Go Obamela Jehofa Jaaka Lelapa
1 Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, maloko a lelapa a ne a dira dilo di le dintsi mmogo. Ba ne ba dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi mme, sa botlhokwa le go feta, ba ne ba obamela Jehofa jaaka lelapa. (Lefi. 10:12-14; Dute. 31:12) Gompieno, mo mafelong a le mantsi, maloko a lelapa a dira dilo di se kae mmogo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lemoga botlhokwa jwa go dira dilo mmogo jaaka lelapa, segolobogolo malebana le kobamelo. Ruri go itumedisa Mosimolodi wa lelapa go bona malapa a mo obamela ka kutlwano!
2 Rerang Mmogo: Go rera mmogo dikgang tse di molemo go kopanya lelapa. Ka jalo, mo godimo ga gore mogolwane a tsamaye le ba bangwe mo phuthegong go ya go rera, o tshwanetse gore gape a bereke le mosadi wa gagwe le bana ka metlha. (1 Tim. 3:4, 5) Tota le fa balebedi ba ba etang ba na le tiro e ntsi, ba rulaganya nako ya go bereka le basadi ba bone mo bodireding.
3 Batsadi ba ba rerang le bana ba bone ba kgona go ba thusa go gatela pele e le bareri. Bana ga ba kitla ba lemoga fela boitumelo le kgotsofalo tse batsadi ba bone ba nnang le tsone mo bodireding mme gape ba tla bona batsadi ba bone ba bontsha kafa ba ratang Jehofa le beng ka bone ka gone. (Dute. 6:5-7) Go botlhokwa gore batsadi ba dire seno le fa bana ba ntse ba gola. Banyalani bangwe ba ba nang le bana ba bararo ba basimane ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 15 le 21 ba tswelela ba tsamaya le bone mo bodireding ka metlha. Rre o ne a re: “Re ba ruta sengwe nako le nako. Mme re tlhomamisa gore fa re tsamaile le bone jalo ba a itumela e bile ba a kgothala.”
4 Baakanyetsang Mmogo: Malapa a go fitlhetse go le molemo go baakanyetsa bodiredi mmogo. Gantsi bana ba itumelela go ikatisa le maloko a lelapa ba refosana go neela bosupi kgotsa go nna mong wa ntlo. Bangwe ba dirisa metsotso e se kae kwa bofelong jwa thuto ya lelapa go dira seno.
5 Re itumela thata fa re nna le seabe mo ditirong tse di botlhokwa le tse di kgotsofatsang re na le batho ba re ba ratang. A bo go itumedisa maloko a lelapa jang ne go bereka mmogo mo bodireding jwa tshimo ka ntlo le ntlo le go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Baebele! Fa o ntse o obamela Jehofa le lelapa la gago, o ka bolela jaana ka boitumelo: “Nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”—Josh. 24:15.