Go Rera ka Bogosi—Tshiamelo e e Botlhokwa Thata
1 Letsatsi le letsatsi, dibilione tsa batho di solegelwa molemo ke dilo tse Jehofa a ba fileng tsone gore ba tshele. (Math. 5:45) Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba ba bontshang Mmopi wa bone gore ba a leboga, ba dira seno ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Math. 24:14) Wena o anaanela tshiamelo eno e e botlhokwa go le kana kang?
2 Go rera ka Bogosi go tlotla Modimo e bile go dira gore batho ba ba tshwenyegileng ka ntlha ya dinako tse di thata tsa gompieno ba nne le tsholofelo le kagiso. (Baheb. 13:15) Seno se dira gore batho ba ba amogelang molaetsa ono ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3) A go na le tiro epe ya go itshedisa e e ka re duelang go le kalo? Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore o anaanela bodiredi jwa gagwe ka tsela e a neng a bo dira ka yone. O ne a bo leba e le letlotlo.—Dit. 20:20, 21, 24; 2 Bakor. 4:1, 7.
3 Go Anaanela Tshiamelo ya Rona e e Botlhokwa: Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re anaanela tshiamelo ya rona ya go rera ke ka go ela tlhoko kafa re dirang bodiredi jwa rona ka teng. A re ipha nako ya gore re baakanyetse dipuisano tse di tla tlhotlheletsang bareetsi ba rona? A re ka dira sengwe go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go dirisa Dikwalo le go ntshetsa batho mabaka? A re bereka ka botlalo tshimo e re e abetsweng ? A re kgona go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele? Go nna le pono e e siameng ka bodiredi jwa rona le go anaanela tshiamelo e re nang le yone go a re tlhotlheletsa fela jaaka go ne go tlhotlheletsa Bakeresete ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng.—Math. 25:14-23.
4 Fa re lebana le mathata a a bakiwang ke botsofe, bolwetse kana maemo mangwe a a boima, go a re gomotsa go itse gore maiteko a re ntseng re a dira a go tlhagafalela bodiredi a anaanelwa thata. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o anaanela thata maiteko a re a dirang a go mo direla, le fa batho ba bangwe ba a leba e se a sepe.—Luke 21:1-4.
5 Go rera ka Bogosi ke selo se se kgotsofatsang thata. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 92 o ne a re: “Ke ikutlwa ke nnile le tshiamelo e kgolo tota fa ke akanya ka dingwaga tse 80 tsa go direla Modimo ka botlalo—mme ga ke ikwatlhaele sepe! Fa go ne go ka tlhokega gore ke tshele botshelo jwa me gape, ke ne ke se kitla ke fetola sepe, ka gonne ruri, ‘bopelonomi jwa [Modimo] jwa lorato bo botoka go na le botshelo.’” (Pes. 63:3) E kete re ka anaanela tshiamelo eno e e tswang kwa Modimong, e leng tiro ya go rera ka Bogosi.