LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr22 September ts. 1-11
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—(2022)
  • Ditlhogwana
  • SEPTEMBER 5-11
  • SEPTEMBER 12-18
  • SEPTEMBER 19-25
  • SEPTEMBER 26–OCTOBER 2
  • w17.03 19 ¶7
  • OCTOBER 3-9
  • OCTOBER 10-16
  • OCTOBER 17-23
  • OCTOBER 24-30
  • OCTOBER 31–NOVEMBER 6
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—(2022)
mwbr22 September ts. 1-11

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi

SEPTEMBER 5-11

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 9-10

“Baka Jehofa ka Ntlha ya Botlhale Jwa Gagwe”

w99 7/1 30 ¶6

Ketelo e e Nnileng le Maduo a Magolo

Fa mohumagadi a kopana le Solomone o ne a simolola go mo leka ka “dipotso tse di thata.” (1 Dikgosi 10:1) Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le ka ranolwa ka go re “malepa.” Mme seno ga se bolele gore mohumagadi o ne a tshamekisa Solomone ka dilo tse e seng tsa sepe. Se se itumedisang ke gore mo go Pesalema 49:4, lefoko la Sehebera le le tshwanang le leo, le dirisitswe go tlhalosa dipotso tse di masisi malebana le boleo, loso le thekololo. Gongwe mohumagadi wa Sheba o ne a bua dikgang tse di boteng le Solomone tse di neng di leka botlhale jwa gagwe thata. Baebele e bolela gore o ne “a bua nae ka ga dilo tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe.” Solomone le ene “a mmolelela dipotso tsotlhe tsa gagwe, go sa fitlhega sepe mo kgosing se o se kang a se mmolelela.”—1 Dikgosi 10:2b, 3.

w99 11/1 20 ¶6

Fa Bopelotshweu bo le Bogolo

E re ka kgosigadi e ne e gakgametse ka se e neng e se utlwa le go se bona, e ne ya araba jaana ka boikokobetso: “Go sego batlhanka ba ba gago ba ba tlholang ba eme fa pele ga gago, ba utlwa botlhale jwa gago.” (1 Dikgosi 10:4-8) O ne a sa bolele gore batlhanka ba ga Solomone ba sego ka go bo ba potapotilwe ke dikhumo—le mororo go ne go ntse jalo. Go na le moo, batlhanka ba ga Solomone ba ne ba segofetse ka go bo ba ne ba tlhola ba reetsa botlhale jwa ga Solomone jo a bo filweng ke Modimo. A bo kgosigadi ya Sheba e le sekao se se molemo jang ne mo bathong ba ga Jehofa gompieno, ba ba itumelelang botlhale jwa Mmopi ka boene le jwa Morwawe, Jesu Keresete!

w99 7/1 30-31

Ketelo e e Nnileng le Maduo a Magolo

Mohumagadi wa Sheba o ne a kgatlhiwa ke botlhale jwa ga Solomone le go atlega ga bogosi jwa gagwe mo go neng go “sa tlhole go le mowa ope mo go ene.” (1 Dikgosi 10:4, 5) Batho bangwe ba re mafoko ano a bolela gore o ne a “tlalalane.” Mokanoki mongwe o ile a ba a akantsha gore o ne a idibala! E ka ne go diragetseng eng, mohumagadi o ne a gakgamaditswe ke se a se boneng le go se utlwa. O ne a bolela gore batlhanka ba ga Solomone ba lesego ka gonne ba kgona go utlwa botlhale jono jwa kgosi, mme o ne a baka Jehofa go bo a ile a tlhoma Solomone mo setulong sa bogosi. Morago ga moo o ne a neela kgosi dimpho tse di turang thata, gouta e le nosi fela e ne e ja madi a a kana ka diranta di le 247 600 000, go ya ka ditlhwatlhwa tsa gompieno. Solomone le ene o ne a ntsha dimpho, o ne a neela mohumagadi “keletso yotlhe ya gagwe, sengwe le sengwe se o ne a se lopa.”—1 Dikgosi 10:6-13.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w08 11/1 22 ¶4-6

A o Ne o Itse?

Kgosi Solomone o ne a na le gouta e kana kang?

Baebele ya re Hirame, kgosi ya Ture, o ne a romelela Solomone ditone di le nnè tsa gouta, kgosigadi ya Sheba e ne ya mo naya ditone tse di lekanang le tseo, mme dikepe di le dintsi tsa ga Solomone di ne tsa tlisa ditone tsa gouta di feta 15 go tswa kwa Ofire. Pego ya re, “selekanyo sa bokete jwa gouta e e neng ya tla kwa go Solomone mo ngwageng o le mongwe se ne se fitlha go ditalenta tsa gouta di le makgolo a le marataro le masome a marataro le borataro” kgotsa ditone di feta 25. (1 Dikgosi 9:14, 28; 10:10, 14) A seno se ka kgonega? Ka nako eo go ne go na le gouta e kana kang?

Mokwalo wa bogologolo o o gabilweng o bakanoki ba reng o bua boammaaruri o bolela gore Pharaoh Thutmose III wa kwa Egepeto (wa mileniamo wa bobedi B.C.E.) o ne a ntshetsa tempele ya Amun-Ra e e kwa Karnak ditone di ka nna 13.5 tsa gouta. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Kgosi ya Asiria e bong Tiglath-pileser III o ne a amogela ditone di feta 4 tsa gouta e le sehuba go tswa kwa Ture, mme Sargon II o ne a ntshetsa medimo ya Babelona ditone tse di lekanang le tseo tsa gouta e le mpho. Go begwa gore Kgosi ya kwa Makedonia e bong Philip II (359-336 B.C.E.) o ne a ntsha ditone di feta 28 tsa gouta ngwaga le ngwaga kwa meepong ya Pangaeum kwa Thrace.

