Satane Diabolo
Tlhaloso: Sebopiwa sa moya se e leng mmaba yo mogolo wa ga Jehofa Modimo le botlhe ba ba obamelang Modimo wa boammaaruri. Leina Satane o ne a le neelwa ka go bo a ile a nna moganetsi wa ga Jehofa. Satane o itsiwe gape jaaka Diabolo, ka go bo e le mosebi yo mogolo thata wa Modimo. Satane o tlhalosiwa jaaka noga ya bogologolo, ka phepafalo e le ka go bo a ile a dirisa noga mo Edena go tsietsa Efa, mme ka lone lebaka leno “noga” e ne ya kaya “motsietsi.” Mo bukeng ya Tshenolō, tshwantshetso ya kgogela e e kometsang e dirisediwa gape go Satane.
Re ka itse jang gore a jaana motho wa semoya wa go nna jalo eleruri o teng?
Bibela ke motswedi o mogolo wa bosupi jo. O lebisiwa koo gangwe le gape ka leina (Satane makgetlo a le 52, Diabolo makgetlo a le 33). Mmoni ka matlho wa bosupi joo jwa go nna gone ga ga Satane le ene o begilwe koo. E ne e le mang mmoni ka matlho yoo? Jesu Keresete, yo o neng a tshela kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng, gangwe le gape o ne a bua kaga yono yo o bosula a mmitsa ka leina.—Luke 22:31; 10:18; Math. 25:41.
Se Bibela e se buang kaga Satane Diabolo se a utlwala. Bosula joo setho se bo itemogelang bo feta kgakala lefufa le batho ba kopanyelediwang mo go lone. Tlhaloso ya Bibela kaga tshimologo ya ga Satane le ditiro tsa gagwe e papamatsa gore ke ka baka lang, go sa kgathalesege keletso ya bontsi jwa batho go tshela ka kagiso, setho se bo se ile sa tlhaselwa ke letlhoo, thubakanyo, le ntwa ka diketekete tsa dingwaga le gore ke ka baka lang seno se fitlhile mo seemong se jaanong se bopelang go senya setho sotlhe.
Fa e le gore eleruri go ne go se na Diabolo, go amogela se Bibela e se buang kaga gagwe go ne go se ketla go nna le mesola epe mo mothong. Lefa go ntse jalo, mo makgetlong a le mantsi, batho ba pele ba neng ba tseneletse mo mereong kana ba e neng e le ba ditlhopha tse di dirisang tirisa-badimo ba bolela gore ka nako eo ba ne ba tlaletswe fela thata ka ntlha ya go utlwa “mantswe” go tswa metsweding e e sa bonaleng, ba le “mo thateng” ya ditshedi tse di fetang motho ka nonofo, jalo jalo. Ba ne ba bona kgololo ya mmatota fa ba se na go ithuta se Bibela e se buang kaga Satane le badimona ba gagwe, mme ba dirisa kgakololo ya Bibela go befela ditlwaelo tsa tirisa-badimo, le go batla thuso ya ga Jehofa ka thapelo.—Bona ditsebe 398-403, tlase ga setlhogo sa “Tirisa-badimo.”
Go dumela gore Satane o gone ga go reye go amogela mogopolo wa go re o na le dinaka, le mogatla o moleele, le foroko e telele mme le gore o besa batho mo molelong wa dihele. Bibela ga e tlhalose Satane a ntse jalo. Eo ke kgopolo ya bataki ba metlha ya bogare ba ba ileng ba tlhotlhelediwa ke ditshwantsho tsa ditlhamane tsa modimo wa Segerika Pan le ke Inferno e e neng ya kwalwa ke mmoki wa Montadiana Dante Alighieri. Go na le go ruta ka dihele tsa molelo tse di fisang, Bibela ka tlhamalalo e re “Me bashwi ga ba itse sepè.”—Mor. 9:5.
A Satane ka gongwe ke bosula fela jo bo moteng ga batho?
Yobe 1:6-12 le 2:1-7 di bolela ka dipuisano tse di neng tsa nna gone magareng ga ga Jehofa Modimo le Satane. Fa e le gore Satane e ne e le bosula fela jo bo mo mothong, bosula jono go ka raya gore mo kgannyeng eno bo ne bo le mo go Jehofa. Mme se ga se dumalane gotlhelele le seo Bibela e se buang kaga Jehofa jaaka Ene yo go se nang “tshiamolōlō epè mo go èna.” (Pes. 92:15; Tshen. 4:8) Go a kgatlhisa gore mokwalo wa Sehebera o dirisa polelwana has·Sa·tanʹ (“the Satan”) mo dipegong tsa ga Jobe, e bontsha gore go buiwa kaga mongwe yo eleng gore ke moganetsi yo o tlhomologileng wa Modimo.—Bona gape Sekaria 3:1, 2, footnote go NW Reference edition.
