Pina 104
Bakang Jah le Nna
E e Gatisitsweng
1. Bakang Mmopi;
Goeletsang!
Ka gonne o re file botshelo.
A re mmakeng,
nako tsotlhe.
’Rato lwa ’gwe lo logolo ruri.
Re baka ’ina la ga Jehofa.
2. Bakang Mmopi.
Mogolodi
Wa re utlwa fa re mo rapela.
O re naya
maatla’a gagwe;
Go thusa botlhe ba ba bonolo.
Re mmaka ka ntlha ya maatla’a gagwe.
3. Bakang Mmopi.
O tshiamo;
Wa re gomotsa a re mo’ikanyeng.
Wa’itshwarela;
wa fodisa.
O fetola ’fatshe Paradaise.
Tlang re mmakeng ka boitumelo!
(Bona le Pes. 94:18, 19; 145:21; 147:1; 150:2.)