Fa morwa wa ga Philip e bong Alexander yo Mogolo (336-323 B.C.E.) a ne a thopa motse wa Peresia wa Susa, go bolelwa gore o ne a tsaya ditone di ka nna 1 180 tsa gouta mo motseng oo le ditone di ka nna 7 000 tsa gouta mo Peresia yotlhe. Ka jalo, fa Baebele e bapisiwa le dipego tseno ga e feteletse dilo fa e bua ka gouta e Solomone a neng a na le yone.

SEPTEMBER 12-18

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 11-12

“Tlhopha Motho Yo o Ka Nyalanang le Ene ka Botlhale”

w18.07 18 ¶7

“Ke Mang yo o Kafa Letlhakoreng la ga Jehofa?”

7 Re ka ithuta go le gontsi mo sekaing sa ga Kgosi Solomone. Fa a le mosha, o ne a batla kaelo ya ga Jehofa. Modimo o ne a dira gore a nne botlhale tota mme a mo naya kabelo ya go aga tempele e e ntle ya kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, botsala jwa ga Solomone le Jehofa bo ne jwa fela. (1 Dikg. 3:12; 11:1, 2) Molao wa Modimo o ne o tlhalosa ka tlhamalalo gore kgosi ya Mohebera ga e a tshwanela go “ikokeletsa basadi, gore pelo ya [yone] e se ka ya fapoga.” (Dute. 17:17) Solomone ga a ka a ikobela taelo eo mme kgabagare o ne a nyala basadi ba le 700. Mo godimo ga moo, o ne a nna le bagadingwana ba le 300. (1 Dikg. 11:3) Bontsi jwa basadi ba gagwe e ne e se Baiseraele e bile ba ne ba obamela medimo ya maaka. Solomone o ne a tlola molao wa Modimo o o neng o tlhalosa gore Baiseraele ga ba a tshwanela go nyala basadi ba ditšhaba tse dingwe.—Dute. 7:3, 4.

w19.01 15 ¶6

O ka Disa Pelo ya Gago Jang?

6 Satane o batla gore re tshwane le ene mme re itlhokomolose melao ya ga Jehofa le go dira dilo ka ntlha ya bopelotshetlha. Satane a ka se re pateletse gore re akanye le go dira dilo ka tsela e ene a di dirang ka yone. Ka jalo, o dirisa ditsela tse dingwe go re faposa. Ka sekai, o dirile gore go nne le batho ba bantsi ba ba tshwanang le ene. (1 Joh. 5:19) O dirile jalo ka boikaelelo jwa gore re fetse nako e ntsi le batho bao mme gone re ntse re itse gore go itsalanya le batho ba ba bosula go senya dilo tse dintle tse re di akanyang le tse re di dirang. (1 Bakor. 15:33) Leano leo la gagwe le ile la bereka mo go Kgosi Solomone. Solomone o ile a nyala basadi ba bantsi ba ba neng ba sa direle Modimo mme ba ile ba “faposa pelo ya gagwe ka iketlo.”—1 Dikg. 11:3.

w18.07 19 ¶9

“Ke Mang yo o Kafa Letlhakoreng la ga Jehofa?”

9 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a nke a itlhokomolosa dilo tse di bosula. Baebele ya re: “Jehofa o ne a tukela Solomone bogale, ka gonne pelo ya gagwe e ne e fapogetse kgakala le Jehofa . . . , yo o neng a bonetse mo go ene gabedi. Mme o ne a mo laela malebana le selo seno gore a se ka a sala medimo e sele morago; mme a se ka a boloka seo Jehofa a neng a se laetse.” Ka ntlha ya seo, Modimo ga a ka a tlhola a mo amogela le go mo ema nokeng. Bomorwa Solomone ga ba a ka ba busa setšhaba sotlhe sa Iseraele e bile ba ile ba lebana le mathata a le mantsi.—1 Dikg. 11:9-13.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w18.06 14 ¶1-4

A ka Bo a Ile a Amogelwa ke Modimo

Rehoboame o ile a phutha masole a gagwe gore ba ye go lwa le bogosi jo bo kwa bokone. Mme Jehofa o ile a laela moporofeti Shemaia gore a ye go raya Rehoboame a re: “Lo se ka lwa tlhatloga lwa ya go tlhabana le bomorwarraalona bomorwa Iseraele. A mongwe le mongwe wa lona a boele kwa ntlong ya gagwe, gonne selo seno se diregile ka go rata ga me.”—1 Dikg. 12:21-24.

O akanya gore Rehoboame o ile a ikutlwa jang fa Modimo a ne a mo laela gore a se ka ya go lwa? Batho ba ne ba tla reng ka kgosi e e solofetsang batho ba ba tlhanogelang bogosi jwa yone gore e tla ba itaya ka “dime tse di nang le mafuto,” mme go tswa foo e bo e sa dire sepe ka gone? (Bapisa 2 Ditiragalo 13:7.) Le fa go ntse jalo, kgosi le masole a yone ba ile ba “utlwa lefoko la ga Jehofa, mme ba boela gae” fela jaaka Jehofa a ne a ba laetse.

Re ithuta eng? Re tshwanetse go reetsa Modimo le fa batho ba ka re ja ditshego. Fa re reetsa Modimo, o tla re amogela a bo a re segofatsa.—Dute. 28:2.

Rehoboame o ile a dirang? Go na le gore a ye go lwa le setšhaba seo se sesha, o ile a aga metse mo bogosing jo a neng a sa ntse a bo busa jwa Juda le Benjamine. Gape o ile a nonotsha metse e mentsi “fela thata.” (2 Ditir. 11:5-12) Mme sa botlhokwa le go feta, o ile a ikobela melao ya ga Jehofa ka nakwana. Le fa batho ba bogosi jo bo kwa bokone ba ne ba obamela medimo ya maaka, go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba ya kwa Jerusalema go ya go obamela Modimo. (2 Ditir. 11:16, 17) Ka jalo, bogosi jwa ga Rehoboame bo ile jwa atlega ka gonne a ile a reetsa Modimo.

