako gore ga ba kgatlhege. Mmotse ka botlhale gore ke ka ntlha yang fa a ikutlwa jalo. Karabo ya gagwe e ka nna ya bontsha gore o tshwenyegile thata ka mathata a batho a go bonalang a se na tharabololo.—Esek. 9:4.
Fa o lemoga gore mong wa ntlo o tshwenyegile ka eng, fetola puisano ya gago gore e mo tshwanele. Gatelela thata karolo ya molaetsa wa Bogosi e e buang ka dilo tse a amegileng ka tsone. Mmalele temana e le nngwe kana di le pedi tse di buang ka kgang e e mo tshwenyang. (Bona dikakantsho tse di mo kholomong e e kafa mojeng.) Dira gore a iponele se Lefoko la Modimo le se buang. Fa a kgatlhega, mo tsamaisetse buka o bo o rulaganyetsa go mo etela gape. Fa o boa, tsweletsa motlotlo wa lona wa nako e e fetileng.
[Box on page 6]
Dikai Tsa Ditshwantsho Tsa Paradaise
Buka ya Morutisi: tsebe 251-4
Buka ya Kitso: tsebe 4-5, 188-9
Boroutšhara jwa Re Direng: tsebe 11, 13
Buka ya Kagiso ya Boammaaruri: tsebe 98
Buka ya Obamela Modimo: tsebe 92-3
[Box on page 6]
Dilo Tse di Tshwenyang Batho
Boferefere, tshiamololo
Bokebekwa, thubakanyo
Bolwetse, bogole
Go senya lefatshe
Go senyega ga maitsholo
Go sotliwa ga diphologolo
Go tlhaela ga dijo, phepelotlase
Go tlhaolwa le go sa lekalekaneng ga batho
Go tlhoka matlo, mathata a ikonomi
Go tshwenyega thata mo maikutlong
Lehuma, go gatelelwa
Loso, khutsafalo
Ntwa, borukhutlhi
Go palelwa ga dipuso