LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 42 ts. 230-ts. 233 ser. 4
  • Kgang e e Rutang Bareetsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgang e e Rutang Bareetsi
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Kgothaletsa Bareetsi go Dirisa Baebele
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditemana di Tsenyeleditswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 42 ts. 230-ts. 233 ser. 4

THUTO 42

Kgang e e Rutang Bareetsi

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Ruta ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba gago ba akanye le e e tla dirang gore ba ikutlwe ba ithutile sengwe se se molemo.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa o bolelela batho fela se ba setseng ba se itse, go ka direga gore go ise go ye kae ba ete mogopolo.

GO DIRA gore puo ya gago e nne e e rutang mo bareetsing ba gago, ga se kgang fela ya go bua setlhogo sengwe. Ipotse: ‘Ke ka ntlha yang fa bareetsi bano ba tlhoka go utlwa setlhogo seno? Ke tlile go reng se se tla dirang gore bareetsi ba ikutlwe ba solegetswe molemo tota ke puo eno?’

Kwa sekolong, fa o abetswe go bontsha kafa o tla neelang motho bosupi ka gone, mong wa ntlo wa gago e tla bo e le ene moreetsi wa gago. Mo mabakeng a mangwe o tla bo o bua le phuthego yotlhe.

Se Bareetsi ba Gago ba se Itseng. Ipotse, ‘Ke eng se bareetsi ba se itseng ka setlhogo seno?’ Ke sone se se tla laolang gore o simolola puo ya gago jang. Fa o bua le phuthego e e nang le Bakeresete ba le bantsi ba ba godileng semoyeng, o se ka wa boeletsa dithuto tsa motheo fela, tse ba le bantsi ba bone ba di itseng. Dirisa dithuto tseno tsa motheo go aga puo. Gone mme, fa gape go na le ba le bantsi ba ba sa tswang go kgatlhega, o tshwanetse wa akanyetsa se se tlhokwang ke ditlhopha tseno tse pedi.

Fetofetola lobelo lo o neelang puo ya gago ka lone go ya ka se bareetsi ba gago ba se itseng. Fa o bua ka dintlha dingwe tse go bonalang ba le bantsi ba di itse, o ka di bua ka bonakonyana. Mme fokotsa lobelo fa o bua ka dintlha tse di ka tswang di le disha mo go ba le bantsi ba bareetsi ba gago gore ba kgone go di tlhaloganya sentle.

Se se Tla Rutang. Gore kgang e nne e e rutang ga se ka metlha e tla rayang gore o bo o bua sengwe se sesha. Dibui dingwe di na le tsela ya go tlhalosa dithuto dingwe tse di itsiweng sentle ka tsela e e motlhofo mo e leng gore ba le bantsi mo bareetsing ba tla di tlhaloganya sentle lekgetlho la ntlha.

Mo bodireding jwa tshimo, ga go a lekana go umaka ntlha nngwe e e mo dikgannyeng go bontsha gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Dirisa Baebele go bontsha se tiragalo eo e se kayang. Seno se tla ruta mong wa ntlo tota. Ka tsela e e tshwanang, fa o umaka ntlha nngwe ka melao ya tlholego, kgotsa ka botshelo jwa dijalo kgotsa jwa diphologolo, boikaelelo jwa gago ga e a tshwanela go nna go bua ntlha nngwe e e kgatlhang ya saense e mong wa ntlo a iseng a tsamaye a e utlwe. Go na le moo boikaelelo jwa gago e tshwanetse go nna go kopanya bosupi jwa dilo tsa tlholego le dipolelo tse di mo Baebeleng go bontsha gore go na le Mmopi yo o re ratang. Seno se tla thusa mong wa ntlo gore a bone dilo ka tsela e ntšha.

E ka nna kgwetlho e kgolo go neela bareetsi puo ka setlhogo se ba setseng ba kile ba se utlwa ka makgetlhonyana. Mme gore o nne morutisi yo o molemo, o tshwanetse go ithuta gore o ka dira seno jang ka katlego. Seno se ka dirwa jang?

Go dira dipatlisiso go ka thusa. Mo boemong jwa go bua fela ka dintlha tse di itlelang fela ka botsone mo mogopolong, dirisa didirisiwa tsa go batlisisa tse go tlotliwang ka tsone mo ditsebeng 33 go ya go 38. Akanya ka dikakantsho tse di moo malebana le boikaelelo jo o tshwanetseng wa bo o leka go bo fitlhelela. Fa o dira dipatlisiso, o ka nna wa fitlhela gore go na le tiragalo nngwe ya hisitori e e sa itsiweng go le kalo e e amanang le setlhogo sa gago. Kgotsa o ka nna wa kopana le ntlha nngwe ya bosheng mo dikgannyeng e e tla bontshang ntlha e o rulaganyang go tlotla ka yone.

Fa o ntse o sekaseka dintlha tsa gago, leka go ipotsa dipotso tse di tshwanang le eng? ka ntlha yang? leng? kae? mang? le jang? Ka sekai: Ke ka ntlha yang fa seno se le boammaaruri? Nka supa jang gore se boammaaruri? Ke ditumelo dife tse ba le bantsi ba di dumelang tse di dirang gore go nne thata gore bangwe ba tlhaloganye boammaaruri jono jwa Baebele? Ke eng se se dirang ntlha eno botlhokwa? Ntlha eno e tshwanetse go ama botshelo jwa motho jang? Ke sekao sefe se se bontshang molemo wa go e dirisa? Ntlha eno ya Baebele e senola eng ka botho jwa ga Jehofa? Go ikaegile ka dintlha tse o tlotlang ka tsone, o ka nna wa ipotsa jaana: Seno se diragetse leng? Re ka dirisa dintlha tseno jang gompieno? O ka nna wa ba wa tsenya puo ya gago botshelo ka go botsa dingwe tsa dipotso tseno le go di araba fa o ntse o neela puo.

Puo ya gago e ka nna ya batla gore o dirise ditemana tse bareetsi ba gago ba di itseng sentle. O ka dirang go dira gore tsela e o di dirisang ka yone e nne e e rutang? O se ka wa di bala fela; di tlhalose.

Fa o tlotla ka temana nngwe e e itsiweng o ka kgona go ruta sentle ka yone fa o e kgaoganya ka dikarolwana, o tlhaola dikarolo tse di amanang le setlhogo sa puo ya gago mme go tswa foo o bo o di tlhalosa. Akanya ka se o ka se dirang mo temaneng e tshwana le Mika 6:8 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. “Tshiamiso” ke eng? Go tlotlwa ka ditekanyetso tsa ga mang tsa tshiamiso? O ne o ka bontsha jang gore fa go twe “o dire tshiamiso” go tewang? Kgotsa fa go twe ‘o rate bopelonomi’? Boingotlo ke eng? O ne o ka dirisa dintlha tseno jang fa o ne o bua le motho yo o godileng? Gone mme dintlha tse o tlileng go di dirisa di tshwanetse go laolwa ke dilo tse di tshwanang le setlhogo sa gago, boikaelelo jwa gago, bareetsi ba gago, le nako ya gago.

Gantsi go tlhalosa mafoko mangwe ka tsela e e motlhofo go a thusa. Batho bangwe ba sala ba gakgametse fa ba sena go utlwa se se kaiwang ke “bogosi” jo go buiwang ka jone mo go Mathaio 6:10. Fa motho yo o nnileng Mokeresete ka lobaka lo loleele a gakololwa ka tlhaloso ya lefoko lengwe, seno se ka mo thusa go lemoga sentle se tota temana e se buang. Re kgona go bona seno sentle fa re bala 2 Petere 1:5-8 re bo re tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tse di umakwang mo ditemaneng tseo: tumelo, molemo, kitso, boikgapo, boitshoko, boineelo jwa bomodimo, lorato lwa bokaulengwe, le lorato. Fa mo temaneng e le nngwe go dirisitswe mafoko a a batlang a na le bokao jo bo tshwanang, fa o a tlhalosa, seno se ka thusa go lemoga gore a farologana jang. Go ntse jalo le ka mafoko a a tshwanang le botlhale, kitso, temogo, le tlhaloganyo, jaaka fa a dirisiwa mo go Diane 2:1-6.

Bareetsi ba gago ba ka nna ba go fitlhela go ruta fa o ntsha mabaka fela a temana nngwe. Batho ba le bantsi ba a gakgamala fa ba utlwa lekgetlho la ntlha gore mo go Genesise 2:7 mo dithanolong dingwe tsa Baebele, Adame o bidiwa moya o o tshelang le gore go ya ka Esekiele 18:4, mewa e a swa. Ka nako nngwe, Jesu o ne a gakgamatsa Basadukae fa a ne a bua ka Ekesodo 3:6, e ba neng ba bolela gore ba a e dumela, mme a bo a e dirisa mo kgannyeng ya go tsosiwa ga baswi.—Luke 20:37, 38.

Ka dinako tse dingwe go a ruta go tlhalosa kgang e temana nngwe e buang ka yone, maemo a a amanang le go kwalwa ga yone, le go bontsha gore ke mang yo o buang kgotsa ke mang yo o reeditseng se se buiwang. Bafarasai ba ne ba itse Pesalema 110 sentle. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba tlhokomedisa ntlha nngwe e e botlhokwa e e fitlhelwang mo temaneng ya ntlha ya yone. O ne a botsa jaana: “‘Lo akanyang ka Keresete? Ke morwa mang?’ Ba mo raya ba re: ‘Wa ga Dafide.’ A ba raya a re: ‘Go tla jang, he, go bo Dafide ka tlhotlheletso a mmitsa “Morena,” a re, “Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: ‘Nna ka fa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago’”? Jalo, fa Dafide a mmitsa “Morena,” go tla jang gore a bo a le morwawe?’” (Math. 22:41-45) Fa o ntsha mabaka ka Dikwalo jaaka Jesu a ne a dira, o tla thusa batho go bala Lefoko la Modimo ka kelotlhoko.

Fa sebui se tlhalosa nako ya go kwalwa ga buka nngwe ya Baebele kgotsa nako e tiragalo nngwe e diragetseng ka yone, gape se tshwanetse go tlhalosa maemo a a neng a le gone ka nako eo. Ka tsela eo bareetsi ba tla tlhaloganya bokao jwa buka eo kgotsa tiragalo eo botoka.

Go bapisa dintlha go ka thusa go dira gore se o se buang se rute. O ka nna wa tlhalosa pono e ba le bantsi ba nang le yone mme o e bapise le se Baebele e se buang ka yone ntlha eo. Kgotsa o ka nna wa bapisa dipego di le pedi tsa Baebele tse di buang ka tiragalo e le nngwe. A go na le mo di farologanang teng? Ka ntlha yang? Re ithuta eng ka yone? Fa o dira jalo, seno se ka thusa bareetsi ba gago go leba kgang eno ka tsela e ntšha.

Fa o abetswe go tlotla ka karolo nngwe ya bodiredi jwa Bokeresete, o ka nna wa nonotsha puo ya gago ka go simolola ka go e sobokanya pele. Tlotla gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa, ke ka ntlha yang fa se tshwanetse go dirwa, le gore se amana jang le mokgele wa rona ka kakaretso jaaka Basupi ba ga Jehofa. Go tswa foo tlhalosa gore tiro eno e tshwanetse go dirwa kae, leng le gore e dirwe jang.

Go tweng fa puo ya gago e batla gore o tlotle ka dingwe tsa “dilo tse di boteng tsa Modimo”? (1 Bakor. 2:10) Fa o simolola ka go bontsha le go tlhalosa dikarolo dingwe tsa konokono tsa setlhogo seo, bareetsi ba tla tlhaloganya dintlha ka bonako. Mme fa o konela ka go sobokanya dintlha tsa puo ya gago ka bokhutshwane, seno se ka tlogela bareetsi ba gago ba ikutlwa ba ithutile sengwe tota.

Kgakololo Malebana le Botshelo Jwa Bokeresete. Bareetsi ba gago ba tla solegelwa molemo thata fa o ba thusa go bona gore tshedimosetso e e mo puong ya gago e ama matshelo a bone jang. Fa o ntse o tlhatlhoba ditemana tse di mo puong ya gago, ipotse gore, ‘Ke ka ntlha yang fa tshedimosetso eno e bolokilwe mo Dikwalong go fitlha mo motlheng wa rona?’ (Bar. 15:4; 1 Bakor. 10:11) Akanya ka maemo a botshelo a bareetsi ba gago ba lebaneng le one. Sekaseka maemo ano ka boone o akantse ka kgakololo le melaometheo e e mo Dikwalong. Mo puong ya gago, ntsha mabaka a Dikwalo go bontsha kafa di ka thusang motho ka gone go lebana ka botlhale le maemo ao. O se ka wa bua dilo ka go di akaretsa fela. Tlotla ka mekgwa le ditiro ka botsone.

Fa o simolola, dirisa e le nngwe kgotsa di le pedi tsa dikakantsho tse di fa godimo mo puong e o e baakanyetsang. Fa o ntse o nna le maitemogelo a a oketsegileng, dirisa le dikakantsho tse dingwe. Fa nako e ntse e ya o tla fitlhela gore bareetsi ba tla eletsa go utlwa dipuo tsa gago, ba dumela gore ba tla utlwa sengwe se se tla ba solegelang molemo tota.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Akanyetsa se bareetsi ba gago ba setseng ba se itse ka setlhogo sa gago.

  • Fetofetola lobelo lo o neelang dintlha ka lone—tse di itsiweng sentle o di bue ka bonakonyana, tse dintšha o di bue o iketlile.

  • O se ka wa umaka dintlha fela; tlotla gore di kayang kgotsa di botlhokwa go le kana kang.

  • Dira gore o akanye ka go ipotsa dipotso tseno: Eng? Ka ntlha yang? Leng? Kae? Mang? Jang?

  • Iphe nako ya go akanyetsa Dikwalo; batla dintlha tse di oketsegileng tse di malebana le dikarolo tse di rileng tsa Dikwalo.

  • Bapisa le go farologanya dilo.

  • Sobokanya dintlha tsa puo ya gago ka bokhutshwane.

  • Bontsha kafa tshedimosetso eo e ka dirisiwang ka gone go rarabolola mathata le go dira ditshwetso.

IKATISO: (1) Dira patlisiso go bona karolo nngwe e e rutang ya temana e o e itseng, e e tshwanang le Mathaio 24:14 kgotsa Johane 17:3. (2) Bala Diane 8:30, 31 le Johane 5:20. Go tlhatlhanya ka kamano e e fa gare ga ga Jehofa Modimo le Keresete Jesu, e e tlhalosiwang mo ditemaneng tseo, go ka go thusa jang go dirisa ditemana tseo go thusa lelapa lengwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela