Dira Thulaganyo e Lelapa la Gago le ka Kgonang go e Latela
1 Mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o ne a kgothatsa bareetsi ba gagwe a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe.” (Math. 6:33) Tsela e e mosola ya go rulaganya ditiro tsa lelapa ka tsela e e tla dirang gore dilo tsa semoya di se ka tsa salela kwa morago ke ka go itirela thulaganyo. Dirisa metsotso e se kae go direla lelapa la gago thulaganyo ya beke le beke, o dirisa thulaganyo e go sa kwalwang sepe mo go yone e e mo tsebeng ya 6 ya tsenyeletso eno. Bangwe mo lelapeng ba ka nna ba rata go ipha tiro ya go sega dikarolo dingwe tsa thulaganyo eno ba bo ba di manega mo go e ba e itiretseng. Ba bangwe bone ba ka nna ba rata go kwala ditiro tse ba batlang go di dira mo thulaganyong eno.
2 Sekai sa thulaganyo e e bontshitsweng fa tlase fano se ka go thusa go itirela ya gago. O tla lemoga gore e akaretsa ditiro di le nnè fela tsa konokono: (1) go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego, (2) bodiredi jwa tshimo jwa lelapa, (3) thuto ya lelapa, le (4) go tlotla ka temana ya letsatsi. Go tsenya dilo tseno mo thulaganyong ya gago go ka go thusa gore o “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafil. 1:10) Go na le dikakantsho tse dingwe gape tse di buang ka dilo tse nnè tseno mo tsebeng ya 4-5.
3 Seno ga se reye gore thulaganyo ya lelapa la gago e nne le dilo tse nnè tseno fela. Fa lo baakanyetsa dipokano dingwe tsa phuthego jaaka lelapa, tsenya seo mo thulaganyong ya lona. Fa e le gore lo bala Baebele mmogo fa lo sena go tlotla ka temana ya letsatsi kgotsa lo e bala ka nako e nngwe, kwala seo mo thulaganyong. Fa e le gore lo tlwaetse go intsha bodutu mmogo jaaka lelapa, o ka nna wa rata go tsenya seo mo thulaganyong eo.
4 Dira gore thulaganyo e o e dirang ya lelapa e tshwanele maemo a botlhe mo lelapeng. Sekaseka thulaganyo eo nako le nako go bona gore a e bereka sentle, mme o dire diphetogo go ya kafa go tlhokegang ka gone.
[Chart on page 3]
Sekai sa Thulaganyo ya Lelapa
Mo Mosong Thapama Maitseboa
Son. Temanaya Letsatsi
Tirelo ya Tshimo
ya Lelapa
Puo ya Phatlalatsa
le Thuto ya Tora
ya Tebelo
Man. Temanaya Letsatsi Thuto ya Lelapa
Lab. Temanaya Letsatsi Thuto ya Buka
ya Phuthego
Labor. Temanaya Letsatsi
Labon. Temanaya Letsatsi Sekolo sa
Bodiredi sa
Puso ya Modimo
le Pokano ya
Tirelo
Labot. Temanaya Letsatsi
Mat. Temanaya Letsatsi
Tirelo ya Tshimo
ya Lelapa
(Letsatsi la
Dimakasine)
[Chart on page 6]
Thulaganyo ya Lelapa
Mo Mosong Thapama Maitseboa
Son.
Man.
Lab.
Labor.
Labon.
Labot.
Mat.
.................................................................
Temanaya Temanaya Temanaya Temanaya Temanaya Temanaya Temanaya
Letsatsi Letsatsi Letsatsi Letsatsi Letsatsi Letsatsi Letsatsi
Puo ya Sekolo Thuto ya Thuto ya Tirelo Mmalo wa Boitloso-
Phatlala- sa Buka ya Lelapa ya Baebele bodutu
tsa le Bodiredi Phuthego Lelapa wa Jwa
Thuto ya sa Puso ya Lelapa Lelapa
Tora ya ya Tshimo
Tebelo Modimo
le
Pokano
ya Tirelo