Luke 4:1-13 e bega gore Diabolo o ne a leka thata go raela Jesu go dira se a se ratang. Pego e bolela dipolelo tse di neng tsa buiwa ke Diabolo le dikarabo tse Jesu a neng a di neela. A Jesu ka gone o ne a raelwa ke bosula jo bo moteng ga gagwe? Pono e e ntseng jalo ga e dumalane le tlhaloso ya Bibela ya ga Jesu jaaka yo o se nang boleo. (Baheb. 7:26; 1 Pet. 2:22) Lemororo mo go Yohane 6:70 lefoko la Segerika di·aʹbo·losʹ le dirisiwa go tlhalosa nonofo e e bosula e e ileng ya gola mo go Judase Isekariota, mo go Luke 4:3 polelwana ho di·aʹbo·los (“the Devil”) e ya dirisiwa, ka gone e supa motho yo o kgethegileng.
A go pega Diabolo molato ke maretshwa a a dirisiwang ka boiteko jwa go ithola boikarabelo jwa maemo a a bosula?
Batho bangwe ba pega Diabolo molato ka seo ba se dirileng ka bobone. Mo phapaanong le seo, Bibela e bontsha gore batho gantsi ba na le boikarabelo jwa go pegwa molato ka ntlha ya bosula jo ba bo itemogelang, e ka tswa e le mo diatleng tsa batho ba bangwe kana ka ntlha ya boitshwaro jwa bone ka sebele. (Mor. 8:9; Bagal. 6:7) Lefa go le jalo, Bibela ga e re tlogele re le mo lefifing ka go nna gone le maretshwa a mmaba yono yo o fetang motho ka nonofo yo a ileng a tlisetsa setho khutsafalo e e kana kana. E bontsha kafa re ka tswang kafa tlase ga taolo ya gagwe ka teng.
Satane o tswa kae?
Ditiro tsotlhe tsa ga Jehofa di itekanetse; ga se mosimolodi wa tshiamololo; ka jalo ga a ise a ke a bope ope yo o bosula. (Dute. 32:4; Pes. 5:4) Ene yo a neng a nna Satane kwa tshimologong e ne e le morwa wa Modimo wa moya yo o itekanetseng. Fa a ne a re Diabolo “a se ka a èma mo boamarureñ,” Jesu o ne a supa gore ene yoo ka nako nngwe o ne a le “mo boamarureñ.” (Yoh. 8:44) Mme, jaaka go ne go ntse ka dibopiwa tsotlhe tse di botlhale tsa Modimo, morwa yono wa moya o ne a filwe kgololesego ya go ikgethela. O ne a dirisa kgololesego ya gagwe ya go ikgethela ka tsela e e sa tshwanelang, a letlelela maikutlo a bothwadi go kukunya mo pelong ya gagwe, a simolola go eletsa kobamelo e e neng e le ya Modimo fela, mme jalo a hepisetsa Adame le Efa go mo reetsa go na le go utlwa Modimo. Ka gone ka tsela ya gagwe ya go dira jalo o ne a itira Satane, moo go rayang “mmaba.”—Yak. 1:14, 15; bona gape tsebe 111, tlase ga setlhogo se se reng “Boleo.”
Ke ka baka lang Modimo o ne o sa senye Satane ka pele fela a se na go tsuologa?
Satane o ne a tsosa dikgang tse di masisi: (1) Tshiamo le tshwanelo ya bolaodi jwa ga Jehofa. A Jehofa o ne a fitlhela setho kgololesego eo e neng e tla tlatseletsa boitumelong jwa bone? A kgono ya setho go itaolela dikgang tsa bone ka katlego le go tsweledisa botshelo jwa bone eleruri e ne e ikaegile ka go utlwa ga bone Modimo? A Jehofa o ne a sa ikanyege mo go neeleng molao o o neng o bolela gore tlhoka-kutlo e ne e tla gogela losong lwa bone? (Gen. 2:16, 17; 3:3-5) Jalo, a Jehofa eleruri o ne a na le tshwanelo ya go busa? (2) Bothokgami jwa dibopiwa tse di botlhale tebang le Jehofa. Ka go fapoga ga ga Adame le Efa potso e ne ya bodiwa: A batlhanka ba ga Jehofa eleruri ba ne ba tla mo utlwa ka ntlha ya lorato kana botlhe ba ne ba tla tlhanogela Modimo mme ba latela kgogo e e neelwang ke Satane? Kganetsano e nngwe eno e ne ya tsosiwa moragonyana ke Satane mo metlheng ya ga Jobe. (Gen. 3:6; Yobe 1:8-11; 2:3-5; bona gape Luke 22:31.) Dikganetsano tseno di ne di ka se ke tsa rarabololwa fela ka go bolaya batsuolodi.
Legale ga se gore Modimo go ne go tlhokafala gore a itshupe sengwe ka boene. Mme fela gore dikganetsano tseno di se ka tsa tlhola di senya kagiso le molemo wa lobopo lotlhe, Jehofa o ne a dumelela nako e e lekanetseng ka tsone gore di rarabololwe kwantle ga pelaelo epe gotlhe gotlhe. Gore Adame le Efa ba ne ba a swa morago ga botlhoka kutlo go Modimo go ne ga tloga ga bonala. (Gen. 5:5) Mme go ne go na le mo gontsi mo go kopanyelediwang. Jalo, Modimo o ne a dumelela ka bobedi Satane le batho go leka sebopego sengwe le sengwe sa puso e ba e itiretseng ka bobone. Ga go epe e e ba tliseditseng boitumelo jwa go ya go ile. Modimo o ile a dumelela batho go ya bokgakaleng jo ba ka bo kgonang mo go latediseng ditsela tsa botshelo tseo di tlhokomologang ditekanyetso tsa Gagwe tse di tshiamo. Matswela a a ipuelela ka boone. Ke fela jaaka Bibela ka boammaaruri e re: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yer. 10:23) Ka nako e e tshwanang Modimo o ne a neela batlhanka ba gagwe sebaka sa go supa boikanyegi jwa bone go ene ka ditiro tsa bone tsa kutlo e e lorato, mme mo go seno ba lebane le diphepiso le pogiso e e tlhotlhelediwang ke Satane. Jehofa o tlhagisa batlhanka ba gagwe, ka go re: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Dia. 27:11) Bao ba itshupang ba ikanyega ba roba melemo e megolo jaanong mme ba na le tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng ka boitekanelo. Ba tla dirisa botshelo jo bo ntseng jalo mo go direng thato ya ga Jehofa, yo ba ratang botho le ditsela tsa gagwe ka lorato lwa boammaaruri.
Satane o maatla go le kana kang mo lefatsheng ja gompieno?
Jesu Keresete o ne a lebisa go ene jaaka “kgōsana ea lehatshe,” ene yo setho ka kakaretso se mo utlwang ka go tsaya-tsia ditlhotlheletso tsa gagwe go tlhokomologa dipatlafalo tsa Modimo. (Yoh. 14:30; Baef. 2:2) Bibela gape e mmitsa “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” yo o tlotlwang ke ditlwaelo tsa bodumedi tsa batho bao ba kgomarelang tsamaiso eno ya dilo.—2 Bakor. 4:4, NW; 1 Bakor. 10:20.
Fa a ne a gakaletse go raela Jesu Keresete, Diabolo a “mo tlhatlosa, a mmontsha magosi aotlhe a lehatshe ka ponyō ea leitlhō. Me Diabolo a mo raea, a re, Ke tla gu naea thata eotlhe e, le kgalalèlō ea magosi a: gonne mo, go neecwe nna; me ke ka go naea eo ke ratañ go go mo naea. Ke gōna ha u ka nkōbamèla, gotlhe e tla nna ga gago.” (Luke 4:5-7) Tshenolō 13:1, 2 e senola gore Satane o neela ‘maatla, bogosi le thata e kgolo’ go tsamaiso ya bobusi ya kgolokwe ya sepolotiki. Daniele 10:13, 20 e supa gore Satane o ile a nna le dikgosana tsa badimona mo godimo ga mebuso e megolo ya lefatshe. Baefesia 6:12 e lebisa go bano jaaka ‘magosana, bathata, babusi ba lefatshe je le lefifi je, masomosomo a meya e e boikepo mo mannong a selegodimo.’
Ga go gakgamatse go bo 1 Yohane 5:19 e re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Mme maatla a gagwe a lekanyeditswe fela ka lobaka lo lo rileng lwa nako ebile e le ka go itshokelwa fela ke Jehofa, yo eleng Modimo Mothatayotlhe.
Satane o tla letlelelwa go tsietsa setho ka lobaka lo lo kae?
Ka bosupi jwa gore jaanong re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane, bona ditsebe 271-273, tlase ga “Metlha,” le tlase ga setlhogo se segolo “Metlha ya Bofelo.”
Paakanyetso ya go gololwa mo tlhotlheletsong e e boikepo ya ga Satane e tlhalosiwa ka tsela eno ya tshwantshetso: “Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè. Me a mo latlhela mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala, a ba a o kana mo godimo ga gagwè, gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele: me moragō ga mouō o tla bōna go gololwa ka lobakanyana.” (Tshen. 20:1-3) Go tswa foo go latele eng? “Me diabolo eo o ba tsieditseñ a latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō le sulefura.” (Tshen. 20:10) Seo se raya eng? Tshenolō 21:8 e a araba: “Mo e leñ losho loa bobedi.” O tla bo a tsamaetse ruri!
A go ‘tsenngwa mo moleteng’ ga ga Satane go raya gore o tla thibelelwa mo lefatsheng je le swafetseng go se ope yo o ka mo raelang ka dingwaga tse 1 000?
Batho bangwe ba lebisa go Tshenolō 20:3 (e e tsopotsweng mo tsebeng ya 350) go tshegetsa kgopolo eno. Ba bolela gore “molete,” kana “kgatampi e e boteng-teng” (KJ), e emela lefatshe le le mo boemong jo bo swafetseng. A mme? Tshenolō 12:7-9, 12 (KJ) e bontsha gore nako nngwe pele ga go tsenngwa ga ga Satane mo moleting o “piriganngwa” go tswa legodimong go tla mo lefatsheng, koo a tlisetsang setho tatlhego e kgolo. Jalo, fa Tshenolō 20:3 e re Satane o latlhelwa ‘mo kgatamping e e boteng-teng,’ ga se gore go raya fela gore o tlogelwa koo a neng a ntse a le teng—a sa bonale mme a kabeletswe mo sebakeng sa selefatshe. O tlosiwa gotlhelele koo, “gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele.” Elatlhoko gore Tshenolō 20:3 e re, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, ke Satane eseng merafe, se se gololwang mo moleteng. Fa Satane a gololwa, batho bao pele ba neng ba bopa merafe eo ba tla bo ba setse ba le teng.
Isaia 24:1-6 le Yeremia 4:23-29 ka dinako tse dingwe di lebisiwa go tshegetsa tumelo eno. Tsa re: “Bōnañ, Yehofa o diha lehatshe gore le nnè lolea hèla, oa le shwahatsa, . . . Lehatshe le tla leahalèla rure, le tla thopelèlwa rure; gonne Yehofa o buile lehoko ye.” “Ka leba lehatshe, me bōnañ, ya bo le tobekanye hèla le sa itsege sepè; . . . Ka leba, me bōnañ, ga bo go se na motho, . . . Gonne go bua yana Yehofa, a re, Lehatshe yeotlhe le tla nna chwahalō; . . . motse moñwe le moñwe o tlogecwe hèla, me ga go na motho eo o nnañ mo go eōna.” Dipolelelo pele tseno di raya eng? Di ne tsa bona tiragatso ya tsone ya ntlha godimo ga Jerusalema le lefatshe la Juda. Ka tiragatso ya katlholo ya bomodimo, Jehofa o ne a dumelela Bababelona go gataka lefatshe. Kgabagare le ne la sala gotlhelele le swafetse le bile lo le lolea. (Bona gape Yeremia 36:29.) Mme ga se gore Modimo ka nako eo o ne a dira gore go se nne le batho gotlhelele mo kgolokweng, le gone ga a ketla a dira jalo jaanong. (Bona ditsebe 208-210, tlase ga “Kgolokwe-Lefatshe,” le setlhogo se segolo “Legodimo.”) Lefa go ntse jalo, o tla swafatsa gotlhelele ka bobedi molekane wa segompieno wa Jerusalema yo o sa ikanyegeng, La-Bodumedi, le le kgobang leina la Modimo ka boitshwaro jwa lone jo bo sa itshekang, le phuthego yotlhe e e bonalang ya ga Satane e e setseng.
Mo boemong jwa gore e nne naga fela e e swafetseng e e se nang sepe, ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, mme le fa Satane a sa ntse a le mo moleteng, lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. (Bona “Paradaise.”)