LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/09 ts. 2
  • Go Neela Bosupi ka Thelefouno go ka Nna le Matswela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neela Bosupi ka Thelefouno go ka Nna le Matswela
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Bosupi ka Katlego ka Founu
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Go Simolola Dithuto Tsa Baebele o Eme fa Kgorong le ka Founo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Batla Batho ba ba Tshwanetseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 10/09 ts. 2

Go Neela Bosupi ka Thelefouno go ka Nna le Matswela

1. Ke eng fa re ka tsaya go neela bosupi ka thelefouno e le karolo e e botlhokwa ya bodiredi jwa rona?

1 Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa go dirisa thelefouno fa re neela bosupi mo bodireding jwa rona? Ka gonne ke tsela e nngwe e ka yone re ka thusang ba bangwe go bona kitso ya boammaaruri gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (2 Pet. 3:9) Le fa gone tsela ya konokono e re bolelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka yone e le ka go rera ka ntlo le ntlo, re iketleeditse go dirisa ditsela tse dingwe go fitlhelela batho ba go ka diregang gore re se ka ra ba fitlhela kwa gae.—Math. 24:14; Luke 10:1-7; Tshen. 14:6.

2. Tiro ya go neela bosupi ka thelefouno e rulaganngwa jang?

2 Kafa go Rulagantsweng ka Teng: Fela jaaka dithulaganyo tsa tirelo ya ntlo le ntlo, baboledi ba rulaganyediwa tshimo e ba tla neelang bosupi ka thelefouno mo go yone. Go ka dirwa ke motho a le nosi kgotsa ke setlhopha se sennye gongwe sa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo. Lefelo le le dirisediwang go neela bosupi jwa thelefouno mo go lone e tshwanetse ya nna lefelo le le tshwanelang. Ba le bantsi ba go fitlhela go thusa go nna gaufi le tafole mme ba bo ba baya mo pele ga bone dilo tse gantsi ba di dirisang fa ba rera ka ntlo le ntlo.

3. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa fa re neela bosupi ka thelefouno?

3 Kafa o ka Neelang Bosupi ka Thelefouno ka Teng: Fa re neela bosupi ka thelefouno, puisano ya rona e tshwanetse ya nna motlotlo. Bangwe ba e leng gone ba simololang ba ka nna ba balela mong wa ntlo puisano e e kwadilweng mme ba dira jalo ka tsela ya go tlotla. Ditsela tsa go simolola motlotlo tse di mo bukeng ya Go Fetolana, Tirelo ya Rona ya Bogosi le mo pampitshaneng ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? di ka thusa thata mo go seno. Fa o itirela puisano ya gago, dira gore go nne le setlhogo, itse gore o tla botsa potso efe mme ikemisetse go balela mong wa ntlo ditemana di le mmalwa tse di tla arabang potso eo. Gantsi o tla buelela tsone dikgatiso tse di tsamaisiwang mo tirong ya ntlo le ntlo. Akanya ka dikgakololo tse di latelang: Ritibala mme o bue ka iketlo. Nna maitseo, pelotelele le botsalano ka gonne motho a ka kgona go lemoga dilo tseno mo founong. Reetsa fa mong wa ntlo a ntsha maikutlo a gagwe mme go tswa foo o bo o mmolelela kafa o anaanelang dikakgelo tsa gagwe ka teng. Nna kelotlhoko gore o se ka wa umaka thulaganyo ya moneelo, ka gonne seno se ka nna sa tsewa e le go kopa madi ka thelefouno.

4. Go neela bosupi ka thelefouno go ka dira gore re kgone go dira eng mo tshimong e re e abetsweng?

4 Motho yo o buang le ene mo thelefounong e ka tswa e le motho yo o sa kgoneng go tswa mo ntlong kgotsa e le motho yo thulaganyo ya gagwe ya tiro e dirang gore go nne thata go mo fitlhelela ka bodiredi jwa ntlo le ntlo. Go na le ba bangwe ba ba nnang mo mafelong a a nang le diheke tse di nnang di lotletswe kgotsa mo difoleteng tse batho ba sa letlelelwang go tsena mo go tsone kwantle ga tetla. Ka jalo, gore re dire maiteko a go diragatsa bodiredi jwa rona ka botlalo, akanya ka go dirisa tsela e e nang le matswela ya go neela bosupi ka thelefouno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela