LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 43 ts. 234-ts. 235 ser. 3
  • Go Dirisa Dintlha Tse o di Abetsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dirisa Dintlha Tse o di Abetsweng
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Baithuti Tsa Sekolo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tse di Neelwang Phuthego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dira Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 43 ts. 234-ts. 235 ser. 3

THUTO 43

Go Dirisa Dintlha Tse o di Abetsweng

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Aga puo ya gago o dirisa setlhogo se o se abetsweng, mme fa o kaetswe mo o tshwanetseng go tsaya dintlha tsa gago teng, dirisa ditemana le dintlha tsa konokono tse di mo go tsone.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa re dirisa dintlha tse re di abetsweng go baakanyetsa puo ya rona, re bontsha gore re tlotla thulaganyo e setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se e tlhomileng go re fepa.

BAEBELE e tshwantsha phuthego ya Bokeresete le mmele wa motho. Karolo nngwe le nngwe e botlhokwa, mme ga se “ditokololo tsotlhe tse di dirang tiro e le nngwe fela.” Tumalanong le seo, re tshwanetse go leka ka natla go direla mo tshiamelong le fa e le efe e re e newang. Seno se tlhoka gore re tlhaloganye kabelo epe fela ya go bua e re e newang re bo re e tlhokomele, re se ka ra nyatsa ditlhogo dingwe ka gonne re akanya gore ditlhogo tse dingwe di kgatlha go di feta. (Bar. 12:4-8) Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se na le boikarabelo jwa go re naya dijo tsa semoya “ka nako e e tshwanetseng.” (Math. 24:45) Fa re dirisa bokgoni jo re nang le jone go baakanyetsa dipuo go ya ka ditaelo tse re di neilweng, re bontsha gore re anaanela thulaganyo eo. Seno se thusa go dira gore dilo tsotlhe di tsamaisiwe sentle mo phuthegong.

Se o Tshwanetseng go se Akaretsa. Fa o abetswe setlhogo mo sekolong, tlhokomela gore o bue ka setlhogo seo fela, e seng ka sepe se sele. Gantsi o tla newa mo o ka bonang dintlha tse di oketsegileng teng. Fa o sa bolelelwa gore o ka dirisa dintlha dife tse di gatisitsweng go neela puo ya gago, o ka nna wa kokoanya dintlha mo kgatisong nngwe le nngwe fela e o e tlhophang. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o baakanyetsa puo ya gago, tlhomamisa gore puo yotlhe ya gago e bua ka setlhogo se o se abetsweng. Fa o leka go bona gore ke eng se o ka se akaretsang, o tla tshwanelwa ke go akanyetsa le bareetsi ba gago.

Tlhatlhoba dintlha tse di oketsegileng ka kelotlhoko, o sekaseka ditemana tse di mo go tsone. Go tswa foo akanyetsa gore o tla di dirisa jang ka tsela e e molemo gore di solegele bareetsi molemo. Tlhopha dintlha di le pedi kgotsa di le tharo go tswa mo dintlheng tse di gatisitsweng, tse o tla di dirang dintlha tsa konokono mo puong ya gago. Ka tsela e e tshwanang, mo dintlheng tse o di abetsweng, tlhopha ditemana tse o rulaganyetsang go di bala le go tlotla ka tsone.

O tshwanetse go dirisa dintlha tse di kana kang? Dirisa fela tse o ka kgonang go tlotla sentle ka tsone. O se ka wa tlatsa puo ya gago ka tshedimosetso e ntsintsi e e tla dirang gore o feleletse o sa ruta sentle. Fa dintlha dingwe di sa go thuse go fitlhelela boikaelelo jwa gago ka puo ya gago, dirisa fela dikarolo tse di tla go thusang go fitlhelela mokgele wa gago. Mo dintlheng tse o di abetsweng, dirisa fela tse di tlileng go ruta bareetsi ba gago thata e bile di tlile go ba solegela molemo thata. Boikaelelo jwa gago ka ntlha eno ya kgakololo ya puo, ga se go bona gore o ka bua dintlha di le kana kang, mme ke go dirisa se o se abetsweng gore o neele puo ya gago ka sone.

Puo ya gago ga se go sobokanya fela dintlha tse o di abetsweng. O tshwanetse go leka go tlhalosa dintlha dingwe, o di godise, o di tshwantshe, gongwe o bo o ntshe sekai se se bontshang kafa di ka dirisiwang ka gone. Dintlha tse di oketsegileng di tshwanetse go dirisiwa go tlhalosa dintlha tse di botlhokwa tse o di abetsweng, e seng go dirisiwa mo boemong jwa tsone.

Bakaulengwe ba ba nang le ditshwanelego tse di tlhokegang tsa go nna barutisi fa nako e ntse e tsamaya ba ka nna ba kopiwa go ruta mo Pokanong ya Tirelo. Ba lemoga gore go botlhokwa go dirisa dintlha tse ba di abetsweng ka tsela e e molemo go na le gore ba dirise dingwe di sele mo boemong jwa tsone. Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe ba ba neelang dipuo tsa phatlalatsa ba newa diaotlelaene gore ba neele puo ka tsone. Diaotlelaene tseno di go letla go fetofetoga mo puong ya gago, mme gone di go bontsha sentle dintlha tsa konokono tse o tshwanetseng go di tlhalosa, dintlha tse di di tshegetsang tse o ka di dirisang, le ditemana tse puo ya gago e theilweng mo go tsone. Go ithuta go ruta o dirisa dintlha tse o di abetsweng ke karolo e e botlhokwa e e go thapisetsang ditshiamelo tse dingwe tsa go neela dipuo.

Thapiso eno e ka go thusa gape go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele tse di gatelang pele. O tla ithuta go tlhoma mogopolo mo dintlheng tse lo di ithutang mo boemong jwa go fetola kgang ka go gatelela dilo tse dingwe tse di ka nnang tsa bo di kgatlha mme gone di sa tlhokege gore motho a tlhaloganye setlhogo. Le fa go ntse jalo, fa o tlhaloganya se tota se bolelwang ke thuto eno, ga o kitla o gagamala mo e leng gore ga o na o ntsha tlhaloso e nngwe e e oketsegileng e moithuti a ka nnang a bo a e tlhoka.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Dirisa fela dintlha tse di amanang le setlhogo se o se abetsweng.

  • Fa kabelo ya gago e akaretsa gore o dirise dintlha tse di rileng tse di gatisitsweng go baakanyetsa puo ya gago, tlhopha dintlha tsa gago tsa konokono le ditemana tsa gago tsa konokono mo dintlheng tseo go na le go di ntsha mo dintlheng tse dingwe.

IKATISO: Mo malatsing a le mararo a a farologaneng fa o bala temana ya letsatsi, tshwaya lefoko kana mafoko a a supang setlhogo se go tlotliwang ka yone. Thalela ntlha e le nngwe kgotsa di le pedi tse dikhutshwane tse di amanang ka tlhamalalo le setlhogo seo. Go tswa foo, ka mafoko a gago, akgela ka setlhogo seo ka go dirisa ditemana le dintlha tse o di tshwaileng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela