Kgaolo ya Bosomesupa
Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri mo Motlheng wa Bofelo
1. Go ya ka Daniele kgaolo 7, setlhopha sengwe se sennye, se se sa kgoneng go itshireletsa sa mo motlheng wa rona se ne se tla diragalelwa ke eng se se sa tlwaelegang?
SETLHOPHA sengwe se sennye, se se sa kgoneng go itshireletsa sa batho se tlhaselwa mo go botlhoko ke mmuso mongwe wa lefatshe o o nonofileng thata. Ba falola ba sa direga sepe mme e bile ba a ntšhafadiwa—e seng ka ntlha ya nonofo ya bone ka namana mme e le ka gonne Jehofa Modimo a ba rata thata. Daniele kgaolo 7 e ne ya bolelela pele ditiragalo tseno, tse di neng tsa direga mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, batho bano e ne e le bomang? Yone kgaolo eo ya Daniele e ba bitsa “baitshepi ba Mogodimodimo,” Jehofa Modimo. Gape e bontsha gore batho bano kgabagare ba tla nna babusimmogo mo Bogosing jwa Bomesia!—Daniele 7:13, 14, 18, 21, 22, 25-27.
2. (a) Jehofa o ikutlwa jang ka batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng? (b) Tsela e e botlhale go e latela mo metlheng eno ke efe?
2 Jaaka re bone mo go Daniele kgaolo 11, kgosi ya botsheka e tla fitlha kwa bokhutlong jwa yone fa e sena go tshosetsa gore e tla gapa lefatshe la semoya la batho bano ba ba ikanyegang. (Daniele 11:45; bapisa Esekiele 38:18-23.) Ee, Jehofa o sireletsa fela thata batlodiwa ba gagwe ba ba ikanyegang. Pesalema 105:14, 15 e re bolelela jaana: “[Jehofa] o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone; a re: ‘Se ameng batlodiwa ba me, lo se ka lwa utlwisa baperofeti ba me botlhoko bope.’” Ka jalo he, a ga o na go dumalana gore mo metlheng eno ya matshwenyego, go botlhale gore “boidiidi jo bogolo” jo bo ntseng bo oketsega bo itsalanye thata ka mo go kgonegang ka teng le baitshepi bano? (Tshenolo 7:9; Sekaria 8:23) Jesu Keresete o ne a akantsha gore batho ba sekadinku ba dire fela jalo—ba itsalanye le bomorwarraagwe ba semoya ba ba tloditsweng ka go ba ema nokeng mo tirong ya bone.—Mathaio 25:31-46; Bagalatia 3:29.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go bona balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng le go nna o le gaufi le bone? (b) Daniele kgaolo 12 e tla thusa jang mo ntlheng eno?
3 Le fa go ntse jalo, Mmaba wa Modimo, e bong Satane, o ntse a lwa ntwa e e matlho mahibidu le batlodiwa. O ile a rotloetsa bodumedi jwa maaka, a tlatsa lefatshe ka Bakeresete ba e seng bone. Ka ntlha ya moo, batho ba le bantsi ba tsieditswe. Ba bangwe ba tlhobogile gore a ba tla tsamaya ba bona batho ba ba emelang bodumedi jwa boammaaruri. (Mathaio 7:15, 21-23; Tshenolo 12:9, 17) Tota le bone ba ba bonang “letsomanyane” ba bo ba itsalanya le lone ba tshwanelwa ke go kgaratlha gore ba nne ba na le tumelo, ka gonne lefatshe leno le nna le leka ka metlha go gogola tumelo eo. (Luke 12:32) Go tweng ka wena? A o bone “baitshepi ba Mogodimodimo,” mme a o itsalantse le bone? A o itse bosupi jo bo nonofileng jo bo bontshang gore ba o ba boneng eleruri ke bone ba Modimo o ba itshenketseng? Bosupi joo bo ka nonotsha tumelo ya gago. Gape bo ka go tlhomelela gore o thuse ba bangwe go lemoga tlhakatlhakano ya bodumedi ya lefatshe la gompieno. Daniele kgaolo 12 e na le letlotlo la kitso eno e e bolokang botshelo.
KGOSANA E KGOLO E TSAYA KGATO
4. (a) Daniele 12:1 e bolelela pele dilo dife tse pedi tse di tlhomologileng ka Mikaele? (b) Mo go Daniele, gantsi fa go twe kgosi e ‘eme’ go tewa goreng?
4 Daniele 12:1 e balega jaana: “E tlaa re mo motlheng oo go tlaa ema Mikaele, kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba gaeno.” Temana eno e bolelela pele dilo tseno tse pedi tse di tlhomologileng ka Mikaele: sa ntlha ke gore o ‘eme,’ e leng se se bontshang maemo mangwe a a tswelelang pele ka lobaka lo lo rileng lwa nako; sa bobedi, ke gore o ‘tla ema,’ e leng se se bontshang tiragalo e e diregang mo lobakeng loo lwa nako. Sa ntlha, re batla go itse lobaka lwa nako lo Mikaele a emeng ka lone a ‘emela bana ba batho ba [gagabo Daniele].’ Gakologelwa gore Mikaele ke leina le le neilweng Jesu e le Mmusi wa selegodimo. Fa go twe o ‘eme,’ seno se re gakolola tsela e lefoko leno le dirisiwang ka yone mo dikarolong tse dingwe tsa yone buka eno ya Daniele. Gantsi le bolela se se dirwang ke kgosi, jaaka fa a tsaya maatla a segosi.—Daniele 11:2-4, 7, 20, 21.
5, 6. (a) Mikaele o eme mo lobakeng lofe lwa nako? (b) Mikaele o ‘ema’ leng mme gone jang, mme diphelelo e tla nna dife?
5 Go a bonala gore moengele fano o ne a bua ka lobaka longwe lwa nako lo go buiwang ka lone golo gongwe gape mo boporofeting jwa Baebele. Jesu o ne a lo bitsa “go nna gone” ga gagwe (Segerika, pa·rou·siʹa), fa a tla bo a busa e le Kgosi kwa legodimong. (Mathaio 24:37-39) Lobaka lono lwa nako gape lo bidiwa ‘malatsi a bofelo’ le ‘motlha wa bokhutlo.’ (2 Timotheo 3:1; Daniele 12:4, 9) Fa e sa le lobaka loo lo simolola ka 1914, Mikaele o ntse a eme e le Kgosi kwa legodimong.—Bapisa Isaia 11:10; Tshenolo 12:7-9.
6 Le fa go ntse jalo, Mikaele o ‘ema’ leng? Fa a ema go tsaya kgato nngwe e e kgethegileng. Jesu o tla dira seno mo isagweng. Tshenolo 19:11-16 e tlhalosa Jesu ka tsela ya boporofeti e le Kgosi e e nonofileng ya Bomesia, a eteletse pele mophato wa baengele a senya baba ba Modimo. Daniele 12:1 e tswelela pele jaana: “Go tlaa nna motlha wa khuduego, o e sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lone lobaka loo, go ise go ke go nne ope o o ntseng jalo.” Jaaka Modiragatsadikatlholo yo Mogolo wa ga Jehofa, Keresete o tla fedisa tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo ka “pitlagano e kgolo” e e boleletsweng pele.—Mathaio 24:21; Jeremia 25:33; 2 Bathesalonika 1:6-8; Tshenolo 7:14; 16:14, 16.
7. (a) Go tla diragalang ka botlhe ba ba ikanyegang mo ‘motlheng wa khuduego’ o o tlang? (b) Buka ya ga Jehofa ke eng, mme ke ka ntlha yang go le botlhokwa go fitlhelwa mo go yone?
7 Go tla diragalang ka batho ba ba bontshang tumelo mo motlheng ono o o hutsafatsang? Daniele o ne a bolelelwa jaana gape: “Mo motlheng oo batho ba gaeno ba tlaa gololwa, mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang a kwadilwe mo lokwalong.” (Bapisa Luke 21:34-36.) Buka eno ke eng? Totatota e emela go gakologelwa ga ga Jehofa Modimo batho ba ba dirang thato ya gagwe. (Malaki 3:16; Bahebera 6:10) Batho ba ba kwadilweng mo bukeng eno ya botshelo ke batho ba ba babalesegileng go feta ba bangwe botlhe mo lefatsheng, ka gonne ba sirelediwa ke Modimo. Le fa e le eng se se ka dirwang go ba utlwisa botlhoko, se ka dirololwa e bile se tlile go dirololwa. Tota le fa ba ka swa pele ga “motlha wa khuduego” o o tlang, ba sa ntse ba babalesegile mo mogopolong wa ga Jehofa o o sa tlaleng. O tla ba gakologelwa a ba a ba tsosa mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete.—Ditiro 24:15; Tshenolo 20:4-6.
BAITSHEPI BA A “TSOGA”
8. Daniele 12:2 e re naya tsholofelo efe e e itumedisang?
8 Eleruri tsholofelo ya tsogo ya baswi e a gomotsa. Daniele 12:2 e bua ka yone, fa e re: “Le bantsi mo go bone ba ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe ba tlaa [“tsoga,” NW], bangwe ba tlaa [“tsogela,” NW] botshelong jo bo sa khutleng, ba bangwe ba [“tsogele,” NW] ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng.” (Bapisa Isaia 26:19.) Mafoko ano a ka re gakolola ka tsholofetso e e amang maikutlo ya ga Jesu Keresete ya tsogo ya baswi ka kakaretso. (Johane 5:28, 29) A bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne! Ako o akanye fela ka ditsala le ba losika ba re ba ratang thata—ba gone jaanong ba suleng—ba newa sebaka se sengwe gape sa gore ba tshele mo isagweng! Mme tsholofetso eno mo bukeng ya Daniele e bua thata ka mofuta o mongwe gape wa tsogo—e e setseng e diragetse. Go ka nna jalo jang?
9. (a) Ke ka ntlha yang fa go utlwala go lebelela gore Daniele 12:2 e ne e tla diragadiwa mo metlheng ya bofelo? (b) Boporofeti jono bo bua ka tsogo ya mofuta ofe, mme re itse jang?
9 Sekaseka se go buiwang ka sone fano ka kelotlhoko. Jaaka re bone, temana ya ntlha ya kgaolo 12 e diragadiwa, e seng fela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, mme gape e diragadiwa le mo lobakeng lotlhe lwa metlha eno ya bofelo. Tota e bile, karolo e kgolo ya kgaolo eno e diragadiwa, e seng mo paradaiseng e e tlang ya mo lefatsheng, mme e diragadiwa mo motlheng wa bokhutlo. A go nnile le tsogo mo lobakeng lono lwa nako? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka tsogo ya “ba ba leng ba ga Keresete” a re e direga “mo nakong ya go nna gone ga gagwe.” Le fa go ntse jalo, ba ba tsosediwang go bona botshelo kwa legodimong ba tsosiwa “e le ba ba sa boleng.” (1 Bakorintha 15:23, 52) Ga go na ope wa bone yo o tsosediwang “ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng” tse go boleletsweng pele ka tsone mo go Daniele 12:2. A go na le mofuta o mongwe gape wa tsogo? Mo Baebeleng, tsogo ka dinako tse dingwe e ka dirisiwa ka tsela ya semoya. Ka sekai, Esekiele mmogo le Tshenolo di na le ditemana tsa boporofeti tse di buang ka tsosoloso, kana tsogo ya semoya.—Esekiele 37:1-14; Tshenolo 11:3, 7, 11.
10. (a) Masalela a batlodiwa a ne a tsosiwa ka kgopolo efe mo motlheng wa bokhutlo? (b) Bangwe ba batlodiwa ba ba neng ba tsosolosiwa ba ne ba tsogela jang mo “ditlhongnyeng le lonyatsong lo lo sa khutleng”?
10 A batlhanka ba ba tloditsweng ba Modimo ba ile ba tsosolosiwa semoyeng mo motlheng wa bokhutlo? Ee! Ke boammaaruri gore ka 1918 masalela a mannye a Bakeresete ba ba ikanyegang a ne a tlhaselwa ka tsela e e sa tlwaelegang mme tlhaselo eno ya tlhakatlhakanya bodiredi jwa bone jo bo rulagantsweng jwa phatlalatsa. Mme, le fa go ne go bonala go ka se kgonege, ka 1919 ba ne ba boela ba tshela gape ka tsela ya semoya. Ditiragalo tseno di tshwanela tlhaloso e e kaga tsogo e e boleletsweng pele mo go Daniele 12:2. Bangwe ba ne ba ‘tsoga’ ka tsela ya semoya ka nako eo le morago ga moo. Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore ga se botlhe ba ba neng ba nna ba tshela jalo semoyeng. Batho ba e neng ya re fa ba sena go tsosiwa ba tlhopha go gana Kgosi ya Bomesia mme ba tlogela tirelo ya Modimo ba ne ba iponela ‘ditlhong le lonyatso lo lo sa khutleng’ tse di tlhalosiwang mo go Daniele 12:2. (Bahebera 6:4-6) Le fa go ntse jalo, batlodiwa ba ba ikanyegang, gore ba sole molemo go tsosiwa ga bone semoyeng, ba ne ba ema Kgosi ya Bomesia nokeng ka boikanyegi. Kgabagare, go ikanyega ga bone go isa kwa “botshelong jo bo sa khutleng,” jaaka fa boporofeti jono bo bontsha. Gompieno, go nna ga bone ba tlhagafetse semoyeng le fa ba ganediwa, go re thusa go ba lemoga.
BA ‘PHATSIMA JAAKA DINALEDI’
11. Ke bomang “ba ba nang le temogo” gompieno, mme ba phatsima jaaka dinaledi ka kgopolo efe?
11 Ditemana tse pedi tse di latelang tsa Daniele kgaolo 12 di re thusa le e leng go feta mono go bona gore ‘baitshepi bano ba Mogodimodimo’ ke bomang. Mo temaneng ya 3 moengele o bolelela Daniele jaana: “Ba ba [“nang le temogo,” NW] ba tlaa phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo ya loapi; le ba ba sokololelang bontsi kwa tshiamong ba tlaa phatsima jaaka dinaledi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Ke bomang “ba ba nang le temogo” gompieno? Gape, bosupi bo bontsha gore ke bone “baitshepi ba Mogodimodimo.” Mo godimo ga moo, kwantle ga masalela a a tloditsweng a a ikanyegang, ke bomang ba bangwe ba ba neng ba lemoga gore Mikaele, Kgosana e Kgolo, o ne a simolola go busa e le Kgosi ka 1914? Ka go rera boammaaruri jo bo tshwanang le jono—le ka go boloka boitshwaro jwa Bokeresete—ba ntse ba ‘phatsima jaaka dibonesi’ mo lefatsheng leno le le lefifi ka tsela ya semoya. (Bafilipi 2:15; Johane 8:12) Malebana le bone, Jesu o ne a porofeta jaana: “Ka nako eo basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.”—Mathaio 13:43.
12. (a) Mo motlheng wa bokhutlo, batlodiwa ba ile ba amega jang mo go ‘sokololeleng bontsi kwa tshiamong’? (b) Batlodiwa ba tla sokololela jang ba le bantsi kwa tshiamong ba bo ba ‘phatsima jaaka dinaledi’ mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete?
12 Daniele 12:3 e re bolelela le gore Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba tla bo ba dirang mo motlheng wa bofelo. Ba tla bo ba ‘sokololela bontsi kwa tshiamong.’ Masalela a a tloditsweng a ne a simolola letsholo la go phutha palo e e setseng ya baruaboswammogo le Keresete ba ba 144 000. (Baroma 8:16, 17; Tshenolo 7:3, 4) Fa tiro eo e sena go wediwa—gongwe mo e ka nnang mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1930—ba ne ba simolola go phutha “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.” (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Bano le bone ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ka jalo ba na le boemo jo bo phepa mo pele ga ga Jehofa. Gone jaanong ba ba dimilione ba bone ba itumelela tsholofelo ya go falola fa lefatshe leno le le boikepo le senngwa. Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, Jesu le dikgosi le baperesiti mmogo le ene ba ba 144 000 ba tla dirisa melemo e e feletseng ya thekololo mo bathong ba ba kutlo ba ba mo lefatsheng, ka go dira jalo ba thusa botlhe ba ba bontshang tumelo gore ba tlose boleo le fa e le bofe jo ba bo ruileng go tswa mo go Adame. (2 Petere 3:13; Tshenolo 7:13, 14; 20:5, 6) Ka nako eo, batlodiwa ba tla nna le seabe mo go ‘sokololeleng bontsi kwa tshiamong’ ka tsela ya mmatota mme ba tla ‘phatsima jaaka dinaledi’ kwa legodimong. A o itumelela tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng o buswa ke puso e e galalelang ya selegodimo ya ga Keresete le babusimmogo le ene? A bo e le tshiamelo jang ne go nna le seabe le “baitshepi” mo go rereng dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo!—Mathaio 24:14.
BA “TABOGELA KWA LE KWA”
13. Mafoko a buka ya ga Daniele a ne a kanetswe e bile e le sephiri ka kgopolo efe?
13 Molaetsa o moengele a o bolelelang Daniele, o o neng wa simolola morago kwa mo go Daniele 10:20, jaanong o konela ka mafoko ano a a kgothatsang: “Wena, Daniele, tswalela mafoko, o kanele lokwalo, go ya go fitlha fela kwa motlheng wa bokhutlo; batho bantsi ba tlaa taboga tabogela kwa le kwa, mme kitso e tlaa totafala.” (Daniele 12:4) Eleruri bontsi jwa se Daniele a neng a tlhotlhelediwa go se kwala se ne se dirilwe sephiri e bile se kanetswe gore batho ba se ka ba se tlhaloganya. Ebu, tota le ene Daniele ka boene o ne a kwala jaana moragonyana: “Mme ka utlwa, mme ga ke a ka ka tlhaloganya.” (Daniele 12:8) Ka kgopolo eno buka ya Daniele e ne ya nna e kanetswe ka makgolo a le mantsi a dingwaga. Go tweng ka gompieno?
14. (a) Mo “motlheng wa bokhutlo,” ke bomang ba ba neng ba “tabogela kwa le kwa,” mme kae? (b) Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa o segofaditse batho bano fa ba ntse ba ‘tabogela kwa le kwa’?
14 Rona re na le tshiamelo ya go tshela mo “motlheng wa bokhutlo” o go boleletsweng pele ka one mo bukeng ya Daniele. Jaaka go porofetilwe, ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba “tabogela kwa le kwa” mo ditsebeng tsa Lefoko la Modimo. Mme ga felela ka eng? E re ka ba segofadiwa ke Jehofa, kitso ya boammaaruri e ile ya totafala. Basupi ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ile ba segofadiwa ka temogo e e ba kgontshitseng go tlhaloganya gore Morwa motho o nnile Kgosi ka 1914, go bona gore dibatana tsa boporofeti jwa ga Daniele e ne e le bomang, go naya tlhagiso ka “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo”—mme tseno ke dikai di le mmalwa fela. (Daniele 11:31, NW) Ka jalo he, go nna le kitso e e totafetseng gono ke letshwao le lengwe le le tlhaolang “baitshepi ba Mogodimodimo.” Mme Daniele o ne a bona bosupi jo bongwe gape.
BA A ‘THUBAGANNGWA’
15. Moengele jaanong o botsa potso efe, mme potso eno e ka re gakolola ka bomang?
15 Re tla gakologelwa gore Daniele o amogela melaetsa eno ya moengele a le mo losing lwa ‘noka e kgolo’ ya Hitekele, e gape e bidiwang Tigris. (Daniele 10:4) Jaanong o bona dibopiwa tse tharo tsa baengele mme a re: “Foo nna Daniele ka leba, mme bonang, ga bo go eme ba bangwe ba le babedi, yo mongwe fa lomoteng lwa noka moseja ono, le yo mongwe fa lomoteng lwa noka mosejeng ole. Yo mongwe a raya monna yo o apereng leloba, yo o okameng metsi a noka a re: ‘E tlaa nna lobaka lo lo kaye go ya bokhutlong jwa dikgakgamatso tse?’” (Daniele 12:5, 6) Potso e moengele a e botsang fano gape e ka nna ya re gakolola ka “baitshepi ba Mogodimodimo.” Mo tshimologong ya ‘motlha wa bokhutlo,’ ka 1914, ba ne ba tshwenyegile thata ka potso ya gore go tlile go tsaya lobaka lo lo kana kang gore ditsholofetso tsa Modimo di diragadiwe. O kgona go bona go tswa mo karabong ya potso eno gore boporofeti jono bo lebisitswe mo go bone.
16. Moengele o bua boporofeti bofe, mme o bontsha jang gore eleruri bo tlile go diragadiwa?
16 Pego ya ga Daniele e tswelela pele jaana: “Mme ka utlwa monna yo o apereng leloba, yo o okameng metsi a noka, ka a tsholeletsa legodimong seatla sa gagwe se segolo, le seatla sa gagwe sa molema, mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, a re: ‘Go tlaa nna ka motlha le metlha, le bontlhanngwe jwa motlha; e tlaa re ba sena go wetsa go thubaganya thata ya batho ba ba boitshepo, dilo tsotlhe tse di tlaa bo di weditswe.’” (Daniele 12:7) Eno ke kgang e e masisi. Moengele o tsholetsa matsogo oomabedi a gagwe a ikana, gongwe e le gore baengele ba babedi ba ba mo matlhakoreng oomabedi a noka e kgolo eno ba mmone. Ka go dira jalo a gatelela gore eleruri boporofeti jono bo tlile go diragadiwa. Le fa go ntse jalo, metlha eno e e tlhomilweng e leng? Go bona karabo ya seno ga go thata jaaka o ka tswa o akanya.
17. (a) Go na le go tshwana gofe mo dipolelelopeleng tse di kwadilweng mo go Daniele 7:25, Daniele 12:7, le Tshenolo 11:3, 7, 9? (b) Metlha e meraro le bontlhanngwe ke lobaka lo lokae?
17 Boporofeti jono bo tshwana sentle le dipolelelopele tse dingwe tse pedi. Polelelopele e nngwe, e re tlotlileng ka yone mo go Kgaolo 9 ya buka eno, e fitlhelwa mo go Daniele 7:25; e nngwe, mo go Tshenolo 11:3, 7, 9. Ela tlhoko dikarolo dingwe tse di tshwanang mo go tsone. Nngwe le nngwe e beetswe motlha wa bofelo. Nngwe le nngwe ya dipolelelopele tse pedi tseno e amana le batlhanka ba ba boitshepo ba Modimo, e bontsha gore ba a bogisiwa le gore ka nakwana ga ba na ba kgona go tswelela pele ka tiro ya bone ya go rera phatlalatsa. Nngwe le nngwe ya dipolelelopele tseno e bontsha gore batlhanka ba Modimo baa tsosolosiwa mme ba simolole tiro ya bone gape, ba paletse babogisi ba bone. Gape, nngwe le nngwe ya dipolelelopele tseno e bolela lobaka lwa nako eno ya mathata ya baitshepi. Nngwe le nngwe ya dipolelelopele tseno mo go Daniele (7:25 le 12:7) e bua ka ‘motlha, metlha, le bontlhanngwe jwa motlha.’ Gantsi bakanoki ba bolela gore seno se bolela metlha e meraro le sephatlo. Tshenolo e bua ka lobaka lo lo tshwanang lwa nako e re ke dikgwedi di le 42, kana malatsi a le 1 260. (Tshenolo 11:2, 3) Seno se tlhomamisa gore metlha e le meraro le bontlhanngwe e go buiwang ka yone mo go Daniele tota ke dingwaga di le tharo le bontlhanngwe tse ngwaga nngwe le nngwe ya tsone e tsayang malatsi a le 360. Mme malatsi ano a a 1 260 a simolotse leng?
18. (a) Go ya ka Daniele 12:7, ke eng se se neng se tla tshwaya go fela ga malatsi a le 1 260? (b) “Thata ya batho ba ba boitshepo” e ne ya thubaganngwa leng labofelo, mme seno se ne sa direga jang? (c) Malatsi a le 1 260 a ne a simolola leng, mme batlodiwa ba ne ba ‘porofeta jang ba apere letsela la kgetsi’ mo lobakeng loo?
18 Boporofeti jono bo tlhalosa sentle gore malatsi ano a a 1 260 a ne a tla fela leng—fa “ba sena go wetsa go thubaganya thata ya batho ba ba boitshepo.” Mo bogareng jwa 1918, maloko a a neng a di goga kwa pele a Watch Tower Bible and Tract Society, go akaretsa le moporesidente wa one e bong J. F. Rutherford, ba ne ba latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka, ba atlholelwa go tsenngwa le go tswalelwa lobaka lo loleele mo kgolegelong. Ee, baitshepi ba Modimo ba ne ba bona tiro ya bone e ‘thubaganngwa,’ maatla a bone a senngwa. Fa re bala dingwaga di le tharo le sephatlo go tswa mo bogareng jwa 1918 re ya kwa morago, re fitlha kwa bofelong jwa 1914. Ka nako eo setlhotshwana se sennye sa batlodiwa se ne sa ipaakanyetsa go bogisiwa. Ntwa ya Lefatshe I e ne e sa tswa go simolola, mme go ganediwa ga tiro ya bone go ne go ntse go gola. Mo ngwageng wa 1915, ba ne ba bo ba thaya temana ya bone ya ngwaga mo potsong e Keresete a neng a e botsa balatedi ba gagwe: “A lo kgona go nwa ga senwelo sa me?” (Mathaio 20:22, King James Version) Jaaka go boleletswe pele mo go Tshenolo 11:3, lobaka lono lwa malatsi a le 1 260 lo lo neng lwa latela e ne e le nako ya khutsafalo mo batlodiweng—go ne go ntse jaaka e kete ba ne ba porofeta ba apere letsela la kgetsi. Pogiso e ne ya gakala. Bangwe ba bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong, ba bangwe ba ne ba tlhaselwa ke digopa, mme bangwe bone ba tlhokofatswa. Ba le bantsi ba ne ba nyemisiwa mooko ke loso lwa moporesidente wa ntlha wa Mokgatlho, e bong C. T. Russell, ka 1916. Le fa go ntse jalo, go ne go tla diregang morago ga gore motlha ono o o hutsafatsang o wele ka gore go bolawe baitshepi bano jaaka mokgatlho wa bareri?
19. Boporofeti jo bo mo go Tshenolo kgaolo 11 bo re tlhomamisetsa jang gore batlodiwa ba ne ba se kitla ba didimala lobaka lo loleele?
19 Boporofeti jo bo tshwanang le jono jo bo fitlhelwang mo go Tshenolo 11:3, 9, 11 bo bontsha gore fa ‘basupi ba babedi’ ba sena go bolawa, ba tla kanama jalo ba sule ka lobaka lo lokhutshwanyane fela—malatsi a le mararo le sephatlo—go fitlhela ba tsosoloswa. Ka tsela e e tshwanang, boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 12 bo bontsha gore baitshepi ga ba na ba didimala fela mme ba ne ba emetswe ke tiro e kgolo thata.
BA ‘ITSHEPISIWA, BA SWEUFATSWA, LE GO ITSHEKISIWA’
20. Go ya ka Daniele 12:10, batlodiwa ba ne ba tla tlelwa ke masego afe fa ba sena go tlhagelwa ke mathata?
20 Jaaka re bone pelenyana, Daniele o ne a kwala dilo tseno mme o ne a sa di tlhaloganye. Gape, o tshwanetse a bo a ile a ipotsa gore a baitshepi bano ba ne ba tlile go senngwa ke babogisi ba bone, ka gonne o ne a botsa jaana, “Bofelelo jwa dilo tse e tlaa nna eng?” Moengele a araba jaana: “Daniele, tsamaya fela, gonne mafoko a tswaletswe, a kaneletswe go ya go fitlha mo motlheng wa bokhutlo. Batho bantsi ba tlaa iitshepisa, ba itshweufatsa, mme ba tlaa itshekisiwa; baikepi ba tlaa dira ka boikepo; mme ga go na ope wa baikepi yo o tlaa tlhaloganyang; ba ba botlhale bone, ba tlaa tlhaloganya.” (Daniele 12:8-10) Ee, baitshepi ba ne ba na le tsholofelo e e tlhomamisegileng! Go na le gore ba senngwe, ba ne ba tla sweufatswa, ba segofadiwa ka go nna le boemo jo bo siameng mo pele ga Jehofa Modimo. (Malaki 3:1-3) Temogo ya bone mo dilong tsa semoya e ne e tla ba thusa go nna ba le phepa mo matlhong a Modimo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, baikepi ba ne ba tla gana go tlhaloganya dilo tsa semoya. Mme seno sotlhe se ne se tlile go direga leng?
21. (a) Lobaka lwa nako lo lo boleletsweng pele mo go Daniele 12:11 lo ne lo tla simolola fa go sena go diragala maemo afe? (b) “Tshupelo e e fisiwang ya ka metlha yotlhe” e ne e le eng, mme e ne ya tlosiwa leng? (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 298.)
21 Daniele o ne a bolelelwa jaana: “Go tloga mo lobakeng lo tshupelo e e fisiwang ya ka metlha yotlhe e tlosiwang ka lone, le [“selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo se,” NW] tlhongwang ka lone, go tlaa nna malatsi a le 1 290.” Ka jalo lobaka lono lwa nako lo ne lo tla simolola fa maemo mangwe a sena go diragala. “Tshupelo e e fisiwang ya ka metlha yotlhe”—kana “setlhabelo se se sa kgaotseng”a—se ne se tshwanetse go tlosiwa. (Daniele 12:11, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Moengele yono o ne a bua ka setlhabelo sefe? E seng setlhabelo sa diphologolo se se neng se ntshiwa mo go epe fela ya tempele ya mo lefatsheng. Ee, tota le yone tempele e e neng e le kwa Jerusalema e ne e le ‘sekaelo fela sa selo sa mmatota’—tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya, e e neng ya simolola go dira fa Keresete a ne a nna Moperesiti wa yone yo Mogolo ka 29 C.E.! Mo tempeleng eno ya semoya, e e tshwantshetsang thulaganyo ya Modimo ya kobamelo e e itshekileng, ga go tlhokege gore go nne go ntshiwe ditshupelo tsa boleo tse di sa kgaotseng, gonne “Keresete o ne a isiwa tshupelo gangwe felafela go sikara maleo a ba le bantsi.” (Bahebera 9:24-28) Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba ntsha ditlhabelo mo tempeleng eno. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka [Keresete] a ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Ka jalo boemo jono jwa ntlha jwa boporofeti—go tlosiwa ga “tshupelo e e fisiwang ya ka metlha yotlhe”—go ne ga diragadiwa mo bogareng jwa 1918 fa tiro ya go rera e ne e batla e emisitswe.
22. (a) “Selo se se ferosang sebete” se se swafatsang ke eng, mme se ne sa tlhongwa leng? (b) Lobaka lo lo neng lwa bolelelwa pele mo go Daniele 12:11 lo ne lwa simolola leng, mme lwa khutla leng?
22 Le fa go ntse jalo, go tweng ka boemo jwa bobedi—go ‘tlhongwa,’ kana go bewa, ga “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo”? Jaaka fa re bone fa re ne re tlotla ka Daniele 11:31, selo seno se se ferosang sebete se simolotse e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mme moragonyana sa tlhaga gape e le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Tsoopedi di ferosa sebete ka gonne di ile tsa tlotlomadiwa go twe ke tsone fela tsholofelo ya go lere kagiso mo lefatsheng. Ka gone mo dipelong tsa ba le bantsi, ditheo tseno di tsaya boemo jwa Bogosi jwa Modimo! Lekgotla leno la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la buelelwa semolao ka January 1919. Ka jalo, ka nako eo maemo otlhe oomabedi a Daniele 12:11 a ne a diragadiwa. Ka jalo malatsi a le 1 290 a ne a simolola mo masimologong a 1919 mme a tswelela go fitlha ka letlhabula (go ya ka Hemisefere ya Bokone) la 1922.
23. Baitshepi ba Modimo ba ne ba gatela pele jang gore ba phepafadiwe mo lobakeng lwa malatsi a le 1 290 a a boleletsweng pele mo go Daniele kgaolo 12?
23 Ka nako eo, a baitshepi ba ne ba gatela pele gore ba sweufatswe le go phepafadiwa mo matlhong a Modimo? Ee, ba ne ba dira jalo! Ka March 1919 moporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower le balekane ba gagwe ba ne ba gololwa mo kgolegelong. Moragonyana ditatofatso tsotlhe tsa maaka tse ba neng ba latofadiwa ka tsone di ne tsa phimolwa. E re ka ba ne ba lemoga gore tiro ya bone e ne e ise e fele, ba ne ba simolola ka yone nako eo go tshwarega mo go rulaganyeng kopano ya September 1919. Mo go one ngwaga oo, makasine o o tsamaisanang le wa Tora ya Tebelo o ne wa gatisiwa lekgetlo la ntlha. Makasine ono o pele o neng o bidiwa The Golden Age (o gone jaanong e leng Tsogang!), ga o bolo go nna o ntse o tshegetsa Tora ya Tebelo ka bopelokgale mo go senoleng ditiro tse di seng kafa molaong tsa lefatshe leno le mo go thuseng batho ba Modimo go nna ba le phepa. Ka nako ya fa malatsi a le 1 290 a a boleletsweng pele a wela, baitshepi ba ne ba setse ba phepafaditswe e bile ba tsosolositswe. Ka September 1922, mo e ka nnang fela ka nako ya fa lobaka lono lo wela, ba ne ba tshwara kopano e e sa lebalesegeng kwa Cedar Point, Ohio, kwa U.S.A. E ne ya ba tsenya botshelo fela thata mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go tlhokega gore go dirwe kgatelopele e nngwe gape. E ne e tla direga mo lobakeng lo lo latelang lo lo se kitlang lo lebalwa.
BOITUMELO JWA BAITSHEPI
24, 25. (a) Daniele 12:12 e bolelela pele lobaka lofe lwa nako, mme go bonala lo ne lwa simologa leng mme lwa wela leng? (b) Boemo jwa semoya jwa masalela a a tloditsweng e ne e le bofe mo masimologong a malatsi a le 1 335?
24 Moengele wa ga Jehofa o konela boporofeti jwa gagwe jo bo malebana le baitshepi ka mafoko ano: “Go sego ene yo o lebeletseng, mme a ya go fitlha mo malatsing a a 1 335.” (Daniele 12:12) Moengele ga a bue sepe kaga gore lobaka lono lone lo simologa leng le gore lo wela leng. Go ya ka hisitori go bonala lo ne lwa simolola morago fela ga go wela ga lobaka lo lo tlileng pele ga lone. Fa go ntse jalo, lo ne lo tla simolola ka letlhabula la 1922 mme lo tswelele pele jalo go fitlha ka dikgakologo tsa 1926 (go ya ka Hemisefere ya Bokone). A baitshepi ba ne ba itumela kwa bokhutlong jwa lobaka loo? Ee, ka ditsela tse di botlhokwa thata tsa semoya.
25 Tota le eleng morago ga kopano e e neng ya tshwarwa ka 1922 (e e bontshitsweng mo tsebeng ya 302), bangwe ba baitshepi ba Modimo ba ne ba sa ntse ba leba dilo tsa nako e e fetileng ka go di tlhologelelwa. Dibuka tsa konokono tse di neng di ithutiwa kwa dipokanong e ne e sa ntse e le Baebele le dibolumo tsa Studies in the Scriptures, tse di kwadilweng ke C. T. Russell. Ka nako eo, ba le bantsi ba ne ba dumela gore 1925 e ne e le ngwaga o tsogo ya baswi e tlileng go simologa ka one mme lefatshe le boe le dirwe Paradaise gape. Ka gone, ba le bantsi ba ne ba direla ba akantse ka letlha le le rileng. Bangwe ba ne ba le manganga ba sa batle go nna le seabe mo tirong ya go rera phatlalatsa. Jono e ne e se boemo jo bo itumedisang.
26. Jaaka fa malatsi a le 1 335 a ntse a tsweletse, boemo jwa semoya jwa batlodiwa bo ne jwa fetoga jang?
26 Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa malatsi ano a a 1 335 a ntse a tsweletse, gotlhe gono go ne ga simolola go fetoga. Go rera e ne ya nna selo se se tlang pele, mme ga dirwa dithulaganyo tsa ka metlha tsa gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go ithuta Tora ya Tebelo beke nngwe le nngwe. Makasine wa March 1, 1925, (ka Seesemane) o ne o na le setlhogo seno se se botlhokwa mo hisitoring se se reng “Go Tsalwa ga Setšhaba,” se tlhalosetsa batho ba Modimo ka botlalo gore totatota go diregileng mo lobakeng lwa dingwaga tsa 1914-19. Fa 1925 e sena go feta, baitshepi jaanong ba ne ba sa tlhole ba direla Modimo ba lebile letlha le le rileng le le gaufi. Go na le moo, selo se se botlhokwa thata mo go bone e ne e le go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa. Boammaaruri jono jo bo botlhokwa bo ne jwa gatelelwa go feta lefa e le leng pele mo setlhogong sa makasine wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1926, (ka Seesemane) se se reng “Ke Mang yo o Tla Tlotlang Jehofa?” Kwa kopanong ya kgaolo ka May 1926, go ne ga gololwa buka ya Deliverance. (Bona tsebe ya 302.) Eno e ne e le nngwe ya metseletsele ya dibuka tse dintšha tse di kwaletsweng go emisetsa Studies in the Scriptures. Baitshepi ba ne ba sa tlhole ba tlhologelelwa dilo tsa nako e e fetileng. Ba ne ba lebeletse pele dilo tsa mo isagweng mmogo le tiro e e larileng kwa pele ka tsholofelo. Ka jalo, jaaka go ne ga bolelelwa pele, malatsi a le 1 335 a ne a wela baitshepi ba itumetse.
27. Go sekaseka Daniele kgaolo 12 go re thusa jang go bona sentle gore batlodiwa ba ga Jehofa ke bomang?
27 Gone ke boammaaruri gore ga se botlhe ba ba neng ba itshoka mo motlheng ono wa mathata. Ga go na pelaelo gore ke ka ntlha ya moo moengele a neng a gatelela gore go botlhokwa go nna o “lebeletse.” Ba ba neng ba itshoka mme ba nna ba lebeletse ba ne ba segofadiwa fela thata. Go sekaseka Daniele kgaolo 12 go dira gore seno se bonale sentle. Jaaka go ne ga bolelelwa pele, batlodiwa ba ne ba tsosolosiwa, kana ba tsosiwa mo baswing, ka kgopolo ya semoya. Ba ne ba newa temogo e e tlhomologileng ya Lefoko la Modimo, ba newa nonofo ya go “tabogela kwa le kwa” mo go lone mme, ba kaelwa ke moya o o boitshepo, ba newa go kanolola masaitsiweng a bogologolo. Jehofa o ne a ba phepafatsa mme a ba phatsimisa semoyeng, ba phatsima fela jaaka dinaledi. Ka ntlha ya moo, ba ne ba sokolola ba le bantsi gore ba nne le boemo jo bo siameng le Jehofa Modimo.
28, 29. Re tshwanetse go ikemisetsa go dirang fa ‘motlha wa bokhutlo’ o ntse o ela go fela?
28 Fa re na le matshwao ano otlhe a boporofeti a a re thusang go bona gore “baitshepi ba Mogodimodimo” ke bomang, motho a ka nna le mabaka afe a go palelwa ke go ba lemoga le go itsalanya le bone? Ba boidiidi jo bogolo, ba ba ikopanyang le setlhopha seno se se ntseng se ngotlega sa batlodiwa mo go direleng Jehofa, ba letetswe ke masego a a itumedisang. Rotlhe re tshwanetse ra nna re lebeletse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo. (Habakuke 2:3) Mo motlheng wa rona Mikaele, Kgosana e Kgolo, o ntse a eme, a emetse batho ba Modimo ka masome a dingwaga. Go ise go ye kae o tla bo a tsaya kgato e le modiragatsadikatlholo yo o tlhomilweng ke Modimo mo tsamaisong eno ya dilo. Fa a dira jalo, re tla bo re eme kae?
29 Karabo ya potso eo e tla laolwa ke gore a re tlhopha go tshela botshelo jwa go boloka bothokgami gone jaanong. Gore re nonotshe boikemisetso jwa rona jwa go dira jalo fa ‘motlha wa bokhutlo’ o ntse o atamela, a re sekaseke temana ya bofelo ya buka ya Daniele. Go tlotla ka yone mo kgaolong e e latelang go tla re thusa go bona gore Daniele o ne a eme jang mo pele ga Modimo wa gagwe le gore o tla ema jang mo pele ga Gagwe mo isagweng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E ranotswe fela go twe “setlhabelo” mo Septuagint ya Segerika.
O LEMOGILENG?
• Mikaele o ‘eme’ mo lobakeng lofe lwa nako, mme o tla “ema” jang gone leng?
• Daniele 12:2 e bua ka tsogo ya mofuta ofe?
• Ke matlha afe a a tshwayang go simologa le go khutla ga
metlha e le meraro le bontlhanngwe e go buiwang ka yone mo go Daniele 12:7?
malatsi a le 1 290 a go boleletsweng pele ka one mo go Daniele 12:11?
malatsi a le 1 335 a go porofetilweng ka one mo go Daniele 12:12?
• Go ela tlhoko Daniele kgaolo 12 go re thusa jang go bona gore baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ke bomang?
[Lebokoso mo go tsebe 298]
GO TLOSIWA GA TSHUPELO YA PHISO YA METLHA YOTLHE
Mo bukeng ya Daniele, polelwana “tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe” e tlhaga makgetlho a le matlhano. E bolela setlhabelo sa pako—“leungo la dipounama”—le batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba mo ntshetsang lone ka metlha. (Bahebera 13:15) Go buiwa ka go tlosiwa ga sone go go boleletsweng pele mo go Daniele 8:11, 11:31, le Da 12:11.
Ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe, batho ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa botlhoko mo dipusong tsa “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa.” (Daniele 11:14, 15) Go tlosiwa ga “tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe” go ne ga direga go ela kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I fa tiro ya go rera e ne e batla e emisitswe mo bogareng jwa 1918. (Daniele 12:7) Ka Ntwa ya Lefatshe II, “tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe” e ne ya ‘tlosiwa’ ka tsela e e tshwanang ke Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika ka malatsi a le 2 300. (Daniele 8:11-14; bona Kgaolo 10 ya buka eno.) Gape e ne ya tlosiwa ke “masole” a Banasi ka lobaka lwa nako lo lo sa bolelwang mo Dikwalong.—Daniele 11:31; bona Kgaolo 15 ya buka eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 301]
DIPAKA TSA NAKO TSA BOPOROFETI MO GO DANIELE
Metlha e le supa October 607 B.C.E. go ya go
(dingwaga di le 2 520): October 1914 C.E.
Daniele 4:16, 25 (Bogosi jwa Bomesia bo tlhomilwe.
Bona Kgaolo 6 ya buka eno.)
Metlha e le meraro le December 1914 go ya go June 1918
bontlhanngwe (Malatsi (Bakeresete ba ba tloditsweng ba a
a le 1 260): Daniele 7:25; 12:7 tshwenngwa. Bona Kgaolo 9 ya buka eno.)
Maitseboa le meso e le 2 300: June 1 kana 15, 1938, go ya go
Daniele 8:14 October 8 kana 22, 1944
(“Boidiidi jo bogolo” bo a tlhaga, bo a
ntsifala. Bona Kgaolo 10 ya buka eno.)
Dibeke di le 70 455 B.C.E. go ya go 36 C.E.
(dingwaga di le 490): (Go tla ga ga Mesia le bodiredi
Daniele 9:24-27 jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Bona
Kgaolo 11 ya buka eno.)
Malatsi a le 1 290: January 1919 go ya go
Daniele 12:11 September 1922
(Bakeresete ba ba tloditsweng ba a
tsoga le go gatela pele semoyeng.)
Malatsi a le 1 335: September 1922 go ya go May 1926
Daniele 12:12 (Bakeresete ba ba tloditsweng
ba a itumela.)
[Ditshwantsho mo go tsebe 287]
Batlhanka ba ga Jehofa ba ba eteletseng pele ba ne ba romelwa kwa ntlong ya puso e ba otlhaelwang mo go yone kwa Atlanta, Georgia, U.S.A. go ne go sa tshwanela. Go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng: (ba ba ntseng) A. H. Macmillan, J. F. Rutherford, W. E. Van Amburgh; (ba ba emeng) G. H. Fisher, R. J. Martin, G. DeCecca, F. H. Robison, le C. J. Woodworth
[Ditshwantsho mo go tsebe 299]
Dikopano tse di sa lebalesegeng tse di neng di tshwaretswe kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ka 1919 (fa godimo) le 1922 (fa tlase)
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 302]