Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Elang tlhoko: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo beke nngwe le nngwe ka dikgwedi tsa kopano. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo go ya kafa go tlhokegang ka gone gore di tle di kgone go nna teng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Go Ikobela Modimo.” Fa go tshwanela, dirisang metsotso e le 15 mo Pokanong ya bofelo ya Tirelo ya pele ga lo ya kopanong gore lo boeletse dikgakololo tsa tsenyeletso ya kgwedi eno tse phuthego ya lona e tlhokang go di dirisa. Kgwedi e le nngwe kgotsa di le pedi morago ga kopano (mo boemong jwa puo ya dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko) beelang metsotso e le 15 go ya go e le 20 kwa thoko mo Pokanong ya Tirelo go boeletsa dintlhakgolo tsa kopano tse baboledi ba di fitlhetseng di le mosola go ka dirisiwa mo bodireding jwa tshimo. Puo eno e e kgethegileng ya Pokano ya Tirelo e tla re naya tshono ya go tlhalosa gore re ntse re dirisa jang se re se ithutileng kwa kopanong le gore seo se re thusitse jang mo go direng gore bodiredi jwa rona bo nne le matswela.
Beke e e Simololang ka October 10
Pina 17
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang tsa mafelobeke a October 29, 30, 2005. Kgothaletsa botlhe gore ba eme thulaganyo eno ya bofelo nokeng. Dikitsiso tse dingwe tse di tlhophilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 12 (fa e le gore di tshwanela tshimo ya gaeno) go bontsha gore Tora ya Tebelo ya October 15 le Tsogang! ya November 8 di ka tsamaisiwa jang. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, tlhalosa dilo dingwe tse di mosola mo pontshong eno tse re ka di dirisang. Mo godimo ga moo, umaka ditlhogo dingwe tse di leng mo teng ga makasine tse di ka kgatlhang batho mo tshimong ya gaeno.
15 mets: A o Motho Yo o Ratang go Bala? Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo dikarolong dingwe tse di tlhophilweng tsa buka ya Sekolo sa Bodiredi, mo tsebeng ya 21-6. Re ka akaretsa eng mo thulaganyong ya rona ya go bala? (ts. 21, lebokoso) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re bale dikgatiso tse re di newang? (ts. 23, ser. 2) Ke eng se se ka re thusang go nna le thulaganyo e e molemo ya go bala? (ts. 26, dir. 3-4) Wena o beela jang nako kwa thoko ya go bala makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang!? Seno se go solegetse molemo jang?
20 mets: “Nna o Bue Lefoko la Modimo ka Bopelokgale.”a Kopa bareetsi go akgela ka maemo a go ka nnang ga se ka ga nna motlhofo gore motho a nne pelokgale fa a lebane le one gore a kgone go neela bosupi. Mme ba thusitswe ke eng gore ba nne pelokgale fa ba lebane le one?
Pina 78 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 17
Pina 36
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo. Dirisa karolo ya bo 3 ya tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2005 go boeletsa ntlha e le nngwe kgotsa tse pedi tsa kafa re ka dirisang Dikwalo ka tsela e e nang le matswela ka gone fa re tshwere dithuto tsa Baebele.
15 mets: “A o Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso?” Puo e go tlotlwang le bareetsi mo go yone. Kopa bareetsi go akgela ka matswela a a molemo a ba nnileng le one ka ntlha ya go dirisa dipampitshana tsa taletso. Dira gore go dirwe pontsho e khutshwane ya mmoledi a dirisa pampitshana ya taletso go laletsa motho yo o kgatlhegang gore a tle kwa dipokanong.
20 mets: “Bontsha ba Bangwe Gore o Amega ka Bone—Ka go Nna Pelonomi.”b Kopa bareetsi go akgela gore re ka bontsha batho ba bangwe bopelonomi jang fa re le mo bodireding jwa tshimo. Mo dikgatisong tse di tlang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, go tla tlotlwa ka ditsela tse dingwe gape tse ka tsone re ka bontshang bopelonomi mo bathong ba re ba rerelang.
Pina 2 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 24
Pina 68
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Dirisa nngwe ya dikakantsho tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005 kgotsa o dirise puisano e nngwe e e tshwanelang tshimo ya gaeno o bontshe kafa kgatiso e e tla bong e tsamaisiwa ka November e ka buelelwang ka gone.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2005, ts. 8, ser. 5.
30 mets: “Baka Jehofa mo Phuthegong e Kgolo.”c E neelwe ke mokwaledi wa phuthego. Umaka gore phuthego ya lona e abetswe go ya kopanong efe. Tlotla dirapa tseno ka mokgwa o Thuto ya Tora ya Tebelo e tlotlwang ka one. Abela mokaulengwe mongwe go bala dirapa. Boeletsa lebokoso la “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo.”
Pina 153 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 31
Pina 209
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa October. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 12 (fa e le gore di tshwanela tshimo ya gaeno), go bontsha gore Tora ya Tebelo ya November 1 le Tsogang! ya November 8 di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho tseno, dira gore mmoledi a baakanyetse loeto lwa go boela ka go bontsha mong wa ntlo lebokoso le le reng “Mo Makasineng o o Tlang.”—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1998, ts. 12, dir. 7-8.
15 mets: Dira Gore Batho ba Kgatlhege Ka go Ba Isetsa Dimakasine ka Metlha. Puo e go tlotlwang le bareetsi mo go yone e e theilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 2005, tsebe 8. Re ka dira jang gore re nne le batho ba re ba isetsang dimakasine ka metlha? (ser. 1) Re ka baakanyetsa jang metlotlo e e nang le temana e le nngwe fela? (ser. 3) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re se ka ra bala fela temana e re e tlhophileng? (ser. 4) Go ka tla jang gore motho yo re mo isetsang dimakasine ka metlha a simolole go ithuta Baebele? (ser. 5) Dira gore go nne le pontsho e mo go yone mmoledi a tshwereng motlotlo o o nang le temana e le nngwe fela le motho yo a mo isetsang dimakasine ka metlha.
20 mets: Basha ba ba Pelokgale Mme Gape Ba na Le Tlotlo. Puo e e neelwang ke mogolwane, e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 15, 2002, ditsebe 23-4, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Gana ka Maitseo.” Rulaganyetsa go sa le gale gore basha ba babedi ba akgele ka dikgwetlho tse ba ileng ba kopana le tsone kwa sekolong le gore ke eng se se ba thusitseng go lebana le tsone ka katlego.
Pina 222 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 7
Pina 39
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
20 mets: Tokafatsa Tsela e o Tlhomang Mogopolo ka Yone Kwa Dipokanong. Puo e go tlotlwang le bareetsi mo go yone e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 15, 2002, ditsebe 12-14, dirapa 11-14. Boeletsa dikakantsho tse di leng mo dirapeng tseo, o bo o kopa bareetsi go akgela gore ke eng se se ba thusang gore ba solegelwe molemo ka botlalo mo dipokanong.
20 mets: “Lwela go Nna le Bokgoni Jwa go Ntshetsa Batho Mabaka.”d Kopa baboledi bangwe go tlhalosa gore ba kgonne jang go ntshetsa batho ba ditso tse di farologaneng mabaka a se ba buang ka sone mo tshimong ya gaeno.
Pina 50 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.