SEPTEMBER 19-25

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 13-14

“Goreng re Tshwanetse go Nna Tekatekano le go Kgotsofalela se re Nang le Sone?”

w08 8/15 8 ¶4

Nnang lo Ikanyega ka Pelo e e Kitlaneng

4 Go tswa foo Jeroboame o raya monna wa Modimo wa boammaaruri a re: “Tla le nna kwa ntlong o tseye dijo, mme ke go neye mpho.” (1 Dikg. 13:7) Jaanong moporofeti o tla dira eng? A ke a amogele bopelotshweu jwa kgosi a sena go e tlisetsa molaetsa wa katlholo? (Pes. 119:113) Kgotsa a ke a gane taletso ya kgosi, le fa kgosi e lebega e ikwatlhaya? Ruri Jeroboame a ka kgona go naya ditsala tsa gagwe dimpho tse di turang. Fa e le gore moporofeti wa Modimo o ntse a rata dithoto mo sephiring, mafoko a kgosi a ka nna thaelo e kgolo tota mo go ene. Le fa go ntse jalo, Jehofa o laetse moporofeti jaana: “O se ka wa ja senkgwe kgotsa wa nwa metsi, gape o se ka wa boa ka tsela e o tsamaileng ka yone.” Ka jalo moporofeti o araba jaana a sa potapote: “Fa o ne o ka nnaya sephatlo sa ntlo ya gago ke ne ke se kitla ke tla le wena le go ja senkgwe kgotsa go nwa metsi mo lefelong leno.” Go tswa foo moporofeti o tsaya tsela e sele go tswa mo Bethele. (1 Dikg. 13:8-10) Tshwetso e e tserweng ke moporofeti e re ruta eng ka go ikanyega ka pelo yotlhe?—Bar. 15:4.

w08 8/15 11 ¶15

Nnang lo Ikanyega ka Pelo e e Kitlaneng

15 Re ka ithuta eng gape mo phosong e e dirilweng ke moporofeti wa kwa Juda? Diane 3:5 ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” Mo boemong jwa gore moporofeti wa kwa Juda a tswelele pele a ikanya Jehofa jaaka a ne a dirile mo nakong e e fetileng, mo lekgetlhong leno o ne a ikanya tsela e ene a lebang dilo ka yone. Phoso ya gagwe e ne ya felela ka gore a swe mme a latlhegelwe ke leina le le molemo le a neng a na le lone le Modimo. Ruri se se mo diragaletseng se gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng go direla Jehofa ka boingotlo le ka boikanyegi!

w08 8/15 9 ¶10

Nnang lo Ikanyega ka Pelo e e Kitlaneng

10 Moporofeti wa kwa Juda o tshwanetse a ka bo a ile a kgona go bona gore moporofeti yo o tsofetseng o ne a dira leano la go mo tsietsa. O ka bo a ile a ipotsa a re, ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ka romela moengele yo o tshotseng ditaelo tse dingwe tse di tlang mo go nna mme a mo romela kwa mothong o sele?’ Moporofeti o ka bo a ile a kopa Jehofa gore a tlhalose ditaelo tseo, mme Dikwalo ga di bontshe gore o ne a dira jalo. Go na le moo, o ne “a boela morago le [monnamogolo] gore a tle a je senkgwe mo ntlong ya gagwe le go nwa metsi.” Jehofa ga a ka a itumelela seo. Fa kwa bofelong moporofeti yo o tsieditsweng a tswelela ka mosepele wa go boela Juda, o ne a kopana le tau mme ya mmolaya. A bo tiro ya monna yono ya go nna moporofeti e ne ya fela botlhoko jang ne!—1 Dikg. 13:19-25.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w10 7/1 29 ¶5

O Leba se se Molemo mo Bathong

Sa botlhokwa le go feta, mafoko a a mo go 1 Dikgosi 14:13 a re ruta sengwe se se kgatlhang ka ga Jehofa le ka se a se lebang mo go rona. Gakologelwa gore go ne ga ‘fitlhelwa’ sengwe se se molemo mo go Abija. Go lebega Jehofa a ile a hukutsa pelo ya ga Abija go fitlha a bona sengwe se se molemo. Jaaka mokwadi mongwe a ne a tlhalosa, go farologana le lelapa la gaabo, Abija e ne e le perela “mo gare ga mokoa wa matlapana.” Jehofa o ne a anaanela se se molemo se a neng a se dira le go mo segofatsa a bo a bontsha bopelotlhomogi mo lelokong leno le le lengwe la lelapa leo le le bosula.

SEPTEMBER 26–OCTOBER 2

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 15-16

“A o Pelokgale Jaaka Asa?”

w12 8/15 8 ¶4

“Tiro ya Lona E na Le Maduo”

Mo dingwageng di le 20 tse Iseraele e neng e arogane go nna magosi a mabedi ka tsone, Juda e ne e leswafaditswe ke ditiro tsa boheitane. Fa Asa a nna kgosi ka 977 B.C.E., tota le ntlo ya segosi e ne e leswafaditswe ke medimo ya Bakanana ya tsalo. Mme ditiragalo tse di tlhotlheleditsweng tsa puso ya ga Asa di bua gore, “a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe.” Asa o ne “a tlosa dibeso tsa seeng le mafelo a a kwa godimo a ba a thuba dipilara tse di boitshepo a ba a rema dikota tse di boitshepo.” (2 Ditir. 14:2, 3) Gape Asa o ne a leleka “diaka tse di ithekisang tsa banna” mo bogosing jwa Juda, tse di neng di dira bosodoma e le karolo ya kobamelo ya bone ya maaka. Asa ga a ka a tlosa kobamelo ya maaka fela. Gape o ne a tlhotlheletsa batho gore ba “batle Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane” le gore ba boloke “molao le taelo” ya Modimo.—1 Dikg. 15:12, 13; 2 Ditir. 14:4.   

w17.03 19 ¶7

Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng!

7 Re tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore a re direla Jehofa ka pelo e e feletseng. Ipotse jaana: ‘A ke ikemiseditse go itumedisa Jehofa, go femela kobamelo ya boammaaruri le go sireletsa batho ba gagwe mo tlhotlheletsong e e sa siamang?’ Akanya fela gore Asa o ne a tlhoka go nna pelokgale jang gore a kgone go tlosa mmêmogolo wa gagwe e bong Maaka “mo bohumagading.” O ka tswa o sa itse ope yo o itshwarang jaaka mmêmogolo wa ga Asa, mme gone, go ka tswa go na le maemo a mo go one o ka kgonang go nna pelokgale jaaka Asa. Ka sekai, a re re mongwe mo lelapeng la lona o dira boleo jo bo masisi a bo a sa ikwatlhaye mme a bo a tshwanelwa ke go tlosiwa mo phuthegong. A o ne o tla tswelela o dirisana le motho yoo? Pelo ya gago e ne e tla go tlhotlheletsa gore o dire eng?

it-1-E 184-185

Asa

Le fa ka dinako dingwe Asa a ne a sa dire ditshwetso tse di botlhale, dinonofo tsa gagwe tse di molemo le matsapa a a tshotseng go fedisa kobamelo ya maaka di feta diphoso tse a di dirileng. Tota e bile o lebiwa e le mongwe wa dikgosi tse di neng tsa ikanyega tsa kwa Juda. (2Dt 15:17) Asa o ne a busa dingwaga di le 41 kwa Juda mme o ne a busa ka nako ya dikgosi di le robedi tswa kwa Iseraele e bong: Jeroboame, Nadabe, Baasha, Ela, Simeri, Omeri, Tibeni (yo o neng a busa karolo nngwe ya Iseraele fa a ne a le kgatlhanong le Omeri) le Ahabe. (1Dk 15:9, 25, 33; 16:8, 15, 16, 21, 23, 29) Fa Asa a sena go tlhokafala, morwawe e bong Jehoshafate o ne a nna kgosi.—1Dk 15:24.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w98 9/15 21-22

A o Tsaya Modimo e le Motho wa Mmatota?

Ka sekai, bala boporofeti jo bo buang ka go otlhaiwa ga motho yo o ka agang Jeriko sesha, go tswa foo o bo o ela tlhoko tsela e bo diragadiwang ka yone. Jošua 6:26 e bolela jaana: “Jošua a ba laya ka ikano ka baka loo, a re: ‘Go hutsegile motho fa pele ga Jehofa, yo o tlaa emang a aga motse wa Jeriko, o tlaa swelwa ke motsalwapele wa gagwe a thaya motheo wa one, mme o tlaa swelwa ke morwawe yo mmotlana a tlhoma ditswalo tsa one.’” Bo ne jwa diragadiwa dingwaga di le 500 moragonyana, ka go bo re bala jaana mo go 1 Dikgosi 16:34: “E rile mo motlheng wa [ga Kgosi Ahabe] ya bo e le gone Hiele wa Mobethele a aga Jeriko; a thaya motheo wa gone ka go swelwa ke Abirame motsalwapele wa gagwe, mme a emisa dikgoro tsa gone ka go swelwa ke Segobe morwawe yo mmotlana; jaaka lefoko la ga Jehofa le o ne a le bua ka Jošua morwa Nune.” Ke Modimo wa mmatota fela yo o neng a ka tlhotlheletsa boperofeti jo bo ntseng jalo le go bona gore bo a diragadiwa.

OCTOBER 3-9

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 17-18

“Lo Tla Okaoka fa Gare ga Maikutlo a Mabedi A a Sa Tshwaneng ka Lobaka lo lo Kae?”

w17.03 14 ¶6

Bontsha Tumelo—Dira Ditshwetso Tse di Siameng!

6 Fa Baiseraele ba ne ba nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso e e botlhokwa tota ya gore a ba tla obamela Jehofa kgotsa medimo e mengwe. (Bala Joshua 24:15.) Go ka bonala e ne e le tshwetso e e motlhofo. Le fa go ntse jalo, tshwetso ya bone e ne e le botlhokwa tota. Ka nako ya Baatlhodi, gangwe le gape Baiseraele ba ne ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Ba ne ba tlhanogela Jehofa mme ba obamela medimo ya maaka. (Baatlh. 2:3, 11-23) Gape akanya ka se se neng sa direga fa batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso ka motlha wa ga moporofeti Elija. Moporofeti yono o ne a ba bolelela gore ba na le ditlhopho tse pedi: Go direla Jehofa kgotsa modimo wa maaka e bong Baale. (1 Dikg. 18:21) Elija o ne a ba kgala ka gonne ba ne ba palelwa ke go dira tshwetso. O ka nna wa bo o akanya gore eo e ne e le tshwetso e e motlhofo ka gonne go direla Jehofa go re solegela molemo ka metlha. Tota e bile, go ne go ka se kgonege gore motho yo o akanyang sentle a obamele Baale. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng.” Ka jalo, Elija o ne a ba kgothaletsa gore ba obamele Jehofa.

ia 88 ¶15

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

15 Baperesiti ba ga Baale ba ne ba gakala le go feta, ba “biletsa kwa godimo thata le go itshegaka go ya ka mokgwa wa bone ka dithipa tse di magale mabedi le ka marumo, go fitlha ba dira gore madi a elele mo go bone.” Mme seo ya nna matsapa a bophiri fela! “Go ne go se na lentswe lepe, go se na ope yo o arabang, e bile go se na ope yo o reetsang.” (1 Dikg. 18:28, 29) Tota, go ne go se na Baale. O ne a itlhametswe ke Satane go raela batho gore ba se ka ba obamela Jehofa. Boammaaruri ke gore, go tlhopha mong ope fela ntle le Jehofa go felela ka maswabi, tota le go tlhabisiwa ditlhong.—Bala Pesalema 25:3; 115:4-8.

ia 90 ¶18

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

18 Pele ga Elija a rapela, boidiidi jo bo neng bo le foo bo tshwanetse jwa bo bo ne bo ipotsa gore a Jehofa o ne a tla mo swabisa fela jaaka Baale a ba swabisitse. Mme gone, morago ga thapelo, ga go a ka ga nna le nako ya go ipotsa dipotso. Pego eno ya re: “Foo molelo wa ga Jehofa wa tla o wa mme wa ja tshupelo e e fisiwang le dikgong le maje le lorole, le metsi a a neng a le mo moseleng wa a laila.” (1 Dikg. 18:38) Ruri ba ne ba arabegile jaanong! Mme ba ne ba dira eng?

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w08 4/1 19, lebokoso

O ne A Ntsha Matlho Dinameng Mme a Leta

Leuba la mo Motlheng wa ga Elija le Tsere Lobaka lo lo Kae?

Moporofeti wa ga Jehofa e bong Elija o ne a itsise Kgosi Ahabe gore go ise go ye kae leuba le le tsereng lobaka lo loleele le ne le tla fela. Seo se ne sa direga mo “ngwageng wa boraro”—go bonala go balwa go tloga mo letsatsing la ntlha le Elija a neng a itsise ka lone gore leuba le tla nna teng. (1 Dikgosi 18:1) Jehofa o ne a nesa pula morago fela ga gore Elija a bolele gore Modimo o tla dira jalo. Ka jalo, batho bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore leuba le ne la fela mo ngwageng wa boraro, mo go rayang gore lo tsere lobaka lo lo kafa tlase ga dingwaga tse tharo. Le fa go ntse jalo, Jesu le Jakobe ba re bolelela gore leuba le tsere “dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro.” (Luke 4:25; Jakobe 5:17) A seo se raya gore Baebele e a ikganetsa?

Ga go a nna jalo. Kwa Iseraele wa bogologolo, paka ya komelelo e ne e tsaya lobaka lo loleele lwa dikgwedi tse thataro. Ga go pelaelo gore Elija o ne a ya kwa go Ahabe go mo itsise ka leuba fa paka ya komelelo e ne e bonala e tsaya lobaka lo loleele go feta ka mo go tlwaelegileng e bile e le e e feteletseng. Tota seno se bolela gore leuba le ne le simolotse mo e ka nnang dikgwedi di le thataro pelenyana ga moo. Ka jalo, fa Elija a ne a itsise ka go fela ga leuba “mo ngwageng wa boraro” go tswa ka nako e a neng a itsise la ntlha ka lone, leuba le ne le setse le tsere mo e ka nnang dingwaga di le tharo le dikgwedi tse thataro. Go ne go setse go fetile “dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro” tse di tletseng fa batho botlhe ba ne ba kopane go tla go iponela ka matlho teko e kgolo kwa Thabeng ya Karemele.

Ka jalo, ela tlhoko se se neng sa direga fa Elija a ne a etetse Ahabe la ntlha. Batho ba ne ba dumela gore Baale e ne e le “mopagami wa maru,” modimo yo o neng a tla nesa dipula gore a fedise paka ya komelelo. Fa paka ya komelelo e ne e ka tsaya lobaka lo loleele go feta ka mo go tlwaelegileng, batho ne ba ka nna ba ipotsa gore; ‘Baale o kae? O ne a tla nesa leng dipula?’ Go tshwanetse ga bo go ne go ngomola baobamedi ba ga Baale pelo go utlwa Elija a ba bolelela gore ga go kitla go na pula le fa e le monyo go fitlha ene a re go nne jalo.—1 Dikgosi 17:1.

OCTOBER 10-16

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 19-20

“Letla Jehofa Gore a go Gomotse”

w19.06 15 ¶5

Ikaege ka Jehofa fa o Gateletswe mo Maikutlong

5 Bala 1 Dikgosi 19:1-4. Le fa go ntse jalo, Elija o ile a tshoga fa Kgosigadi Jesebele a ne a batla go mmolaya. Ka jalo, o ne a siela kwa Beere-sheba. O ne a kgobegile marapo thata mo a neng a “kopa gore [a] swe.” Ke eng fa a ne a ikutlwa jalo? Elija o ne a sa itekanela e bile “e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Gongwe o ne a gateletswe mo maikutlong e bile a lapile thata. Go bonala a ne a akanya gore matsapa a gagwe a go kgothaletsa batho gore ba obamele Jehofa e ne e le a lefela. Gape o ne a akanya gore go ne go sa fetoga sepe mo Iseraele le gore ke ene fela a neng a direla Jehofa. (1 Dikg. 18:3, 4, 13; 19:10, 14) Re ka nna ra gakgamadiwa ke gore Elija o ne a ikutlwa jalo. Mme Jehofa ene o ne a tlhaloganya gore Elija o ikutlwa jang.

ia 103 ¶13

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

13 O akanya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa a ntse a lebile a le kwa legodimong a bona moporofeti wa gagwe yo o rategang a rapame fa tlase ga setlhare mo nageng mme a ikopela go swa? Ga re tlhoke go ikatla tlhogo. Fa Elija a sena go thulamela, Jehofa o ne a romela moengele kwa go ene. Moengele o ne a tsosa Elija ka bonolo ka go mo ama mme a re: “Tsoga, o je.” Elija o ne a dira jalo ka gonne moengele o ne a mo tliseditse dijo tse di motlhofo—senkgwe se se bothitho le metsi. A gone o ile a leboga moengele yoo? Pego eno e re bolelela fela gore moporofeti yono o ne a ja, a nwa mme a robala gape. A o ne a kgobegile marapo thata mo a neng a sa kgone le go bua? Se re se itseng ke gore moengele o ne a mo tsosa lekgetlo la bobedi, gongwe ka masa. O ne a raya Elija gape a re, “tsoga, o je,” mme a oketsa ka mafoko ano a a nametsang pelo, “gonne loeto lo loleele thata mo go wena.”—1 Dikg. 19:5-7.

ia 106 ¶21

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

21 Pego eno e tlhalosa gore Jehofa o ne a seyo mo go epe ya ditiragalo tseno tse di gakgamatsang tsa maatla a tlholego. Elija o ne a itse gore Jehofa ga se modingwana mongwe wa tlhamane ya dilo tsa tlholego jaaka Baale, yo baobamedi ba gagwe ba ba tsieditsweng ba neng ba mmaka ba re ke “mopalami wa maru” kgotsa yo o tlisang pula. Jehofa ke Motswedi wa mmatota wa maatla otlhe a a gakgamatsang a a mo dilong tsa tlholego, mme gape o mogolo thata go feta sepe fela se a se dirileng. Tota le magodimo a ka se mo tshole! (1 Dikg. 8:27) Dilo tseno tsotlhe di ne tsa thusa Elija jang? Gopola kafa a neng a boifa ka teng. E re ka Elija a ne a engwe nokeng ke Jehofa Modimo, Modimo yo o nang le maatla ao otlhe a a gakgamatsang, o ne a sa tlhoke go boifa Ahabe le Jesebele!—Bala Pesalema 118:6.

ia 106 ¶22

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

22 Fa molelo o sena go feta, go ne ga nna le tidimalo e kgolo mme Elija a utlwa “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.” Le ne la mo kopa gore a ntshe maikutlo a gagwe gape, mme o ne a dira jalo, a bulela Jehofa mafatlha lekgetlo la bobedi a mmolelela se a tshwenyegileng ka sone. Gongwe seo se ne sa dira gore a ikutlwe a imologile le go feta. Mme ga go pelaelo gore Elija o ile a gomodiwa le go feta ke se morago ga foo “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” le neng la se mmolelela. Jehofa o ne a tlhomamisetsa Elija gore o botlhokwa. O ne a dira seo jang? Modimo o ne a mmolelela se a neng a ikaeletse go se dira malebana le go fedisa kobamelo ya ga Baale kwa Iseraele. Go bonala sentle gore Elija o ne a sa berekela lefela, ka gonne boikaelelo jwa Modimo bo ne bo tla diragadiwa bo sa thibelwe ke sepe. Mo godimo ga moo, Elija o ne a sa ntse a tla nna le seabe mo boikaelelong joo ka gonne Jehofa o ne a mo laela go boela kwa kabelong ya gagwe a mo neile ditaelo tse di tlhomameng.—1 Dikg. 19:12-17.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w97 11/1 31 ¶2

Sekai sa go Intsha Setlhabelo Le sa Go Ikanyega ka Nitamo

Batlhanka ba le bantsi ba Modimo gompieno ba bontsha moya o o tshwanang wa go intsha setlhabelo. Ba bangwe ba tlogetse “masimo” a bone, ditiro tsa bone, gore ba ye go rera dikgang tse di molemo kwa ditshimong tse di kgakala kana go ya go direla e le maloko a lelapa la Bethele. Ba bangwe ba ya kwa dinageng tsa seeng go ya go dira ditiro tsa go aga tsa Mokgatlho. Ba le bantsi ba amogetse se se ka nnang sa tsewa e le ditiro tsa maemo a a kwa tlase. Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o leng motlhanka wa ga Jehofa yo go ka tweng o dira tiro e e seng botlhokwa. Jehofa o anaanela botlhe ba ba mo direlang ka go rata, mme o tla segofatsa moya wa bone wa go intsha setlhabelo.—Mareko 10:29, 30.

OCTOBER 17-23

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 21-22

“Etsa Tsela e Jehofa a Dirisang Taolo ya Gagwe ka Yone”

it-2-E 21

Jehofa Modimo wa Masomosomo

Fa moengele a ne a etetse Joshua gaufi le Jeriko a bo a mmotsa gore a o kafa letlhakoreng la Baiseraele kgotsa ke mmaba wa bone, moengele o ne a araba a re, “Ke tlile ke le kgosana ya lesomo la ga Jehofa.” (Jos 5:13-15) Moporofeti Mikaia o ne a bolelela Kgosi Ahabe le Kgosi Jehoshafate a re, “Ke ne ka bona Jehofa a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi mme masomosomo otlhe a magodimo a eme fa go ene, ka fa mojeng le ka fa molemeng wa gagwe,” go lebega fa a ne a bua ka bomorwa Modimo ba ba kwa legodimong kgotsa baengele. (1Dk 22:19-21) Baengele ba na le dikabelo tse di farologaneng tse di jaaka go nna ditšheruba le boserafe, (Isa 6:2, 3; Ge 3:24; Tsh 5:11) gape ba dira dikabelo e le setlhopha se se rulaganeng sentle, ke gone ka moo Jesu a neng a re o tla bitsa “mephato e feta 12 ya baengele”. Ka jalo go a tshwanela go bo Modimo a bidiwa “Jehofa wa masomosomo.” (Mat 26:53) Fa Hesekia a ne a kopa Jehofa thuso o ne a mmitsa a re ke “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng fa godimo ga ditšheruba,” o ne a bua ka letlole la kgolagano le ditšheruba tse di fa godimo ga sekhurumelo, mme o ne a tshwantshetsa setulo sa Bogosi sa ga Jehofa. (Isa 37:16; bapisa le 1Sa 4:4; 2Sa 6:2.) Motlhokomedi wa ga Elisha o ne a tshoga fa a bona mophato wa masole o dikologile motse mme fa a sena go bona ponatshegelo ya “dipitse le dikara tsa ntwa tsa molelo,” di dikologile lefelo le Elisha a nnang mo go lone o ne a wela makgwafo.—2Dk 6:15-17.

w21.02 4 ¶9

“Tlhogo ya Monna Mongwe le Mongwe ke Keresete”

9 Boikokobetso. Jehofa o botlhale go gaisa batho botlhe mme gone, o reetsa dikakantsho tsa batlhanka ba gagwe. (Gen. 18:23, 24, 32) O kile a letla baengele gore ba ntshe dikakantsho. (1 Dikg. 22:19-22) Jehofa ga a dire diphoso mme gone, ga a lebelela gore le rona re se ka ra dira diphoso. Go na le moo, o thusa batho ba ba dirang diphoso gore ba kgone go atlega. (Pes. 113:6, 7) Tota e bile, Baebele e tlhalosa Jehofa e le “mothusi.” (Pes. 27:9; Baheb. 13:6) Kgosi Dafide o ile a tlhalosa gore o ne a kgona go dira dilo di le dintsi ka gonne Jehofa a le boikokobetso e bile a mo thusa.—2 Sam. 22:36.

it-2-E 245

Maaka

Jehofa Modimo o letla gore motho yo o sa batleng go itse boammaaruri a “tsiediwe ka dithuto tsa maaka” le gore a “dumele maaka” go na le gore a dumele dikgang tse di molemo ka ga Jesu Keresete. (2Bt 2:9-12) Seno ke se se neng sa diragalela Kgosi Ahabe wa Iseraele dingwagangwaga pelenyana. Baporofeti ba maaka ba ne ba netefaletsa Ahabe gore o tla fenya ntwa kgatlhanong le Ramothe-gileade, fa moporofeti wa ga Jehofa e bong Mikaia ene a boleletse pele gore o tla diragalelwa ke masetlapelo. Mo ponatshegelong e Mikaia a neng a e bona, Jehofa o ne a letlelela moengele gore a tsietse baporofeti ba ga Ahabe gore ba bue maaka. Seno se raya gore moengele yoo o ne a dirisa maatla a gagwe gore baporofeti bano ba bue se bone ba neng ba batla go se bua le gore ba bue se Ahabe a neng a batla go se bua. Le fa Ahabe a ne a tlhagisitswe go sa le pele, o ile a tlhopha go reetsa baporofeti ba ba buang maaka mme o ile a bolawa.—1Dk 22:1-38; 2Dt 18.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w21.10 3 ¶4-6

Go Ikwatlhaya ga Mmatota go Kaya Eng?

4 Nako ya gore Jehofa a tseye kgato e ne ya goroga. O ne a roma Elija gore a ye go bolelela Ahabe le Jesebele tsela e a neng a tla ba otlhaya ka yone. Lelapa la bone lotlhe le ne le tlile go bolawa. Mafoko a ga Elija a ne a utlwisa Ahabe botlhoko thata! Se se gakgamatsang ke gore monna yono yo o mabela o ne a ‘ikokobetsa.’—1 Dikg. 21:19-29.

5 Le fa Ahabe a ile a ikokobetsa ka nako eo, se a neng a se dira moragonyana se ne sa bontsha gore o ne a sa ikwatlhaya ka tsela ya mmatota. Ga a ka a leka go tlosa kobamelo ya ga Baale mo bogosing jwa gagwe. E bile ga a a ka a leka go rotloetsa setšhaba gore se obamele Jehofa. Dilo tse dingwe tse Ahabe a neng a di dira di ne di bontsha gore o ne a sa ikwatlhaya.

6 Nako nngwe Ahabe o ne a kopa Kgosi Jehoshafate yo o neng a busa kwa Juda gore a tsamaye le ene fa a ya go lwantsha Basiria. Jehoshafate e ne e le kgosi e e molemo e e neng e ikanya Jehofa, ka jalo o ne a kopa Ahabe gore ba botse moporofeti wa ga Jehofa gore ba dire eng pele ba ya ntweng. Kwa tshimologong, Ahabe o ne a sa rate kakantsho eo, o ne a re: “Go sa ntse go na le monna yo mongwe yo re ka mo kopang gore a re boletse mo go Jehofa; mme gone, ke mo tlhoile ka gonne ga a ke a porofeta dilo tse di molemo ka nna, o porofeta dilo tse di bosula fela.” Mme gone, ba ne ba botsa moporofeti Mikaia. Ahabe o ne a nepile, monna yoo wa Modimo o ne a porofeta dilo tse di bosula tse di neng di tla diragalela Ahabe. Le fa go ntse jalo, Ahabe yo o bosula ga a a ka a ikwatlhaya, go na le moo o ne a laela gore moporofeti wa Modimo a latlhelwe mo kgolegelong. (1 Dikg. 22:7-9, 23, 27) Le fa Ahabe a ile a latlhela Mikaia mo kgolegelong, ga a a ka a dira gore boporofeti joo bo se ka jwa diragala. Ahabe o ne a bolawa mo ntweng eo.—1 Dikg. 22:34-38.

OCTOBER 24-30

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO| 2 DIKGOSI 1-2

“Sekao se se Molemo sa go Katisa ba Bangwe”

w15 4/15 13 ¶15

Kafa Bagolwane ba Thapisang ba Bangwe ka Gone Gore ba Tshwanelege

15 Gape pego ya ga Elisha e bontsha gore go botlhokwa gore bakaulengwe ba tlotle bagolwane ba ba nang le maitemogelo. Fa Elija le Elisha ba sena go etela setlhopha sengwe sa baporofeti kwa Jeriko, ba ne ba goroga kwa Nokeng ya Joredane. Go tswa foo, “Elija a tsaya seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang mme a se potoka a itaya metsi, mme ka iketlo a kgaoganela kwa le kwa.” Fa banna bano ba ntse ba kgabaganya Joredane mo mmung o o omileng ba ne ba ‘tsamaya ba bua.’ Elisha o ne a reeditse ka kelotlhoko sengwe le sengwe se morutisi wa gagwe a neng a se bua, mme a nna a anya kitso mo go ene. Le ka motlha Elisha ga a ise a itseye e le makgonatsotlhe. Go tswa foo, Elija o ne a tsewa ka sefefo, mme Elisha ene o ne a boela morago kwa Nokeng ya Joredane. Fa a tsena koo, o ne a itaya metsi ka seaparo sa ga Elija mme a re: “O kae Jehofa Modimo wa ga Elija?” Mme metsi a noka a ne a kgaogana gape.—2 Dikgosi 2:8-14.

w15 4/15 14 ¶16

Kafa Bagolwane ba Thapisang ba Bangwe ka Gone Gore ba Tshwanelege

16 A o lemogile gore kgakgamatso ya ntlha ya ga Elisha e ne e tshwana kgo le ya bofelo ya ga Elija? Seno se re ruta eng? Elisha ga a ka a akanya gore e re ka jaanong e le ene a neilweng maikarabelo, o tshwanetse go dira dilo ka tsela e e farologaneng le e Elija a neng a di dira ka yone. Go na le moo, o ne a dira fela jaaka Elija, a bontsha gore o tlotla morutisi wa gagwe, mme seo se ne sa dira gore baporofeti ba bangwe ba mo ikanye. (2 Dikgosi 2:15) Elisha o ne a nna moporofeti ka dingwaga di le 60, mme Jehofa o ne a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso tse dintsi go feta tsa ga Elija. Bakaulengwe ba ba thapisiwang ba ka ithuta eng?

