LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/08 ts. 10-11
  • A Modimo o Itshwarela Maleo a a Masisi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Itshwarela Maleo a a Masisi?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgato Tse Tharo Tsa go Bona Kutlwelobotlhoko ya Modimo
  • Boitshwarelo Jwa Modimo bo Lekanyeditswe
  • O ne A le Kutlwelobotlhoko go Fitlha Kwa Bokhutlong
  • ‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Re Direla Modimo yo o “Kutlwelobotlhoko”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Jehofa, Modimo yo o ‘Iketleeditseng go Itshwarela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Re ka Bontsha Kutlwelobotlhoko Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 2/08 ts. 10-11

Baebele ya Reng

A Modimo o Itshwarela Maleo a a Masisi?

KUTLWELOBOTLHOKO ke nngwe ya dinonofo tse di tlhageletseng thata tsa Modimo. (Pesalema 86:15) Kutlwelobotlhoko ya gagwe e dira go le kana kang? Mopesalema o ne a kwala jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema? Gonne o na le boitshwarelo jwa boammaaruri, gore o tle o boifiwe.” (Pesalema 130:3, 4) Temana e nngwe e balega jaana: “Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo. Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.”—Pesalema 103:12-14.

Go phepafetse gore kutlwelobotlhoko ya Jehofa e feletse e bile o re bontsha yone ka bopelotshweu, mme o akanyetsa ditlhaelo tsa rona le gore ga re a itekanela—gore re “lerole.” Akanya ka dikai dingwe tse di leng mo Baebeleng tse di bontshang bogolo jwa kutlwelobotlhoko ya Modimo.

Moaposetoloi Petere o ne a itatola Keresete ka makgetlho a le mararo. (Mareko 14:66-72) Fa moaposetoloi Paulo e ne e sa ntse e le motho yo o sa dumeleng, o ne a bogisa balatedi ba ga Keresete. Fa ba bangwe ba bone ba ne ba tshwanetse go bolawa, Paulo o ne a bua kgatlhanong le bone. Mme e bile, o ne a dumelela gore mongwe wa bone a bolawe. (Ditiro 8:1, 3; 9:1, 2, 11; 26:10, 11; Bagalatia 1:13) Pele maloko mangwe a phuthego ya kwa Korintha a nna Bakeresete, e ne e le matagwa, bagobolodi, le magodu. (1 Bakorintha 6:9-11) Le fa go ntse jalo, bano botlhe ba ne ba amogelwa ke Modimo. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ba itshwarela?

Dikgato Tse Tharo Tsa go Bona Kutlwelobotlhoko ya Modimo

Paulo o ne a kwala jaana: “Ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.” (1 Timotheo 1:13) Go tlhalosa maikutlo a gagwe a sa fitlhe sepe go re tlisa mo kgatong ya ntlha e e dirang gore re bone boitshwarelo jwa Modimo—go tlosa lesire la botlhokakitso gore re bone kitso e e tlhomameng ka Jehofa le ka melao ya gagwe e e tlhalosiwang mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16, 17) Boammaaruri ke gore, ga re ne re itumedisa Mmopi wa rona fa re sa mo itse sentle. Jesu o ne a rapela Rragwe jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Fa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba nna le kitso eo, ba swabela diphoso tse ba neng ba di dira mo nakong e e fetileng mme ba tlhotlheletsega go bontsha boikwatlhao. Eo ke kgato ya bobedi e e dirang gore re bone boitshwarelo jwa Modimo. Ditiro 3:19 e bolela jaana: “Jalo, ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe.”

Temana eo e umaka le kgato ya boraro—go sokologa. Go sokologa go raya go latlha maikutlo le ditsela tsa bogologolo mme o amogele melao le tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. (Ditiro 26:20) Ka mafoko a mangwe, motho o bontsha ka go fetola tsela ya gagwe ya botshelo gore tota fa a re “intshwarele” o a bo tota a kaya se a se buang.

Boitshwarelo Jwa Modimo bo Lekanyeditswe

Go na le batho bangwe ba Modimo a sa itshwareleng maleo a bone. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng, mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo [e e se nang boitshwarelo].” (Bahebera 10:26, 27) Mafoko go “dira boleo ka boomo” a raya gore bosula bo nweleletse mo mothong, le gore o na le pelo e e bosula.

Judase Isekariota o ne a na le pelo e e ntseng jalo. Jesu o ne a re: “Go ka bo go nnile molemo fa monna yoo a ka bo a se kile a tsalwa.” (Mathaio 26:24, 25) Mme fa Jesu a ne a bua ka baeteledipele bangwe ba bodumedi ba motlha wa gagwe o ne a re: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo . . . Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.” (Johane 8:44) Fela jaaka Satane, banna bao ba ne ba le bosula jo bo feteletseng. Ba ne ba sa ikwatlhaele se ba neng ba se dirile mme go na le moo ba ne ba kgwaralala le go feta mo ditirong tse di bosula tse ba neng ba di dira.a Gone ke boammaaruri gore, ka ntlha ya bokoa jo bo bakiwang ke bosaitekanelang, ka dinako dingwe tota le Bakeresete ba boammaaruri ba dira maleo a a masisi. Mme gone go tlhaela ga bone ga go bontshe gore ba na le tshekamelo e e tseneletseng ya bosula.—Bagalatia 6:1.

O ne A le Kutlwelobotlhoko go Fitlha Kwa Bokhutlong

Jehofa ga a lebe boleo fela mme gape o leba le boikutlo jwa batho ba ba leofang. (Isaia 1:16-19) Akanya go se kae ka disenyi tse pedi tse di neng di bapotswe le Jesu. Go bonala bobedi ba bone ba ne ba dirile maleo a a masisi, ka gonne yo mongwe o ne a dumela jaana: “Gonne re amogela ka botlalo se se re tshwanelang ka ntlha ya dilo tse re neng ra di dira mme monna yono [Jesu] ene ga a a dira sepe se se duleng mo tseleng.” Mafoko a sesinyi seno a supa gore o ne a itse sengwe ka Jesu. Mme kitso eo ya gagwe e ne ya mo thusa gore a fetole tsela ya gagwe ya go akanya. Seno se bontshiwa ke mafoko a gagwe a a latelang, a kopa Jesu ka go kokotlela jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu o ne a araba jang kopo e e tswang pelong eno? O ne a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:41-43.

Akanya ka seo: Polelo ya bofelo ya ga Jesu fa e ne e le motho e ne e akaretsa mafoko a kutlwelobotlhoko mo monneng yo o neng a dumela gore o ne a tshwanelwa ke kotlhao ya loso. A bo seno se kgothatsa thata jang ne! Jaanong re ka tlhomamisega gore Jesu Keresete le Rraagwe, Jehofa, ba tla bontsha botlhe ba ba ikwatlhayang ka boammaaruri, kutlwelobotlhoko go sa kgathalesege gore ba dirile eng mo nakong e e fetileng.—Baroma 4:7.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

◼ O ka tlhalosa jang kutlwelobotlhoko ya Modimo?—Pesalema 103:12-14; 130:3, 4.

◼ Motho o tshwanetse go tsaya dikgato dife gore a bone boutlwelobotlhoko jwa Modimo?—Johane 17:3; Ditiro 3:19.

◼ Jesu o ne a solofetsa sesenyi se se neng se bapotswe eng? —Luke 23:43.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “A o Leofetse Moya o o Boitshepo?” mo ditsebeng 16-20 tsa Tora ya Tebelo ya July 15, 2007.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a bontsha gore maleo a a masisi a ka itshwarelwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela