Pina 53
Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano
E e Gatisitsweng
1. Re mo phuthegong ya ga Jah.
Ruri seo se a’ipedisa.
Go rena kutlwano fela,
Go tletse kagiso.
Re rata kutlwano;
Ke ya botlhokwa.
Jah o rata fa re rera.
O re kaela ka Morwawe.
Re tla mo direla rotlhe,
Re le seoposengwe.
2. Fa re mo kopa kutlwano
Mme re dirisana sentle,
Re tla mmaka ka lorato,
Mme re tla ipela.
Re batla kagiso,
E’a lapolosa.
Fa re bontsha na lorato,
Jah o re naya kagiso.
O re thusa go utlwana,
Mme re mo direleng.
(Bona le Mik. 2:12; Sefa. 3:9; 1 Bakor. 1:10.)