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w05 8/1 9 ¶1

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi

2:11—“Magodimo” a ‘Elija a neng a tlhatlogela kwa go one a le mo sefefong’ e ne e le afe? Magodimo ano e ne e se dikarolo tse di kwa kgakala tsa lobopo kgotsa lefelo la semoya kwa Modimo le barwa ba gagwe ba baengele ba nnang gone. (Duteronome 4:19; Pesalema 11:4; Mathaio 6:9; 18:10) “Magodimo” a Elija a neng a tlhatlogela kwa go one e ne e le go tlhatlogela fela kwa loaping. (Pesalema 78:26; Mathaio 6:26) Kara ya molelo e e neng e taboga go kgabaganya loapi go bonala e ne ya isa Elija kwa karolong e nngwe ya lefatshe, ko a neng a tswelela a tshela gone ka lobakanyana. Tota e bile, morago ga dingwaga di le dintsi, Elija o ne a kwalela kgosi ya Juda e bong Jehorame lokwalo.—2 Ditiragalo 21:1, 12-15.

OCTOBER 31–NOVEMBER 6

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 3-4

“Tsaya Morwao”

w17.12 4 ¶7

“Ke a Itse Gore o Tla Tsoga”

7 Motho wa bobedi go tsosiwa yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o ile a tsosiwa ke motlhatlhami wa ga Elija e bong moporofeti Elisha. Mosadi mongwe wa Moiseraele yo o neng a itsege thata wa kwa Shunema o ne a amogela Elisha mo ntlong ya gagwe mme a mo tlhokomela. Modimo o ne a dirisa Elisha go thusa mosadi yoo le monna wa gagwe yo o tsofetseng gore ba nne le ngwana wa mosimane. Morago ga dingwaga di le mmalwa, mosimane yoo o ne a tlhokafala. Akanya fela gore mmaagwe o ne a utlwa botlhoko go le kana kang. Monna wa gagwe o ne a mo letla go ya go batla Elisha. O ne a tsamaya dikilometara di ka nna 30 go ya kwa Thabeng ya Karemele. Elisha o ne a romela motlhokomedi wa gagwe e bong Gehasi kwa Shunema gore a ye go tsosa mosimane yoo. Gehasi ga a ka a kgona go mo tsosa. Moragonyana Elisha o ne a goroga kwa Shunema a na le mmaagwe mosimane.—2 Dikg. 4:8-31.

w17.12 5 ¶8

“Ke a Itse Gore o Tla Tsoga”

8 Elisha o ne a ya kwa ntlong e setopo se neng se laditswe mo go yone mme a rapela. Mosimane yoo o ne a tshela gape mme mmaagwe o ne a itumela tota. (Bala 2 Dikgosi 4:32-37.) A ka tswa a ile a gopola mafoko ano a Hana a ileng a a bua fa a ne a isa Samuele gore a ye go direla kwa motlaaganeng: ‘Jehofa . . . o folosetsa mo Sheole, e bile O a tlhatlosa.’ (1 Sam. 2:6) Modimo o ne a bontsha gore o na le maatla a go tsosa baswi fa a ne a tsosa mosimane wa kwa Shunema.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w12 10/1 15 ¶4-6

A o Ne o Itse?

Dipego tsa Baebele tse di buang ka moporofeti Samuele, Elija le Elisha di bua ka banna ba ba neng ba bidiwa “bomorwa baporofeti.” Ka sekai, fa Elisha a ne a tlhoma Jehu go nna kgosi ya Iseraele, o ne a roma “mongwe wa bomorwa baporofeti,” gore a ye go mo tlotsa.—2 Dikgosi 9:1-4.

Bakanoki ba dumela gore polelwana eno ga e bue ka bana ba baporofeti ba mmatota mme e bua ka setlhopha sa bakaedi kgotsa batho ba ba nnang mmogo e bile ba dira mmogo. Go ya ka Journal of Biblical Literature, go ka direga gore maloko a setlhopha seno e ne e le batho “ba ba neng ba ineetse mo tirelong ya ga Yahweh [Jehofa] ba le kafa tlase ga moporofeti yo e neng e le . . . rraabone wa semoya.” (2 Dikgosi 2:12) Tota e bile, pego ya go tlodiwa ga ga Jehu, ya re moemedi wa ga Elisha ke “motlhokomedi wa moporofeti.”—2 Dikgosi 9:4.

Go lebega “bomorwa baporofeti” ba ne ba tshela botshelo jo bo sa raraanang. Go bolelwa fa sengwe sa ditlhopha tseo tsa motlha wa ga Elisha se ne sa ikagela lefelo la bonno, se dirisa selepe se se neng se adimilwe. (2 Dikgosi 6:1-5) Sengwe se se bontshang gore bangwe mo ditlhopheng tseno ba ne ba nyetse, ke gore go buiwa ka motlholagadi wa “bomorwa baporofeti.” (2 Dikgosi 4:1) Go lebega Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba anaanela bomorwa baporofeti e bile pego nngwe e bontsha gore ba ne ba ba abela dimpho tsa dijo.—2 Dikgosi 4:38, 42.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela