Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
SEPTEMBER 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAHEBERA 7–8
“Moperesiti ka Bosaengkae Kafa Mokgweng wa ga Melekisedeke”
(Bahebera 7:1, 2) Gonne Melekisedeke yono, e bong kgosi ya Salema, moperesiti wa Modimo Mogodimodimo, yo o neng a kgatlhantsha Aborahame a boa kwa polaong ya dikgosi a ba a mo segofatsa 2 e bile e le yo Aborahame a neng a mo abela sa bosome mo dilong tsotlhe, santlhantlha, fa go ranolwa, ke “Kgosi ya Tshiamo,” mme go tswa foo gape ke kgosi ya Salema, ke gore, “Kgosi ya Kagiso.”
it-2-E 366
Melekisedeke
Melekisedeke ke kgosi ya motse wa Salema e bile ke “moperesiti wa Modimo Mogodimodimo,” Jehofa. (Ge 14:18, 22) Ke ene moperesiti wa ntlha go tlhagelela mo Baebeleng; o ne a nna moperesiti nako nngwe pele ga 1933 B.C.E. Lefoko Salema le raya “Kagiso,” ka jalo moaposetoloi Paulo o bitsa Melekisedeke “Kgosi ya Kagiso,” gape o mmitsa “Kgosi ya Tshiamo” e leng se se bolelwang ke leina Melekisedeke. (Bah 7:1, 2) Go dumelwa gore motse wa Salema o ne wa gola mme morago e bo e nna Jerusalema, e bile lefoko Jerusalema le dirilwe ka leina la motse ono (Jeru le Salema), ke sone seo ka dinako dingwe motse wa Jerusalema o bidiwang Salema e bidiwang—Pes 76:2.
Fa Aberame (yo morago a neng a bidiwa Aborahame) a se na go fenya Kedorelaomere le dikgosi tse di neng di na le ene, o ne a ya Lebaleng le le Kwa Tlase la Shafe kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase la kgosi.” Fa Aborahame a le koo o ne a kgatlhantshiwa ke Melekisedeke yo o neng a “ntsha senkgwe le beine” a bo a mo segofatsa a re: “A Aberame a segofadiwe ke Modimo Mogodimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe; Mme a go bakwe Modimo Mogodimodimo, Yo o tsentseng bagateledi ba gago mo seatleng sa gago!” Go tswa foo Aborahame o ne a naya Melekisedeke, e leng kgosi le moperesiti, “nngwesomeng ya sengwe le sengwe” e leng ‘dithopo tsa botlhokwa’ tse a neng a di tseela dikgosi tse a di fentseng.—Ge 14:17-20; Bah 7:4.
(Bahebera 7:3) E re ka a se na rre, a se na mmè, a sa balelwe mo tlhatlhamanong epe ya losika, a se na tshimologo ya malatsi le fa e le bokhutlo jwa botshelo, mme a dirilwe jaaka Morwa Modimo, o nnela moperesiti ruriruri.
it-2-E 367 ¶4
Melekisedeke
Re itse jang gore ruri Melekisedeke o ne “a se na tshimologo ya malatsi le fa e le bokhutlo jwa botshelo”?
Paulo o ile a tlhomolola ntlha e e kgatlhang ka ga Melekisedeke, o ne a re: “E re ka a se na rre, a se na mmê, a sa balelwe mo tlhatlhamanong epe ya losika, a se na tshimologo ya malatsi le fa e le bokhutlo jwa botshelo, mme a dirilwe jaaka Morwa Modimo, o nnela moperesiti ruriruri.” (Bah 7:3) Melekisedeke o ne a tsholwa a bo a swa fela jaaka batho botlhe. Le fa go ntse jalo, maina a batsadi ba gagwe ga a tlhage gope, e bile ga go na pego epe e e tlhalosang losika lwa gagwe. Tota e bile Baebele ga e bue sepe ka tshimologo ya malatsi a gagwe le fa e le loso lwa gagwe. Ke sone se se dirang gore Melekisedeke a kgone go emela Jesu Keresete, yo boperesiti jwa gagwe bo se nang bokhutlo. Ga go na moperesiti ope yo o neng a tla pele ga Melekisedeke kgotsa yo o neng a mo tlhatlhama, ka tsela e e tshwanang ga go na moperesiti yo mogolo ope yo o neng a rolela Keresete boperesiti e bile Baebele e bontsha gore ga go na ope yo o tla mo tlhatlhamang. Mo godimo ga moo, le fa Jesu a ne a tsholetswe mo lotsong la Juda e bile a tswa losikeng lwa segosi lwa ga Dafide, boperesiti jwa gagwe bo ne bo sa amane ka gope le losika loo e bile ga a ka a nna kgosi le moperesiti ka ntlha ya lelapa le a tswang mo go lone. Mme e ne e le ka ntlha ya se Jehofa a neng a se mo solofetsa.
(Bahebera 7:17) Gonne fa go supelwa ga twe: “O moperesiti ka bosaengkae kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.”
it-2-E 366
Melekisedeke
O ne a tshwantshetsa boperisiti jwa ga Keresete. Mo boporofeting bongwe yo bo tlhomologileng, jo bo buang ka Mesia, Jehofa o ne a solofetsa “Morena” wa ga Dafide jaana: “O moperesiti ka bosakhutleng kafa mokgweng wa ga Melekisedeke!” (Pes 110:1, 4) Temana eno ya Pesalema ke yone e e neng e dira gore Bahebera ba dumele gore Mesia e ne e tlile go nna moperesiti e bile gape e le kgosi. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bahebera, o ne a re: “Jesu, yo jaanong e leng moperesiti yo mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke ka bosaengkae.” Seo se ne se bontsha sentle gore Mesia yo o solofeditsweng e ne e le mang —Bah 6:20; 5:10
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bahebera 8:3) Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe o tlhomelwa gore a ise dimpho le ditlhabelo tshupelo; ka jalo go ne go tlhokega gore yono le ene a nne le sengwe se a se isang tshupelo.
Ditlhabelo Tse di Neng Tsa Itumedisa Modimo
11 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Moperesiti yo o kwa godimo mongwe le mongwe o tlhomelwa go isa dimpho le ditlhabelo tshupelo.” (Bahebera 8:3) Ela tlhoko gore Paulo o kgaoganya ditshupelo tse di neng di dirwa ke moperesiti yo mogolo bogologolo kwa Iseraele ka dikarolo tse pedi, e leng, “dimpho” le “ditlhabelo,” kana “ditlhabelo tsa maleo.” (Bahebera 5:1) Gantsi batho ba aba dimpho go bontsha lorato le kanaanelo, go dira botsala, le gore ba ratwe le go amogelwa. (Genesise 32:20; Diane 18:16) Go ntse jalo le ka ditshupelo tse dintsi tse di neng di laelwa mo Molaong, le tsone di ka tsewa e le “dimpho” tse motho a neng a di abela Modimo gore a mo rate le go mo amogela. Fa motho a ne a tlodile Molao o ne a tshwanetse go lefa, mme o ne a duela ka go ntsha “ditlhabelo tsa maleo.” Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano, segolobogolo Ekesodo, Lefitiko le Dipalo, di na le dintlha tse dintsi tse di malebana le mefuta e e farologaneng ya ditlhabelo le ditshupelo. Le fa gone go ka se ka ga nna motlhofo gore re tlhaloganye le go gakologelwa dintlha tsotlhe tse di malebana le mefuta e e farologaneng ya ditlhabelo, go ka nna molemo go ela tlhoko dintlha dingwe tsa konokono tsa tsone.
