Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
OCTOBER 1-7
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 9-10
“Jesu o Tlhokomela Dinku Tsa Gagwe”
(Johane 10:1-3) “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Yo o sa tseneng ka kgoro mo lesakeng la dinku mme a tlolela ka lefelo lengwe le sele, ene yoo ke legodu le mokgothotsi. 2 Mme yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. 3 Molebedi wa kgoro o a mmulela, mme dinku di reetsa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tsa gagwe ka maina mme a di ntshetse kwa ntle.
(Johane 10:11) Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku.
(Johane 10:14) Ke nna modisa yo o molemo, mme ke itse dinku tsa me le dinku tsa me di a nkitse,
Setshwantsho se se mo nwtsty
Lesaka la dinku
Lesaka la dinku le diretswe go sireletsa dinku mo magodung le mo diphologolong tsa naga. Badisa ba ne ba tlhatlhela dinku bosigo mo lesakeng gore di nne di sireletsegile. Mo Baebeleng, masaka a dinku a ne a se na borulelo e bile a farologana ka bogolo, gantsi masaka ano a ne a ageletswe ka maje e bile a na le kgoro e le nngwe. (Dip 32:16; 1Sa 24:3; Sefa 2:6) Johane o bua ka go tsena “ka kgoro,” e e neng e na le “molebedi” yo o e tlhokometseng. (Joh 10:1, 3) Badisa ba le bantsi ba ne ba kgona go tsenya dinku tsa bone mo lesakeng le lengwe bosigo, di bo di tlhokomelwa ke molebedi. Mo mosong molebedi o ne a bulela badisa kgoro. Modisa mongwe le mongwe o tla bo a bitsa dinku tsa gagwe mme fa dinku di utlwa lentswe la gagwe di tla bo di tsiboga ka go mo sala morago. (Joh 10:3-5) Jesu o ne a dirisa setshwantsho seno go tlhalosa tsela e a neng a rata le go tlhokomela barutwa ba gagwe ka yone.—Joh 10:7-14.
Malapa a Bakeresete—‘Nnang lo Tsogile’
5 Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, kamano magareng ga modisa le dinku tsa gagwe e ikaegile ka gore di mo itse di bo di mo ikanye. Modisa o itse sengwe le sengwe ka dinku tsa gagwe mme le dinku di a mo itse e bile di a mo ikanya. Di itse lentswe la gagwe e bile di a le ikobela. Jesu o ne a re: “Ke itse dinku tsa me le tsone di a nkitse.” O itse sengwe le sengwe ka phuthego. Lefoko la Segerika fano le le ranotsweng e le “itse” le kaya “go itse sengwe sentle.” Ruri Modisa yo o Molemo o itse dinku tsa gagwe sentle. O a itse gore nku nngwe le nngwe e tlhoka eng, makoa a yone le dinonofo tsa yone. Ga go sepe se Motlhomasekao wa rona a sa se lemogeng ka dinku tsa gagwe. Mme dinku di itse modisa wa tsone sentle e bile di ikanya boeteledipele jwa gagwe.
(Johane 10:4, 5) Fa a sena go ntsha tsotlhe tsa gagwe, o tsamaya kwa pele ga tsone, mme dinku di mo sale morago, ka gonne di itse lentswe la gagwe. 5 Motswakwa ga di na go mo sala morago ka gope mme di tla mo tshaba, ka gonne ga di itse lentswe la batswakwa.”
“O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
17 George A. Smith o ile a kwala jaana a tlhalosa ka se a se iponetseng ka matlho mo bukeng ya gagwe ya The Historical Geography of the Holy Land: “Re ne re a tle re ikhutse go le sethoboloko gaufi le sediba sengwe sa Judea, se badisa ba le bararo kana ba le banè ba neng ba tla go nosa matsomane a bone mo go sone. Matsomane ano a ne a tlhakatlhakana mme re ne ra ipotsa gore modisa mongwe le mongwe o tla itse jang letsomane la gagwe. Mme morago ga gore di fetse go nwa le go tshameka, modisa mongwe le mongwe o ne a ema kafa letlhakoreng le sele la mokgatšha mme mongwe le mongwe a bitsa tsa gagwe ka tsela ya gagwe; mme dinku tsa modisa mongwe le mongwe di ne di kgaogana le tse dingwe di ya kwa modiseng wa tsone mme di ne di kgaogana ka tsela e e matsetseleko.” Ruri Jesu o ne a tlhopha setshwantsho se se tshwanelang tota go gatelela kgang ya gagwe ya gore, fa re tsaya tsia dithuto tsa gagwe e bile re di ikobela mme re mo sala morago fa a re kaela, re tla nna kafa tlase ga tlhokomelo ya “modisa yo o molemo.”
(Johane 10:16) “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa, di tla reetsa lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.
ntlha e e mo go Joh 10:16 mo nwtsty
go di tlisa: Kgotsa “go di etelela pele.” Lefoko la Segerika aʹgo le le dirisitsweng mo temaneng eno le ka kaya “go tlisa” kgotsa “go etelela pele” go ikaegile ka seemo. Go na le mokwalo mongwe wa Segerika o o kwadilweng ka ngwaga wa 200 o o dirisang lefoko le le tshwanang e leng sy·naʹgo le le kayang “go kokoanya.” E re ka Jesu e le Modisa yo o Molemo, o kokoanya dinku tsa lesaka leno kgotsa “letsomanyane” (Luk 12:32), o a di kaela, o a di sireletsa e bile o fepa le dinku tse dingwe tsa gagwe tse e seng tsa lesaka leno. Di nna letsomane le le lengwe, di tlhokomelwa ke modisa a le mongwe. Setshwantsho seno se bontsha gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla nna seoposengwe.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 9:38) Foo a re: “Ruri ke dumela mo go ene, Morena.” Mme a obama fa pele ga gagwe.
