LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr17 September ts. 1-10
  • Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi (2017)
  • Ditlhogwana
  • SEPTEMBER 4-10
  • SEPTEMBER 11-17
  • SEPTEMBER 18-24
  • SEPTEMBER 25–OCTOBER 1
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi (2017)
mwbr17 September ts. 1-10

Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi

SEPTEMBER 4-10

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 42-45

“Ba Simolola go Obamela Jehofa Gape!”

(Esekiele 43:10-12) “Fa e le wena morwa motho, itsise ba ntlo ya Iseraele ka ga Ntlo, gore ba ikutlwe ba tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya ditlolo tsa bone, mme ba lekanye sebopego sa yone. 11 Mme fa ba ikutlwa ba tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya sotlhe se ba se dirileng, o ba itsise polane ya motheo wa Ntlo, le thulaganyo ya yone le dikgoro tsa yone tsa go tswa le ditsela tsa yone tsa botseno, le dipolane tsotlhe tsa motheo wa yone le ditaelo tsotlhe tsa yone, le dipolane tsotlhe tsa motheo wa yone le melao yotlhe ya yone o bo o di kwale fa pele ga matlho a bone, gore ba boloke dipolane tsotlhe tsa yone tsa motheo le ditaelo tsotlhe tsa yone mme ba di diragatse. 12 Ono ke molao wa Ntlo. Karolo ya yone yotlhe ya naga e e kwa godimo ga thaba ke selo se se boitshepotshepo. Bona! Ono ke molao wa Ntlo.

w99 3/1 9 ¶3

“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!

3 Ponatshegelo eno e e tseneletseng, e e bopang dikgaolo tse robongwe tsa buka ya Esekiele, e ile ya neela Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa tsholofelo e e neng e nonotsha tumelo ya bone. Kobamelo e e itshekileng e ne e tla tsosolosiwa! Mo makgolong a dingwaga fa e sa le ka nako eo, go fitlha le mo motlheng wa rona, ponatshegelo eo e ile ya kgothatsa batho ba ba ratang Jehofa. Jang? Mma re sekasekeng se ponatshegelo ya boporofeti ya ga Esekiele e neng e se kaya mo Baiseraeleng ba ba neng ba le kwa botshwarwa. E na le dikarolo tse nnè tsa konokono: tempele, boperesiti, kgosana le lefatshe.

it-2-E 1082 ¶2

Tempele

Ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele. Ka 593 B.C.E., dingwaga di le 14 morago ga gore Jerusalema le tempele ya ga Solomone di senngwe, Esekiele yo e neng e le moperesiti e bile e le moporofeti o ne a isiwa ka ponatshegelo kwa thabeng e e kwa godimo mme a bona tempele e kgolo ya ga Jehofa. (Esek 40:1, 2) Modimo o ne a laela Esekiele gore a bolelele ba “ntlo ya Iseraele” sengwe le sengwe se a neng a se bona, go ba thusa gore ba ikwatlhaele ditiro tsa bone le go gomotsa ba ba neng ba ikanyega mo Modimong. (Esek 40:4; 43:10, 11) Ponatshegelo eo e ne e remeletse thata mo bogolong jwa tempele. Go ile ga dirisiwa “lotlhaka” (lwa boleele jwa dimetara di le 3,11) le “kubita” (ya boleele jwa disentimetara di le 51,8.). (Esek 40:5, ntlha e e kwa tlase mo NW) Batho bangwe ba akanya gore tempele eno ya ponatshegelo e ne e tshwantshetsa tempele e Serubabele a neng a e aga fa Bajuda ba tswa kwa botshwarwa kwa Babelona. Mme gone ga go na bosupi jwa seo.

(Esekiele 44:23) “‘Mme ba rute batho ba me pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le selo se se seng boitshepo; ba dire gore ba itse pharologanyo fa gare ga se se seng phepa le se se phepa.

(Esekiele 45:16) “‘Fa e le batho botlhe ba lefatshe bone, ba tla rwala boikarabelo jwa moneelo ono mo kgosaneng ya Iseraele.

w99 3/1 10 ¶10

“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!

10 A bo dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa bo di ile tsa imolola dipelo tsa batshwarwa jang ne! Lelapa lengwe le lengwe le ne le tlhomamisediwa gore le tla newa boswa jwa lefatshe. (Bapisa Mika 4:4.) Kobamelo e e itshekileng e ne e tla tseelwa kwa godimo thata koo. Ela tlhoko gore mo ponatshegelong ya ga Esekiele, kgosana, jaaka baperesiti, e ne e tla nna mo lefatsheng le batho ba le ntshitseng go nna seromololo. (Esekiele 45:16) Ka jalo, mo lefatsheng le le tsosolositsweng, batho ba ne ba tshwanetse go thusa batho ba Jehofa a ba tlhomileng go etelela pele mo tirong ya bone, ba ba tshegetsa ka go dirisana mmogo le bone mo kaelong ya bone. Mo go seno sotlhe, lefatshe leno le ne le tshwantshetsa thulaganyo, tirisanommogo le pabalesego.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Esekiele 43:8, 9) Ka go baya serepodi sa bone fa serepoding sa me le mophakwana wa bone fa thoko ga mophakwana wa me, lobota lo le fa gare ga me le bone. Mme ba ne ba leswafatsa leina la me le le boitshepo ka dilo tsa bone tse di makgapha tse ba neng ba di dira, mo ke neng ka ba fedisa mo bogaleng jwa me. 9 Jaanong a ba tlosetse kgokafalo ya bone le ditopo tsa dikgosi tsa bone kgakala le nna, mme ruri ke tla aga mo gare ga bone ka bosakhutleng.

it-2-E 467 ¶4

Leina

E re ka go ne go itsiwe gore Baiseraele ke batho ba ba bidiwang ka leina la Modimo, go tlola melao ya gagwe go ne go leswafatsa leina la Modimo e bile go le tlontlolola. (Esek 43:8; Amo 2:7) Fa Modimo a ne a ba otlhaya, seno se ile sa dira gore ditšhaba tse dingwe di bue maswe ka leina la Modimo le go le nyatsa. (Bapisa Pes 74:10, 18; Isa 52:5.) E re ka ditšhaba tseo di ne sa lemoge gore Modimo ke ene a otlhayang batho ba gagwe, di ne di akanya gore Baiseraele ba welwa ke masetlapelo ka gonne Jehofa a palelwa ke go ba sireletsa. Jehofa o ne a itshepisa leina la gagwe ka go busetsa Baiseraele kwa nageng ya bone.—Esek 36:22-24.

