LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/05 ts. 3
  • Eno ke Nako ya go Rera!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Eno ke Nako ya go Rera!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • A o Ka Tsena ka “Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong”?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 8/05 ts. 3

Eno ke Nako ya go Rera!

1. Ke ka ntlha yang fa eno e le nako ya go rera?

1 “Boifang Modimo lo mo neye kgalalelo.” Baengele ba kaela tiro eno ya gore molaetsa ono o rerwe “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” Ke ka ntlha yang fa molaetsa ono o rerwa? “Ka gonne nako ya [Modimo] ya go atlhola e gorogile.” Gompieno re tshela mo ‘nakong eo ya katlholo,’ e e tla felelang ka go senngwa ga tsamaiso ya jaanong ya dilo. Go botlhokwa gore batho ba “[obamele] Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” Ga go na tiro epe e nngwe gompieno e e ka tsewang e le botlhokwa kana e potlakile go feta ya go rera “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng.” Ee, eno ke nako ya go rera!—Tshen. 14:6, 7.

2. Batlhanka ba ga Jehofa ba bontsha jang gore ba a lemoga gore dinako tse re tshelang mo go tsone di potlakile?

2 Mo dingwageng tse di lesome tse di sa tswang go feta, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba fetsa mo e ka nnang diura di le dibilione di le 12 mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. Ba le bantsi ba bone ba ile ba fetola maemo a bone gore ba kgone go dirisa nako e e oketsegileng mo thobong ya semoya. (Math. 9:37, 38) Ka sekai, kgwedi le kgwedi ngogola, go ne go nna le palogare ya baboledi ba ba fetang 850 000 ba e neng e le babulatsela. Ba e neng e le babulatsela ba ka metlha ba ne ba tshwanetse go fetsa diura di le 70 kgwedi le kgwedi mo tirong ya go rera. Babulatsela ba ba thusang bone ba tshwanetse go dira diura di le 50.

3. Gantsi baboledi ba tlhoka go dira diphetogo dife gore ba kgone go bula tsela?

3 Se o Ka se Dirang Gore o Kgone go Bula Tsela: E re ka babulatsela ba lemoga gore “nako e e setseng e khutshwafetse,” ba leka go boloka matshelo a bone a sa raraana. (1 Bakor. 7:29, 31) Ba senka ditsela tse ka tsone ba ka fokotsang ditshenyegelo tsa bone gore ba fokotse le nako e ba e fetsang mo tirong ya go itshedisa. Ka sekai, bangwe ba ile ba fudugela mo matlong a mannye. Ba bangwe ba ile ba fokotsa dithoto tsa bone tse ba neng ba sa di tlhoke. (Math. 6:19-21) Gantsi seno se tlhoka le gore ba fokotse go dira dilo dingwe tse ba ratang go di dira. Ba dira seno sotlhe ka maikaelelo a gore ba dirise nako e e oketsegileng mo bodireding. (Baef. 5:15, 16) Baboledi ba le bantsi ba ile ba itirela thulaganyo e e dirang gore ba kgone go bula tsela, ba dira jalo ba tlhoafetse, e bile ba ikitsha setlhabelo le go ikaega ka Jehofa ka thapelo gore a ba thuse.

4. Ke dikgato dife tse di ka go thusang gore o fitlhelele mokgele wa gago wa go batla go bula tsela?

4 A o ka kgona go bula tsela? Ke ka ntlha yang fa o sa botse babulatsela ba ba atlegileng gore ba kgona jang go dira seo? Dira le bone mo bodireding jwa tshimo mme o tla itumela fela jaaka bone. Bala ditlhogo tse di buang ka bobulatsela tse di mo dikgatisong tsa rona. Ipeele mekgele e o ka e fitlhelelang e e ka go thusang go bula tsela. Fa gone jaanong go na le dilo tse di go kgoreletsang go bula tsela, bolelela Jehofa ka thapelo, o mo kope gore a go thuse go fenya dikgoreletsi tseo.—Dia. 16:3.

5. Go bula tsela go re thusa jang go tokafatsa bokgoni jwa rona mo bodireding?

5 Masego a a Nnang Gone le Boitumelo: Go bula tsela go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go dirisa Lefoko la Modimo, e leng selo se se dirang gore re itumele. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa mmulatsela o ne a akgela jaana: “Go thusa thata fa motho a kgona go dirisa Lefoko la Modimo la boammaaruri sentle. Motho o dirisa Baebele thata fa a bula tsela. Fa ke tsamaya ka ntlo le ntlo, ke akanya ka ditemana tse di tla tshwanelang mong wa ntlo.”—2 Tim. 2:15.

6. Go bula tsela go ka thapisa motho jang?

6 Go bula tsela go re ruta gape le dilo tse dintsi tse di ka re solegelang molemo. Go ka thusa batho ba basha go dirisa nako ya bone ka tsela e e siameng, go ba ruta go dirisa madi sentle le kafa ba ka dirisanang ka teng le batho ba bangwe. Ba le bantsi ba gola semoyeng ka ntlha ya go bula tsela. (Baef. 4:13) Mo godimo ga moo, gantsi babulatsela ba na le tshiamelo e e kgethegileng ya go bona ditshegofatso tsa ga Jehofa.—Dit. 11:21; Bafil. 4:11-13.

7. Go bula tsela go re thusa jang go atamalana le Jehofa?

7 Gongwe re ka re mangwe a masego a magolo go gaisa a go nna mmulatsela ke gore bo re thusa go atamalana le Jehofa. Seno se ka re thusa go itshokela diteko. Kgaitsadi mongwe yo o neng a itshokela diteko ka nakwana o ne a re: “Kamano e e gaufi thata le Jehofa e ke nnileng le yone ka ntlha ya go bula tsela e ne ya nthusa go itshokela mathata.” O ne a oketsa ka go re: “Ke itumelela gore e ne ya re fa ke sena go gola, ka direla Jehofa ka nako e e tletseng. Seno se ne sa dira gore ke kgone go ineela ka tsela e ke neng ke se kitla ke kgona go dira jalo ka yone.” (Dit. 20:35) E kete le rona re ka bona masego a mantsi fa re ntse re dira bojotlhe jwa rona mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa ya go rera.—Dia. 10:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela