Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Thapisa Baboledi ba Basha
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Barutwa ba basha ba ga Jesu ba tshwanetse go ithuta go dira “dilo tsotlhe” tse a di laetseng mme go ruta ba bangwe boammaaruri ke sengwe sa dilo tseo. (Math. 28:19, 20) Batho ba le bantsi ba ba sa tswang go kopanela le phuthego ba setse ba neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e bile ba ka tswa ba setse ba rerela ba masika kgotsa ditsala tsa bone. Mme fa nako e ntse e ya, ba anaanela le go feta dilo tse ba ithutang tsone e bile ba ithuta gore Jehofa o batla gore batho botlhe ba utlwe dikgang tse di molemo, ka jalo, ba ka nna ba batla go tsamaya le rona mo tshimong. (Bar. 10:13, 14) Fa ba sena go tshwanelegela go nna baboledi ba ba sa kolobediwang, ba ka tlhoka go thapisiwa gore ba itse se ba tshwanetseng go se dira fa ba le mo bodireding.—Luke 6:40.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Bereka le moithuti wa gago mme o tsamaye le ene go ya dipoelong kgotsa fa o ya go tshwara thuto ya Baebele. Fa o se na motho yo o ithutang le ene, o ka kopa mmoledi yo o se nang maitemogelo gore a bereke le wena mo tshimong.