(Esekiele 45:9, 10) “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Go lekane ka lona, lona dikgosana tsa Iseraele!’“‘Tlosang thubakanyo le thopo, mme lo dire tshiamiso le tshiamo. Tlogelang go gapela batho ba me dithoto,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 10 ‘Lo nne le dikale tse di tlhomameng le ifa e e tlhomameng le selekanyo se se tlhomameng sa bata.

it-2-E 140

Tshiamiso

Ke ka moo Jehofa a lebeletseng gore batho ba ba batlang gore a ba amogele ba ithute melao ya gagwe ya tshiamiso le go e latela. (Isa 1:17, 18; 10:1, 2; Jer 7:5-7; 21:12; 22:3, 4; Esek 45:9, 10; Amo 5:15; Mik 3:9-12; 6:8; Sek 7:9-12)

Mmalo wa Baebele

(Esekiele 44:1-9) Mme a mpusa ka tsela ya kgoro ya lefelo le le boitshepo, e e kafa ntle e e lebileng kwa botlhaba, mme e ne e tswetswe. 2 Foo Jehofa a nthaya a re: “Fa e le kgoro eno, e tla nna e tswetswe. Ga e kitla e bulwa, mme ga go na motho ope fela yo tla tsenang ka yone; gonne Jehofa ka boene, Modimo wa Iseraele, o tsene ka yone, mme e tla nna e tswetswe. 3 Le fa go ntse jalo, kgosana—e tla nna mo go yone jaaka kgosana, gore e je senkgwe fa pele ga ga Jehofa. E tla tsena ka tsela ya mathudi a kgoro, mme e tla tswa ka tsela ya one.” 4 Jaanong a ntlisa ka tsela ya kgoro ya bokone fa pele ga Ntlo, gore ke lebe, mme bona! kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse mo ntlong ya ga Jehofa. Mme ka wa ka sefatlhego. 5 Foo Jehofa a nthaya a re: “Morwa motho, tlhoma pelo ya gago mme o bone ka matlho a gago, o utlwe ka ditsebe tsa gago sotlhe se ke se buang le wena malebana le ditaolo tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa le melao ya yone yotlhe, mme o tlhome pelo ya gago mo tseleng ya botseno ya Ntlo le mo dikgorong tsotlhe tsa go tswa tsa lefelo le le boitshepo. 6 Mme o reye Botsuolodi, ntlo ya Iseraele o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Go lekane ka lona ka ntlha ya dilo tsotlhe tsa lona tse di makgapha, lona ba ntlo ya Iseraele, 7 fa lo tlisa batswakwa ba ba sa rupang mo pelong e bile ba sa rupa mo nameng, gore ba tle go nna mo lefelong la me le le boitshepo le go le itshepolola, yone ntlo ya me; fa lo isa senkgwe sa me, mafura le madi, ba ntse ba tlola kgolagano ya me ka ntlha ya dilo tsa lona tsotlhe tse di makgapha. 8 Le gone ga lo a tlhokomela boikarabelo jwa dilo tsa me tse di boitshepo, le fa e le go itlhomela ba bangwe go nna batlhokomedi ba tiro ya me mo lefelong la me le le boitshepo.”’ 9 “‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Ga go na motswakwa ope, yo o sa rupang mo pelong le yo o sa rupang mo nameng, yo o ka tlang mo lefelong la me le le boitshepo, ke gore, motswakwa ope yo o mo gare ga bomorwa Iseraele.”’

SEPTEMBER 11-17

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 46-48

“Baiseraele Ba ne Ba Tla Boa ba Itumela Gape”

(Esekiele 47:1) Ka iketlo a mpusetsa kwa botsenong jwa Ntlo, mme bona! go ne go na le metsi a tswa kafa tlase ga serepodi sa Ntlo a ya ntlheng ya botlhaba, gonne karolo e e kwa pele ya Ntlo e ne e le kwa botlhaba. Mme metsi a ne a tswa kafa tlase, kafa letlhakoreng la moja la Ntlo, kafa borwa jwa sebeso.

(Esekiele 47:7-12) E rile ke boa, bona! mo lotshitshing lwa molatswana o o phothoselang go ne go na le ditlhare di le dintsi thata, mo letlhakoreng leno le mo letlhakoreng lele. 8 Mme a tswelela a nthaya a re: “Metsi ano a ya kwa kgaolong ya botlhaba mme a tla ya go ralala Areba. Mme a tla tla mo lewatleng. A tlisiwa mo lewatleng ka bolone, metsi a lone a a fodisiwa. 9 Mme go tla diragala gore moya mongwe le mongwe o o tshelang o o nyeulang, mo lefelong lengwe le lengwe le molatswana o o phothoselang o mogolo go menagane gabedi o tlang mo go lone, o tla tshela. Mme go tla diragala gore go nne le ditlhapi di le dintsi thata, ka gonne koo ke gone kwa metsi a tla yang gone, mme metsi a lewatle a tla fodisiwa, mme sengwe le sengwe se se fa molatswana o o phothoselang o tlang gone se tla tshela. 10 “Mme go tla diragala gore batshwaraditlhapi ba tla ema fa thoko ga one go tswa kwa Ene-gedi le go fitlha kwa Ene-gelaime. Go tla nna le segotlo sa go anega sa matlowa a a gogwang. Ditlhapi tsa bone e tla nna tsa mefutafuta, jaaka ditlhapi tsa Lewatle le Legolo, di le dintsi thata. 11 “Koo go na le mafelo a lone a a loraga le mafelo a lone a a ditsobotla, mme ga a kitla a fodisiwa. A tla neelelwa letswai. 12 “Mme fa thoko ga molatswana o o phothoselang go tla mela ditlhare tsa mefuta yotlhe tsa dijo, fa thoko ga lotshitshi lwa one mo letlhakoreng leno le mo letlhakoreng lele. Matlhare a tsone ga a kitla a swaba, le maungo a tsone ga a kitla a lailwa. Di tla tlhagisa maungo a masha ka dikgwedi tsa tsone, ka gonne metsi a tsone—a tswa mo lefelong le le boitshepo. Mme maungo a tsone e tla nna dijo le matlhare a tsone e tla nna a a fodisang.”

w99 3/1 10 ¶11-12

“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!

11 A Jehofa o ne a tla segofatsa lefatshe la bone? Boporofeti bo araba potso eno ka setshwantsho se se itumedisang. Go na le molatswana o o elelang go tswa mo tempeleng, o ntse o atlhama fa o ela kwa pele, go fitlha o nna morwalela wa noka fa o fitlha mo Lewatleng le le Suleng. Fa o fitlha koo o tsosolosa metsi a a suleng, mme go tlhongwa kgwebo e kgolo ya ditlhapi go ralala losi lwa noka. Mo lotshitshing lwa noka go na le ditlhare tse dintsi tse di nnang le maungo ngwaga otlhe, di otla e bile di alafa.—Esekiele 47:1-12.

12 Mo batshwarweng, tsholofetso eno e ne e boeletsa le go tlhomamisa dipolelopele tse di malebana le tsosoloso tse di neng di boletswe pelenyana tse ba neng ba di rata thata. Baporofeti ba ga Jehofa ba ba tlhotlheleditsweng ba ile ba tlhalosa Iseraele e e tsosolositsweng le e e nang le baagi e lebega e le paradaise. Gangwe le gape baporofeti ba ne ba bua ka kgang ya gore dikgaolo tse di swafetseng di tla boa di nna le botshelo gape. (Isaia 35:1, 6, 7; 51:3; Esekiele 36:35; 37:1-14) Ka jalo batho ba ne ba ka lebelela gore masego a ga Jehofa a a nayang botshelo a ka elela jaaka noka go tswa kwa tempeleng e e tsosolositsweng. Ka jalo, setšhaba se se suleng mo semoyeng se ne se ka tsosolosiwa. Batho bano ba ba tsosolositsweng ba ne ba ka segofadiwa ka banna ba ba molemo ba semoya—banna ba ba siameng e bile ba nonofile jaaka ditlhare tse di fa thoko ga dintshi tsa noka eo ya ponatshegelo, banna ba ba neng ba ka etelela pele mo go ageng lefatshe le le senyegileng sesha. Isaia le ene o ne a kwala a bua ka “ditlhare tsa tshiamo” tse di tla ‘agang marope a magologolo.’—Isaia 61:3, 4.

(Esekiele 47:13, 14) Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Eno ke karolo ya naga e lo tla e ikabelang go nna boswa e le lefatshe la ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele, Josefa a na le dikarolo tse pedi tsa tshimo. 14 Mme lo tla e rua, mongwe le mongwe e e tshwanang le ya ga morwarraagwe, lefatshe le ke neng ka le tsholeletsa seatla sa me ka ikano gore ke tla le naya borraalonamogologolwane; mme lefatshe leno e tla nna la lona ka bola go nna boswa.

w99 3/1 10 ¶10

“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!

10 A bo dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa bo di ile tsa imolola dipelo tsa batshwarwa jang ne! Lelapa lengwe le lengwe le ne le tlhomamisediwa gore le tla newa boswa jwa lefatshe. (Bapisa Mika 4:4.) Kobamelo e e itshekileng e ne e tla tseelwa kwa godimo thata koo. Ela tlhoko gore mo ponatshegelong ya ga Esekiele, kgosana, jaaka baperesiti, e ne e tla nna mo lefatsheng le batho ba le ntshitseng go nna seromololo. (Esekiele 45:16) Ka jalo, mo lefatsheng le le tsosolositsweng, batho ba ne ba tshwanetse go thusa batho ba Jehofa a ba tlhomileng go etelela pele mo tirong ya bone, ba ba tshegetsa ka go dirisana mmogo le bone mo kaelong ya bone. Mo go seno sotlhe, lefatshe leno le ne le tshwantshetsa thulaganyo, tirisanommogo le pabalesego.

(Esekiele 48:9, 10) “Fa e le moneelo o lo tla o ntshetsang Jehofa, e nne boleele jwa dikubita di le dikete di le masome a mabedi le botlhano le boatlhamo jwa dikete di le lesome. 10 Fa e le ka tseno go nne le moneelo o o boitshepo wa baperesiti, dikubita di le dikete di le masome a mabedi le botlhano go ela kwa bokone, le boatlhamo jwa dikubita di le dikete di le lesome go ela kwa bophirima, mme go ela kwa botlhaba boatlhamo jwa di le dikete di le lesome, mme go ela kwa borwa boleele jwa dikete di le masome a mabedi le botlhano. Mme lefelo le le boitshepo la ga Jehofa le nne mo gare ga one.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Esekiele 47:1) Ka iketlo a mpusetsa kwa botsenong jwa Ntlo, mme bona! go ne go na le metsi a tswa kafa tlase ga serepodi sa Ntlo a ya ntlheng ya botlhaba, gonne karolo e e kwa pele ya Ntlo e ne e le kwa botlhaba. Mme metsi a ne a tswa kafa tlase, kafa letlhakoreng la moja la Ntlo, kafa borwa jwa sebeso.

(Esekiele 47:8) Mme a tswelela a nthaya a re: “Metsi ano a ya kwa kgaolong ya botlhaba mme a tla ya go ralala Areba. Mme a tla tla mo lewatleng. A tlisiwa mo lewatleng ka bolone, metsi a lone a a fodisiwa.

(Esekiele 48:30) “Mme tseno e tla nna dikgoro tsa go tswa tsa motse: Mo molelwaneng wa bokone, selekanyo e tla nna dikubita di le dikete di le nnè makgolo a matlhano.

(Esekiele 48:32-34) “Mme mo molelwaneng wa botlhaba go tla nna le dikubita di le dikete di le nnè makgolo a matlhano, le dikgoro di le tharo, le kgoro ya ga Josefa, e le nngwe; kgoro ya ga Benjamine, e le nngwe; kgoro ya ga Dana, e le nngwe. 33 “Mme molelwane wa borwa o tla nna le selekanyo sa dikubita di le dikete di le nnè makgolo a matlhano, o na le dikgoro di le tharo, kgoro ya ga Simeone, e le nngwe; kgoro ya ga Isakare, e le nngwe; kgoro ya ga Sebulone, e le nngwe. 34 “Molelwane wa bophirima o tla nna dikubita di le dikete di le nnè makgolo a matlhano, go na le dikgoro di le tharo, kgoro ya ga Gada, e le nngwe; kgoro ya ga Ashera, e le nngwe; kgoro ya ga Nafetali, e le nngwe.

w99 3/1 11 ¶14

“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!

14 A ditiragalo tseno e ne e le tsone fela tse di neng di diragatsa ponatshegelo ya ga Esekiele? Nnyaa; e ne e tshwantshetsa sengwe se segolo thata go feta seo. Akanya: Tempele e Esekiele a neng a e bona e ne e ka se agiwe ka tsela e e tlhalositsweng ka yone ka tsela ya mmatota. Ke boammaaruri gore, Bajuda ba ne ba tsaya ponatshegelo eno masisi ba ba ba dirisa ditlhaloso dingwe tsa yone ka tsela ya mmatota. Le fa go ntse jalo, tempele eo yotlhe ya ponatshegelo ka boyone e ne e le kgolo thata go ka lekana mo Thabeng ya Moria, setsha sa tempele ya pele. Mo godimo ga moo, tempele ya ga Esekiele e ne e se mo motseng, go na le moo, e ne e le kgakalanyana mo setsheng se se kwa thoko, fa tempele ya bobedi yone e ne ya agiwa mo ya pele e neng e le gone, mo motseng wa Jerusalema. (Esera 1:1, 2) Mo godimo ga moo, ga go na noka epe ya mmatota e e kileng ya elela go tswa mo tempeleng ya Jerusalema. Ka jalo boporofeti jwa ga Esekiele bo ile jwa diragadiwa go sekae fela mo Iseraele wa bogologolo. Seno se supa gore ponatshegelo eno e tshwanetse ya bo e na le tsela e kgolwane ya semoya e e tla diragadiwang ka yone.

(Esekiele 47:6) Foo a nthaya a re: “A o bone seno, wena morwa motho?” Mme a ntsamaisa a mpusetsa kwa lotshitshing lwa molatswana o o phothoselang.

it-2-E 1001

Morwa Motho

Mo Dikwalong Tsa Sehebera, Modimo o dirisa sereto seno makgetlo a le mantsi mo bukeng ya ga Esekiele ka gonne mo makgetlong a feta 90 o bitsa moporofeti yono a re ke “morwa motho.” (Esek 2:1, 3, 6, 8) Jehofa o dirisa sereto seno gongwe e le go bontsha gore moporofeti yono ke motho wa mo lefatsheng, le go gatelela pharologanyo e kgolo magareng ga motho yo Modimo a mo romang le molaetsa o Modimo Mogodimodimo a o nayang motho yoo. Sereto seno se ile sa dirisiwa le mo go Daniele mo Daniele 8:17.

Mmalo wa Baebele

(Esekiele 48:13-22) “Mme fela fa thoko ga karolo ya naga ya baperesiti, Balefi ba nne le boleele jwa dikubita di le dikete di le masome a mabedi le botlhano, le boatlhamo jwa di le dikete di le lesome; boleele jotlhe e le dikete di le masome a mabedi le botlhano mme boatlhamo e le dikete di le lesome. 14 Mme ba se ka ba rekisa epe ya yone, le gone motho a se ka a e ananya, le fa e le go dira gore lefatshe la boleng jo bo kwa godimo le fete le tswe mo go bone; gonne ke selo se se boitshepo mo go Jehofa. 15 “Fa e le boatlhamo jwa dikubita tse di dikete di le tlhano tse di setseng fa thoko ga tse di dikete di le masome a mabedi le botlhano, ke selo se se itshekologileng mo motseng, mo lefelong la bonno le mo mafulong. Mme motse o tla nna mo gare ga sone. 16 Tseno ke dilekanyo tsa motse: molelwane o o kwa bokone dikubita di le dikete di le nnè le makgolo a matlhano, molelwane o o kwa borwa di le dikete di le nnè makgolo a matlhano, molelwane o o kwa botlhaba di le dikete di le nnè makgolo a matlhano, molelwane o o kwa bophirima di le dikete di le nnè makgolo a matlhano. 17 Mme motse o nne le mafulo, dikubita di le makgolo a mabedi le masome a matlhano go ela kwa bokone, mme go ela kwa borwa di le makgolo a mabedi masome a matlhano, go ela kwa botlhaba makgolo a mabedi masome a matlhano, mme go ela kwa bophirima makgolo a mabedi masome a matlhano. 18 “Mme mo go setseng ga boleele go tla tshwana fela le moneelo o o boitshepo, dikubita di le dikete di le lesome go ya kwa botlhaba, di le dikete di le lesome go ya bophirima; mme e nne fela jaaka moneelo o o boitshepo, maungo a sone e nne senkgwe sa ba ba direlang motse. 19 Mme ba ba direlang motse mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba tla o lema. 20 “Moneelo otlhe ke dikubita di le dikete di le masome a mabedi le botlhano ka dikete di le masome a mabedi le botlhano. Lo ntshe karolo e e matlhakore a le manè a a lekalekanang e le moneelo o o boitshepo mmogo le thuo ya motse. 21 “Mme mo go salang e tla nna ga kgosana, mo letlhakoreng leno le mo letlhakoreng lele la moneelo o o boitshepo le wa thuo ya motse, fa thoko ga dikubita di le dikete di le masome a mabedi le botlhano tsa moneelo go ya molelwaneng o o kafa botlhaba; le kwa bophirima fa thoko ga dikubita tse di dikete di le masome a mabedi le botlhano go ya molelwaneng wa bophirima. E tla nna ga dikgosana fela jaaka go ntse ka dikarolo. Mme moneelo o o boitshepo le lefelo le le boitshepo la Ntlo di tla nna mo gare ga gone. 22 “Mme fa e le thuo ya Balefi le thuo ya motse, e nne fa gare ga se e leng sa kgosana. Ya kgosana e nne fa gare ga molelwane wa ga Juda le molelwane wa ga Benjamine.

SEPTEMBER 18-24

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DANIELE 1-3

“Jehofa o Tla re Segofatsa fa re Ikanyega”

(Daniele 3:16-20) Shaderake, Meshake le Abedenego ba araba, mme ba raya kgosi ba re: “Wena Nebukadenesare, ga re na tshwanelo epe ya go go araba malebana le seno. 17 Fa e le gore go tla nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang o tla kgona go re golola. O tla re golola mo leubelong le le tukang le mo seatleng sa gago, wena kgosi. 18 Mme fa go sa nne jalo, o itse, wena kgosi, gore medimo ya gago ga se yone e re e direlang, e bile ga re na go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” 19 Foo Nebukadenesare a tlala tšhakgalo, mme tebego ya sefatlhego sa gagwe ya fetogela Shaderake, Meshake le Abedenego. Mme a laela gore go gotediwe leubelo ga supa go feta ka fa go neng go tlwaetswe go le gotetsa ka teng. 20 Mme a laela banna bangwe ba ba nonofileng, ba ba nang le maatla a botlhaga, ba ba neng ba le mo mophatong wa gagwe wa sesole gore ba bofe Shaderake, Meshake le Abedenego, gore ba ba latlhele mo leubelong le le tukang.

w15 7/15 20-21 ¶15-16

Tswelela Pele o Ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo

15 E re ka re batla go direla Jehofa ka segakolodi se se phepa, ka dinako tse dingwe tsela e re dirang dilo ka yone e tla farologana gotlhelele le ya badirimmogo le rona, ba re tsenang sekolo le bone, baagelani ba rona kgotsa ba masika. (1 Petere 2:19) Jesu o ne a re tlhagisa gore batho bangwe ba tla re tlhoa ka ntlha ya seno. Se lebale gore bontsi jwa batho ba ba re bogisang ga ba itse sepe ka Bogosi Jwa Modimo. Ka jalo, ga ba tlhaloganye lebaka la go bo re sa ikanye dipuso tsa batho go na le moo, re ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo.

16 Fa re batla go ikanyega mo go Jehofa, re tshwanetse go mo ikobela go sa kgathalesege se batho ba se dirang kgotsa ba se buang. (Daniele 3:16-18) Basha ke bone ba ka dinako tse dingwe ba ka fitlhelang go le thata go farologana le batho ba bangwe. Batsadi, thusang bana ba lona gore ba nne pelokgale fa ba le kwa sekolong. Bana ba lona ba ka nna ba boifa go gana go obamela folaga kgotsa go nna le seabe mo meletlong ya bosetšhaba. Lo ka ithuta gore Jehofa o ikutlwa jang ka dilo tseno ka nako ya kobamelo ya lelapa. Ba rute go tlhalosa dilo tse ba di dumelang ka tsela e e utlwalang sentle le e e bontshang tlotlo. (Baroma 1:16) Gape fa go tlhokega, bua le barutisi ba bone mme lo ba tlhalosetse se re se dumelang.

(Daniele 3:26-29) Foo Nebukadenesare a atamela kgoro ya leubelo le le tukang. Mme a re: “Shaderake, Meshake le Abedenego, lona batlhanka ba Modimo Mogodimodimo, tswang lo tle kwano!” Ka nako eo Shaderake, Meshake le Abedenego ba tswa mo gare ga molelo. 27 Mme dikgosana tsa kgaolo ya naga, batlhankedibagolo le balaodi le badiredi ba ba kwa godimo ba kgosi ba ba neng ba phuthegile ba ne ba bona banna bano ba ba nonofileng, gore molelo o ne o sa dira mebele ya bone sepe, le gore go ne go se na le fa e le moriri wa tlhogo ya bone o o neng o babogile, le diaparo tsa bone di ne di sa fetoga le gore ba ne ba se na le monko wa molelo. 28 Nebukadenesare a re: “A go bakwe Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego, o o rometseng moengele wa one mme wa golola batlhanka ba one ba ba neng ba o ikantse le ba ba neng ba fetola lefoko la kgosi mme ba neela mebele ya bone, ka gonne ba ne ba ka se direle e bile ba ne ba ka se obamele modimo ope gotlhelele kwantle ga Modimo wa bone. 29 Mme ke ntsha taolo, gore batho bape, setlhopha sa setšhaba kgotsa puo epe ba ba buang sepe se se phoso ka Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego ba kgaoganngwe ditokololo, mme ntlo ya bone e fetolwe ntlo ya boithomelo ya batho botlhe; e re ka go se na modimo o mongwe o o kgonang go golola jaaka ono.”

w13 1/15 10 ¶13

Nna Pelokgale Jehofa O na Le Wena!

13 Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., batlhanka ba ga Jehofa ba le bararo ba Bahebera ba ile ba bona bosupi jwa gore Modimo o segofatsa ba ba bontshang tumelo le bopelokgale. Kgosi Nebukadenesare o ne a phutha batlotlegi ba kwa Babelona mme a ba laela gore ba obamele setshwantsho se segolo sa gouta. Ope fela yo o neng a sa dire jalo, o ne a tshwanetse go bolawa ka go latlhelwa mo leubelong la molelo. Bahebera ba bararo ba ne ba bolelela Nebukadenesare jaana ka tlotlo: “Modimo wa rona o re o direlang o tla kgona go re golola. O tla re golola mo leubelong le le tukang le mo seatleng sa gago, wena kgosi. Mme fa go sa nne jalo, o itse, wena kgosi, gore medimo ya gago ga se yone e re e direlang, e bile ga re na go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” (Dan. 3:16-18) Pego e e kgatlhang ya go gololwa ga Bahebera ba bararo e tlhalosiwa ka botlalo mo go Daniele 3:19-30. Le fa rona re ka se tshosediwe ka gore re tla bolawa ka go latlhelwa mo leubelong la molelo, re lebana le diteko tsa bothokgami mme re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re segofatsa fa re bontsha tumelo le bopelokgale.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Daniele 1:5) Go feta moo, kgosi e ne ya ba abela gore letsatsi le letsatsi ba je dijo tsa maemo tsa kgosi le beine e kgosi e e nwang, le go ba otla dingwaga di le tharo, gore fa di fela ba tle ba eme fa pele ga kgosi.

(Daniele 1:8) Mme Daniele a ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore o ne a se kitla a ikgotlela ka dijo tsa maemo tsa kgosi le ka beine e kgosi e e nwang. Mme o ne a nna a kopa modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi gore a se ka a ikgotlela.

it-2-E 382

Meshake

Go na le mabaka a mararo a a ka tswang a dirile gore ba tseye gore go ja dijo tsa maemo tsa kgosi go ne go tla ba kgotlela: (1) Bababelona ba ne ba ja nama ya diphologolo tse Molao wa ga Moshe o neng o re di itshekologile; (2) ba ne ba sa tlhomamisega gore a Bababelona ba ne ba tsholola madi a phologolo fa ba sena go e bolaya; (3) gantsi Bababelona ba ne ba tlhabela medimo ya bone, ka jalo, nama eo e ne e le karolo ya kobamelo ya bone ya medimo ya maaka.—Dan 1:8; Bapisa 1Bak 10:18-20, 28.

(Daniele 2:44) “Mme mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.

w12 6/15 17, lebokoso

KE BOMANG BA E LENG “MAGOSI ANO OTLHE”?

Boporofeti jo bo mo go Daniele 2:44 bo tlhalosa gore Bogosi jwa Modimo “bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe.” Boporofeti joo bo tlhalosa fela magosi a a tshwantshediwang ke dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho.

Go tweng ka dipuso tsotlhe tse dingwe tsa batho? Boporofeti jo bo tsamaisanang le joo, jo bo mo go Tshenolo bo tlhalosa ntlha eno ka botlalo. Bo bontsha gore ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ di tla phuthega kgatlhanong le Jehofa mo ‘letsatsing le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshen. 16:14; 19:19-21) Ka jalo, ga se magosi a setshwantsho fela a a tla senngwang ka Haramagedona, mme le dipuso tsotlhe tse dingwe tsa batho di tla senngwa.

w01 10/15 6 ¶4

Tsela ya go Bona Lefatshe le le Itumetseng

Karabo e fitlhelwa mo go Daniele 2:44: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tsa nako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a batho], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Modimo bo tshwanetse go “thubaganya” mebuso ya lefatshe? Ka gonne mebuso eno e gagamalela go tlhotlheletsa moya wa go nyatsa Modimo le moya wa go batla go ipusa o o ileng wa rotloediwa ke Satane bogologolo kwa tshimong ya Edene. Mo godimo ga go sa direle batho sepe se se molemo, ba ba tlhotlheletsang moya o o ntseng jalo ba ipaya mo seemong sa go thulana le Mmopi. (Pesalema 2:6-12; Tshenolo 16:14, 16) Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa ‘A re ema le puso ya Modimo kana re kgatlhanong le yone?’

Mmalo wa Baebele

(Daniele 2:31-43) “Wena, kgosi, o ne o lebile, mme bona! Setshwantsho sengwe se segolo thata. Setshwantsho seo, se se neng se le segolo le phatsimo ya sone e sa tlwaelega, se ne se eme fa pele ga gago, mme ponalo ya sone e ne e boifisa. 32 Fa e le setshwantsho seo sone, tlhogo ya sone e ne e le ya gouta e ntle, sehuba sa sone le mabogo a sone e ne e le tsa selefera, mpa ya sone le dirope tsa sone e le tsa kgotlho, 33 maoto a sone e ne e le a tshipi, dinao tsa sone, bontlhanngwe jwa tsone e ne e le jwa tshipi mme bontlhanngwe jo bongwe jwa tsone bo ne bo bopilwe ka letsopa. 34 O ne wa nna wa leba go fitlha leje le ngatholwa e seng ka diatla, mme la itaya setshwantsho mo dinaong tsa sone tsa tshipi tse gape di bopilweng ka letsopa mme la di thubaganya. 35 Ka nako eo tshipi, letsopa le go bopilweng ka lone, kgotlho, selefera le gouta, tsotlhe di ne tsa thubagana mme tsa nna jaaka mmoko o o tswang mo seboaneng sa selemo, mme phefo ya di phaila mo go neng ga se ka ga sala le fa e le motlhala wa tsone. Mme fa e le leje le le iteileng setshwantsho lone, la nna thaba e kgolo mme la tlala lefatshe lotlhe. 36 “Eno ke toro, mme re tla bua phuthololo ya yone fa pele ga kgosi. 37 Wena kgosi, kgosi ya dikgosi, wena yo Modimo wa legodimo a go neileng bogosi, thata le nonofo le seriti, 38 le yo o tsentseng mo seatleng sa yone, le fa e le kae kwa bomorwa batho ba nnang teng, diphologolo tsa naga le dibopiwa tse di diphuka tsa magodimo, le yo o e dirileng mmusi wa tsone tsotlhe, wena ka bowena o tlhogo ya gouta. 39 “Mme morago ga gago go tla tsoga bogosi jo bongwe jo bo kwa tlase ga gago; le bogosi jo bongwe, jwa boraro, jwa kgotlho, jo bo tla busang lefatshe lotlhe. 40 “Mme fa e le bogosi jwa bonè jone, bo tla itshupa bo nonofile jaaka tshipi. Fela jaaka tshipi e thubaganya e bo e sila sengwe le sengwe, fela jalo, jaaka tshipi e e tšhwetlakanyang, bo tla thubaganya bo bo bo tšhwetlakanya ano otlhe. 41 “E re ka o ne wa bona dinao le menwana ya dinao bontlhanngwe jwa tsone bo bopilwe ka letsopa la mmopi mme bontlhanngwe jo bongwe e le tshipi, bogosi joo bo tla itshupa bo kgaogane, mme sengwe se se thata jaaka tshipi se tla itshupa se le mo go jone, e re ka o bone tshipi e tlhakantswe le letsopa le le metsi. 42 Mme fa e le menwana ya dinao e bontlhanngwe jwa yone e leng tshipi mme bontlhanngwe jo bongwe bo bopilwe ka letsopa, bogosi joo bo tla itshupa bo nonofile mo ntlheng e nngwe mme bo se thata mo ntlheng e nngwe. 43 E re ka o ne wa bona tshipi e tlhakane le letsopa le le metsi, ba tla tlhakana le bana ba batho; mme ga ba na go itshupa ba ngaparagane, yo le yole, fela jaaka tshipi e sa tlhakane le letsopa le go bopilweng ka lone.

SEPTEMBER 25–OCTOBER 1

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DANIELE 4-6

“O se Ka wa Kgaotsa go Direla Jehofa!”

(Daniele 6:7-10) Badiredi botlhe ba bagolo ba bogosi, batlhankedibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga, batlhankedi ba ba kwa godimo ba segosi le balaodi, ba gakololane mmogo go tlhoma molao wa segosi le go diragatsa molao wa kiletso, gore le fa e le mang yo o lopang mo modimong ope fela kgotsa mo mothong mo malatsing a le masome a mararo fa e se mo go wena kgosi, o tshwanetse go latlhelwa mo mongobong wa ditau. 8 Jaanong, wena kgosi, e kete o ka tlhoma molao mme o beye mokwalo leina la gago, gore o se ka wa fetolwa, go ya ka molao wa Bameda le Baperesia, o o sa fedisiweng.” 9 Tumalanong le seno, Kgosi Dario a baya mokwalo le molao wa kiletso leina la gagwe. 10 Mme Daniele, fela fa a sena go itse gore mokwalo o ne o beilwe leina, a tsena mo ntlong ya gagwe, mme a buletswe difensetere tsa ntlwana ya gagwe e e kwa borulelong ntlheng ya Jerusalema, o ne a khubama ka mangole gararo mo letsatsing a rapela e bile a isa pako fa pele ga Modimo wa gagwe, fela jaaka a ne a ntse a dira jalo ka metlha pele ga seno.

w10 11/15 6 ¶16

Basha—Kaelwang ke Lefoko la Modimo

16 Ke eng fa o tshwanetse go ikemisetsa go ikobela Jehofa le fa o le nosi? Se lebale seno: O ka itlhophela gore a o batla go utlwisa Jehofa botlhoko kgotsa o batla go ipedisa pelo ya gagwe. (Gen. 6:5, 6; Dia. 27:11) Jehofa o amiwa ke dilo tse o di dirang ka gonne ‘o a go kgathalela.’ (1 Pet. 5:7) O batla gore o mo reetse gore o solegelwe molemo. (Isa. 48:17, 18) Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa batlhanka bangwe ba gagwe ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba itlhokomolosa kgakololo ya gagwe. (Pes. 78:40, 41) Mme gone, o ne a rata moporofeti Daniele fela thata, ke gone ka moo moengele a ileng a mmitsa “monna yo o rategang thata.” (Dan. 10:11) Ka ntlha yang? Daniele o ne a nna a ikanyega mo Modimong e seng fela fa a le mo bathong mme gape le fa a le nosi.—Bala Daniele 6:10.

w06 11/1 24 ¶12

A o Leba Dilo Tse di Boitshepo ka Tsela e Jehofa a di Lebang ka Yone?

12 Ga go gakgamatse go bo dilo di le dintsi tse di amanang le maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete le ditsala tsa bone di tsewa di le boitshepo. Kamano ya rona le Jehofa ke sengwe sa dilo tse di boitshepo. (1 Ditiragalo 28:9; Pesalema 36:7) Re e tsaya e le botlhokwa thata jaana mo re sa letleng sepe kgotsa ope go koafatsa kamano ya rona le Modimo wa rona Jehofa. (2 Ditiragalo 15:2; Jakobe 4:7, 8) Thapelo e re thusa thata mo go ipolokeng re na le kamano e e molemo le Jehofa. Moporofeti Daniele o ne a tsaya thapelo e le boitshepo thata jaana mo a neng a tswelela ka tlwaelo ya gagwe ya go rapela Jehofa tota le fa go dira jalo go ne go ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. (Daniele 6:7-11) “Dithapelo tsa baitshepi,” kana Bakeresete ba ba tloditsweng, di tshwantshiwa le maswalo a a neng a dirisiwa mo tempeleng. (Tshenolo 5:8; 8:3, 4; Lefitiko 16:12, 13) Mafoko ano a a tshwantshang a gatelela go nna boitshepo ga thapelo. A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go kgona go buisana le Molaodimogolo wa lobopo! Ke sone se re tsayang thapelo e le boitshepo mo botshelong jwa rona.

(Daniele 6:16) Ka jalo kgosi ya laela, mme ba tlisa Daniele ba mo latlhela mo mongobong wa ditau. Kgosi ya raya Daniele ya re: “Modimo wa gago yo o mo direlang ka tlhomamo, ene ka boene o tla go golola.”

(Daniele 6:20) Mme e rile e atamela mongobo, ya goela kwa go Daniele ka lentswe la kutlobotlhoko. Kgosi e ne e buela kwa godimo e raya Daniele e re: “Daniele, wena motlhanka wa Modimo yo o tshelang, a Modimo wa gago yo o mo direlang ka tlhomamo o kgonne go go golola mo ditaung?”

w03 9/15 15 ¶2

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?

2 Jehofa o ne a leba Daniele jang? Fa moengele Gabariele a ne a tla go araba nngwe ya dithapelo tsa ga Daniele, o ne a tlhalosa moporofeti yono e le “mongwe yo o rategang” kana “monna yo o rategang thata.” (Daniele 9:20-23; The New English Bible) Mo boporofeting jwa ga Esekiele, Jehofa o ne a tlhalosa Daniele e le monna yo o siameng. (Esekiele 14:14, 20) Go bonala dithapelo tsa ga Daniele di ile tsa dira gore a nne le kamano e e molemo le Modimo mo botshelong jwa gagwe, e leng selo se Dario a ileng a se lemoga.—Daniele 6:16.

(Daniele 6:22, 23) Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau, mme ga di a ntshenya, e re ka ke fitlhetswe ke se na molato fa pele ga gagwe; le fa pele ga gago, wena kgosi, ga ke a dira tiro epe e e utlwisang botlhoko.” 23 Foo kgosi ya itumela thata, mme ya laela gore Daniele a tsholediwe a ntshiwe mo mongobong. Mme Daniele o ne a tsholediwa a ntshiwa mo mongobong, mme ga se ka ga fitlhelwa a utlwile botlhoko gope, ka gonne o ne a ikantse Modimo wa gagwe.

w10 2/15 18 ¶15

“Moya le Monyadiwa ba Nna ba re: ‘Tla!’”

15 Fa Daniele a sena go robala bosigo bo le bongwe mo mongobong wa ditau, kgosi e ne ya ya kwa go ene mme ya goa ya re: “Daniele, wena motlhanka wa Modimo yo o tshelang, a Modimo wa gago yo o mo direlang ka tlhomamo o kgonne go go golola mo ditaung?” Ka yone nako eo Daniele o ne a araba a re: “Wena kgosi, tswelela o tshela le eleng ka bosakhutleng. Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau, mme ga di a ntshenya, e re ka ke fitlhetswe ke se na molato fa pele ga gagwe; le fa pele ga gago, wena kgosi, ga ke a dira tiro epe e e utlwisang botlhoko.” Jehofa o ne a segofatsa Daniele ka ntlha ya go mo direla “ka tlhomamo.”—Dan. 6:19-22.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Daniele 4:10, 11) “‘Jaanong ke ne ke bona diponatshegelo tsa tlhogo ya me fa ke le mo bolaong jwa me, mme bona! go ne go na le setlhare mo gare ga lefatshe, se bogodimo jwa sone bo neng bo le bogolo thata. 11 Setlhare se ne sa gola mme sa nonofa, mme bogodimo jwa sone jwa feletsa bo fitlhile kwa legodimong, mme se ne se bonala go fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe lotlhe.

(Daniele 4:20-22) “‘Setlhare se o se boneng, se se neng sa gola sa nna segolo mme sa nonofa le se bogodimo jwa sone bo neng jwa felela bo fitlhile kwa magodimong le se se neng se bonala mo lefatsheng lotlhe, 21 le se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di neng di le dintle, le se maungo a sone a neng a le mantsi, le se mo go sone go neng go na le dijo tsa botlhe; se diphologolo tsa naga di neng di nna kafa tlase ga sone, le se dinonyane tsa magodimo di neng di aga mo dikaleng tsa sone tse dikgolo, 22 ke wena, wena kgosi, ka gonne o ne wa gola wa nna mogolo wa ba wa nonofa, le bogolo jwa gago bo ne jwa gola jwa nna bogolo jwa ba jwa fitllha kwa magodimong, le bobusi jwa gago jwa fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe.

w07 9/1 18 ¶5

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele

4:10, 11, 20-22—Setlhare se segolo thata sa toro ya ga Nebukadenesare se ne se emela kgotsa se tshwantshetsa eng? Kwa tshimologong setlhare seno se ne se emela Nebukadenesare jaaka mmusi wa mmusomogolo wa lefatshe. Mme e re ka bobusi jono bo ne bo fitlha “kwa bofelelong jwa lefatshe,” setlhare seno se tshwanetse sa bo se tshwantshetsa sengwe se segolo le go feta. Daniele 4:17 e amanya toro eno le puso ya “Mogodimodimo” a busa batho. Ka jalo, setlhare seo se ne se tshwantshetsa le bolaodi jwa ga Jehofa jwa lefatshe lotlhe, bogolo jang malebana le lefatshe. Ka gone, toro eno e diragadiwa gabedi—ka puso ya ga Nebukadenesare le ka bolaodi jwa ga Jehofa.

(Daniele 5:17) Ka nako eo Daniele o ne a bua fa pele ga kgosi a re: “A dimpho tsa gago di nne mo go wena, le dineo tsa gago o di neye ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ke tla balela kgosi mokwalo ka boone, mme ke tla e itsise phuthololo.

(Daniele 5:29) Ka nako eo Beleshasare a ntsha taelo, mme ba apesa Daniele bobududu jo bo mokgona, le sebaga sa gouta mo molaleng; mme ba itsise kaga gagwe gore o ne a tlile go nna mmusi wa boraro mo bogosing.

w88 10/1 30 ¶3-5

Dipotso tse di Tswang go Babadi

Fa kgabagare go ne go leriwe Mohebera mongwe yo o neng a bidiwa Daniele, kgosi eo e ne ya boa ya bolela mpho ya yone—eleng go apesa Daniele diaparo tse di bohibidu io bo mokgona, go mo apesa se baga sa molala sa gouda, le go mo tlhoma go nna mmusi wa maemo a bararo mo bogosing jwa gagwe. Moperofeti yoo o ne a fetola jaana ka tlotlo: “A dinèō tsa gaga e nnè tsa gago, me u neè o sele dituèlō tsa gaga; leha go nntse yalo ke tla balèla kgosi lokwalō, ke ba ke e itsise phuthololō.”—Daniele 5:17.

Jalo Daniele o ne a sa tlhoke go neelwa pipa-molomo kana go duelelwa go ntsha tlhaloso. Kgosi eo e ne e ka ipolokela dimpho tseo kana ya di naya mongwe o sele. Daniele o ne a tla ntsha tlhaloso, e se gare a tle a duelwe, mme e le ka gonne a ne a neilwe maatla a go dira jalo ke Jehofa, Modimo wa boammaaruri, yo katlholo ya gagwe mo go Babelona e neng e tloga e diragala.

Jaaka re ile ra bala mo go Daniele 5:29, morago ga Daniele a sena go bala le go tlhalosa mafoko ao jaaka a ne a boletse gare o tla dira, kgosi e ne ya laolela gare Daniele a neelwe dituelo tseo lefa go le jalo. Daniele gaa ka a ikapesa diaparo tseo a ba a ithwesa sebaga sa mol al a ka boene. O ne a di apesiwa ka taolo ya mmusa-nosi yoo, ebong Kgosi Beleshasare. Mme sena ga se thulane le Daniele 5:17, koo moperofeti yoo a neng a phepafatsa gare boitlhomo jwa gagwe e ne e se jwa bogagapa.

dp 109 ¶22

Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe

22 Thamalakane e ne ya rarabololwa ka tsela eo. Babelona yo o nonofileng o ne a tloga a digwa ke mephato ya Bameda le Baperesia. Le fa a ne a sulafetse ka ntlha ya molaetsa ono wa katlholo, Beleshasare o ne a dira jaaka a ne a solofeditse. O ne a dira gore batlhanka ba gagwe ba apese Daniele bohibidu jo bo mokgona, a bewe mpolokwane wa gouta mo thamong, a ba a itsisiwe gore ke mmusi wa boraro mo bogosing. (Daniele 5:29) Daniele ga a ka a gana ditlotla tseno, a lemoga gore di bontsha ditlotla tse di neng di tshwanela Jehofa. Gone mme, Beleshasare a ka tswa a ne a solofetse gore o tla nolofatsa dikatlholo tsa ga Jehofa ka go tlotla moporofeti wa Gagwe. Fa e le gore go ne go ntse jalo, go ne go sa thuse sepe gonne go ne go setse go le thari.

Mmalo wa Baebele

(Daniele 4:29-37) Kwa bokhutlong jwa dikgwedi di le lesome le bobedi tsa modikologo wa ngwedi ga diragala gore a bo a tsamaya mo godimo ga ntlo ya segosi ya Babelona. 30 Kgosi ya re: “A ono ga se Babelona o Mogolo, o nna ka bonna ke o agetseng ntlo ya segosi ka nonofo ya thata ya me le o ke o agetseng seriti sa tlotlomalo ya me?” 31 Fa lefoko le ne le sa ntse le le mo molomong wa kgosi, ga nna le lentswe le le neng le tswa magodimong le re: “Wena kgosi Nebukadenesare, o bolelelwa go twe, ‘Bogosi ka bojone bo tlogile mo go wena, 32 e bile ba go leleka mo bathong, mme o tla nna le diphologolo tsa naga. Ba tla go naya dimela gore o di je fela jaaka dipoo, mme o tla fetwa ke metlha e le supa, go fitlha o itse gore Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho, le gore o bo naya yo a batlang go bo mo naya.’” 33 Ka yone nako eo lefoko ka bolone le ne la diragadiwa mo go Nebukadenesare, mme o ne a lelekwa mo bathong, mme a simolola go ja dimela fela jaaka dipoo, le mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa magodimo, go fitlha moriri wa gagwe o gola o nna moleele fela jaaka mafofa a ntsu le dinala tsa gagwe jaaka menoto ya nonyane. 34 “Mme kwa bokhutlong jwa metlha nna, Nebukadenesare, ke ne ka tsholeletsa matlho a me kwa magodimong, mme tlhaloganyo ya me ya simolola go boela mo go nna; mme ke ne ka baka Mogodimodimo ka boene, le Ene yo o tshelang ka bosakhutleng ke ne ka mmaka le go mo galaletsa, ka gonne bobusi jwa gagwe ke bobusi jwa bosakhutleng le bogosi jwa gagwe ke jwa kokomana morago ga kokomana. 35 Mme banni botlhe ba lefatshe ba tsewa e se sepe fela, mme o dira kafa thatong ya gagwe mo gare ga lesomo la magodimo le banni ba lefatshe. Mme ga go na ope yo o ka thibang seatla sa gagwe kgotsa yo o ka mo rayang a re: ‘O ntse o dirang?’ 36 “Ka yone nako eo tlhaloganyo ya me ya simolola go boela mo go nna, mme ka ntlha ya seriti sa bogosi jwa me, tlotlomalo ya me le kgalalelo ya me tsa simolola go boela mo go nna; le badiredi ba ba kwa godimo ba me ba segosi le bagolwane ba me ba simolola go mpatla ka tlhagafalo, mme ka tlhomiwa gape mo bogosing jwa me, mme ka okelediwa bogolo jo bo boitshegang. 37 “Jaanong nna, Nebukadenesare, ke a baka e bile ke godisa le go galaletsa Kgosi ya magodimo, gonne ditiro tsa yone tsotlhe di boammaaruri le ditsela tsa yone di tshiamiso, le ka gonne botlhe ba ba tsamayang ka go ikgogomosa o kgona go ba kokobetsa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela