THUTO 10
Fetofetola Modumo wa Lentswe
Diane 8:4, 7
KGANGKGOLO: Bua dintlha tsa gago ka tsela e e utlwalang mme o ame maikutlo a bareetsi ka go fetola modumo le segalo sa lentswe le lobelo lo o buang ka lone.
KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:
Fetola modumo wa lentswe. Tlhatlosa lentswe gore o gatelele dintlha tsa botlhokwa le go tlhotlheletsa bareetsi. Dira jalo le fa o bala ditemana tse di buang ka molaetsa wa katlholo. Diga lentswe go dira gore bareetsi ba eletse go utlwa mo go oketsegileng, go bontsha letshogo kgotsa go tlhobaela.
Fetola segalo sa lentswe. Fa e le gore go tlwaelegile mo puong ya lona, tlhatlosa segalo sa lentswe go bontsha matlhagatlhaga kgotsa fa o tlhalosa selekanyo kgotsa sekgala. Fokotsa segalo sa lentswe go bontsha go hutsafala kgotsa go tlhobaela.
Fetola lobelo. Bua ka bonako go bontsha boitumelo. Fokotsa lobelo fa o bua dintlha tsa botlhokwa.