(Bahebera 8:13) Fa a re “kgolagano e ntšha,” o dirile gore ya pele e se ka ya tlhola e dira. Jaanong se se dirilweng gore se se ka sa tlhola se dira e bile se le segologolo se gaufi le go nyelela.
it-1-E 523 ¶5
Kgolagano
Ke jang kgolagano ya Molao wa ga Moshe e neng ya “se ka ya tlhola e dira”?
Kgolagano ya Molao wa ga Moshe, e ne ya tlogela go dira ka nako ya fa Modimo a ne a dirisa moporofeti Jeremia go bua gore go ne go tlile go nna le kgolagano e ntšha. (Jer 31:31-34; Bah 8:13) Ka 33C.E. Keresete o ne a swela mo koteng ya tlhokofatso. Mme loso la gagwe lo ne lwa dira gore kgolagano ya Molao wa ga Moshe e fedisiwe (Col 2:14), e bo e emisediwa ka kgolagano e ntšha.—Bah 7:12; 9:15; Dit 2:1-4.
Mmalo wa Baebele
(Bahebera 7:1-17) Gonne Melekisedeke yono, e bong kgosi ya Salema, moperesiti wa Modimo Mogodimodimo, yo o neng a kgatlhantsha Aborahame a boa kwa polaong ya dikgosi a ba a mo segofatsa 2 e bile e le yo Aborahame a neng a mo abela sa bosome mo dilong tsotlhe, santlhantlha, fa go ranolwa, ke “Kgosi ya Tshiamo,” mme go tswa foo gape ke kgosi ya Salema, ke gore, “Kgosi ya Kagiso.” 3 E re ka a se na rre, a se na mmè, a sa balelwe mo tlhatlhamanong epe ya losika, a se na tshimologo ya malatsi le fa e le bokhutlo jwa botshelo, mme a dirilwe jaaka Morwa Modimo, o nnela moperesiti ruriruri. 4 Jaanong, bonang ka moo monna yono a neng a le mogolo ka gone yo Aborahame, e bong tlhogo ya lotso, a neng a mo naya sa bosome mo dithopong tsa botlhokwa. 5 Ke boammaaruri, banna ba ba tswang mo go bomorwa Lefi ba ba amogelang tiro ya bone ya boperesiti ba na le taolo ya go phutha ditsabosome mo bathong go ya ka Molao, ke gore, mo go bomorwarraabone, le eleng fa bano ba dule mo lothekeng lwa ga Aborahame; 6 mme motho yo o neng a sa latedise tlhatlhamano ya masika a gagwe go tswa mo go bone o ne a tsaya ditsabosome mo go Aborahame a ba a segofatsa yo o neng a na le ditsholofetso.7 Jaanong kwantle ga kganetsano epe, yo mmotlana o segofadiwa ke yo mogolo.8 Mme mo ntlheng nngwe ke batho ba ba swang ba ba amogelang ditsabosome, mme mo ntlheng e nngwe ke motho yo go newang bosupi ka ene gore o a tshela.9 Mme, fa ke ka dirisa polelwana eno, le eleng Lefi yo o amogelang ditsabosome o ntshitse ditsabosome ka Aborahame, 10 gonne o ne a santse a le mo lothekeng lwa ga rraagwemogologolwane fa Melekisedeke a ne a mo kgatlhantsha. 11 Jaanong, fa e le gore tota boitekanelo bo ne bo le ka boperesiti jwa Balefi, (gonne batho ba ne ba newa Molao ka jone e le selo sa konokono,) go ne go tla bo go na le tlhokego efe e nngwe ya gore go eme moperesiti yo mongwe kafa mokgweng wa ga Melekisedeke mme go sa twe kafa mokgweng wa ga Arone? 12 Gonne e re ka boperesiti bo fetolwa, molao le one o tlhoka go fetolwa. 13 Gonne monna yo dilo tseno di buiwang mabapi le ene o ne a le leloko la lotso lo longwe, lo go se nang ope go tswa mo go lone yo o diretseng kwa sebesong. 14 Gonne go bonala sentle gore Morena wa rona o tlhagile mo Juda, lotso lo Moshe a sa buang sepe ka lone ka baperesiti. 15 Mme go sa ntse go phepafetse thata gore go tshwana le Melekisedeke go ema moperesiti yo mongwe, 16 yo jaanong a leng moperesiti, e seng go ya ka molao wa taolo e e ikaegileng ka nama, mme go ya ka maatla a botshelo jo bo ka se kang jwa senngwa, 17 gonne fa go supelwa ga twe: “O moperesiti ka bosaengkae kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.”
SEPTEMBER 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAHEBERA 9–10
“Moriti wa Dilo Tse di Molemo Tse di tla Tlang”
(Bahebera 9:12-14) O ne a tsena, nnyaa, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe, a tsena gangwe felafela mo lefelong le le boitshepo mme a re bonela kgololo ya bosakhutleng. 13 Gonne fa madi a dipodi le a dipoo le melora ya kgomo ya moroba e e kgatšhiwang mo go ba ba leswafaditsweng di itshepisa nama gore e nne phepa, 14 madi a ga Keresete, yo ka moya wa bosakhutleng a neng a ikisa tshupelo kwa Modimong a se na molato, one a tla ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng go le kana kang gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo?
it-1-E 862 ¶1
Go Itshwarelwa Maleo
Go ya ka molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele, fa mongwe yo o leofetseng Modimo kgotsa mongwe ka ene, a ne a batla go itshwarelwa, sa ntlha, o ne a tshwanetse go dira se se kwadilweng mo molaong gore a baakanye phoso ya gagwe. Mme fa a se na go dira jalo, gantsi o ne a tshwanetse gore a isetse Jehofa madi a setlhabelo. (Le 5:5–6:7) Ke ka ntlha eo Paulo a neng a kwala molaotheo o o reng: “Ee, mo e ka nnang dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi go ya ka Molao, mme kwantle ga fa madi a tsholotswe ga go boitshwarelo jo bo nnang gone.” (Bah 9:22) Le fa go ntse jalo, madi a phologolo e e neng e ntshiwa setlhabelo, a ne a ka se phimole maleo a motho yo o ntshang setlhabelo seo e bile a ne a ka se dire gore a nne le segakolodi se se phepa ka tsela e e feletseng. (Bah 10:1-4; 9:9, 13, 14) Ka fa letlhagoreng le lengwe, kgologano e ntšha e e neng ya bolelelwa pele e e neng e theilwe mo Setlhabelong sa Thekololo sa ga Jesu Keresete, e ne ya dira gore motho a kgone go itshwarelwa ka botlalo. (Jer 31:33, 34; Mat 26:28; 1Bak 11:25; Bae 1:7) Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha gore o kgona go tshwarela batho maleo ka go fodisa motho yo o neng a sule ditokololo.—Mat 9:2-7.
(Bahebera 9: 24-26) Gonne Keresete o ne a tsena, e seng mo lefelong le le boitshepo le le dirilweng ka diatla, le e leng sekaelo sa selo sa mmatota, mme o tsene mo legodimong ka bolone, gore jaanong a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana. 25 Le gone ga se gore a tle a ikise tshupelo gantsi, jaaka fa moperesiti yo mogolo a tsena mo lefelong le le boitshepo ngwaga le ngwaga ka madi a e seng a gagwe. 26 Go seng jalo, o ne a tla tshwanela go boga gantsi go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa. Mme jaanong o iponaditse gangwe felafela kwa bokhutlong jwa ditsamaiso tsa dilo gore a tlose boleo ka setlhabelo sa gagwe.
“Tswelela o Ntshale Morago”
4 Dikwalo ga di re bolelele gore Jesu o ile a fitlha a amogelwa jang le gore Rraagwe o ile a mo itumelela jang fa ba boa ba kopana gape kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, Baebele e ile ya senola go sa le pele gore go ne go tla direga eng kwa legodimong ka bonako fela fa Jesu a boela teng. Bajuda ba ne ba na le dingwaga di le makgolo a le 15 ba ntse ba bona tiragalo nngwe e e boitshepo e dirwa ka metlha. Letsatsi le le lengwe mo ngwageng nngwe le nngwe, moperesiti yo mogolo o ne a tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la tempele go ya go kgatsha madi a ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo fa pele ga letlole la kgolagano. Mo letsatsing leo, moperesiti yo mogolo o ne a tshwantshetsa Mesia. Jesu o ile a diragatsa bokao jwa boporofeti jwa tiragalo eo gangwe fela le go ya go ile fa a sena go boela kwa legodimong. O ne a tsena mo kgalalelong e kgolo ya ga Jehofa kwa legodimong—lefelo le le boitshepo go gaisa otlhe mo lobopong—mme a fitlha a naya Rraagwe boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa thekololo. (Bahebera 9:11, 12, 24) A Jehofa o ile a se amogela?
(Bahebera 10:1-4) Gonne e re ka Molao o na le moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, mme e seng tsone dilo totatota, batho ka ditlhabelo tse di tshwanang tse ba di isang tshupelo ba sa kgaotse ngwaga le ngwaga, ga ba ka ke le ka motlha ba itekanedisa ba ba atamelang. 2 Go seng jalo, a ditlhabelo di ka bo di sa khutla go isiwa tshupelo, ka gonne ba ba dirang tirelo e e boitshepo ba ba neng ba ntlafaditswe gangwe fela ba ka bo ba sa tlhole ba ikutlwa ba na le maleo? 3 Go farologana le seo, ditlhabelo tseno di dira gore maleo a gakologelwe ngwaga le ngwaga, 4 gonne ga go kgonege gore madi a dipoo le a dipodi a tlose maleo.
it-2-E 602-603
Go Itekanela
Go itekanela ga Molao wa ga Moshe. Mo Molaong o Modimo o neng a o naya Baiseraele a dirisa Moshe, go ne go na thulaganyo ya boperesiti le ya go ntshiwa ga mefuta e e farologaneng ya ditlhabelo tsa diphologo. Molao oo le dithulaganyo tsa one di ne di tswa kwa go Jehofa e bile di itekanetse . Mme le fa go ntse jalo Molao wa ga Moshe, boperesiti jwa one, kgotsa ditlhabelo tse di neng di ntshiwa, di ne di ka se dire gore batho ba ba ka fa tlase ga Molao oo ba itekanele. Seo ke se moaposetoloi Paulo a neng a se tlhalosa. (Bah 7:11, 19; 10:1) Molao wa ga Moshe o ne o sa golole batho mo boleong le mo losong, go na le moo o ne o dira gore maleo a bone a bonale le go feta. (Bar 3:20; 7:7-13) Le fa go ntse jalo, dithulaganyo tseno tse di tswang kwa go Jehofa di ne tsa diragatsa maikaelelo a gagwe; Molao e ne ya nna “mogogi” o o isang batho kwa go Keresete, e bile o ne wa nna “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.” (Bag 3:19-25; Bah 10:1) Ka jalo fa Paulo a bua ka “go sa kgoneng kafa letlhakoreng la Molao, ka o ne o ntse o le bokoa ka nama” (Bar 8:3), go lebega a ne bontsha kafa moperesiti yo mogolo wa Mojuda (yo, go ya ka Molao, a neng a tlhomilwe gore a okamele go ntshiwa ga ditlhabelo le yo o neng a kgona go tsena mo Boitshepong Jwa Maitshepo a tshotse madi ka Letsatsi la Tetlano) a neng a sa kgone go boloka ba a ba direlang ka botlalo, jaaka go tlhalositswe mo go Bahebera 7:11, 18-28. Le fa gone ditlhabelo tse di neng di ntshiwa ke baperesiti di ne di thusa batho go atamalana le Modimo, di ne di sa ba thuse gore ba kgone go imologa ka botlalo fa ba dirile boleo. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore ditlhabelo tsa tetlanyo di ne di sa kgone go dira gore ba ba atamelang ba itekanele malebana le digakolodi tsa bone. (Bah 10:1-4; bapisa le Bah 9:9.) Moperesiti yo mogolo o ne a sa kgone go ntsha setlhabelo se se neng se tla dira gore ba gololwe mo boleong ka botlalo. Setlhabelo sa ga Keresete ke sone fela se neng se tla kgona go dira seno.—Bah 9:14; 10:12-22.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bahebera 9:16, 17) Gonne koo go nang le kgolagano gone, loso lwa mogolaganyi wa motho lo tlhoka go dirwa gore le nne teng. 17 Gonne kgolagano e na le thata ka ntlha ya babolawa, e re ka e sa dire ka nako epe fa mogolaganyi wa motho a sa ntse a tshela.
Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
Paulo o ne a umaka gore go ne go tlhokega gore mongwe a swe gore dikgolagano fa gare ga Modimo le batho di dire. Kgolagano ya Molao ke sekao sa seno. Moshe e ne e le motsereganyi wa yone, ene yo o neng a tla dira tumalano eno fa gare ga Modimo le Iseraele wa senama. Ka jalo Moshe o ne a nna le seabe sa botlhokwa mme e ne e le ene motho yo o neng a dirisana le Baiseraele ka nako ya fa ba ne ba tsena mo kgolaganong. Ka jalo Moshe o ne a ka lejwa jaaka motho yo o dirileng kgolagano ya Molao eo e neng e tswa kwa go Jehofa. Mme lefa go ntse jalo a Moshe o ne a tshwanelwa ke go tsholola madi a botshelo jwa gagwe gore kgolagano ya Molao e simolole go dira? Nnyaa. Go na le moo go ne go neelwa diphologolo, madi a tsone a emisetsa madi a ga Moshe.—Bahebera 9:18-22.
Go tweng ka kgolagano e ntšha fa gare ga Jehofa le morafe wa Iseraele wa semoya? Jesu Keresete o ne a nna le karolo e e galalelang ya go tsena fa gare, go nna Motsereganyi fa gare ga Jehofa le Iseraele wa semoya. Le mororo Jehofa a ne a simolola kgolagano eno, e ne e ikaegile ka Jesu Keresete. Kwantle ga go nna Motsereganyi wa kgolagano eno, Jesu o ne a dirisana ka tlhamalalo a le mo nameng le bao ba neng ba tla tsenngwa pele mo go yone. (Luke 22:20, 28, 29) Mo godimo ga moo, o ne a tshwanela go ka ntsha setlhabelo seo se neng se tlhokega gore kgolagano e dire. Setlhabelo seno e ne e se sa diphologolo fela tse di sa reng sepe mme e ne e le sa botshelo jwa motho yo o itekanetseng. Ka jalo Paulo o ne a ka bitsa Keresete gore ke motho yo o dirileng kgolagano e ntšha. Kgolagano e ntšha e ne ya simolola go dira fa ‘Keresete a sena go tsena mo go je e leng legodimo tota, go tla a bonalela rona jaanong fa pele ga sefatlhego sa Modimo.’—Bahebera 9:12-14, 24.
Fa Paulo a ne a bua kaga Moshe le Jesu jaaka batsereganyi ba batho, o ne a sa reye gore ope wa bone o ne a simolotse dikgolagano tseo, e le tse tota di dirilweng ke Modimo. Go na le moo, batho bao ba babedi ba ne ba na le seabe se segolo mo go direng dikgolagano tseo ba direla jaaka batsereganyi. Mme mo lekgetlong lengwe le lengwe, go ne go tlhokega gore mongwe kana sengwe se swe—diphologolo tseo di neng di emela Moshe, le Jesu a ntsha madi a botshelo jwa gagwe a a ntshetsa bao ba leng mo kgolaganong e ntšha.
(Bahebera 10:5-7) Ka gone fa a tla mo lefatsheng a re: “‘O ne o sa batle setlhabelo le tshupelo, mme o ne wa mpaakanyetsa mmele. 6 O ne wa se ka wa amogela ditshupelo tse di fisiwang di feletse le tshupelo ya boleo.’ 7 Mme ka re, ‘Bona! Ke tlile (mo momenong wa buka go kwadilwe kaga me) go dira thato ya gago, wena Modimo.’”
it-1-E 249-250
Kolobetso
Luke o tlhalosa gore Jesu o ile a rapela fa a ne a kolobediwa. (Luk 3:21) Mo godimo ga moo, buka ya Bahebera e tlhalosa gore fa Jesu Keresete a ne “a tla mo lefatsheng” o ile a bua sengwe. (Fano, ga go buiwe ka nako ya fa a ne a tsholwa ka gonne ka nako eo, o ne a sa kgone go bala le go bua, go na le moo, go buiwa ka nako ya fa a ne a kolobediwa a bo a simolola bodiredi jwa gagwe.) Ya re o ne a bua mafoko ano a a mo go Pesalema 40:6-8 (LXX): “O ne o sa batle setlhabelo le tshupelo, mme o ne wa mpaakanyetsa mmele. . . . Bona! Ke tlile (mo momenong wa buka go kwadilwe kaga me) go dira thato ya gago, wena Modimo.” (Bah 10:5-9) Jesu e ne e le Mojuda, mme setšhaba seo se ne se na le kgolagano le Modimo, e e neng e bidiwa kgolagano ya Molao. (Ek 19:5-8; Bag 4:4) Ka jalo, Jesu o ne a setse a na le kgolagano le Modimo fa a ne a ya kwa go Johane gore a mo kolobetse. Go ya ka Molao, Jesu o ne a dira sengwe se go neng go sa tlhokege gore a se dire. Fa Jesu a ne a kolobediwa o ne a bontsha gore o ikemiseditse go dira “thato” ya ga Rraagwe ka go ntsha mmele wa gagwe o o neng o baakanyeditswe, gore go seka ga tlhola go tlhokega gore batho ba ntshe ditlhabelo ka diphologolo tse di ntshiwang tshupelo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ka ‘thato’ e go bolelwang ka yone re itshepisitswe ka tshupelo ya mmele wa ga Jesu Keresete gangwe felafela.” (Bah 10:10) Gape thato ya Modimo e ne le gore Jesu a rute batho ka Bogosi mme Jesu o ne a iketleeleditse go dira kabelo eo. (Luk 4:43; 17:20, 21) Jehofa o ne a bontsha gore o amogela se Morwawe a neng a se dira ka gonne o ne a mo tlotsa ka moya o o boitshepo a bo a re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.”—Mar 1:9-11; Luk 3:21-23; Mat 3:13-17.
Mmalo wa Baebele
(Bahebera 9:1-14) Jaanong fa e le ka kgolagano ya pele, yone e kile ya ne e na le ditaelo tsa tirelo e e boitshepo le lefelo la yone le le boitshepo la selefatshe. 2 Gonne go ne go agilwe phaposana ya ntlha ya mogope e mo go yone go neng go na le setlhomo sa lobone e bile gape go na le tafole le dinkgwe tse di beilweng gore di bonwe; mme e bidiwa “Lefelo le le Boitshepo.” 3 Mme kafa morago ga sesiro sa bobedi go ne go na le phaposana ya mogope e bidiwa “Boitshepo Jwa Maitshepo.” 4 Eno e ne e na le leiswana la gouta le letlole la kgolagano le manegilwe gotlhe fela ka gouta, le mo go lone go neng go na le nkgwana ya gouta e na le mana le thobane ya ga Arone e e neng ya tlhoga dithunya le dikwalelo tsa kgolagano; 5 mme kwa godimo mo godimo ga yone go ne go na le ditšheruba tse di galalelang di okame sekhurumelo sa thuanyo. Mme jaanong ga se nako ya go bua dintlha tsotlhe ka dilo tseno. 6 Fa dilo tseno di sena go agiwa ka tsela eno, baperesiti ba tsena mo phaposaneng ya ntlha ya mogope ka dinako tsotlhe go dira ditirelo tse di boitshepo; 7 mme mo phaposaneng ya bobedi moperesiti yo mogolo a le esi o tsena gangwe ka ngwaga, e seng a sa tshola madi, ao a a ikisetsang tshupelo a ba a a isetsa maleo a batho a botlhokakitso. 8 Ka gone moya o o boitshepo o tlhalosa ka phepafalo gore tsela e e yang mo lefelong le le boitshepo e ne e ise e bonadiwe fa mogope wa ntlha o sa ntse o eme. 9 One mogope ono ke setshwantsho sa nako e e tlhomilweng e jaanong e gorogileng, mme dimpho le ditlhabelo di isiwa tshupelo go tsamaisana le one. Le fa go ntse jalo, tseno ga di kgone go itekanedisa motho yo o dirang tirelo e e boitshepo malebana le segakolodi sa gagwe, 10 mme di amana fela le dijo le dinō le dikolobetso tse di farologaneng. Tsone e ne e le dilo tse di tlhokegang semolao tse di leng malebana le nama mme di ne tsa tlhomiwa go fitlha ka nako e e beilweng gore go tlhamaladiwe dilo. 11 Le fa go ntse jalo, e rile Keresete a tla e le moperesiti yo mogolo wa dilo tse di molemo tse di diragetseng, ka mogope o mogolwane le o o itekanetseng segolo o o sa dirwang ka diatla, ke gore, o e seng wa popo eno, 12 o ne a tsena, nnyaa, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe, a tsena gangwe felafela mo lefelong le le boitshepo mme a re bonela kgololo ya bosakhutleng. 13 Gonne fa madi a dipodi le a dipoo le melora ya kgomo ya moroba e e kgatšhiwang mo go ba ba leswafaditsweng di itshepisa nama gore e nne phepa, 14 madi a ga Keresete, yo ka moya wa bosakhutleng a neng a ikisa tshupelo kwa Modimong a se na molato, one a tla ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng go le kana kang gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo?
SEPTEMBER 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAHEBERA 11
“Goreng Tumelo e le Botlhokwa?”
(Bahebera 11:1) Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.
Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
6 Bahebera 11:1 (E bale.) e tlhalosa gore tumelo ke eng. Tumelo e akaretsa dilo tse pedi tse re sa kgoneng go di bona: (1) “Dilo tse di solofetsweng”—seno se akaretsa dilo tse Jehofa a re solofetsang gore di tla direga mo isagweng, jaaka go fedisiwa ga bosula jotlhe le go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise. (2) “Dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” Mo pegong eno, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “pontsho e e bonalang sentle” le kaya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore go na le dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe, jaaka gore Jehofa Modimo, Jesu Keresete le baengele ke dibopiwa tsa mmatota le gore Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong ke puso ya mmatota. (Baheb. 11:3) Re ka bontsha jang gore tumelo ya rona e nonofile le gore re dumela dilo tse di sa bonweng tse go buiwang ka tsone mo Lefokong la Modimo? Re ka bontsha seo ka mafoko le ka ditiro tsa rona ka gonne fa re sa dire jalo tumelo ya rona e tla bo e tlhaela.
(Bahebera 11:6) Mo godimo ga moo, kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.
“Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”
Go tlhokega eng go itumedisa Jehofa? Paulo a re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” Ela tlhoko gore Paulo ga a re go thata go itumedisa Modimo kwantle ga tumelo. Go na le moo, moaposetoloi a re ga go kgonege go dira jalo. Ka mafoko a mangwe, go botlhokwa go nna le tumelo gore re itumedise Modimo.
Ke tumelo e e ntseng jang e e itumedisang Jehofa? Tumelo ya rona e tshwanetse go akaretsa dilo tse pedi. Sa ntlha, re “tshwanetse go dumela gore o gone.” Re ne re ka kgona jang go itumedisa Modimo fa e le gore re belaela gore o teng? Le fa go ntse jalo, tumelo ya mmatota e akaretsa se se fetang seo, ka gonne tota le madimona a dumela gore Jehofa o teng. (Jakobe 2:19) Fa re dumela gore tota Modimo o teng, seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go dira sengwe, se se rayang gore, re tshwanetse go bontsha gore re na le tumelo ka go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo.—Jakobe 2:20, 26.
Sa bobedi, re “tshwanetse go dumela gore” Modimo ke “moduedi.” Motho yo o nang le tumelo ya mmatota o tlhatswegile pelo tota gore maiteko a gagwe a go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo ga se a lefela. (1 Bakorintha 15:58) Re ka itumedisa Jehofa jang fa e le gore re belaela gore o kgona e bile o batla go re duela? (Jakobe 1:17; 1 Petere 5:7) Motho yo o akanyang gore Modimo o tshwanetse a bo a sa kgathale, a sa re anaanele e bile a le pelotshetlha tota ga a itse Modimo yo Baebele e buang ka ene.
Jehofa o duela bomang? Paulo a re: “Ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Buka nngwe e e kwaletsweng baranodi ba Baebele e bolela gore lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “mmatlang ka tlhoafalo” ga le kaye “go ya go batla” go na le moo, le kaya go tla mo Modimong “ka go mo obamela.” Buka e nngwe e tlhalosa lediri leno la Segerika e le tsela e e akantshang maiteko a magolo thata. Ee, Jehofa o duela ba tumelo ya bone e ba tlhotlheletsang go mo obamela ka lorato lo lo tswang pelong le ka tlhoafalo.—Mathaio 22:37.
(Bahebera 11:33-38) Ba ka tumelo ba neng ba fenya magosi mo tlhabanong, ba diragatsa tshiamo, ba amogela ditsholofetso, ba thiba melomo ya ditau, 34 ba itshokela maatla a molelo, ba falola bogale jwa tšhaka, fa ba le bokoa, ba nonotshiwa, ba nna diganka mo ntweng, ba falatsa masole a batswakwa. 35 Basadi ba ne ba amogela baswi ba bone ka tsogo; mme banna ba bangwe ba ne ba tlhokofadiwa ka gonne ba ne ba ka se ka ba amogela kgololo ka thekololo nngwe, gore ba tle ba bone tsogo e e botoka. 36 Ee, ba bangwe ba ne ba amogela go lekwa ka ditshotlo le go kgwathisiwa, eleruri, go feta moo, ka dikgole le dikgolegelo. 37 Ba ne ba kgobotlediwa, ba lekwa, ba fatoganngwa, ba swa ba bolawa ka tšhaka, ba kgarakgatshega ba apere matlalo a dinku, matlalo a dipodi, ba le mo letlhokong, mo pitlaganong, ba tshwerwe setlhogo; 38 mme lefatshe le ne le sa ba tshwanela. Ba ne ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng le mo dikgageng le mo mengobong ya lefatshe.
Nonotsha Tumelo ya Gago Mo go Se o Se Solofetseng
10 Mo go Bahebera kgaolo 11, moaposetoloi Paulo o bua ka diteko tse batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ba sa umakiweng ka maina ba ileng ba lebana le tsone. Ka sekai, o bua ka basadi ba ba nang le tumelo ba ba neng ba tlhokafalelwa ke bana ba bone, le fa go ntse jalo, moragonyana bana bao ba ne ba tsosiwa. Gape o bua ka bangwe ba ba neng ba “se ka ba amogela kgololo ka thekololo nngwe, gore ba tle ba bone tsogo e e botoka.” (Baheb. 11:35) Le fa gone re sa tlhomamisega gore Paulo o ne a bua ka bomang, batho bangwe ba ba jaaka Nabothe le Sekarea, ba ne ba kgobotlediwa ka maje ka gonne ba ne ba ikobela Modimo e bile ba dira thato ya gagwe. (1 Dikg. 21: 3, 15; 2 Ditir. 24:20, 21) Ga go pelaelo gore Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba tla “amogela kgololo” fa ba ne ba ka tlogela go ikanyega. Go na le moo, re ka re tumelo ya bone mo maatleng a Modimo, e ne ya dira gore ba kgone go “tswala molomo wa ditau” le go “itshokela maatla a molelo.”—Baheb. 11:33, 34; Dan. 3:16-18, 20, 28; 6:13, 16, 21-23.
11 Baporofeti ba ba jaaka Mikaia le Jeremia “ba ne ba amogela go lekwa ka ditshotlo . . . le dikgolegelo” ka ntlha ya se ba se dumelang. Ba bangwe, jaaka Elija, “ba ne ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng le mo dikgageng le mo mengobong ya lefatshe.” Ba ne ba kgona go itshoka ka gonne ba ne ba ‘lebeletse ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng.’—Baheb. 11: 1, 36-38; 1 Dikg. 18:13; 22:24-27; Jer. 20:1, 2; 28:10, 11; 32:2.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bahebera 11:4) Ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine, e leng tumelo e go neng ga neelwa bosupi kaga gagwe ka yone gore o ne a siame, Modimo a naya bosupi mabapi le dimpho tsa gagwe; mme le mororo a sule, o sa ntse a bua ka yone.
it-1-E 804 ¶5
Tumelo
Batho ba ba Bogologolo ba ba Neng Ba na Le Tumelo. Batho botlhe ba Paulo a buang ka bone a re ke “leru le legolo . . . la basupi” (Bah 12:1) ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba na le tumelo. Ka sekai, Abele o ne a itse tsholofetso ya Modimo ya gore “losika” lo ne lo tla gobatsa “noga” mo tlhogong. Gape, o ile a bona gore dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a re di tla diragalela batsadi ba gagwe, di ne tsa direga. Ka sekai, fa Jehofa a sena go leleka Adame le Efa kwa tshimong ya Edene ba ne ba tshwanela ke go dira ka natla gore ba nne le dijo ka gonne mmu o ne o hutsitswe e bile o medisa mitlwa le sitlwasitlwane. Go ka direga gore Abele o ile a lemoga gore keletso ya ga Efa e ne le mo go Adame le gore Adame o ne a laola Efa. Gape a ka tswa a ile a utlwa mmaagwe a ngongorega ka ditlhabi tsa pelegi. Mo godimo ga moo, kwa tshimong ya Edene go ne go na le tšhaka ya bogale jo bo tsabakelang e bile go ne go na le ditšheruba tse di neng di disitse gore ope a se ka a tsena mo tshimong. (Ge 3:14-19, 24) Dilo tseno tsotlhe e ne e le “pontsho e e bonalang sentle” e bile di thusitse Abele go tlhatswega pelo gore Jehofa o ne a tla dirisa ‘losika lo lo solofeditsweng’ go golola batho. Ka jalo, e re ka Abele a ne a na le tumelo o ne “a isetsa Modimo setlhabelo” se se botlhokwa thata go gaisa sa ga Kaine.—Bah 11:1, 4.
(Bahebera 11:5) Ka tumelo Enoke o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso, mme o ne a se ka a fitlhelwa gope ka gonne Modimo o ne a mo fudusitse; gonne pele ga go fudusiwa ga gagwe o ne a na le bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.
‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’
Enoke ‘o ne a fudusiwa jang gore a se ka a bona loso’? Go bonala Jehofa a ile a dira gore Enoke a swe a sa utlwa botlhoko. Mme gone, Enoke o ne a na le “bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.” Jang? Gongwe pele Enoke a swa, Modimo o ne a dira gore a bone ponatshegelo ya fa lefatshe le tla bo le fetogile paradaise. Fa Enoke a sena go bona pono eo e e bontshang gore o itumedisitse Jehofa, o ne a swa. Fa Paulo a ne a bua ka Enoke le ka banna le basadi ba ba ikanyegang, o ne a re: “Bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo.” (Bahebera 11:13) Morago ga moo, baba ba ga Enoke ba ka tswa ba ile ba batla setopo sa gagwe mme ga ba a ka ba se ‘fitlhela gope,’ gongwe ka gonne Jehofa o ne a se fitlhile go ba thibela go se dirisa mo kobamelong ya maaka.
Mmalo wa Baebele
(Bahebera 11:1-16) Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe. 2 Gonne ka yone go ne ga newa bosupi ka banna ba bogologolo. 3 Ka tumelo re lemoga gore ditsamaiso tsa dilo di ne tsa rulaganngwa ka lefoko la Modimo, mo e leng gore se se bonwang se nnile gone ka dilo tse di sa bonaleng. 4 Ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine, e leng tumelo e go neng ga neelwa bosupi kaga gagwe ka yone gore o ne a siame, Modimo a naya bosupi mabapi le dimpho tsa gagwe; mme le mororo a sule, o sa ntse a bua ka yone. 5 Ka tumelo Enoke o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso, mme o ne a se ka a fitlhelwa gope ka gonne Modimo o ne a mo fudusitse; gonne pele ga go fudusiwa ga gagwe o ne a na le bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle. 6 Mo godimo ga moo, kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo. 7 Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe; mme ka tumelo eno o ne a bontsha fa lefatshe le le molato, mme a nna moruaboswa wa tshiamo e e leng kafa tumelong. 8 Ka tumelo Aborahame, e rile a bidiwa, a utlwa ka go tswa a ya mo lefelong le a neng a laoletswe go le amogela e le boswa; mme o ne a tswa, le mororo a ne a sa itse kwa a yang gone. 9 Ka tumelo o ne a aga e le moeng mo lefatsheng la tsholofetso jaaka mo lefatsheng la seeng, a ba a nna mo megopeng le Isake le Jakobe, baruaboswa le ene ba yone tsholofetso eo. 10 Gonne o ne a letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo. 11 Ka tumelo Sara le ene ka boene o ne a amogela maatla a go ithwala peo, le eleng fa a ne a fetile dingwaga tse di lekanyeditsweng, e re ka a ne a tsaya yo o neng a mo solofeditse a ikanyega. 12 Ka gone le ka monna a le mongwe, mme ene go tshwana le fa a sule, go ne ga tsalwa bana ba le bantsi fela jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka moshawa o o fa thoko ga lewatle, ba sa balege. 13 Bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela mme ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo. 14 Gonne ba ba buang dilo tse di ntseng jalo ba naya bosupi jwa gore ba batla lefelo le e leng la bone ka tlhoafalo. 15 Mme le fa go ntse jalo, fa e le gore ba ne ba nna ba gakologelwa lefelo le ba neng ba dule mo go lone, ba ka bo ba ile ba nna le sebaka sa go boa. 16 Mme jaanong ba gagamalela lefelo le le botoka, ke gore, la legodimo. Ka jalo Modimo ga a ba tlhabelwe ke ditlhong, gore a bidiwe Modimo wa bone, gonne o ba baakanyeditse motse.
SEPTEMBER 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAHEBERA 12-13
“Bosupi Jwa Gore Jehofa O a Re Rata”
(Bahebera 12:5) Mme lo lebetse gotlhelele thotloetso e e lo bitsang bana: “Morwaaka, o se ka wa nyenyefatsa kotlhao e e tswang kwa go Jehofa, le gone o se ka wa felelwa ke thata fa a go kgalemela;
O se Ka wa Leba Kwa “Dilong Tse di Kwa Morago”
18 Kgakololo e e go utlwisitseng botlhoko. Go tweng fa e le gore re raelesega go leba kwa morago re gopola kgakololo nngwe e re e neilweng? Seno se ka nna sa se ka sa nna botlhoko fela, gape se ka re kgoba marapo—se dira gore re “felelwe ke thata.” (Baheb. 12:5) Go sa kgathalesege gore re “nyenyefatsa” kgakololo ka gonne re sa batle go e amogela kgotsa re “felelwa ke thata” ka gonne re e amogela mme go tswa foo re bo re sa e dirise, diphelelo di a tshwana—tota ga re letle gore kgakololo e re solegele molemo e bo e re lolamise. Ruri go molemo go reetsa mafoko ano a ga Solomone: “Tshwara kotlhao; o se ka wa e tlogela. E dibele, gonne ke yone botshelo jwa gago.” (Dia. 4:13) Fela jaaka mokgweetsi yo o ikobelang matshwao a tsela, a re amogeleng kgakololo, re e dirise, mme re tswelele ka botshelo.—Dia. 4:26, 27; bala Bahebera 12:12, 13.
(Bahebera 12:6, 7) Gonne yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya; tota e bile, o kgwathisa mongwe le mongwe yo a mo amogelang jaaka morwa.” 7 Lo itshoka ka ntlha ya kwatlhao. Modimo o dirisana le lona jaaka a dirisana le bana ba gagwe. Gonne ke morwa ofe yo rraagwe a sa mo otlhayeng?
“Le fa E le Leng Fela fa lo Rapela, lo re, ‘Rara’”
Rre yo o lorato o otlhaya bana ba gagwe ka gonne a amega ka gore e tla nna batho ba ba ntseng jang. (Baefeso 6:4) Rre yo o ntseng jalo a ka tswa a nitame mme le ka motlha a ka se ka a otlhaya bana ba gagwe ka tsela e e setlhogo. Ka tsela e e tshwanang, ka dinako dingwe Rraarona yo o kwa legodimong a ka bona go tlhokega gore a re otlhaye. Mme ka metlha Modimo o re otlhaya ka tsela e e lorato e seng e e setlhogo. Jaaka Rraagwe, le ka motlha Jesu ga a ise a ko a nne setlhogo, le e leng fa barutwa ba gagwe ba ne ba sa tsiboge ka bonako fa ba ne ba tlhoka go kgalemelwa.—Mathaio 20:20-28; Luke 22:24-30.
(Bahebera 12:11) Ke boammaaruri, ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.
‘Reetsa Kotlhao Mme o Tlhalefe’
18 Le fa gone go otlhaiwa go le botlhoko, ditlamorago tsa go gana kotlhao ya Modimo di botlhoko thata go feta kotlhao. (Baheb. 12:11) Akanya ka dikai tse pedi, sa ga Kaine le sa ga Kgosi Sedekia. Fa Kaine a ne a simolola go tlhoa Abele, Modimo o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o tuka bogale e bile ke ka ntlha yang fa sefatlhego sa gago se tlhontse? Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa? Mme fa o sa dire molemo, go na le boleo jo bo bobileng fa kgorong, e bile bo a go eletsa; mme wena, a o tla bo fenya?” (Gen. 4: 6, 7) Kaine ga a ka a reetsa. O ne a feleletsa a bolaile Abele. Ruri Kaine o ipaketse mathata le kutlobotlhoko e e sa tlhokegeng! (Gen. 4:11, 12) Fa a ka bo a amogetse kotlhao ya Modimo, e ka bo e sa nna botlhoko thata jaaka mathata a a ileng a lebana le one.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bahebera 12:1) Ka jalo ka gonne re na le leru le legolo jaana la basupi le le re dikanyeditseng, a le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele,
Sianang Lobelo ka Boitshoko
11 ‘Leru le legolo la basupi’ e ne e se fela babogedi ba ba neng ba tlile go bogela lobelo kgotsa ba ba tlileng fela go bona motabogi yo ba mo ratang kgotsa setlhopha se ba se ratang se fenya. Go na le moo, batlhanka bao ba ne ba tshwana le batabogi ba ba mo lobelong. Mme ba ne ba taboga lobelo loo ka katlego ba bo ba le wetsa. Le fa gone jaanong ba sule, re ka akanya ka bone jaaka batabogi ba ba nang le maitemogelo ba ba ka kgothatsang batabogi ba basha ba ba mo lobelong. Akanya gore motabogi o tla ikutlwa jang fa a itse gore batho ba ba mo dikologileng kgotsa ba ba mo lebileng e ne e le bangwe ba batabogi ba ba atlegileng thata. A o ne a ka se tlhotlheletsege go ntsha ga tshwene? Basupi bao ba bogologolo ba ka re tlhomamisetsa gore le fa lobelo loo lwa tshwantshetso lo ka tswa lo le boima jang, re ka lo fenya. Ka jalo, fa Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna ba akantse ka sekao sa ‘leru la basupi,’ ba ne ba ka nna pelokgale mme ba ‘taboga lobelo ka boitshoko’—jaaka le rona re ka dira jalo gompieno.
(Bahebera 13:9) Lo se ka lwa gapiwa ke dithuto tse di farologaneng le tse di sa tlwaelegang; gonne go molemo gore pelo e nitamisiwe ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, e seng ka dilo tse di jewang, tse ba ba tshwaregang ka tsone ba sa sologelwang ke molemo ope.
Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
10 Ka jalo Bahebera ba ne ba tshwanetse ba tila gore ba seka ba “ucwiwa dipelo ke dithutō diñwe le diñwe le tsa seeñ” tsa Sejuda. (Bagalatia 5:1-6) Ga se ka dithuto tsa go nna jalo mme ke ka ‘tshegofatso ya Modimo pelo e ka tlhomamisiwang’ gore e nne e tlhomame mo boammaaruring. Go bonala bangwe ba ne ba tsosa kgang ka dijo le ditlhabelo, ka gonne Paulo o ne a bolela gore pelo ga e tlhomamisiwe “ka diyō, tse e rileñ batho ba itapisa ka cōna, ba se ka ba bōna thushō mo go cōna.” Melemo e e bonwang mo dilong tsa semoya e nna gone ka ntlha ya poifo-modimo le go anaanela thekololo, eseng ka ntlha ya go amega ka tsela e e sa tshwanelang kaga go ja dijo dingwe le go tlhokomela malatsi mangwe. (Baroma 14:5-9) Mo godimo ga moo, setlhabelo sa ga Keresete se ne sa dira gore setlhabelo sa Balefi se seka sa tlhola se dira.—Bahebera 9:9-14; 10:5-10.
Mmalo wa Baebele
(Bahebera 12:1-17) Ka jalo ka gonne re na le leru le legolo jaana la basupi le le re dikanyeditseng, a le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, 2 jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu. Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo. 3 Eleruri, akanyang ka kelotlhoko ka ga yo o itshoketseng puo e e ntseng jalo ya kganetso ya baleofi kgatlhanong le melemo ya bone, gore lo se ka lwa lapa le meya ya lona ya felelwa ke thata. 4 Mo go tsweleleng lo lwantshana le boleo joo, le ka motlha ga lo ise lo bo lo emelelane le jone go fitlha mading, 5 mme lo lebetse gotlhelele thotloetso e e lo bitsang bana: “Morwaaka, o se ka wa nyenyefatsa kotlhao e e tswang kwa go Jehofa, le gone o se ka wa felelwa ke thata fa a go kgalemela; 6 gonne yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya; tota e bile, o kgwathisa mongwe le mongwe yo a mo amogelang jaaka morwa.” 7 Lo itshoka ka ntlha ya kwatlhao. Modimo o dirisana le lona jaaka a dirisana le bana ba gagwe. Gonne ke morwa ofe yo rraagwe a sa mo otlhayeng? 8 Mme fa lo se na kwatlhao e botlhe jaanong ba nang le seabe mo go yone, tota lo bana ba dikgora, mme ga lo bana ba gagwe. 9 Mo godimo ga moo, re ne re na le borraarona ba e neng e le ba senama jaaka rona gore ba re otlhae, e bile re ne re ba tlotla. A bogolo jang ga re na go nna mo taolong ya ga Rara wa botshelo jwa rona jwa semoya mme re tshele? 10 Gonne ba ne ba tle ba re otlhae ka malatsi a se kae go ya ka se se neng se bonala se le molemo mo go bone, mme ene o dira jalo gore re solegelwe molemo gore re tle re nne le seabe mo boitshepong jwa gagwe. 11 Ke boammaaruri, ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo. 12 Ka gone tlhamalatsang diatla tse di lepeletseng le mangole a a koafaditsweng, 13 mme nnang lo direle dinao tsa lona ditselana tse di tlhamaletseng, gore se se tlhotsang se se ka sa tlosiwa mo lelokololong, mme go na le moo gore se fodisiwe. 14 Latelelang go nna le kagiso le batho botlhe, le boitshepiso jo kwantle ga jone go seng motho ope yo o tla bonang Morena, 15 lo disitse ka kelotlhoko gore ope a se ka a amogiwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo; gore go tle go se nne modi ope o o nang le botlhole o o ka melang mme wa baka letshwenyo le gore ba le bantsi ba se ka ba leswafadiwa ke one; 16 gore go tle go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela. 17 Gonne lo a itse gore morago ga moo gape, e rile a batla go rua tshegofatso eo o ne a ganwa, gonne, le mororo a ne a batla ka tlhoafalo go fetola mogopolo ka dikeledi, o ne a se ka a go bonela sebaka.
SEPTEMBER 30–OCTOBER 6
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JAKOBE 1–2
“Se se Dirang Gore re Dire Boleo Re bo Re Swe”
(Jakobe 1:14) Mme mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.
Go Raelesega
Go raelwa ke fa o gogelwa ke sengwe—segolobogolo fa selo seo se sa siama. Ka sekai, fa o le kwa dishopong o bona sengwe se se kgatlhang. O simolola go akanya gore o ka kgona go utswa selo seo o bo o sa tshwarwe. Mme gone segakolodi sa gago se a gana! Ka jalo, o tlogela go akanya jalo o bo o tsamaya. Ka nako eo o fentse thaelo.
SE BAEBELE E SE BUANG
Fa o raelwa, ga go reye gore o motho yo o sa siamang. Baebele ya re rotlhe re a raelwa. (1 Bakorintha 10:13) Sa botlhokwa ke gore re dira eng fa re raelwa. Bangwe ba nna ba akantse ka dilo tse di sa siamang mme go ise go ye kae ba a di dira. Ba bangwe ba tlogela go akanya ka tsone ka yone nako eo.
“Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.”—Jakobe 1:14.
(Jakobe 1:15) Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.
Go Raelesega
Baebele e tlhalosa gore ke eng se se ka dirang gore o raelesege. Jakobe 1:15 ya re: “Keletso [e e sa siamang], fa e sena go emera, e tshola boleo.” Tota re ka re, fa re nna re akanya ka dilo tse di sa siamang, go nna motlhofo gore re di dire. Mme gone, re ka kgona go tlogela go akanya thata ka dilo tse di sa siamang. Re ka kgona go laola dikeletso tseo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Jakobe 1:17) Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo, mme mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.
it-2-E 253-254
Lesedi
Jehofa ke “Rara wa masedi a selegodimo.” (Jak 1:17) Ke ene “Monei wa letsatsi gore go nne lesedi motshegare, melao ya ngwedi le dinaledi gore go nne lesedi bosigo” (Jer 31:35) mo godimo ga moo, ke ene a re nayang lesedi gore re kgone go tlhaloganya Baebele. (2Bak 4:6) Molao wa gagwe, ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le lefoko la gagwe di thusa botlhe ba itetlang go kaelwa ke tsone. (Pes 43:3; 119:105; Dia 6:23; Isa 51:4) Mopesalema o ne a re: “Re kgona go bona lesedi ka lesedi le le tswang mo go wena.” (Pes 36:9; bapisa le Pes 27:1; 43:3) Fela jaaka lesedi la letsatsi le tswelela le ntse le phatsima go tloga mo mosong go fitlha ‘motshegare o mogolo’, ka tsela e e tshwanang, tsela ya motho yo o tshelang ka melao ya Modimo le yone e tswelela e ntse e phatsima. (Dia 4:18) Fa re ikobela melao ya Jehofa re tsamaya mo leseding lwa gagwe mme gone fa motho a sa dire dilo ka tsela e Jehofa Modimo a reng re dire dilo ka yone, o mo lefifing. Jesu o ne a re: “Fa leitlho la gago le le boikepo, mmele otlhe wa gago o tla nna lefifi. Fa totatota lesedi le le leng mo go wena e le lefifi, a bo lefifi leo le le legolo jang ne!”—Mat 6:23; bapisa le Dut 15:9; 28:54-57; Dia 28:22; 2Pe 2:14.
(Jakobe 2:8) Fa, jaanong, lo tlwaetse go diragatsa molao wa segosi go ya ka lokwalo, e leng: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata,” lo dira sentle tota.
it-2-E 222 ¶4
Molao
“Molao wa Segosi” “Molao wa segosi” o botlhokwa fela thata go feta melao epe fela e kgosi e ka e tlhomelang batho ba yone. (Jak 2:8) Kgolagano ya Molao e ne e theilwe mo loratong mme molao wa segosi o reng “o rate moagelani wa gago jaaka o ithata” e ne e le molao wa bobedi, mme sengwe le sengwe se se neng se buiwa ke Molao le Baporofeti, se ne se tswa mo go one molao oo. (Mat 22:37-40) Le fa gone Bakeresete ba sa ikobele kgolagano ya Molao ba tshwanetse go ikobela molao wa ga Jehofa le wa Morwawe, Kgosi Jesu Keresete o o theilweng mo kgolaganong e ntšha.
Mmalo wa Baebele
(Jakobe 2:10-26) Gonne le fa e le mang yo o bolokang Molao otlhe mme a tsaya kgato e e phoso mo ntlheng e le nngwe, o fetogile motlodi wa tsone tsotlhe. 11 Gonne yo o neng a re: “O se ka wa dira boaka,” gape o ne a re: “O se ka wa bolaya motho.” Fa, jaanong, o sa dire boaka mme ruri o bolaya motho, o fetogile motlodi wa molao. 12 Nnang lo bue lo bo lo dire ka tsela e e tshwanang le e ba ba tlileng go atlholwa ka molao wa batho ba ba gololesegileng ba dirang ka yone. 13 Gonne yo o sa bontsheng kutlwelobotlhoko o tla bona katlholo ya gagwe kwantle ga kutlwelobotlhoko. Kutlwelobotlhoko e itumela ka phenyo e itumelela katlholo. 14 Go na le mosola wa eng, bakaulengwe ba me, fa mongwe a re o na le tumelo mme a se na ditiro? Tumelo eo ga e ka ke ya mmoloka, ga ke re? 15 Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo, 16 le fa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,” mme lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele wa bone, go na le mosola wa eng? 17 Ka gone, le tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule. 18 Le fa go ntse jalo, mongwe o tla re: “O na le tumelo, mme nna ke na le ditiro. Mpontshe tumelo ya gago kwantle ga ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.” 19 O dumela gore go na le Modimo a le mongwe, ga ke re? O dira sentle tota. Mme le fa go ntse jalo madimona a a dumela mme a rorome. 20 E bile a o kgathalela go itse, motho ke wena yo o lolea, gore tumelo kwantle ga ditiro ga e dire? 21 A Aborahame rraarona ga a a bolelwa a siame ka ditiro fa a sena go isa Isake morwawe tshupelo mo godimo ga sebeso? 22 O a bona gore tumelo ya gagwe e ne e dira mmogo le ditiro tsa gagwe mme ka ditiro tsa gagwe tumelo ya gagwe e ne ya itekanedisiwa, 23 mme lokwalo lo ne lwa diragadiwa lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene,” a ba a simolola go bidiwa “tsala ya ga Jehofa.” 24 Lo a bona gore motho ruri o tla bolelwa a siame ka ditiro, mme e seng ka tumelo e le yosi. 25 Ka one mokgwa oo a Rahabe wa seaka le ene ga a a bolelwa a siame ka ditiro, fa a sena go amogela barongwa ka tsholo e ntle le go ba ntshetsa kwa ntle ka tsela e nngwe? 26 Ruri, jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.