MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 9-11
‘Lefatshe Lotlhe Le ne La Tswelela Le na Le Puo e le Nngwe Fela’
Kwa Babele, Jehofa o ne a gasamisa batho ba ba neng ba sa mo ikobele mme o ile a dira jalo ka go tlhakatlhakanya puo ya bone. Gompieno o phutha boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe le mo ditemeng tsotlhe a bo a ba naya ‘puo e e itshekileng’ gore ba “bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” (Sefa 3:9; Tsh 7:9) ‘Puo eno e e itshekileng’ ke boammaaruri jo bo mo Baebeleng jo bo buang ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe.
Go ithuta puo e nngwe ga go akaretse fela go tshwara mafoko a masha ka tlhogo. Go tlhoka gore motho a ithute tsela e ntšha ya go akanya. Ka tsela e e tshwanang, fa re ntse re ithuta puo e e itshekileng ya boammaaruri, megopolo ya rona e a fetoga. (Bar 12:2) Fa re tswelela re dira jalo, seno se tla re thusa gore re nne seoposengwe.—1Bak 1:10.