Pina 108
Bakang Jehofa ka Ntlha ya Bogosi Jwa Gagwe
1. Jah o tloditse Morwawe
Go busa batho botlhe.
O ba busa ka tshiamiso, Mme
go dirwe thato ya ’gwe.
(KHORASE)
Bakang Jah o tloditse Kreste.
Bakang Jesu lona dinku,
Ba ba’ikanyegang mo go ene ba
boloka taelo tsa ’gwe.
Bakang Jah o tloditse Kreste,
Ke Mmusi kwa magodimong,
O tloditswe ke Jehofa Mmopi,
Go tlotla leina la ’gwe.
2. Batlodiwa ba tla busa,
Le Kreste mo Bogosing.
Ba nna karolo ya Bogosi
Jo bo tlisang Paradaise.
(KHORASE)
Bakang Jah o tloditse Kreste.
Bakang Jesu lona dinku,
Ba ba’ikanyegang mo go ene ba
boloka taelo tsa ’gwe.
Bakang Jah o tloditse Kreste,
Ke Mmusi kwa magodimong,
O tloditswe ke Jehofa Mmopi,
Go tlotla leina la ’gwe.
(Bona le Dia. 29:4; Isa. 66:7, 8; Joh. 10:4; Tshen. 5:9, 10.)