Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi
AUGUST 7-13
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 28-31
“Jehofa O ne A Segofatsa Setšhaba sa Baheitane”
(Esekiele 29:18) “Morwa Motho, Nebukaderesare ka boene, kgosi ya Babelona, o ne a dira gore mophato wa gagwe wa sesole o dire tirelo e kgolo kgatlhanong le Ture. Tlhogo nngwe le nngwe e ne e dirilwe lefatla, mme legetla lengwe le lengwe le ne le kgobotswe. Mme fa e le dituelo, go ne go se na dipe go tswa Ture tse di neng tsa newa ene le mophato wa gagwe wa sesole ka ntlha ya tirelo e a neng a e dirile kgatlhanong le ene.
it-2-E 1136 ¶4
Ture
Go Senngwa ga Motse. Fa Nebukadenesare a ne a dikaganyeditse motse wa Ture, ditlhogo tsa masole a gagwe di ne di “dirilwe lefatla” ka ntlha ya dihelemete tse ba neng ba tlhola ba di rwele e bile magetla a bone a ne a ‘kgobogile’ ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di sikere ba di isa kwa lefelong le ba neng ba kampile kwa go lone pele ba tlhasela Babelona. E re ka Nebukadenesare a ile a se ka a newa “dituelo” ka ntlha ya go senya motse wa Ture, Jehofa o ne a mo solofetsa gore o tla mo duela ka dikhumo tsa Egepeto. (Esek 29:17-20) Go ya ka rahisitori wa Mojuda e bong Josephus, Babelona e ne ya dikaganyetsa Ture ka dingwaga di le 13 (Against Apion, I, 156 [21]), mme Bababelona ba ne ba nna le ditshenyegelo tse dintsi thata. Baitsehisitori ga ba tlhalose ka botlalo gore Nebukadenesare o ne a tsere matsapa a a kana kang. Mme batho ba motse wa Ture ba ile ba latlhegelwa fela thata.—Esek 26:7-12.
(Esekiele 29:19) “Ka jalo Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Bona, ke naya Nebukaderesare kgosi ya Babelona lefatshe la Egepeto, mme o tla tsaya khumo ya lone a bo a e dira thopo e kgolo a bo a e gapa ka kgapo e kgolo thata; mme e tla nna tuelo ya mophato wa gagwe wa sesole.’
it-1-E 698 ¶5
Egepeto, Baegepeto
Go fitlhetswe mokwalo wa bogologolo o o ileng wa kwalwa mo ngwageng wa bo37 wa puso ya ga Nebukadenesare (ka 588 B.C.E.), o mo go one go umakiwang letsholo la go tlhasela Egepeto. Ga go itsiwe gore a o ne o bua ka go fenya Egepeto kgotsa o ne o tlhalosa tsela e Bababelona ba neng ba rulaganya go tlhasela ka yone. Mme gone, Jehofa o ne a duela Nebukadenesare ka go mo naya khumo ya Egepeto ka gonne a ile a diragatsa katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le motse wa Ture o o neng o bogisa batho ba Modimo.—Esek 29:18-20; 30:10-12.
(Esekiele 29:20) “‘Ke mo neile lefatshe la Egepeto e le tuelo ya gagwe ya tirelo e a e dirileng kgatlhanong le ene, ka gonne ba ne ba ntirela,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.
g86 11/8 27 ¶4-5
A re Tshwanetse go Duela Lekgetho?
Go araba potso eo, a re dirise sekai sa kafa Modimo a ileng a duela Bababelona ka gone fa ba sena go mo direla sengwe se a neng a se batla. E re ka batho ba motse wa bogologolo wa Ture ba ne ba dira dilo tse di bosula, Jehofa o ne a ntsha taelo ya gore motse oo o senngwe. Modimo o ne a dirisa masole a maatla a Babelona a a neng a eteletswe pele ke mmusimogolo Nebukadenesare. Le fa Babelona e ile ya fenya, go ile ga nna le ditshenyegelo tse dintsi thata. Mme Jehofa o ne a bona go tshwanela gore a ba duele ka ntlha ya tiro e ba e dirileng. Jehofa o ne a bua jaana mo go Esekiele 29:18, 19: “Morwa Motho, Nebukaderesare ka boene, kgosi ya Babelona, o ne a dira gore mophato wa gagwe wa sesole o dire tirelo e kgolo kgatlhanong le Ture. . . . Mme fa e le dituelo, go ne go se na dipe go tswa Ture tse di neng tsa newa ene le mophato wa gagwe wa sesole ka ntlha ya tirelo e a neng a e dirile kgatlhanong le ene. Ka jalo Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Bona, ke naya Nebukaderesare kgosi ya Babelona lefatshe la Egepeto, mme o tla tsaya khumo ya lone a bo a e dira thopo e kgolo a bo a e gapa ka kgapo e kgolo thata; mme e tla nna tuelo ya mophato wa gagwe wa sesole.’”
Baithuti ba Baebele ba a itse gore Nebukadenesare e ne e le kgosi e e boikgogomoso, e e pelotshetlha e bile e obamela medingwana. Bababelona ba ne ba itsege ka go tshwara magolegwa a bone ka tsela e e setlhogo. Jehofa o ne a sa dumalane le tsela e ba neng ba dira dilo ka yone mme gone o ile a ba duela ka gonne a ne a ba kolota.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Esekiele 28:12-19) “Morwa motho, tlhabeletsa pina ya khutsafalo kaga kgosi ya Ture, mme o e reye o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “‘“O kanela sebopego, se se tletseng botlhale e bile se le bontle jo bo itekanetseng. 13 O ne o le kwa Edene, tshingwana ya Modimo. Leje lengwe le lengwe le le tlhokegang e ne e le seipipo sa gago, rubi, topase le jasepere; kerusolete, onikise le jeide; safire, terekoise le emeraleda; mme dikgapa tsa gago le ditswinke tsa gago di ne di dirilwe ka gouta. Di ne tsa baakanngwa mo letsatsing la go bopiwa ga gago. 14 O tšheruba e e tloditsweng e e bipang, mme ke go tlhomile. O ne o le mo thabeng ya Modimo e e boitshepo. O ne o tsamayatsamaya mo gare ga maje a a tukang. 15 O ne o se na molato mo ditseleng tsa gago go tloga mo letsatsing la go bopiwa ga gago go fitlha tshiamololo e fitlhelwa mo go wena. 16 “‘“Ka ntlha ya letlotlo la dithoto tsa gago tse di rekisiwang ba ne ba tlatsa thubakanyo mo gare ga gago, mme wa simolola go leofa. Mme ke tla go ntsha mo thabeng ya Modimo jaaka yo o itshekologileng, mme ke tla go senya, wena tšheruba e e bipang, go tswa mo gare ga maje a a tukang. 17 “‘“Pelo ya gago e ne ya nna mabela ka ntlha ya bontle jwa gago. O ne wa senya botlhale jwa gago ka ntlha ya bontlentle jwa gago jo bo tsabakelang. Ke tla go latlhela mo lefatsheng. Ke tla go baya fa pele ga dikgosi, gore di go lebe. 18 “‘“Ka ntlha ya bontsi jwa ditlolo tsa gago, ka ntlha ya go tlhoka tshiamiso mo go amanang le dithoto tsa gago tse di rekisiwang, o itshepolotse mafelo a gago a a boitshepo. Mme ke tla tlisa molelo go tswa mo go wena. Ke one o o tla go lailang. Mme ke tla go dira melora mo lefatsheng fa pele ga matlho a botlhe ba ba go bonang. 19 Fa e le botlhe ba ba go itseng mo ditšhabeng, ruri ba tla go rotolela matlho ba gakgametse. O tla nna letshogo la tshoganyetso, mme ga o kitla o nna teng ka bosakhutleng.”’”
it-2-E 604 ¶4-5
Go Tlhoka Molato
Moleofi wa ntlha le kgosi ya Ture. Boleo bo simologile kwa legodimong fa mongwe wa bana ba Modimo a ne a mo tsuologela mme a bo a tlhotlheletsa batho ba ntlha gore le bone ba leofe. Re bona seo mo mafokong a ga Jesu a a mo go Johane 8:44 le mo pegong e e mo go Genesise kgaolo 3. Pina ya khutsafalo e e mo go Esekiele 28:12-19 e ne e kwaletswe “kgosi ya Ture,” mme boitshwaro jwa kgosi eo bo tshwana le jwa morwa Modimo yo o ileng a leofa. Boikgogomoso jwa “kgosi ya Ture,” go itira ‘modimo,’ go bidiwa “tšheruba” le ntlha ya go bo go umakwa “Edene, tshingwana ya Modimo,” tsotlhe di tlhalosa tsela e Baebele e buang ka yone ka Satane Diabolo ka gonne o ile a ikgogomosa, a dirisa noga kwa Edene e bile ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.”—1Ti 3:6; Ge 3:1-5, 14, 15; Tsh 12:9; 2Bak 4:4.
Kgosi ya Ture e go sa umakiweng leina la yone, e ne e iphaka gore e nna mo motseng o ‘bontle jwa one bo neng bo itekanetse,’ e bile e ne e ipolela fa ‘e tletse botlhale le bontle jo bo itekanetseng’ le gore ‘ga e na molato’ mo ditseleng tsa yone go tloga mo letsatsing le e neng ya bopiwa ka lone, go fitlha go fitlhelwa tshiamololo mo kgosing eo. (Esek 27:3; 28:12, 15) Pina eo ya khutsafalo e e mo Esekiele e ka tswa e ne e kwaletswe dikgosi tsa Ture e seng kgosi nngwe e e rileng. (Bapisa boporofeti jo bo mo go Isa 14:4-20 jo bo buang ka kgosi nngwe e e sa itsiweng ya Babelona.) Ka jalo, mafoko a pina eo a ka tswa a ne a kwaletswe dikgosi tsa Ture tse di neng di le botsalano gape di ile tsa dirisana sentle le Kgosi Dafide le Kgosi Solomone e bile di ile tsa romela dilwana go thusa go aga tempele ya ga Jehofa kwa Thabeng ya Moria. Kwa tshimologong, dikgosi tsa Ture di ne di sa tlhoa batho ba ga Jehofa ke ka moo Jehofa a neng a se na bothata le tsone. (1Dik 5:1-18; 9:10, 11, 14; 2Dit 2:3-16) Mme dikgosi tse di ileng tsa latela morago ga moo, di ile tsa tlhoa batho ba Modimo mme Jehofa a di bona “molato” a bo a romela moporofeti Joele, Amose le Esekiele go di kgala. (Joe 3:4-8; Amo 1:9, 10) Le fa boporofeti jono bo bontsha gore “kgosi ya Ture” e ne e tshwana le Mmaba wa Modimo, gape bo bontsha kafa Baebele e ka dirisang ka gone mafoko ‘go tlhoka molato’ le go ‘itekanela.’
(Esekiele 30:13, 14) “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Gape ke tla senya medingwana e e makgapha mme ke dire gore medimo e e se nang mosola e khutle mo Nofe, mme ga go kitla go tlhola go nna le kgosana mo lefatsheng la Egepeto; mme ruri ke tla tsenya poifo mo lefatsheng la Egepeto. 14 Ke tla kgakgabatsa Patherose ke bo ke tlhosetse molelo mo Soane mme ke diragatse ditiro tsa katlholo kwa No.
Go Diragetse Eng ka Yone?
NOFE le No ke maina a Baebele a metsemegolo ya Egepeto e e kileng ya bo e tumile ya Memphis le Thebes. Nofe (Memphis) e ne e le dikilometara di ka nna 23 go ya kwa borwa jwa Cairo, kafa ntlheng ya bophirima jwa Noka ya Nile. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Memphis e ne ya se ka ya tlhola e tsewa e le motsemogolo wa Egepeto. Mo tshimologong ya lekgolo la bo15 la dingwaga B.C.E., Egepeto e ne e na le motsemogolo o mosha e leng No (Thebes) o o neng o le dikilometara di ka nna 500 go tswa kafa borwa jwa Memphis. Gare ga matlotla a le mantsi a tempele ya kwa Thebes go na le matlotla a Karnak, e go tsewang gore ke kago e kgolo go gaisa tsotlhe e e kileng ya agiwa ka dipilara. Thebes le tempele ya yone ya Karnak di ne di dirisetswa kobamelo ya ga Amone, modimo o mogolo wa Baegepeto.
Ke eng se boporofeti jwa Baebele bo neng jwa se bolelela pele ka Memphis le Thebes? Go ne ga bolelelwa pele katlholo e e neng e tla tlela Faro wa Egepeto le medimo ya gagwe, segolobogolo modimo wa gagwe o mogolo e leng “Amone yo o tswang kwa No.” (Jeremia 46:25, 26) Boidiidi jwa baobamedi ba ba neng ba thologela koo ba ne ba tla ‘fedisiwa.’ (Esekiele 30:14, 15) Mme go ile ga nna fela jalo. Se se setseng fela sa kobamelo ya ga Amone ke matlotla a tempele. Toropo ya segompieno ya Luxor e eme mo go lengwe la mafelo a Thebes ya bogologolo e neng e eme mo go lone, mme go na le metsana e mengwe mo gare ga matlotla a teng.
Mme kwa Memphis, ga go a sala sepe fa e se mabitla a yone fela. Mokanoki wa Baebele e bong Louis Golding a re: “Ka makgolokgolo a dingwaga Baarabia ba ba neng ba thopa Egepeto ba ne ba dirisa matlotla a magolo a Memphis jaaka lefelo le ba neng ba epa maje a go aga motsemogolo wa bone [Cairo] kafa ntlheng e nngwe ya noka. Tsela e metsi a noka ya Nile a ileng a epa ka yone le e baagi ba Baaraba ba neng ba epa ka yone e dirilwe ka botlalo mo e leng gore ga go na le fa e le leje le le lengwe le le bonalang mo mmung o montsho o o ikadileng sekgala sa dikilometara di le dintsi mo tikologong ya motse oo wa bogologolo.” Ee, jaaka go boleletswe pele mo Baebeleng, Memphis e ne ya nna “selo fela sa go akabalelwa . . . a se na monni.”—Jeremia 46:19.
Mmalo wa Baebele
(Esekiele 29:1-12) Mo ngwageng wa bolesome, mo kgweding ya bolesome, mo letsatsing la bolesome le bobedi la kgwedi, lefoko la ga Jehofa le ne la tla mo go nna, le re: 2 “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kgatlhanong le Faro kgosi ya Egepeto mme o porofete kgatlhanong le Egepeto yotlhe. 3 Bua, mme o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Bona, ke kgatlhanong le wena, wena Faro, kgosi ya Egepeto, setshedi se setonatona sa lewatle se se namaletseng mo gare ga mesele ya sone ya Nile, se se rileng, ‘Noka ya me ya Nile ke ya me, mme nna—ke e itiretse.’ 4 Mme ke tla tsenya dikgoge mo ditlhaeng tsa gago ke bo ke dira gore ditlhapi tsa mesele ya gago ya Nile di ngaparele makape a gago. Mme ke tla go ntsha mo gare ga mesele ya gago ya Nile le ditlhapi tsotlhe tsa mesele ya gago ya Nile tse di ngaparetseng makape a gago. 5 Mme ke tla go tlogela mo nageng, wena le ditlhapi tsotlhe tsa mesele ya gago ya Nile. O tla wela mo nageng. Ga o kitla o phuthiwa le fa e le go kokoanngwa. Ke tla go naya dibatana tsa naga le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo go nna dijo tsa tsone. 6 Mme banni botlhe ba Egepeto ba tla itse gore ke nna Jehofa, ka lebaka la gore ba ne ba ntse jaaka setshegetso, lotlhaka mo go ba ntlo ya Iseraele. 7 Fa ba ne ba go tshwara ka seatla, o ne wa thubagana, mme wa fatola legetla la bone lotlhe. Mme fa ba ne ba itshegetsa ka wena, o ne wa robega, mme wa dira gore dinōka tsotlhe tsa bone di kgwetlhe.” 8 “‘Ka jalo Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Bona, ke go tlisetsa tšhaka, mme ke tla fedisa mo go wena motho wa mo lefatsheng le seruiwa. 9 Mme lefatshe la Egepeto le tla nna kgakgabalo le lefelo le le swafetseng; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa, ka lebaka la gore o rile, ‘Noka ya Nile ke ya me, ke nna ke e dirileng.’ 10 Ka jalo bona, ke kgatlhanong le wena gape ke kgatlhanong le mesele ya gago ya Nile, mme ke tla dira lefatshe la Egepeto mafelo a a swafetseng, komelelo, kgakgabalo, go tswa Migedole go ya Siene le go ya molelwaneng wa Ethiopia. 11 Lonao lwa motho wa mo lefatsheng ga lo kitla lo feta mo go lone, le fa e le lonao lwa seruiwa ga lo kitla lo feta mo go lone, mme ga le kitla le nniwa dingwaga di le masome a manè. 12 Mme ke tla dira lefatshe la Egepeto kgakgabalo mo gare ga mafatshe a a kgakgabetseng; mme metse ya yone e tla fetoga kgakgabalo mo gare ga metse e e swafetseng dingwaga di le masome a manè; mme ke tla gasamisa Baegepeto mo ditšhabeng ke bo ke ba phatlalatsa mo mafatsheng.”
AUGUST 14-20
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 32-34
“Maikarabelo a a Masisi a Molebeledi”
(Esekiele 33:7) “Jaanong fa e le wena, morwa motho, ke go dirile molebeledi wa ntlo ya Iseraele, mme o tla utlwa lefoko mo molomong wa me o bo o ba naya tlhagiso e e tswang mo go nna.
it-2-E 1172 ¶2
Molebeledi
Tsela ya Tshwantshetso. Jehofa o ne a tlhoma baporofeti gore e nne balebeledi ba tshwantshetso ba setšhaba sa Iseraele (Jer 6:17), mme gangwe le gape Baebele e dirisa molebeledi ka tsela ya tshwantshetso. (Isa 21:6, 8; 52:8; 62:6; Hos 9:8) Balebeledi bano ba ne ba na le maikarabelo a go tlhagisa batho ba ba bosula gore ba tlile go senngwa mme fa ba sa dire jalo, ba tla nna le molato wa madi. Le fa go ntse jalo, fa batho bao ba sa tseye tlhagiso eo tsia, balebeledi ba ne ba se kitla ba nna le molato wa madi. (Esek 3:17-21; 33:1-9) Moporofeti yo o sa ikanyegeng o ne a tshwana le molebeledi wa sefofu kgotsa ntša e e sa kgoneng go bogola.—Isa 56:10.
(Esekiele 33:8, 9) Fa ke raya motho yo o boikepo ke re, ‘Wena moikepi, ruri o tla swa!’ mme o sa bue gore o tlhagise moikepi mo tseleng ya gagwe, ene jaaka moikepi o tla swela mo tlolong ya gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago. 9 Mme fa e le wena, fa o tlhagisa motho yo o boikepo mo tseleng ya gagwe gore a boe ka morago mo go yone mme a sa boe ka morago mo tseleng ya gagwe, o tla swela mo tlolong ya gagwe, mme wena o tla golola moya wa gago.
Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi
Go Tila Molato wa Madi
13 Boikarabelo jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng jwa go tlhagisa batho ka katlholo e e tlang ya Modimo bo ka tshwantshanngwa le jwa ga Esekiele ka nako ya gagwe. O ne a beilwe jaaka molebedi wa ntlo ya Iseraele. Kabelo ya gagwe e ne e le go tlhagisa Baiseraele gore katlholo e ne e ba tlela fa ba ne ba sa sokologe mo ditseleng tsa bone tse di maswe. Fa ene jaaka molebedi a ne a palelwa ke go isa tlhagiso, katlholo e ne e ntse e tla tlela batho ba ba boikepo, mme madi a bone a ne a tla nna mo tlhogong ya molebedi yo o itsemeletsang. Ka tsela eno Jehofa o bontsha boikutlo jwa gagwe tebang le go diragatsa katlholo: “Ga ke na kgatlhè-gō epè mo loshuñ loa moikepi; ha e se go re, moikepi a shokologè mo tseleñ ea gagwe, me a tshelè: shokologañ, shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañgo shwa, lona ba ntlo ea Iseraela?”—Esekiele 33:1-11.
(Esekiele 33:11) Ba reye o re, ‘“Jaaka ke tshedile,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, “Ke natefelelwa, e seng ke loso lwa moikepi, mme ke gore motho yo o boikepo a boe mo tseleng ya gagwe mme a tswelele a tshela. Boang, boang mo ditseleng tsa lona tse di bosula, gonne lo tla bo lo swelang, lona ba ntlo ya Iseraele?”’
(Esekiele 33:14-16) “‘Mme fa ke raya moikepi ke re: “Ruri o tla swa,” a bo a boa ka morago mo boleong jwa gagwe a bo a dira tshiamiso le tshiamo, 15 mme moikepi a busa selo se se tserweng go nna sebeelo, a lefa dilo tse di tserweng ka bonokwane, a bo a tsamaya mo melaong ya botshelo ka go sa dire ka go tlhoka tshiamiso, ruri o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa. 16 Ga go maleo ape a gagwe a a leofileng ka one a a tla gakologelwang. O dirile tshiamiso le tshiamo. Ruri o tla tswelela a tshela.’
Nna O na Le Boikutlo Jwa go Potlaka
KE ENG FA GO RERA GA RONA GO POTLAKILE?
3 Fa o lemoga se batho ba ka nnang le sone kgotsa se se ka ba latlhegelang ka ntlha ya go rera ga rona, o ka nna wa bona go potlakile go bua le ba bangwe ka dikgang tse di molemo. (Bar. 10:13, 14) Lefoko la Modimo la re: “Fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri o tla swa,’ a bo a boa ka morago mo boleong jwa gagwe a bo a dira tshiamiso le tshiamo, . . . o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa. Ga go maleo ape a gagwe a a leofileng ka one a a tla gakologelwang.” (Esek. 33:14-16) Eleruri, Baebele e bolelela batho ba ba rerang molaetsa wa Bogosi jaana: “O tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Tim. 4:16; Esek. 3:17-21.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Esekiele 33:32, 33) Mme bona! mo go bone o tshwana le pina ya lorato lwa maikutlo, jaaka mongwe yo o nang le lentswe le lentle e bile a tshameka seletswa sa megala sentle. Ruri ba tla utlwa mafoko a gago, mme ga go na bape ba ba a diragatsang. 33 Mme fa go diragala—bona! go tla diragala—ba tla itse gore moporofeti o ne a le mo gare ga bone.”
Tsamaela Gongwe le Kara ya ga Jehofa ya Selegodimo
Go Sa Kgobiwe Marapo ke go Tlhoka Kgatlhego
16 Gape Esekiele o ne a tlhoma sekao se se molemo ka go nna boikobo mmogo le go sa itetle go kgobiwa marapo ke go tlhoka kgatlhego kana go kgalwa. Ka mo go tshwanang, ka go sa salele morago mo puong e e itshekileng fa e ntse e gola, seno se dira gore re lebe ntlheng eo Mopalami wa Kara ya segosi a lebileng kwa go yone. Ka gone seo se re tlhomelela gore re reetse ditaelo tsa gagwe, gore re nonofe mme re se ka ra kgobiwa marapo ke go tlhoka kgatlhego kana go kgalwa ke bao re ba bolelelang molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Jaaka fa go ne go ntse ka Esekiele, Modimo o re tlhagisitse go sale gale gore batho bangwe ba ne ba tla nna kgatlhanong le rona ka tlhoafalo, ba le ditlhogo di thata le dipelo tse di logwadi. Ba bangwe ba ne ba se kitla ba reetsa ka gonne ba sa batle go reetsa Jehofa. (Esekiele 3:7-9) Ba bangwe mo godimo ga moo ba ne ba tla nna baitimokanyi, fela jaaka Esekiele 33:31, 32 e bolela: “Me ba tle mo go wèna, yaka batho ba tla ba tle, ba dule ha pele ga gago yaka e ka bo e le batho ba me, me ba utlwe mahoko a gago, me ba se ke ba a dihe: gonne ka molomo ba bua loratō lo logolo, me pelo ea bōnè e ee le papadi ea bōnè hèla. Me bōna, u nntse mo go bōnè yaka pina e e monate ea moñwe eo o nañ le lencwe ye le kgatlhañ, me a itse go letsa seleco sentlè: gonne ba utlwa mahoko a gago, me ga ba a dihe.”
17 Diphelelo tsa seno e ne e tla nna eng? Temana ya bo 33 e oketsa ka go re: “Me mogañ go mo go dihalañ, bōna, goè tla, hoñ ba tla itse ha moperofeti moñwe a kile a ne a le mo go bōnè.” Mafoko ao a bontsha gore Esekiele ga a ka a tlogela tiro ka gonne a ne a sa reediwe ke ope. Go tlhoka kgatlhego ga ba bangwe ga go a ka ga mo dira gore a latlhegelwe ke kgatlhego. Go sa kgathalesege gore a batho ba ne ba reetsa kana nnyaa, o ne a reetsa Modimo le go diragatsa thomo ya gagwe.
(Esekiele 34:23) Mme ke tla tlhoma modisa a le mongwe fela gore a di okamele, mme o tla di fepa, e leng motlhanka wa me Dafide. Ene o tla di fepa, mme o tla nna modisa wa tsone.
Ikobele Badisa ba ba Lorato ka Boikokobetso
3 Boporofeti jo bo mo go Isaia 40:10, 11 bo gatelela kafa Jehofa a disang batho ba gagwe ka bonolo ka teng. (Pesalema 23:1-6) Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, le ene o ne a amega ka bonolo ka barutwa ba gagwe le ka batho ka kakaretso. (Mathaio 11:28-30; Mareko 6:34) Jehofa le Jesu ba ne ba tlhoile bosetlhogo jwa badisa kgotsa baeteledipele ba Iseraele ba ba neng ba tlhokomologa matsomane a bone e bile ba a ja ntsoma ba sa tlhabiwe ke ditlhong. (Esekiele 34:2-10; Mathaio 23:3, 4, 15) Jehofa o ne a solofetsa jaana: “Ke tla boloka dinku tsa me, mme ga di kitla di tlhola di nna sengwe sa go gapiwa; mme ke tla atlhola fa gare ga nku le nku. Mme ke tla tlhoma modisa a le mongwe fela gore a di okamele, mme o tla di fepa, e leng motlhanka wa me Dafide. Ene o tla di fepa, mme o tla nna modisa wa tsone.” (Esekiele 34:22, 23) Mo motlheng ono wa bokhutlo, Jesu Keresete, Dafide yo Mogolwane, ke ene “modisa a le mongwe” yo Jehofa a mo tlhomileng go okamela batlhanka ba Gagwe botlhe mo lefatsheng, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya mmogo le “dinku tse dingwe.”—Johane 10:16.
Mmalo wa Baebele
(Esekiele 32:1-16) Mme ga diragala gape gore mo ngwageng wa bolesome le bobedi, mo kgweding ya bolesome le bobedi, mo letsatsing la ntlha la kgwedi, lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, le re: 2 “Morwa motho, tlhabeletsa pina ya khutsafalo kaga Faro kgosi ya Egepeto, mme o mo reye o re, ‘O didimaditswe jaaka tawana e e seriri ya ditšhaba.“‘Mme o ntse o tshwana le setshedi se setonatona sa lewatle mo mawatleng, mme o ne wa nna wa phothosela mo dinokeng tsa gago mme wa nna wa kgobera metsi ka dinao tsa gago le go leswefatsa dinoka tsa one.’ 3 “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Ke tla tsharololela letlowa la me mo godimo ga gago ka phuthego ya ditšhaba di le dintsi, mme ruri di tla go tlisa ka letlowa la me le le gogwang. 4 Mme ke tla go tlogela mo lefatsheng. Ke tla go latlhela mo godimo ga naga. Mme ke tla dira gore dibopiwa tsothe tse di fofang tsa magodimo di age mo go wena, mme ke tla kgotsofatsa dibatana tsa naga tsa lefatshe lotlhe mo go wena. 5 Mme ke tla baya nama ya gago mo dithabeng ke tlatse mekgatšha ka matlakala a gago. 6 Mme ke tla dira gore lefatshe le nwe keleketlo ya gago, e leng madi a gago, mo dithabeng; mme melatswana e tla tladiwa ke mo go tswang mo go wena.’ 7 “‘Mme fa o tima ke tla bipa magodimo ke bo ke fifatse dinaledi tsa one. Fa e le letsatsi lone, ke tla le bipa ka maru, mme ngwedi ga e kitla e letla lesedi la yone go phatsima. 8 Dibonesi tsotlhe tsa lesedi kwa magodimong—ke tla di fifatsa ka ntlha ya gago, mme ke tla baya lefifi mo lefatsheng la gago,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 9 “‘Mme ke tla kgopisa pelo ya ditšhaba di le dintsi fa ke tlisa batshwarwa ba ba tswang mo go wena mo gare ga ditšhaba ke ba tlisa mo mafatsheng a o neng o sa a itse. 10 Mme ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di go gakgamalele, mme dikgosi tsa tsone di tla roroma ka letshogo ka ntlha ya gago fa ke kgatikanya tšhaka ya me mo difatlhegong tsa bone, mme di tla roroma nako nngwe le nngwe, mongwe le mongwe ka ntlha ya moya wa gagwe, mo letsatsing la go wa ga gago.’ 11 “Gonne Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Tšhaka ya kgosi ya Babelona e tla tla mo go wena. 12 Ke tla dira gore boidiidi jwa gago bo we ka ditšhaka tsa ba ba thata, bapatiki ba ditšhaba, botlhe fela; mme ba tla thopa boipelafatso jwa Egepeto, mme boidiidi jotlhe jwa gagwe bo tla nyelediwa. 13 Mme ke tla senya diruiwa tsotlhe tsa gagwe fa thoko ga metsi a mantsi, mme lonao lwa motho wa mo lefatsheng ga lo kitla lo tlhola lo a kgobera, le fa e le ditlhakwana tsa seruiwa ga di kitla di a kgobera.’ 14 “‘Ka nako eo ke tla dira gore metsi a bone a itsheke, le dinoka tsa bone ke tla dira gore di elele fela jaaka leokwane,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 15 “‘Fa ke dira lefatshe la Egepeto kgakgabalo mme lefatshe le kgakgabetse ka botlalo, fa ke kgemetha banni botlhe ba ba mo go lone, le bone ba tla itse gore ke nna Jehofa. 16 “‘Eno ke pina ya khutsafalo, mme ruri batho ba tla e tlhabeletsa. Tota le barwadi ba ditšhaba ba tla e tlhabeletsa; ba tla e tlhabeleletsa Egepeto le boidiidi jotlhe jwa yone,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”
AUGUST 21-27
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 35-38
“Gogo wa Magogo o Tloga a Fedisiwa”
(Esekiele 38:2) “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kgatlhanong le Gogo wa lefatshe la Magogo, kgosana e kgolo ya Mesheke le Tubale, mme o porofete kgatlhanong le ene.
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Jaanong ke mang Gogo wa Magogo? Go araba potso eno, re tshwanetse go sekaseka Baebele go bona gore ke mang yo o tlhaselang batho ba Modimo. Baebele ya re batho ba Modimo ba tla tlhaselwa ke ‘Gogo wa Magogo,’ ke “kgosi ya borwa” le ke “dikgosi tsa lefatshe.” (Esekiele 38:2, 10-13; Daniele 11:40, 44, 45; Tshenolo 17:14; 19:19) A seo se raya gore batho ba Modimo ba tla tlhaselwa ka ditsela tse di farologaneng? Ga go bonale jalo. Go bonala Baebele e dirisa maina a a farologaneng go tlhalosa tlhaselo e e tshwanang. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Baebele ya re ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla nna le seabe mo tlhaselong ya bofelo e e tla simololang ntwa ya Haramagedona.—Tshenolo 16:14, 16.
Fa re bapisa ditemana tsotlhe tsa Baebele tse di buang ka tlhaselo eno ya bofelo ya batho ba Modimo, go bonala sentle gore Satane ga se ene Gogo wa Magogo. Go na le moo, Gogo wa Magogo o emela ditšhaba tse di farologaneng. A “kgosi ya borwa” ke yone e tla bong e eteletse pele ditšhaba tseo? Ga re a tlhomamisega. Mme gone, tlhaloso eno go bonala e dumalana le se Jehofa a neng a se bua malebana le Gogo wa Magogo, fa a ne a re: “O tla tla o tswa kwa lefelong la gago, kwa dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone, wena mmogo le ditšhaba di le dintsi, botlhe ba palame dipitse, phuthego e kgolo, tota le mophato o mogolo wa sesole.”—Esekiele 38:6, 15.
(Esekiele 38:14-16) “Ka jalo porofeta, wena morwa motho, mme o reye Gogo o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “A ga o kitla o go itse mo letsatsing leo la fa batho ba me Iseraele ba ntse ka polokesego? 15 Mme ruri o tla tla o tswa kwa lefelong la gago, kwa dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone, wena mmogo le ditšhaba di le dintsi, botlhe ba palame dipitse, phuthego e kgolo, tota le mophato o mogolo wa sesole. 16 Mme ruri o tla tsogologela batho ba me Iseraele, jaaka maru a a bipang lefatshe. Go tla diragala go ela kwa bofelong jwa metlha, mme ruri ke tla dira gore o tsogologele lefatshe la me, ka boikaelelo jwa gore ditšhaba di nkitse fa ke iitshepisa mo go wena fa pele ga matlho a bone, wena Gogo.”’
Kafa Lefatshe Leno le Tla Khutlang ka Gone
8 Morago ga go fedisiwa ga bodumedi jwa maaka, batlhanka ba Modimo ba tla bo ba sa ntse ‘ba ntse ka polokesego,’ e bile “ba se na lobota.” (Esek. 38:11, 14) Ke eng se se tla diragalelang setlhopha seno sa batho ba ba tswelelang ba obamela Jehofa ba go bonalang ba se na tshireletsego? Go bonala ba tla tlhaselwa ke “batho ba le bantsi.” Lefoko la Modimo le tlhalosa tiragalo eo e le tlhaselo ya “Gogo wa lefatshe la Magogo.” (Bala Esekiele 38:2, 15, 16.) Re tshwanetse go leba jang tlhaselo eo?
9 Go itse go sa le gale ka go tlhaselwa ga batho ba Modimo ga go dire gore re tlhobaele thata. Go na le moo, re amegile thata ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe, e seng polokesego ya rona. Tota e bile, Jehofa o ne a bua jaana makgetlo a a fetang 60: “Lo tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esek. 6:7) Ka jalo, re lebile pele ka tlhoafalo go diragadiwa ga karolo e e setseng ya boporofeti joo jwa ga Esekiele, re ikantse gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.” (2 Pet. 2:9) Go ntse go le jalo, re batla go dirisa tshono nngwe le nngwe go nonotsha tumelo ya rona gore re kgone go nna re thokgame mo go Jehofa go sa kgathalasege diteko tse re ka nnang ra lebana le tsone. Ke eng se re tshwanetseng go se dira? Re tshwanetse go rapela, go ithuta Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone, le go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi. Fa re dira jalo, re a bo re dira gore tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng e nonofe fela jaaka “tshetledi.”—Baheb. 6:19; Pes. 25:21.
(Esekiele 38:21-23) “‘Mme ke tla mmiletsa tšhaka mo kgaolong ya me yotlhe e e dithaba,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Tšhaka ya mongwe le mongwe e tla tsogologela morwarraagwe. 22 Mme ke tla tsena mo katlholong le ene, ka bolwetse jwa leroborobo le ka madi; mme ke tla nesetsa pula e kgolo ya morwalela le sefako, le molelo le sulefera mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo ditšhabeng tse dintsi tse di tla bong di na le ene. 23 Mme ke tla ikgodisa ke bo ke iitshepisa ke dira gore ke itsiwe fa pele ga matlho a ditšhaba di le dintsi; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.’
“Jaanong lo Setšhaba sa Modimo”
16 Fa Babelona yo Mogolo a sena go senngwa, go tla nna le letsholo la go tlhasela batho ba ga Jehofa, mme ka nako eo, re tla tlhoka gore re bo re le mo tshireletsong e Jehofa a tla e nayang batlhanka ba gagwe. E re ka tlhaselo eno e tla simolola karolo ya bofelo ya “pitlagano e kgolo” Jehofa ka boene o tla kaela dilo mo lefatsheng a bo a tlhophe nako e a tla fedisang lefatshe ka yone. (Math. 24:21; Esek. 38:2-4) Ka nako eo, Gogo o tla tlhasela “batho ba ba phuthilweng mmogo go tswa mo ditšhabeng,” e leng batho ba ga Jehofa. (Esek. 38:10-12) Tlhaselo eo e tla bo e le letshwao la go diragatsa katlholo ga ga Jehofa kgatlhanong le Gogo le lesomo la gagwe. Jehofa o tla godisa bolaodi jwa gagwe mme a itshepise leina la gagwe ka gonne a re: “Eleruri ke [tla] . . . dira gore ke itsiwe fa pele ga matlho a ditšhaba di le dintsi; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.”—Esek. 38:18-23.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Esekiele 36:20, 21) Ka jalo ba ne ba tsena mo ditšhabeng tse ba neng ba tsene mo go tsone, mme batho ba itshepolola leina la me le le boitshepo ka go bua ka bone ba re, ‘Ba ke batho ba ga Jehofa, mme ba dule mo lefatsheng la gagwe.’ 21 Mme ke tla tlhomogela leina la me le le boitshepo pelo, le ba ntlo ya Iseraele ba le itshepolotseng mo ditšhabeng tse ba tseneng mo go tsone.”
Ithute Boitsholo Jwa Bokeresete Mme O bo Rute ba Bangwe
12 Moaposetoloi o ne a tlhomolola lebaka la konokono la go ithuta le go tshela go ya ka boitsholo jo Baebele e buang ka jone. Go tlhoka boitsholo ga Bajuda go ne ga dira gore Jehofa a bue jaana ka bone: “Wena, yo o ipelafatsang ka molao, a o tlontlolola Modimo ka go tlola Molao? Gonne ‘leina la Modimo le tlhapadiwa ka ntlha ya lona mo ditšhabeng.’” (Baroma 2:23, 24) Jaanong ga go pelaelo gore fa re tlhokomologa boitsholo jwa Bokeresete, re tlontlolola Mong wa one. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ngaparela ditekanyetso tsa Modimo, go a mo itumedisa e bile go a mo tlotla. (Isaia 52:5; Esekiele 36:20) Go lemoga ga gago seno go ka nonotsha boikemisetso jwa gago fa o lebane le diteko kana fa o le mo maemong a go ka nnang motlhofo thata mo go one gore o tlhokomologe boitsholo jwa Bokeresete. Mo godimo ga moo, mafoko a ga Paulo a re ruta sengwe gape. E re ka o lemoga gore boitsholo jwa gago bo ama Modimo, fa o ntse o ruta ba bangwe, ba thuse go lemoga gore tsela e ba dirisang ditekanyetso tsa boitsholo ka yone tse ba di ithutang e ama Jehofa. Boitsholo jwa Bokeresete ga bo tlisetse motho kgotsofalo fela le go sireletsa boitekanelo jwa gagwe. Gape bo ama Ene yo o bo re tlhometseng a bo a re kgothaletsa go tshela ka jone.—Pesalema 74:10; Jakobe 3:17.
(Esekiele 36:33-36) “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Mo letsatsing la fa ke lo ntlafatsa mo ditlolong tsa lona tsotlhe gape ke tla dira gore metse e nniwe, mme mafelo a a swafetseng a tla agiwa sesha. 34 Mme lefatshe le le kgakgabetseng le tla lemiwa, le fa le ne le fetogile kgakgabalo fa pele ga matlho a mofeti ka tsela mongwe le mongwe. 35 Mme ruri batho ba tla re: “Lefatshe lele le le neng le kgakgabetse le fetogile go nna jaaka tshingwana ya Edene, le metse e e neng e senyegile le e e neng e kgakgabaditswe e e neng ya rutlololwa e sireletsegile; e setse e nniwa.” 36 Mme ditšhaba tse di tla tlogelwang mo tikologong ya lona di tla itse gore nna, Jehofa, ke agile dilo tse di rutlolotsweng, ke jadile se se neng se kgakgabaditswe. Nna, Jehofa, ke buile e bile ke go dirile.’
‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’
11 Morago ga masalela a sena go boela kwa Juda, lefatshe leo le le neng le swahetse le ne la fetolwa go nna “tshimo ea Edena” e e nang le maungo a mantsi. (Bala Esekiele 36:33-36.) Ka mo go tshwanang, fa esale ka 1919 Jehofa o ile a fetola lefatshe leo le kileng la bo le kgakgabetse la masalela a a tloditsweng go nna paradaise ya semoya e e nang le maungo a mantsi, eo jaanong ba nnang mo go yone le ba “boidiidi yo bogolo.” Ereka paradaise eno ya semoya e na le batho ba ba boitshepo, ekete Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng o ka berekela go e boloka e le phepa.—Esekiele 36:37, 38.
Mmalo wa Baebele
(Esekiele 35:1-15) Mme lefoko la ga Jehofa la tswelela go tla mo go nna, le re: 2 “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kgatlhanong le kgaolo e e dithaba ya Seire mme o porofete kgatlhanong le yone. 3 Mme o e reye o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Bona, ke kgatlhanong le wena, wena kgaolo e e dithaba ya Seire, mme ke tla otlololela seatla sa me kwa go wena ke bo ke go dira kgakgabalo, kgakgabalo tota. 4 Metse ya gago ke tla e dira lefelo le le swafetseng, mme o tla nna kgakgabalo fela; mme o tla itse gore ke nna Jehofa, 5 ka lebaka la gore o ne o na le bobaba jo bo nnang ka bosakhutleng mme wa nna wa tsenya bomorwa Iseraele mo maatleng a tšhaka, mo nakong ya matlhotlhapelo a bone, mo nakong ya tlolo ya bone ya bofelo.”’ 6 “‘Ka jalo, jaaka ke tshedile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ka gonne ke ne ke go baakanyetsa madi, madi a tla go latelela. Eleruri o ne o tlhoile madi, mme madi a tla go latelela. 7 Mme ruri ke tla dira kgaolo e e dithaba ya Seire kgakgabalo, kgakgabalo tota, mme mo go yone ke tla kgaola motho yo o ralalang le motho yo o boang. 8 Mme ke tla tlatsa dithaba tsa yone ka batho ba yone ba ba bolailweng; fa e le dithota tsa gago le mekgatšha ya gago le melatswana yotlhe ya gago, bone ba ba bolailweng ka tšhaka ba tla wela mo go tsone. 9 Ke tla go dira kgakgabalo e e nnang ka bosakhutleng, mme metse ya gago ga e kitla e nniwa; mme lo tla itse gore ke nna Jehofa.’ 10 “Ka ntlha ya go bo o rile, ‘Ditšhaba tseno tse pedi le mafatshe ano a mabedi—e tla nna a me, mme ruri re tla tsaya lefatshe lengwe le lengwe go nna thuo,’ le fa Jehofa ka boene a ne a le gone koo, 11 ‘ka jalo jaaka ke tshedile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ke tla tsaya kgato kafa bogaleng jwa gago le kafa lefufeng la gago le o le bontshitseng ka ntlha ya maikutlo a gago a letlhoo mo go bone; mme ke tla ba ikitsise fa ke go atlhola. 12 Mme o tla itse gore nna, Jehofa, ke utlwile dilo tsotlhe tsa gago tsa go tlhoka tlotlo tse o di buileng ka ga dithaba tsa Iseraele, o re: “Di dirilwe kgakgabalo. Re di neilwe gore e nne dijo.” 13 Mme lo ne lwa nna lwa ipelafatsa thata kgatlhanong le nna ka melomo ya lona, mme lo ntsifaditse mafoko a lona kgatlhanong le nna. Nna ka bonna ke a utlwile.’ 14 “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Fela fa lefatshe lotlhe le ipela, ke tla go dira kgakgabalo. 15 Fela jaaka o ne wa ipelela boswa jwa ntlo ya Iseraele ka gonne e ne e kgakgabaditswe, ke tla dira se se tshwanang ka wena. O tla nna kgakgabalo, wena kgaolo e e dithaba ya Seire, tota le Edoma yotlhe, yotlhe fela; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.’”
AUGUST 28–SEPTEMBER 3
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 39-41
“Ponatshegelo ya ga Esekiele ya Tempele e go Ama Jang”
(Esekiele 40:2) Mo diponatshegelong tsa Modimo o ne a ntlisa mo lefatsheng la Iseraele mme ka iketlo a mpaya mo thabeng e e kwa godimo thata, e mo go yone go neng go na le sengwe se e keteng popego ya motse kwa borwa.
“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!
16 Go bona karabo, a re boeleng gape kwa ponatshegelong ka boyone. Esekiele o ne a kwala jaana: “A nkisa lefatsheng la Iseraele mo diponatshegelong tsa Modimo, mme a mpaya mo thabeng nngwe e e godileng thata, e go neng go le mo go yone ka fa ntlheng ya borwa e ke te sebopego sa motse mongwe.” (Esekiele 40:2) Lefelo le ponatshegelo eno e diragetseng gone, “mo thabeng nngwe e e godileng thata,” le re gopotsa Mika 4:1: “Mo metlheng ya morago go tlaa dirala go re, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhomamisiwa mo tlhoreng tsa dithaba, e tlaa golediwa mo godimo ga makhubu; mme ditšhaba di tlaa sailela kwa go yone.” Boporofeti jono bo diragadiwa leng? Mika 4:5 e bontsha gore bo tla simolola fa ditšhaba di sa ntse di obamela medimo ya maaka. Tota e bile, ke mo motlheng wa rona, “mo metlheng ya morago,” moo kobamelo e e itshekileng e ileng ya golediwa teng, ya tsosolosiwa gore e boele mo maemong a yone mo botshelong jwa batlhanka ba Modimo.
(Esekiele 40:3) A ntlisa koo, mme bona! ga bo go na le monna. Ponalo ya gagwe e ne e tshwana le ponalo ya kgotlho, mme go ne go na le mogala wa leloba mo seatleng sa gagwe, le lotlhaka lo lo lekanyang, mme o ne a eme mo kgorong.
(Esekiele 40:5) Mme bona! go ne go na le lobota kafa ntle ga ntlo go dikologa. Mme mo seatleng sa monna go ne go na le lotlhaka lo lo lekanyang lwa dikubita di le thataro, ka kubita le boatlhamo jwa seatla. Mme a simolola go lekanya bophara jwa selo se se agilweng, lotlhaka lo le longwe; bogodimo, lotlhaka lo le longwe.
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II
40:3–43:17—Ke eng se se botlhokwa ka ga go lekanngwa ga tempele? Go lekanngwa ga tempele ke sesupo sa gore maikaelelo a ga Jehofa malebana le kobamelo e e itshekileng ruri a tla diragadiwa.
(Esekiele 40:10) Mme matlwana a balebeledi a kgoro kafa ntlheng ya botlhaba a ne a le mararo kafa letlhakoreng leno le a mararo kafa letlhakoreng lele. Ka boraro jwa one a ne a na le selekanyo se se lekanang, le dipilara tsa kafa thoko e ne e le tsa selekanyo se se lekanang, kafa letlhakoreng leno le kafa letlhakoreng lele.
(Esekiele 40:14) Foo a dira dipilara tse di kafa thoko tsa dikubita di le masome a marataro, le eleng dipilara tse di kafa thoko tsa lolwapa mo dikgorong go dikologa.
(Esekiele 40:16) Mme go ne go na le difensetere tsa diforeimi tse di sesafalang tsa matlwana a balebeledi le tsa dipilara tse di kafa thoko go ela kafa teng ga kgoro go dikologa, mme ke kafa mathudi a neng a le ka gone. Mme difensetere di ne di le gotlhe fela go ela kafa teng, mme mo dipilareng tse di kafa thoko go ne go na le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane.
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II
40:14, 16, 22, 26. Ditshwantsho tsa lobota tsa ditlhare tsa mokolane mo botsenong jwa tempele di bontsha gore ke fela ba ba nang le maitsholo a mantle ba letlelelwang go tsena. (Pesalema 92:12) Seno se re ruta gore Jehofa o amogela kobamelo ya rona fa fela re thokgame.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Esekiele 39:7) Mme leina la me le le boitshepo ke tla le itsise batho ba me ba Iseraele, mme ga nkitla ke tlhola ke letla leina la me le le boitshepo gore le itshepololwe; mme ditšhaba di tla itse gore ke nna Jehofa, Moitshepi mo Iseraele.’
“Ditšhaba di Tla Itse Gore ke Nna Jehofa”
Jehofa a re: “Ga nkitla ke tlhola ke letla leina la me le le boitshepo gore le itshepololwe.” Fa batho ba mo latofatsa ka tshiamololo, ba itshepolola leina la gagwe. Ba dira seo jang? Gantsi mo Baebeleng, lefoko “leina” le tlhalosa tsela e motho a itsegeng ka yone. Buka nngwe ya ditshupiso ya re leina la Modimo le kaya “se se itsiweng ka ene—tsela e a dirang gore a itsiwe ka yone; gape le emela botumo jwa gagwe le go tseelwa ga gagwe kwa godimo.” Leina la ga Jehofa le akaretsa tsela e a itsegeng ka yone. Ke eng se re se itseng ka ga Jehofa malebana le tshiamololo? O e tlhoile! Gape o tlhomogela batho ba ba direlwang tshiamololo pelo. (Ekesodo 22:22-24) Fa batho ba re Modimo o ikarabelela ka dilo tse tota a di tlhoileng, ba mo senya leina. Ka jalo ba “tshwara leina la [gagwe] ka go tlhoka tlotlo.”—Pesalema 74:10.
(Esekiele 39:9) Mme banni ba metse ya Iseraele ruri ba tla tswa mme ba fise ba bo ba gotse melelo ka dibetsa le ka dithejana le ka dithebe tse dikgolo,—ka mara le ka metswi le ka meotlwana le ka marumo; mme ba tla gotsa melelo ka tsone dingwaga di le supa.
Go Bula Tsela ya go Boela Gape kwa Paradaise
20 Mme go tweng ka dibetsa tsotlhe tsa ntwa tseo merafe e tla bong e di tlogetse? Ka ntlha ya boleele jwa nako eo e supiwang ka tsela ya tshwantshetso eo e tla tlhokegang gore go tlosiwe dikarolo tse di kgonang go ka fisiwa tsa tsone, palo ya tsone e tla bo e boitshega. (Esekiele 39:8-10) Bafalodi ba Hara–Magedona ba ka nna ba kgona go fetola dilo dipe fela tse di setseng tsa ntwa ba di fetolela gore e nne dilo tseo di dirisetswang sengwe se se mosola.—Isaia 2:2-4.
Mmalo wa Baebele
(Esekiele 40:32-47) Mme ka iketlo a ntlisa mo lolwapeng lo lo kafa teng ka tsela ya botlhaba, mme a lekanya kgoro ka dilekanyo tse di lekanang le tseno. 33 Mme matlwana a lone a balebeledi le dipilara tsa lone tse di kafa thoko le mathudi a lone e ne e le a dilekanyo tse di lekanang le tseno, mme lone le mathudi a lone le ne le na le difensetere go dikologa. Boleele e ne e le dikubita di le masome a matlhano, mme boatlhamo e le dikubita di le masome a mabedi le botlhano. 34 Mme mathudi a lone a ne a le ntlheng ya lolwapa lo lo kafa ntle, mme ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane di ne di le mo dipilareng tsa lone tse di kafa thoko kafa letlhakoreng leno le kafa letlhakoreng lele. Mme botlhatlogo jwa lone e ne e le mapalamelelo a le robedi. 35 Mme a ntlisa mo kgorong e e kafa bokone, mme a lekanya, ka dilekanyo tse di lekanang le tseno, 36 matlwana a lone a balebeledi, dipilara tsa lone tse di kafa thoko le mathudi a lone. Mme le ne le na le difensetere go dikologa. Boleele e ne e le dikubita di le masome a matlhano, mme boatlhamo e le dikubita di le masome a mabedi le botlhano. 37 Me ka fa lolwapeng lo lo kafa ntle go ne go na le dipilara tsa lone tse di kafa thoko, mme ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane di ne di le mo dipilareng tsa lone tsa kafa thoko kafa letlhakoreng leno le kafa letlhakoreng lele. Mme botlhatlogo jwa lone e ne e le mapalamelelo a le robedi. 38 Mme phaposi ya bojelo le botseno jwa yone e ne e le fa dipilareng tse di kafa thoko tsa dikgoro. Ke gone fa ba neng ba tsokotsa tshupelo e e fisiwang e feletse gone. 39 Mme mo mathuding a kgoro go ne go na le ditafole di le pedi mo letlhakoreng leno le ditafole di le pedi mo letlhakoreng lele, tsa gore go tlhabelwe tshupelo e e fisiwang e feletse mo go tsone le tshupelo ya boleo le tshupelo ya molato. 40 Mme mo letlhakoreng le le kafa ntle, fa motho a tlhatlogela kwa botsenong jwa kgoro ya bokone, go ne go na le ditafole di le pedi. Mme mo letlhakoreng le lengwe la mathudi a kgoro go ne go na le ditafole di le pedi. 41 Go ne go na le ditafole di le nnè fano le ditafole di le nnè fale fa thoko ga kgoro—ditafole di le robedi, tse ba neng ba tlhabela mo go tsone. 42 Mme ditafole tse nnè tsa tshupelo e e fisiwang e feletse e ne e le tsa leje le le betlilweng. Boleele e ne e le kubita e le nngwe le sephatlo, boatlhamo e le kubita e le nngwe le sephatlo, mme bogodimo kubita e le nngwe. Gape mo godimo ga tsone ba ne ba baya didirisiwa tse ba neng ba tla tlhaba tshupelo e e fisiwang e feletse ka tsone le setlhabelo. 43 Mme direpodi tsa go tlhoma dilo di ne di le boatlhamo bo le bongwe jwa seatla, di sometswe ka go tiisa kafa teng, go dikologa; mme ba ne ba baya nama ya tshupelo ya mpho mo ditafoleng. 44 Mme kafa ntle ga kgoro e e kafa teng go ne go na le diphaposi tsa bojelo tsa baopedi, mo lolwapeng lo lo kafa teng, lo lo kafa thoko ga kgoro e e kafa bokone. Mme di ne di lebile ntlheng ya borwa. Go ne go na le e nngwe kafa thoko ga kgoro e e kafa botlhaba. E ne e lebile ntlheng ya bokone. 45 Mme a bua le nna a re: “Eno, phaposi ya bojelo e e lebileng ntlheng ya borwa, ke ya baperesiti ba ba tlhokometseng tiro ya mo ntlong. 46 Mme phaposi ya bojelo e e lebileng ntlheng ya bokone ke ya baperesiti ba ba tlhokometseng tiro ya mo sebesong. Ke bomorwa Sadoke, bao, go tswa mo go bomorwa Lefi, ba atamelang Jehofa gore ba mo direle.” 47 Mme a lekanya lolwapa lo lo kafa teng. Boleele e ne e le dikubita di le lekgolo, mme boatlhamo e le dikubita di le lekgolo, matlhakore a le manè a a lekalekanang. Mme sebeso se ne se le fa pele ga ntlo.