Paradaise
Tlhaloso: Mo phetolelong ya Bibela ya Segerika ya Septuagint baranodi ka tshwanelo ba dirisitse lereo “paradaise” (pa·raʹdeisos) go lebisa go tshimo ya Edena, ka go bonala sentle fa e ne e le tshingwana e e ageletsweng. Morago ga pego ya ga Genesise, mekwalo ya Bibela eo e re bolelelang kaga paradaise e lebisa go (1) tshimo ya Edena ka boyone, kana (2) lefatshe ka bophara fa le tla bo le fetoletswe boemong jo bo jaaka jwa Edena mo isagweng, kana (3) maemo a semoya a a itumedisang mo batlhankeng ba Modimo mo lefatsheng, kana (4) dipaakanyetso kwa legodimong tseo di gakololang motho ka Edena.
A “Testamente e Ntšha” le yone e lebisa go paradaise ya selefatshe mo isagweng kana ke “Testamente e Kgologolo” fela e dirang jalo?
Kgaoganyo ya Bibela ka dikarolo tse pedi, ka go seka-seka bomosola jwa dipolelo mo motheong wa gore a di mo karolong e “Kgologolo” kana e “Ntšha” ga se ga Dikwalo. Re bolelelwa jaana mo go 2 Timotheo 3:16: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” Baroma 15:4 e lebisa go Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa pele ga Bokeresete fa e re: “Ka gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ gale, di kwadilwe gore di re rutè.” Ka jalo, karabo e e utlwalang potsong eo e tshwanetse go akanyetsa Bibela yotlhe.
Genesise 2:8 e tlhalosa jaana: “Me Yehofa Modimo a baea tshimo [“paraka,” Mo; “paradaise,” Dy; pa·raʹdei·son, LXX] kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena, me a baea gōna motho [Adame] eo o mmopileñ.” Go ne go na le mefuta e le mentsi e e farologaneng ya dimela le diphologolo e e kgatlhisang thata. Jehofa o ne a segofatsa batho ba babedi ba ntlha mme a ba raya a re: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” (Gen. 1:28) Boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo ka lefatshe lotlhe go nna paradaise e e tletseng ka bao ka kanaanelo ba utlwang melao ya gagwe ga bo ketla bo tsamaya bo sa diragadiwa. (Isa. 45:18; 55:10, 11) Ke ka gone moo Jesu a neng a re: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” Ke ka gone moo gape a neng a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Math. 5:5; 6:9, 10) Tumalanong le seo, Baefesia 1:9-11 e tlhalosa ka boikaelelo jwa Modimo jwa go “shōpanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete, eboñ dilō tse di kwa magodimoñ, le dilō tse di mo lehatshiñ.” Bahebera 2:5, (NW) e lebisa go “lefatshe je le agilweng je le tlang.” Tshenolō 5:10 e umaka bao, jaaka baruaboswa mmogo le Keresete, ba tla ‘busang mo lefatsheng jaaka dikgosi.’ Tshenolō 21:1-5 le 22:1, 2 di oketsa ka ditlhaloso tse di kgatlhisang tsa maemo ao a tla nnang gone mo ‘lefatsheng je lesha’ mme e le tse di gopotsang motho ka Paradaise ya kwa tshimologong ya Edena le ka setlhare sa yone sa botshelo.—Gen. 2:9.
Mo godimo ga moo, Jesu o ne a dirisa polelwana ya Segerika pa·raʹdei·sos fa a ne a lebisitse go Paradaise ya selefatshe ya mo isagweng. “A mo raea, a re, [modira-bosula yo o neng a bapolwa go bapa le Jesu mme a ne a bontsha tumelo mo bogosing jo bo tlang jwa ga Jesu] Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.”—Luke 23:43.
Re ka tlhomamisega jang kaga seo Jesu a neng a se raya ka Paradaise mo puong ya gagwe go modira-bosula, mo go Luke 23:43?
A e ne e le bonno jwa nakwana jwa ‘meya e e tsamaileng ya basiami,’ karolo ya Hades?
Pono eo e tswa kae? The New International Dictionary of New Testament Theology e re: “Ka go tlhagelela ga thuto ya Segerika ya bosasweng jwa moya paradaise e ne ya nna lefelo la bonno jwa basiami ka nako ya seemo sa bone ba sa le fa gare.” (Grand Rapids, Mich.; 1976, e e kwadilweng ke Colin Brown, Bol. 2, ts. 761) A pono eo e e seng ya dikwalo e ne e tumile gareng ga Bajuda fa Jesu a ne a le mo lefatsheng? Dictionary of the Bible ya ga Hastings e supa fa seno se belaetsa.—(Edinburgh, 1905), Bol. III, dits. 669, 670.
Le eleng fa pono eo e ne e tumile mo Bajudeng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, a Jesu o ka bo a ile a e gatelela ka tsholofetso ya gagwe go modira-bosula yo o ikwatlhaileng? Jesu o ne a kgala a sa kgwe mathe Bafarasai le bakwadi ba Bajuda ka go ruta dingwao tse di neng di thulana le Lefoko ja Modimo.—Math. 15:3-9; bona gape setlhogo se segolo sa “Moya” (Soul).
Jesu o ne a ya Hades fa a se na go swa, jaaka go bontshitswe go Ditihō 2:30, 31. (Moaposetoloi Petere, fa a ne a lebisa go Pesalema 16:10, o nopolwa jaaka yo o neng a dirisa Hades jaaka e e tshwanang fela le Sheol.) Mme ga go gope mo Bibela e umakang gore Sheol/Hades kana karolo epe ya yone ke paradaise eo e tlisetsang motho monate. Go na le moo, Moreri 9:5, 10 e re bao ba leng koo “ga ba itse sepè.”
A Paradaise ya ga Luke 23:43 ke legodimo kana ke karolo nngwe ya legodimo?
Bibela ga e dumelane le pono eno ya gore Jesu le modira-bosula ba ne ba ya kwa legodimong mo letsatsing leo Jesu a neng a bua le ene. Jesu o ne a bolelela pele gore, e tla re morago a se na go bolawa, ga a ketla a tsosiwa go fitlhelela letsatsi ja boraro. (Luke 9:22) Mo lobakeng loo lwa malatsi a mararo o ne a se kwa legodimong, ka go bo morago ga tsogo ya gagwe o ne a bolelela Maria Magadalena go re: “Gonne ga ke e se ke tlhatlogele kwa go Rara.” (Yoh. 20:17) E ne e le malatsi a le 40 morago ga tsogo ya ga Jesu barutwa ba gagwe ba neng ba mmona a tsholediwa mo lefatsheng mme mo ponong ya bone a simolola go tlhatlogela legodimong.—Dit. 1:3, 6-11.
Modira-bosula o ne a se ka a fitlhelela dipatlafalo tsa go ya legodimong le eleng nako nngwe moragonyana. O ne a se ka a ‘tsalwa sesha’—le fa e le gone go kolobediwa mo metsing kana go itshenkelwa ka moya wa Modimo. Moya o o boitshepo o ne wa se ka wa thololelwa godimo ga barutwa ba ga Jesu fa e se fela morago ga malatsi a a fetang 50 modira-bosula a se na go swa. (Yoh. 3:3, 5; Dit. 2:1-4) Mo letsatsing la loso lwa gagwe, Jesu o ne a dira kgolagano ya bogosi jwa selegodimo le bao ‘ba neng ba nna le ene mo ditekong tsa gagwe’. Modira-bosula o ne a se na rekoto epe ya boikanyegi e e ntseng jalo mme o ne a sa akarelediwe.—Luke 22:28-30.
Ke eng se se supelang fa Paradaise eno e le ya selefatshe?
Dikwalo tsa Sehebera le ka motlha ga di ise di ke di gogele Bajuda ba ba ikanyegang go solofela tuelo ya botshelo jwa selegodimo. Dikwalo tseo di ne di supela go tsosoloso ya Paradaise gone mono mo lefatsheng. Daniele 7:13, 14 e ne ya bolelela pele gore “pushō, le kgalalèlō, le bogosi” di ne di tla neelwa Mesia, “gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.” Babusiwa bao ba Bogosi ba ne ba tla bo ba le mono mo lefatsheng. Ka se a se buileng, modira-bosula ka phepafalo o ne a bontsha tsholofelo ya gore Jesu o ne a tla mo gakologelwa fa nako eo e tla.
Jesu he, o ne a tla nna le modira-bosula jang? Ka go mo tsosa mo baswing, a dira paakanyetso ya ditlhokafalo tsa gagwe tsa mmele, le go atolosetsa go ene paka ya go ithuta le go dumelana le dipatlafalo tsa ga Jehofa tsa botshelo jo bo sa khutleng. (Yoh. 5:28, 29) Jesu o ne a bona boikutlo jwa boikwatlhao jwa modira-bosula le tlotlo jaaka motheo wa go mo akareletsa go dibilione tseo di tla tsosediwang botshelong jwa selefatshe le go fiwa sebaka sa go itshupa ba tshwanela go tshelela ruri mo Paradaiseng.
Modira-bosula o tla nna mo Paradaiseng leng?
Kutlwisiso ya motho ya ga Luke 23:43 e tlhotlhelediwa ke matshwao ao a dirisiwang ke moranodi. Go ne go se na matshwao ape mo mekwalong ya pele ya Bibela ya Segerika. The Encyclopedia Americana (1956, Bol. XXIII, ts. 16) e re: “Ga go bonale go na le boiteko jwa go tsenya matshwao mo mekwalong ya pele le mo ditlhalosong tsa Segerika.” Matshwao a a ntseng jalo a ne a simolola go dirisiwa fela go simolola ka lekgolo la dingwaga la bo-9 C.E. A Luke 23:43 e tshwanetse go balega ka gore: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno,” kana e tshwanetse go nna, ‘Ammaaruri ke a go raya gompieno, o tla nna le nna kwa Paradaiseng’? Dithuto tsa ga Keresete le Bibela yotlhe di tshwanetse go nna motheo wa go tlhomamisa se, eseng phegelwana e e itsenyeditsweng mo mokwalong makgolo a dingwaga morago ga Jesu a se na go bua mafoko ao.
The Emphasised Bible e e ranotsweng ke J. B. Rotherham e dumalana le matshwao a New World Translation. Mo mantswenyaneng a a fa tlase mo go Luke 23:43, moranodi wa Bibela ya Sejeremane L. Reinhardt o re: “Matshwao ao a dirisiwang jaanong [ke baranodi ba bantsi] mo temaneng eno kwantle ga pelaelo ke maaka ebile a ganetsana le tsela yotlhe ya go akanya ga ga Keresete le modira-bosula. . . . [Keresete] eleruri ga a ise a ke a tlhaloganye fa paradaise e le lefelo lengwe la sebaka sa baswi, mme go na le moo e le tsosoloso ya paradaise mo lefatsheng.”
Jesu o ne a tla ‘tsena mo bogosing jwa gagwe’ leng le go diragatsa boikaelelo jwa ga Rraagwe go dira lefatshe Paradaise? Buka ya Tshenolō, e e kwadilweng dingwaga tse di ka nnang 63 morago ga dipolelwana tse di kwadilweng go Luke 23:42, 43 di se na go buiwa, e supa gore ditiragalo tseno e ne e tla nna tsa mo isagweng. (Bona ditsebe 271-273, tlase ga “Metlha,” gape le setlhogo se segolo sa “Metlha ya Bofelo.”)