ntlha e e mo go Joh 9:38 mo nwtsty
a obama fa pele ga gagwe: Kgotsa “a mo ikobela.” Lefoko la Segerika pro·sky·neʹo le dirisiwa go tlhalosa kobamelo ya medingwana, ka jalo le ranolwa e le “go obamela.” (Mat 4:10; Luk 4:8) Mo temaneng eno, monna yo Jesu a ileng a mo fodisa gore a kgone go bona, o ile a lemoga gore Jesu o romilwe ke Modimo mme a obama fa pele ga gagwe. O ne a mo ikobela ka gonne a lemoga gore o romilwe ke Modimo le gore ke Mesia “Morwa motho” e seng Modimo ka boene. Fa a ne a obama fa pele ga ga Jesu, go lebega e ne e le selo se se tlwaelegileng ka gonne mo Dikwalong Tsa Sehebera batho ba ne ba obama fa ba kopana le baporofeti, dikgosi kgotsa ope yo o neng a romilwe ke Modimo. (1Sa 25:23, 24; 2Sa 14:4-7; 1Dik 1:16; 2Dik 4:36, 37) Gantsi fa batho ba obama fa pele ga ga Jesu e ne le ka ntlha ya go bo ba lemoga gore o rometswe ke Modimo.
(Johane 10:22) Ka nako eo ga nna le moletlo wa go neela kwa Jerusalema. E ne e le nako ya mariga,
ntlha e e mo go Joh 10:22 mo nwtsty
moletlo wa go neela: Leina la moletlo ono ka Sehebera ke chanuk·kahʹ mme le kaya “Moletlo o o dirwang go bontsha gore kago e tla dirisediwa mabaka a a rileng.” E ne e le moletlo wa malatsi a le robedi mme o ne o simolola ka di-25 tsa kgwedi ya Chislev, kwa bowelong jwa kgwedi ya December (bona Kaedi ya go ithuta lefoko la Modimo, Karolo 19). Moletlo ono e ne e le wa fa tempele ya Jerusalema e neelwa gape dingwaga di le 165 pele Jesu a tla mo lefatsheng. Kgosi Antiochus wa bonê wa Siria e bong Epiphanes o ne a leswafatsa tempele go bontsha gore ga a tlotle Jehofa, Modimo wa Bajuda. Ka sekai, o ne a aga sebeso mo godimo ga se se neng se dirisediwa go fisa ditlhabelo letsatsi le letsatsi. Ka di-25 tsa kgwedi ya Chislev, dingwaga di le 168 pele Jesu a tla mo lefatsheng, Antiochus o ile a leswafatsa tempele le go feta ka go dira gore dikolobe di ntshiwe e le ditlhabelo a bo a tsaya moro wa tsone a o kgatsha mo tempeleng. O ne a fisa dikgoro tsa tempele, a thuba matlwana a baperesiti a bo a ntsha sebeso sa gauta, setlhomo sa gauta sa lobone le tafole ya senkgwe sa tshupo. Go tswa foo, a bo a re tempele ya ga Jehofa jaanong ke ya modimo wa baheitane e bong Seuse. Morago ga dingwaga tse pedi, Judas Maccabaeus o ne a gapa motse ono le tempele. Morago ga dingwaga di le tharo Antiochus a sena go dira selo se se ferosang sebete ka go ntshetsa Seuse ditlhabelo, tempele e ile ya phepafadiwa ya bo e neelwa Jehofa gape ka di-25 tsa kgwedi ya Chislev dingwaga di le 165 pele Jesu a tla mo lefatsheng. Jaanong batho ba ne ba kgona go ntshetsa Jehofa ditlhabelo gape. Ga go na sepe mo Baebeleng se se tlhalosang gore Jehofa ke ene a dirileng gore Judas Maccabaeus a gape motse le go dira gore a phepafatse tempele. Mme gone, Jehofa o ne a kile a dirisa batho ba ditšhaba tse dingwe, ba ba jaaka Kurose wa kwa Peresia go dira gore batho ba gagwe ba boe ba mo obamele gape. (Isa 45:1) Ka jalo, go a utlwala gore Jehofa a ka dirisa Mojuda go diragatsa maikaelelo a Gagwe. Baebele e bontsha gore tempele e ne e tlhoka gore e bo e le teng e bile e dirisiwa gore boporofeti jo bo ka ga Mesia, bodiredi jwa gagwe le setlhabelo sa gagwe bo kgone go diragadiwa. Gape Balefi ba ne ba tlhoka go tswelela ba ntsha ditlhabelo go fitlha Mesia a swela batho botlhe ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. (Dan 9:27; Joh 2:17; Bah 9:11-14) Balatedi ba ga Keresete ba ne ba sa bolelelwa gore ba keteke moletlo wa go neela. (Bak 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebeleng mo go tlhalosiwang gore Jesu kgotsa barutwa ba gagwe ba ne ba thibela batho go keteka moletlo ono.
Mmalo wa Baebele
(Johane 9:1-17) Jaanong ya re a feta a bona monna mongwe yo o neng a foufetse fa e sa le a tsholwa. 2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, ke mang yo o leofileng, monna yono kgotsa batsadi ba gagwe, mo go dirileng gore a tsalwe a foufetse?” 3 Jesu a araba a re: “Ga se monna yono yo o leofileng le fa e le batsadi ba gagwe, mme e ne e le gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene. 4 Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo e tla jo mo go jone go se nang motho ope yo o ka dirang. 5 Fa fela ke le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe.” 6 Fa a sena go bua dilo tseno, a kgwela mathe fa fatshe a bo a dira seretse ka mathe, a baya seretse sa gagwe mo matlhong a monna yono 7 mme a mo raya a re: “Tsamaya o ye go tlhapa mo mogobeng wa Siloame” (mo go ranolwang ka go re ‘Rometswe’). Jalo a tswa a ya go tlhapa, mme a boa a bona. 8 Jalo baagelani le ba pele ba neng ba tle ba bone gore e ne e le mokopi ba re: “Yono ke monna yo o neng a tle a nne mme a kope, a ga go jalo?” 9 Bangwe ba ne ba re: “Ke ene yono.” Ba bangwe ba re: “Legoka, fela o tshwana le ene.” Monna yono a re: “Ke nna.” 10 Ka gone ba mo raya ba re: “Matlho a gago a butswe jang he?” 11 A araba a re: “Monna yo o bidiwang Jesu o ne a dira seretse a bo a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re, ‘Ya kwa Siloame mme o tlhape.’ Jalo ke ne ka ya go tlhapa mme ka kgona go bona.” 12 Foo ba mo raya ba re: “O kae monna yoo?” Ene a re: “Ga ke itse.” 13 Ba isa monna yo o kileng a bo a foufetse yono kwa Bafarasaing. 14 Ga diragala gore e bo e le Sabata ka letsatsi le Jesu a neng a dira seretse ka lone mme a bula matlho a gagwe. 15 Jalo, ka nako eno Bafarasai le bone ba simolola go mmotsa gore o kgonne jang go bona. A ba raya a re: “O ne a baya seretse mo matlhong a me, mme ke ne ka tlhapa mme ka kgona go bona.” 16 Jalo bangwe ba Bafarasai ba re: “Yono ga se monna yo o tswang kwa Modimong, ka gonne ga a boloke Sabata.” Ba bangwe ba re: “Motho yo e leng moleofi o ka dira jang ditshupo tsa mofuta oo?” Jalo go ne go na le kgaogano mo gare ga bone. 17 Ka gone, gape ba raya monna yo o foufetseng ba re: “Wa reng ka ga gagwe, ka a butse matlho a gago?” Monna yono a re: “Ke moporofeti.”
OCTOBER 8-14
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 11-12
“Etsa Jesu ka go Nna Pelotlhomogi”
(Johane 11:23-26) Jesu a mo raya a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” 24 Maratha a mo raya a re: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” 25 Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela; 26 mme mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope. A o dumela seno?”
dintlha tse di mo go Joh 11:24, 25 mo nwtsty
Ke a itse gore o tla tsoga: Maratha o ne a akanya gore Jesu o bua ka tsogo ya baswi e e tla diragalang mo nakong e e tlang. O ne a na le tumelo e e nonofileng mo tsogong ya baswi. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ba bidiwang Basadukae ba ne ba sa dumele gore go tla nna le tsogo ya baswi le fa gone Dikwalo di ne di re go tla nna le tsogo ya baswi. (Dan 12:13; Mar 12:18) Mme Bafarasai bone ba ne ba dumela gore fa motho a sena go tlhokafala o tswelela a tshela golo gongwe. Maratha o ne a itse gore Jesu o ne a tsamaya a ruta batho ka tsogo ya baswi le gore o ne a kile a tsosa batho ba bangwe, mme o ne a sa akanye gore Jesu a ka tsosa motho yo o nang le malatsi a le manê a tlhokafetse jaaka Lasaro.
Ke nna tsogo le botshelo: Loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe di dirile gore batho ba ba tlhokafetseng ba kgone go tshela gape. Fa Jesu a sena go tsoga mo baswing, Jehofa o ne a mo naya maatla a go tsosa baswi le a go dira gore batho ba tshelele ruri. Mo go Tsh 1:18, Jesu o ipitsa gore ke “yo o tshelang,” yo o nang le “dilotlolo tsa loso le tsa Hadese [kgotsa, “Lebitla”].” Ka jalo, Jesu o naya ba ba tshelang le le ba suleng tsholofelo. O solofeditse gore o tla tsosa batho mo mabitleng gore ba bangwe ba ye go busa le ene kwa legodimong le gore ba bangwe e nne babusiwa ba puso eo mo lefatsheng.—Joh 5:28, 29; 2Pe 3:13.
(Johane 11:33-35) Jalo, Jesu e rile a mmona a lela le Bajuda ba ba neng ba tla le ene ba lela, a fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega; 34 mme a re: “Lo mo laditse kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tla o bone.” 35 Jesu a tsholola dikeledi.
dintlha tse di mo go Joh 11:33-35 mo nwtsty
lela: Lefoko la Segerika le le kayang go “lela” gantsi le kaya go lelela kwa godimo. Lefoko leno gape le dirisiwa mo go Luk 19:41 fa Jesu a ne a bua ka nako e Jerusalema e tlileng go senngwa ka yone.
a fegelwa . . . mme a tshwenyega: Mafoko ano ka bobedi a tlhalosa maikutlo a ga Jesu a a kwa teng. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go “fegelwa” (em·bri·maʹo·mai) le bua ka maikutlo a a tseneletseng, mme mo ditemaneng tseno go buiwa ka tsela e Jesu a neng a amegile ka yone mo a feleleditseng a fegelwa. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go “tshwenyega” (ta·rasʹso) le kaya go sa nnisege. Moithuti mongwe a re go tshwenyega ke go “tlhakatlhakana mo maikutlong; [kgotsa] kutlobotlhoko e e tseneletseng.” Go dirisitswe lefoko le le tshwanang mo go Joh 13:21 go tlhalosa tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone fa a akanya ka go okiwa ke Judase.
mo moyeng: Lefoko ‘moya,’ le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika la pneuʹma mme le bua ka tsela e pelo ya motho e dirang gore a ikutlwe ka yone fa a imetswe kgotsa a itumetse. Seno se dira gore a bue kgotsa a dire dilo ka tsela e e rileng.
a tsholola dikeledi: Lefoko le le dirisitsweng fano (da·kryʹo) ke lediri le le tswang mo leineng la Segerika e leng “dikeledi” le le dirisitsweng mo ditemaneng tse di jaaka Luk 7:38; Dit 20:19, 31; Bah 5:7; Tsh 7:17; 21:4. Ditemana tseno di bua thata ka go tsholola dikeledi mme e seng go lelela kwa godimo. Lefoko leno (da·kryʹo) le dirisitswe mo temaneng eno fela mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika mme le farologane le le le dirisitsweng mo go Joh 11:33 le le tlhalosang gore Marea le Bajuda ba bangwe ba ne ba lela ka tsela e ntseng jang. Jesu o ne a itse gore o tlile go tsosa Lasaro mme o ne a utlwisiwa botlhoko ke go bona ditsala tsa gagwe di hutsafetse mme seno se ne sa dira gore a tsholole dikeledi. Pego eno e re thusa go tlhaloganya tsela e Jesu a ikutlwang ka yone fa a bona re tlhokafalelwa ke batho ba re ba ratang.
(Johane 11:43, 44) E rile a sena go bua dilo tseno, a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Lasaro, tswa!” 44 Monna yo o neng a sule a tswa, dinao tsa gagwe le diatla di hapilwe ka dihapi, mme sefatlhego sa gagwe se ne se bofilwe gotlhe ka letsela. Jesu a ba raya a re: “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 11:49) Mme mongwe wa bone, e bong Kaiafase, yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Ga lo itse sepe gotlhelele,
ntlha e e mo go Joh 11:49 mo nwtsty
moperesiti yo mogolo: Fa Iseraele e ne e sa ntse e le setšhaba se se ikemetseng, moperesiti yo mogolo o ne a nnela ruri mo setulong sa gagwe. (Dip 35:25) Dilo di ile tsa fetoga fa Baroma ba simolola go busa kwa Iseraele, baeteledipele ba Roma ke bone ba ba neng ba tlhoma baperesiti ba bagolo. Kaiafase, o ne a tlhomiwa ke Baroma mme e ne e le monna yo o setswerere mo puong e bile o ne a nna moperesiti yo mogolo ka lobaka lo loleele go feta botlhe ba ba tlileng kwa morago ga gagwe. O ile a tlhomiwa ka ngwaga wa 18 mme o ne a tswelela e le moperesiti go fitlha ka ngwaga wa 36. Fa Johane a re Kaiafase e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo wa 33, o ne a raya gore Kaiafase e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga o Jesu a bolailweng ka one.—Bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, Karolo 16, go bona kwa Kaiafase a ka tswang a ne a nna teng.
(Johane 12:42) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi le babusi tota, ba ne ba dumela mo go ene, mme ka ntlha ya Bafarasai, ba ne ba sa bolele fa ba dumela mo go ene, gore ba se ka ba lelekwa mo sinagogeng;
dintlha tse di mo go Joh 12:42 mo nwtsty
babusi: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “babusi” le bua ka maloko a kgotlatshekelokgolo ya Bajuda e e bidiwang Sanehederine. Lefoko leno le dirisitswe mo go Joh 3:1 fa go buiwa ka Nikodemo, yo e leng leloko la kgotlatshekelo eo.
ba lelekwa mo sinagogeng: Kgotsa “go tlosiwa; go kobiwa mo sinagogeng.” Lefoko la Segerika le le bidiwang a·po·sy·naʹgo·gos le dirisitswe mo temaneng eno le mo go Joh 12:42 le 16:2. Batho ba ne ba sa dirisane le motho yo o lelekilweng mo sinagogeng. Fa Mojuda a lelekwa mo sinagogeng go ne go raya gore motho yoo le ba lelapa ba gagwe ba ne ba tlile go sotlega thata. Sinagoge e ne e le lefelo le go ithutelwang kwa go lone e bile ka dinako tse dingwe e ne e dirisediwa go atlhola batho ba ba tla kgwathisiwang le ba ba tla lelekiwang mo sinagogeng.
Mmalo wa Baebele
(Johane 12:35-50) Jalo Jesu a ba raya a re: “Lesedi le tla nna mo gare ga lona ka lobakanyana. Tsamayang fa lo sa ntse lo na le lesedi, gore lefifi le se lo fekeetse; mme yo o tsamayang mo lefifing ga a itse kwa a yang gone. 36 Fa lo sa ntse lo na le lesedi, supang tumelo mo leseding, gore lo nne bana ba lesedi.” Jesu o ne a bua dilo tseno mme a tswa a ba iphitlhela. 37 Le mororo a ne a dirile ditshupo tse dintsi thata jalo fa pele ga bone, ba ne ba sa dumele mo go ene, 38 mo lefoko la ga Isaia moporofeti le neng la diragadiwa le a neng a le bua a re: “Jehofa, ke mang yo o dumetseng mo selong se se utlwilweng ke rona? Mme fa e le lebogo la ga Jehofa, ke mang yo o le senoletsweng?” 39 Lebaka la go bo ba ne ba sa kgone go dumela ke gore gape Isaia o ne a re: 40 “O foufaditse matlho a bone e bile o kgwaraladitse dipelo tsa bone, gore ba se ka ba bona ka matlho a bone mme ba tlhaloganya ka dipelo tsa bone ba bo ba sokologa mme ka ba fodisa.” 41 Isaia o ne a bua dilo tseno ka gonne o ne a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe. 42 Le fa go ntse jalo, ba le bantsi le babusi tota, ba ne ba dumela mo go ene, mme ka ntlha ya Bafarasai, ba ne ba sa bolele fa ba dumela mo go ene, gore ba se ka ba lelekwa mo sinagogeng; 43 gonne ba ne ba rata go galaletswa ke batho go feta go galaletswa ke Modimo. 44 Le fa go ntse jalo, Jesu a goa mme a re: “Yo o dumelang mo go nna ga a dumele mo go nna fela, mme gape o dumela le mo go yo o nthomileng; 45 mme yo o mponang o bona le yo o nthomileng. 46 Ke tlile jaaka lesedi mo lefatsheng, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go nna a se ka a nnela ruri mo lefifing. 47 Mme fa mongwe a utlwa mafoko a me mme a sa a boloke, ga ke mo atlhole; gonne ga ke a tlela go atlhola lefatshe, mme ke tletse go boloka lefatshe. 48 Yo o intlhokomolosang mme a sa amogele mafoko a me o na le yo o mo atlholang. Lefoko le ke le buileng ke lone le le tla mo atlholang mo letsatsing la bofelo; 49 ka gonne ga ke a ipuela fela, mme Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng. 50 Gape, ke a itse gore taelo ya gagwe e raya botshelo jo bo sa khutleng. Jalo dilo tse ke di buang, fela jaaka Rara a di mpoleletse, ke di bua jalo.”
OCTOBER 15-21
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 13-14
“Ke lo Tlhometse Sekao”
(Johane 13:5) Morago ga moo a tshela metsi mo mogotšwaneng mme a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa le go di phimola ka seiphimolo se a neng a ikgatlhile ka sone.
ntlha e e mo go Joh 13:5 mo nwtsty
go tlhapisa dinao tsa barutwa: Baiseraele ba ne ba rwala bompaatšhane. Dinao tsa batho ba ba neng rwala bompaatšhane di ne di tlala leswe fa motho a ka tsamaya mo tseleng e e lerole kgotsa e e seretse. Ka jalo go ne go tlwaelegile gore fa motho a tsena mo ntlong a role bompaatšhane ba gagwe gore dinao tsa gagwe di tlhapisiwe ke ba a gorogetseng kwa go bone. Baebele e na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba tlwaetse go tshwara baeng ba bone jalo. (Ge 18:4, 5; 24:32; 1Sa 25:41; Luk 7:37, 38, 44) Fa Jesu a ne a tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe, o ne a dira se se tlwaelegileng ka nako eo e le go ba ruta botlhokwa jwa go nna batho ba ba ikokobeditseng le ba ba thusang ba bangwe.
(Johane 13:12-14) E rile, jaanong, a sena go tlhapisa dinao tsa bone e bile a sena go apara diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle le go sekama fa tafoleng gape, a ba raya a re: “A lo a itse se ke se dirileng mo go lona? 13 Lo mpitsa, ‘Moruti,’ le, ‘Morena,’ mme lo bua sentle, gonne ke ene. 14 Jalo, fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao.
ntlha e e mo go Joh 13:12-14 mo nwtsty
lo tshwanetse: Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano le dirisiwa thata fa go buiwa ka madi mme le kaya “go kolota yo mongwe.” (Mat 18:28, 30, 34; Luk 16:5, 7) Mo temaneng eno le mo go tse dingwe, lefoko leno le dirisiwa go tlhalosa gore motho o patelesega go dira sengwe.—1Jo 3:16; 4:11; 3Jo 8.
(Johane 13:15) Gonne ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.
Monna yo Mogolo Thata o Dira Tiro e e Nyatsegang
Ka go tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe, Jesu o ne a re ruta thuto e e molemo thata kaga boikokobetso. Ee, Bakeresete ga ba a tshwanela go akanya gore ba botlhokwa thata go feta batho ba bangwe mo ba ka batlang gore batho ba bangwe ba age ba ba direla, e bile ga ba a tshwanela go rata maemo le go rata go tlotlwa. Go na le moo, ba tshwanetse go latela sekao se ba se tlhometsweng ke Jesu, yo o neng “a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Ee, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go iketleeletsa go direla ba bangwe ditiro tse di tsewang di nyatsega.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 14:6) Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.
ntlha e e mo go Joh 14:6 mo nwtsty
Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo: Jesu ke tsela ka gonne ke ene fela yo re kgonang go rapela Modimo ka ene. Gape ke ene “tsela” ya gore batho ba letlane le Modimo. (Joh 16:23; Bar 5:8) Jesu ke boammaaruri ka gonne o ne a bua boammaaruri e bile a tshela go dumalana le jone. Gape o ile a diragatsa boporofeti bo le bontsi, mme seno se ne se bontsha gore o na le seabe se segolo mo go diragatseng boikaelelo jwa Modimo. (Joh 1:14; Tsh 19:10) Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa ka ene. (2Bak 1:20) Jesu ke botshelo ka gonne o ile a dira gore batho ba kgone go nna le “botshelo jwa mmatota” e leng “botshelo jo bo sa khutleng” ka ntlha ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo. (1Ti 6:12, 19; Bae 1:7; 1Jo 1:7) Gape o tla naya batho ba le bantsi “botshelo” fa a tla bo a ba tsosa mo baswing gore ba tshelele ruri mo Paradaiseng.—Joh 5:28, 29.
(Johane 14:12) Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Yo o dumelang mo go nna, yoo le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno, ka gonne ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.
ntlha e e mo go Joh 14:12 mo nwtsty
ditiro tse dikgolo go feta tseno: Jesu o ne a sa reye gore dikgakgamatso tse barutwa ba gagwe ba neng ba tla di dira di ne di tla nna maatla go feta tse a di dirileng. Go na le moo, o ne a raya gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla rera le go ruta batho ba le bantsi kwa mafelong a le mantsi e bile ba ne ba tla dira tiro eno ka lobaka lo lo fetang lwa gagwe. Mafoko a ga Jesu a bontsha gore o ne a lebeletse gore balatedi ba gagwe ba tswelele ka tiro e a e simolotseng.
Mmalo wa Baebele
(Johane 13:1-17) Jaanong, ka gonne a ne a itse pele ga moletlo wa tlolaganyo gore nako ya gagwe e ne e tlile ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara, Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng, a ba rata go ya bokhutlong. 2 Jalo, fa go ntse go jewa dijo tsa maitseboa, Diabolo ka a ne a setse a tsentse go mo oka mo pelong ya ga Judase Isekariota, morwa Simone, 3 ene, ka a ne a itse gore Rara o ne a tsentse dilo tsotlhe mo diatleng tsa gagwe le gore o ne a tla a tswa kwa Modimong le gore o ne a ya kwa Modimong, 4 a nanoga a tlogela dijo tsa maitseboa mme a beela kwa thoko diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle. Mme a tsaya seiphimolo, a ikgatlha. 5 Morago ga moo a tshela metsi mo mogotšwaneng mme a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa le go di phimola ka seiphimolo se a neng a ikgatlhile ka sone. 6 Mme jalo a tla mo go Simone Petere. Ene a mo raya a re: “Morena, a o tlhapisa dinao tsa me?” 7 Fa Jesu a araba a mo raya a re: “Se ke se dirang ga o se tlhaloganye mo nakong eno, mme o tla se tlhaloganya morago ga dilo tseno.” 8 Petere a mo raya a re: “Ruri ga o kitla o tlhapisa dinao tsa me.” Jesu a mo araba a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabelo epe le nna.” 9 Simone Petere a mo raya a re: “Morena, e seng dinao tsa me fela, mme le diatla tsa me le tlhogo ya me.” 10 Jesu a mo raya a re: “Yo o tlhapileng ga a tlhoke go tlhapisiwa sepe kwantle ga dinao, mme o phepa gotlhe. Mme lona lo phepa, mme e seng lotlhe.” 11 Eleruri, o ne a itse motho yo a mo okang. Ke gone ka moo a neng a re: “Ga se lona lotlhe ba lo leng phepa.” 12 E rile, jaanong, a sena go tlhapisa dinao tsa bone e bile a sena go apara diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle le go sekama fa tafoleng gape, a ba raya a re: “A lo a itse se ke se dirileng mo go lona? 13 Lo mpitsa, ‘Moruti,’ le, ‘Morena,’ mme lo bua sentle, gonne ke ene. 14 Jalo, fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao. 15 Gonne ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo. 16 Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe le fa e le ene yo o rometsweng ga a mogolo go feta yo a mo romileng. 17 Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.
OCTOBER 22-28
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 15-17
“Ga lo Karolo ya Lefatshe”
(Johane 15:19) Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.
ntlha e e mo go Joh 15:19 mo nwtsty
lefatshe: Mo temaneng eno, lefoko leno la Segerika e leng koʹsmos le kaya batho ba ba sa ikobeleng Modimo. Mo bakwading ba Diefangele, Johane ke ene fela yo o kwadileng gore Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ga se karolo ya lefatshe kgotsa ga ba na seabe mo lefatsheng. Gape mafoko ano a boelediwa gabedi mo thapelong ya bofelo ya ga Jesu a na le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang.—Joh 17:14, 16.
(Johane 15:21) Mme ba tla lo dira dilo tseno tsotlhe ka ntlha ya leina la me, ka gonne ga ba itse yo o nthomileng.
ntlha e e mo go Joh 15:21 mo nwtsty
ka ntlha ya leina la me: Mo Baebeleng leina le dirisiwa go tlhaola mong wa lone, go tlhalosa tsela e a tshelang ka yone le go tlhalosa gore ke motho yo o ntseng jang. Leina la ga Jesu le emela taolo le maemo a a neilweng ke Rraagwe. (Mat 28:18; Baf 2:9, 10; Bah 1:3, 4) Mo temaneng eno Jesu o tlhalosa lebaka le le neng le tla dira gore batho ba bogise balatedi ba gagwe: ka gonne ga ba itse yo o mo romileng. Go itse Modimo go ne go tla dira gore ba tlhaloganye gore leina la ga Jesu le emela eng. (Dit 4:12) Seno se akaretsa go itse gore o tlhomilwe ke Modimo go nna Mmusi, Kgosi ya dikgosi le gore batho ba tshwanetse go mo ikobela gore ba bone botshelo.—Joh 17:3; Tsh 19:11-16; bapisa Pes 2:7-12.
(Johane 16:33) Ke buile dilo tseno le lona gore lo tle lo nne le kagiso ka nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”
it-1-E 516
Bopelokgale
Bakeresete ba tlhoka bopelokgale gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke mekgwa ya batho ba ba sa obameleng Modimo, le gore ba nne ba ikanyega le fa ba bogisiwa ke batho. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Joh 16:33) Morwa Modimo ga a ise a letle gore mekgwa e e sa siamang ya lefatshe e mo tlhotlheletse ka tsela epe, mme o ne a le fenya ka go sa itetle gore a tshwane le batho ba ba mo go lone. Jesu Keresete o re tlhometse sekao se sentle ka go fenya lefatshe le go ikanyega mo Modimong. Re ka etsa sekao sa gagwe sa go nna pelokgale ka go dira gore le rona re se ka ra tlhotlhelediwa ke mekgwa ya lefatshe ka tsela epe.—Joh 17:16.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 17:21-23) gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona, gore lefatshe le dumele gore o nthomile. 22 Gape, ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, gore ba tle ba nne mongwe fela jaaka rona re le mongwe fela. 23 Nna ke le seoposengwe le bone mme wena o le seoposengwe le nna, gore ba tle ba itekanedisiwe mo go nneng mongwe, gore lefatshe le tle le itse gore o nthomile le gore o ba ratile fela jaaka o nthatile.
dintlha tse di mo go Joh 17:21-23 mo nwtsty
nne mongwe: Kgotsa “go utlwana.” Jesu o ne a rapelela gore balatedi ba gagwe ba nne “mongwe” ka go bereka mmogo ka kutlwano fela jaaka ene le Rraagwe ba le “mongwe” e bile ba bereka mmogo. (Joh 17:22) Paulo o bua ka kutlwano eno mo go 1Bak 3:6-9. O tlhalosa kafa Bakeresete ba utlwanang ka gone fa ba ntse ba bereka mmogo le Modimo.—Bona 1Bak 3:8.
ba itekanedisiwe mo go nneng mongwe: Kgotsa “go nna seoposengwe.” Mo temaneng eno, Jesu o amanya go nna seoposengwe le go ratwa ke Modimo. Seno se dumalana sentle le Bakolosa 3:14 e e reng: “Lorato . . . ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” Seno ga se reye gore Bakeresete ba a tshwana go na le moo, ba na le botho, bokgoni le mekgwa e e sa tshwaneng e bile digakolodi tsa bone di dira ka tsela e e sa tshwaneng. Ba seoposengwe ka gonne ba dira dilo tse di tshwanang, ba dumela dilo tse di tshwanang e bile ba ruta dilo tse di tshwanang.—Bar 15:5, 6; 1Bak 1:10; Bae 4:3; Baf 1:27.
(Johane 17:24) Rara, ka ga se o se nneileng, ke eletsa gore, kwa ke gone, le bone ba tle ba nne le nna, gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka gonne o nthatile pele lefatshe le thaiwa.
ntlha e e mo go Joh 17:24 mo nwtsty
lefatshe le thaiwa: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “thaiwa” le tlhalosiwa e le “go ithwala” mo go Bah 11:11, mme le dirisitswe le lefoko “peo.” Go dirisitswe lefoko “thaiwa” go tlhalosa nako ya fa Adame le Efa ba simolola go nna le bana.” Jesu o amanya go “thaiwa” ga lefatshe le Abele ka gonne ke motho wa ntlha go kwalwa mo bukeng ya kgakologelo. (Luk 11:50, 51; Tsh 17:8) Mafoko ano a Jesu a neng a a bua mo thapelong ya gagwe a re bontsha gore go tswa kwa tshimologong, pele Adame le Efa ba nna le bana, Modimo o ne a rata Morwawe.
Mmalo wa Baebele
(Johane 17:1-14) Jesu a bua dilo tseno, mme, e rile a tlhatlosetsa matlho kwa legodimong, a re: “Rara, nako e tlile; galaletsa morwao, gore morwao a tle a go galaletse, 2 fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, gore, ka ga palo yotlhe ya ba o ba mo neileng, a tle a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. 3 Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete. 4 Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneileng go e dira. 5 Jalo jaanong wena Rara, nkgalaletse gaufi le wena ka kgalalelo e ke neng ke na le yone gaufi le wena pele lefatshe le nna gone. 6 “Ke bonaditse leina la gago mo bathong ba o ba nneileng ba tswa mo lefatsheng. E ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba bolokile lefoko la gago. 7 Jaanong ba a itse gore dilo tsotlhe tse o di nneileng di tswa kwa go wena; 8 ka gonne mafoko a o a nneileng ke ba a neile, mme ba a amogetse e bile eleruri ba a itse jaanong gore ke tlile ke le moemedi wa gago, e bile ba dumetse gore o nthomile. 9 Ke kopa ka ga bone; ke a kopa, e seng ka ga lefatshe, fa e se ka ga ba o ba nneileng; ka gonne ke ba gago, 10 mme dilo tsotlhe tsa me ke tsa gago le tsa gago ke tsa me, mme ke galaleditswe mo gare ga tsone. 11 “Gape, ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng mme nna ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng, gore ba tle ba nne mongwe fela jaaka re ntse. 12 Fa ke ne ke na le bone ke ne ke tle ke ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng; e bile ke ba bolokile, mme ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o sentsweng fa e se morwa tshenyego, gore lokwalo lo tle lo diragadiwe. 13 Mme jaanong ke tla kwa go wena, mme ke bua dilo tseno mo lefatsheng gore ba tle ba nne le boipelo jwa me ka botlalo mo go bone. 14 Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.
OCTOBER 29–NOVEMBER 4
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 18-19
“Jesu E ne E le Mosupi wa Boammaaruri”
(Johane 18:36) Jesu a araba a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.”
(Johane 18:37) Jalo Pilato a mo raya a re: “Mme jaanong, a o kgosi?” Jesu a araba a re: “Wena ka bowena wa re ke kgosi. Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.”
dintlha tse di mo go Joh 18:37 mo nwtsty
ke supe ka ga: Mafoko a Segerika a dirisitsweng mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika a a reng “go supa ka ga” (mar·ty·reʹo) le a a reng “go supela” (mar·ty·riʹa; marʹtys) a ka kaya dilo tse di farologaneng. Gantsi mafoko ano a ka dirisiwa ke mongwe fa a neela bosupi ka se a se boneng kgotsa se a se itseng mme gape a ka dirisiwa e le “go itsise batho ka sengwe; go tlhomamisa sengwe; go bua bontle ka sengwe.” Jesu o ne a supela boammaaruri le go ruta ka jone mme gape o ne a tshela ka tsela e e bontshang gore boporofeti le ditsholofetso tsa Modimo di boammaaruri. (2Bak 1:20) Go ne go sa bolo go bolelwa pele gore Mesia e ne e tla nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, go akaretsa loso lwa gagwe le dilo tse di neng di kwadile mo Molaong gore di tla diragala di ile tsa diragala fela jaaka go boletswe. (Bak 2:16, 17; Bah 10:1) Tsela e Jesu a neng a tshela le go ruta ka yone e ne e bontsha gore ke mosupi wa boammaaruri.
boammaaruri: Jesu o ne a ruta boammaaruri ka boikaelelo jwa Modimo. Ntlha ya botlhokwa mo boikaelelong jwa Modimo ke gore Jesu, “morwa Dafide” o busa e le Moperesiti yo Mogolo le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. (Mat 1:1) Jesu o ne a re lebaka la konokono le le dirileng gore a tle mo lefatsheng ke go ruta batho boammaaruri ka Bogosi joo. Baengele le bone ba ile ba bolela molaetsa o o tshwanang fa ba ne ba itsise gore Jesu o tsholetswe kwa motseng o Dafide a tsholetsweng kwa go one, kwa Bethelehema wa Judea.—Luk 1:32, 33; 2:10-14.
(Johane 18:38a) Pilato a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?”
ntlha e e mo go Joh 18:38a mo nwtsty
Boammaaruri ke eng?: Pilato o ne a sa botse potso eno ka maikaelelo a go itse “boammaaruri” jo Jesu a neng a bua ka jone. (Joh 18:37) Fa go ka bo go le jalo, Jesu a ka bo a mo arabile. Pilato o ne a botsa potso eo ka lenyatso, e kete a re, “Boammaaruri ke eng? Ga go na sepe seo!” Pilato ga a ka a letela gore Jesu a mo arabe mme o ile a latela Bajuda kwa ntle.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 19:30) E rile, jaanong, Jesu a sena go amogela beine e e botšarara, a re: “Go diragaditswe!” mme, ya re a oba tlhogo, a neela moya wa gagwe.
ntlha e e mo go Joh 19:30 mo nwtsty
a neela moya wa gagwe: Kgotsa “a swa; a sa tlhole a hema.” Lefoko “moya” (ka Segerika, pneuʹma) le ka kaya go “hema” kgotsa “moya wa botshelo.” Lefoko la Segerika la ek·pneʹo le le kayang go “hemela kwa ntle” le dirisitswe mo go Mar 15:37 le Luk 23:46 mme le ranotswe e le “a swa.” Batho bangwe ba re lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go “neela” le raya gore Jesu ga a ka a kgaratlhela go nna a tshela mme o ile a ineela ka gonne dilo tsotlhe di ne di diragaditswe. Jesu “o ne a tshololela moya wa gagwe mo losong” ka go rata.—Isa 53:12; Joh 10:11.
(Johane 19:31) Foo Bajuda, e re ka e ne e le Paakanyo, gore mebele e tle e se ka ya nnela ruri mo dikoteng tsa tlhokofatso ka Sabata, (gonne letsatsi la Sabata eo e ne e le le legolo,) ba kopa Pilato gore a dire gore ba rojwe maoto mme mebele e tlosiwe.
ntlha e e mo go Joh 19:31 mo nwtsty
gonne letsatsi la Sabata eo e ne e le le legolo: Nisane 15 e ne e le letsatsi le le tlang morago ga Tlolaganyo, mme e ne e le letsatsi la sabata go sa kgathalesege gore le wela mo letsatsing lefe la beke eo. (Lef 23:5-7) Fa go ka diragala gore letsatsi la Nisane 15 le wele mo letsatsing le le tlwaelegileng la Sabata (letsatsi la bosupa mo bekeng ya Bajuda le ne le simolola ka Labotlhano fa letsatsi le sena go phirima go ya go Matlhatso fa letsatsi le sena phirima), le ne le bidiwa Sabata e kgolo. Fa Jesu a sena go swa, letsatsi le le latelang e ne e le Nisane 15 e e neng e simolola ka Labotlhano. Go simologa ka ngwaga wa 29 go ya go 35, Nisane 14 e ile ya nna fela ka ngwaga wa 33 go le Labotlhano. Jono ke bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore Jesu o tlhokafetse ka Nisane 14, ka ngwaga wa 33.
Mmalo wa Baebele
(Johane 18:1-14) Fa Jesu a sena go bua dilo tseno, a tswa le barutwa ba gagwe ba kgabaganya molatswana wa Kiderona o o phothoselang mariga ba ya kwa go neng go na le tshingwana gone, mme ene le barutwa ba gagwe ba tsena mo go yone. 2 Jaanong Judase, yo o mo okang, le ene o ne a itse lefelo leno, ka gonne Jesu o ne a ile a kopanela koo le barutwa ba gagwe makgetlo a le mantsi. 3 Jalo Judase a tsaya mophato wa masole le badiredi ba baperesiti ba bagolo le ba Bafarasai mme ba tla koo ka dirumola tsa molelo le dipone le dibetsa. 4 Jalo, e re ka Jesu a itse dilo tsotlhe tse di tlang mo go ene, a ya a ba raya a re: “Lo batla mang?” 5 Ba mo araba ba re: “Jesu Monasaretha.” A ba raya a re: “Ke nna.” Jaanong Judase, yo o mo okang, le ene o ne a eme le bone. 6 Le fa go ntse jalo, e rile a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago mme ba wela fa fatshe. 7 Jalo a ba botsa gape a re: “Lo batla mang?” Ba re: “Jesu Monasaretha.” 8 Jesu a araba a re: “Ke lo boleletse gore ke nna. Jalo, fa e le gore ke nna yo lo mpatlang, lesang bano ba tsamaye”; 9 gore lefoko le tle le diragadiwe le a neng a le bua a re: “Mo go ba o ba nneileng ga ke a latlhegelwa le ke a le mongwe fela.” 10 Foo Simone Petere, e re ka a ne a tshotse tšhaka, a e somola mme a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo a ba a kgaola tsebe ya gagwe ya moja. Leina la motlhanka yono e ne e le Maleko. 11 Le fa go ntse jalo, Jesu a raya Petere a re: “Tsenya tšhaka mo kgatleng ya yone. Senwelo se Rara a se nneileng, a ga ke a tshwanela go se nwa le fa go ka nna jang?” 12 Foo mophato wa masole le molaodi wa sesole le badiredi ba Bajuda ba tshwara Jesu mme ba mmofa, 13 ba mo isa pele kwa go Anase; gonne e ne e le mogogwadia Kaiafase, yo e neng e le moperesiti yo mogolo mo ngwageng oo. 14 Tota e bile, Kaiafase e ne e le ene yo o neng a gakolola Bajuda gore go ne go tswela bone mosola gore monna a le mongwe a swe mo boemong jwa batho.