Baka Jehofa mo Phuthegong e Kgolo
1, 2. Kopano ya kgaolo e re naya tshono ya go dira eng, mme re ka dira seo ka ditsela dife?
1 Dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga di re naya tshono e e molemo ya go galaletsa Jehofa. Re ikutlwa ka tsela e Dafide a neng a ikutlwa ka yone, fa a ne a opela a re: “Ke tla go baka mo phuthegong e kgolo; ke tla go baka mo gare ga batho ba bantsi.” (Pes. 35:18) Mo Kopanong ya Kgaolo e e tlang ya “Go Ikobela Modimo,” re ka tlhomamisa jang gore re baka Jehofa re le seoposengwe?
2 Tsela nngwe e re ka dirang jalo ka yone ke ka boitshwaro jwa rona. Baokamedi ba lefelo lengwe le go neng go tshwaretswe kopano mo go lone ba ne ba re: “Ka ntlha ya dikopano tsa lona, re boleletse ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tse di batlang go hira lefelo la rona gore di tle go bona kafa Basupi ba ga Jehofa ba tshwarang kopano ka gone, ka gonne bone ba rulaganya dilo sentle tota.” Ka moaparo wa rona, tirisanommogo ya rona le boitshwaro jwa rona, mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe mo go direng gore re bakwe ka mafoko a a ntseng jalo, e leng pako e tota e yang kwa Modimong wa rona.—1 Pet. 2:12.
3, 4. Go nna boingotlo go tla re thusa jang gore re apare ka tsela e e tshwanelang badiredi ba Bakeresete, fa re le kwa kopanong le morago ga dithulaganyo tsa letsatsi?
3 Moaparo wa Rona: Re tshwanetse go nna boingotlo gore re kgone go apara le go ipaakanya ka tsela e e tla tlisetsang Jehofa pako. (1 Tim. 2:9) Buka ya Sekolo sa Bodiredi e bua jaana mo tsebeng ya 132: “Motho yo o boingotlo o tlhokomela gore a se ka a kgopisa ba bangwe go sa tlhokege le gore a se ka a dira gore go tlhongwe mogopolo mo go ene ka tsela e e sa tshwanelang.” Kwa dinageng di le dintsi, go tlwaelegile fela thata gore batho ba apare ka tsela e e sa bontsheng go nna boingotlo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o anaanela maiteko a re a dirang a go mo emela ka tsela e e tshwanetseng. (Dit. 15:14) Le fa go ka direga gore kopano e tshwarelwe mo lefelong lengwe la metshameko kgotsa la boitapoloso, re nna “phuthego e kgolo” fa re kokoane mo lefelong leo mo malatsing a le mararo a kopano. Ka jalo, fa re phuthegela fa pele ga ga Jehofa, re tshwanetse go apara ka tsela e e nang le seriti se se tshwanelang Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong.—1 Ditir. 29:11.
4 Gape, re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re lebegang ka yone letsatsi lengwe le lengwe morago ga kopano. Le fa go ka nna ga direga gore re eletse go ikaparela fela ka nako ya rona ya go itlosa bodutu kgotsa fa re ile go ja kwa resetšhurenteng, go sa ntse go le botlhokwa gore go apara ga rona le go ipaakanya mo mmeleng go tshwanele batho “ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.” (1 Tim. 2:10) Moaparo o o tshwanelang ga o ye ka gore ke diaparo dife tse di ratwang thata ke batho ba lefatshe. (1 Joh. 2:16, 17) Dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete di na le ditshwantsho tse di ka re thusang tsa diaparo tse di lebegang sentle, tse di rulagantsweng sentle tse di ka aparwang ke banna le basadi mo maemong a a farologaneng. Go tsamaya re tsentse dibetšhe tsa rona fa re le mo motseng wa kopano go tla re gakolola ka dinako tsotlhe gore re badiredi ba Bakeresete.—2 Bakor. 6:3, 4.
5, 6. Re ka bontsha jang gore re tlotla tafole ya semoya ya ga Jehofa?
5 Tlotla Tafole ya ga Jehofa: Morena Molaodimogolo wa lobopo lotlhe o re baakanyeditse moletlo. (Isa. 25:6; 1 Bakor. 10:21) Fa e le gore re anaanela fela thata go ja mo tafoleng ya semoya ya ga Jehofa, mokgele wa rona e tla nna go nna teng kwa kopanong malatsi otlhe a le mararo. A o dirile dithulaganyo tsa marobalo, tsa sepalangwa le tsa go rebolwa kwa tirong? A o dirile dithulaganyo tsa gore o nne le nako e e lekaneng ya go ipaakanya le go tsaya loeto gore o goroge kwa lefelong la kopano go sa le gale gore o bone manno, o tsalane le bakaulengwe ba gago le go kopanela le bone mo go bakeng Jehofa ka pina le thapelo e e bulang?—Pes. 147:1.
6 Go tlotla tafole ya ga Jehofa go tla re tlhotlheletsa gore re reetse thulaganyo ka kelotlhoko le go tlogela go bua le ba bangwe go sa tlhokege, go ja kgotsa go tsamayatsamaya mo diphashiting. Jehofa o re tlamela ka dijo tsa semoya tse re di tlhokang gone jaanong ka motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. (Math. 24:45) Ga go ope wa rona yo o batlang go foswa ke tsone. Batsadi ba tshwanetse go nna le bana ba bone mme ba ba thuse gore le bone ba solegelwe molemo ka botlalo.—Dute. 31:12.
7. Re kgothalediwa go dira eng malebana le dijo tsa motshegare, mme ka ntlha yang?
7 Re kgothalediwa gore re itlele ka dijo go na le gore re tswe mo lefelong la kopano go ya go di reka golo gongwe ka nako ya boikhutso. Re akgola batlakopanong ba le bantsi ba ba ileng ba latela kaelo eno ka kelotlhoko mo kopanong ya ngwaga o o fetileng. A bo go tla nna molemo jang ne fa botlhe ba ka dira jalo le mo ngwageng ono! (Baheb. 13:17) Go dira jalo go re naya tshono e e molemo tota ya go ipelela bolekane jo bo agang le bakaulengwe ba rona e bile go dira gore go nne le kutlwano le kagiso tse di tlisetsang Jehofa tlotlo.—Pes. 133:1.
8, 9. Kopano ya Kgaolo e re naya tshono efe e nngwe gape ya go baka Jehofa?
8 Go Neela Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo: Re na le ditshono di le dintsi tsa go baka Jehofa ka dipounama tsa rona fa re le mo tseleng re ya kwa lefelong la kopano le fa re boa. (Baheb. 13:15) E ka ne re a ja kwa resetšhurenteng kgotsa re bua le batho ba ba berekang mo hoteleng, a re batleng ditsela tse re ka neelang bosupi ka tsone. Megopolo le dipelo tsa rona di tla bo di tletse ka letlotlo la dilo tsa semoya tse re di utlwileng kwa kopanong. A re boleleleng batho ba re tla bong re kopana le bone ka dilo tseno tse di molemo.—1 Pet. 3:15.
9 Re lebile pele ka go shwegashwega pelo go nna le tshono eno ya go baka Jehofa “fa gare ga boidiidi jo bo phuthegileng.” (Pes. 26:12) A rotlhe re bakeng Jehofa re le seoposengwe kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Go Ikobela Modimo.”
[Box on page 4]
Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo
◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Mo malatsing otlhe a mararo, thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m. Metsotso e le mmalwa pele thulaganyo e simolola, modulasetulo o tla bo a ntse mo seraleng fa go ntse go tshameka mmino wa Bogosi o o gatisitsweng. Re kopiwa gore rotlhe re nne fa fatshe ka nako eo gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti. Thulaganyo e tla khutla ka 4:15 p.m. ka Labotlhano le ka Matlhatso mme ka Sontaga, e tla khutla ka 3:20 p.m.
◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a mo go one re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la teng la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. Re tla letlwa go phaka mo lefelong leno fa re tsentse dibetšhe tsa rona tsa kopano. E re ka gantsi go se na lefelo le legolo go le kalo la go phaka dikoloi, go ka nna molemo gore re tlatse dikoloi tsa rona go na le gore tse dingwe di tle di na le motho a le mongwe kgotsa ba le babedi fela.
◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe.
◼ Meneelo: Go baakanyetsa kopano ya kgaolo go ja madi a a seng kana ka sepe. Re ka bontsha gore re anaanela go baakanyediwa ga yone ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa mo komiting ya kopano gore leina la akhaonto ke mang.
◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya kafa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse gantsi di dirisediwang dipikiniki, dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.
◼ Didiriswa Tsa go Rekota: Didirisiwa tsa go rekota tsa mofuta le fa e ka nna ofe ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya motlakase kgotsa ya digodisamantswe mme di tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e ka se kang ya itaya ba bangwe tsebe.
◼ Go Tsaya Ditshwantsho: Fa e le gore o tlile go tsaya ditshwantsho, o se ka wa dirisa khamera e e nang le foleshe fa thulaganyo e sa ntse e tsweletse.
◼ Di-pager le Difouno Tsa Selula: Di-pager le difouno tsa selula di dirwe gore di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe.
◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso a gore mongwe a lwale thata mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi mongwe yo o fa gaufi, mme ene o tla bolelela Lefapha la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lefapheng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kae le go thusa kafa go tlhokegang ka gone.
◼ Kwa Diresetšhurenteng: Go tlwaelegile gore mo mafelong a le mantsi motho a tlogele madinyana a tebogo go ya ka se ba mo diretseng sone.
◼ Dipina: Diphuthego di ka nna tsa rata go ikatisetsa go sa le gale go opela dipina tse di tla bong di dirisiwa kwa kopanong.
Dipina tsa Labotlhano: 139, 38, 205, 174, 170 le 4.
Dipina tsa Matlhatso: 158, 40, 13, 69, 8 le 192.
Dipina tsa Sontaga: 162, 123, 221, 207, 181 le 34.