LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 5/1 ts. 24-25
  • O Ne A Tlhokomela Baiseraele kwa Sinai

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne A Tlhokomela Baiseraele kwa Sinai
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Sinai—Thaba ya ga Moshe le ya Boutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Naga ya Juda—Ga e Ungwe mme e a Kgatlhisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • O se Ka wa Lebala Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 5/1 ts. 24-25

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

O Ne A Tlhokomela Baiseraele kwa Sinai

AO KE o akanye fela ka batho ba le dimilionemilione—e le banna, basadi, le bana—ba lebile go ya gareng ga “naga e kgolo le e e boitshègañ, e dinōga tse di molelō le diphepheñ di nntseñ mo go eōna, e le lehatshe ye le lokgere ye go senañ metse mo go yeōna”!

Mafoko ao a a neng a buiwa ke Modimo a a fitlhelwang mo go Duteronome 8:15 a dira gore re akanye ka seo se ka nnang sa bo se ile sa lebega e le loeto lo lo boifisang thata loo Baiseraele ba neng ba tlile go le tsaya jaaka fa ba ne ba tswile kwa Egepeto mme ba tsena mo teng ga sekaka sa Sinai. Bothata bo le bongwe fela jo bogolo e ne e le gore: Ke mang yo o neng a tlile go ba tlamela ka dijo tse di lekaneng le metsi a a lekaneng?

Baiseraele bano ba ne ba ntse ba dirilwe makgoba morago kwa, kwa maanwaneng a noka ya Nile, mme lefa go ntse jalo go ne go sena sepe seo ba neng ba se tlhoka. Mo maboteng a matlo a bogologolo ao go neng go bewa baswi mo go one go tshwantshitswe mefuta e e farologaneng ya diterebe, magapu, le merogo e mengwe, mmogo le ditlhapi le dinama tsa dikoko tseo e neng e le ntletsentletse ya dijo tseo ba neng ba tle ba di je. Abo go ne go utlwala sentle jang he, gore e re ka nako ya fa ba ne ba eleditse dijo tseo, ba bo ba ngongorega jaana mo sekakeng: “E mañ eo o tla re naeañ nama ra e ya? Re gokologèlwa ditlhapi tse re ne re di ya hèla mo Egepeto eseñ ka sepè; makatane, le magapu, le boleke, le booie, le gareleke.”—Dipalō 11:4, 5; 20:5.

Ka bonako fela morago ga fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Lewatle le Lehibidu, ba ne ba simolola go tlhaloganya kafa tota sekaka sa Sinai se neng se ntse ka gone. Ga ba a ka ba tsamaya ka tsela eo e neng e ya e lebile bokone eo e neng e dirisiwa thata ke bagwebi mme go na le moo ba ne ba fapoga go ela ntlheng ya sekasetlhake se se khutlotharo. Go bonala ba ne ba tlhoka metsi thata ka nako ya fa ba ne ba setse ba tsamaile dikilometara tse di ka nnang 80 go kgabaganya sekaka. Ba ne ba sa kgone go nwa ao ba neng ba a bona, ka gonne a ne a galaka ebile go banala a ne a na le malwetse. “Re tla nwa eñ?” ba ne ba ngongorega jalo. Modimo o ne wa tsereganya ka go fetola metsi ano gore a nne monate.—Ekesodo 15:22-25.

A o ke o ele tlhoko setshwantsho se se fa godimo sa mokoloko wa dikamela. O ka kgona go tlhaloganya potso e e botsang gore Baiseraele ba ne ba tlile go kgona jang go tswelela pele ba raletse sekaka go ela kwa Thabeng ya Sinai. Ba ne ba tlile go itshokela jang go ipatlela—bone le matsomane le matlhape ao ba neng ba batla go a boloka a ntse a tshela—metsi a a lekaneng le dijo tse di lekaneng?—Ekesodo 12:38.

Ba ne ba tsamaela pele go ela kwa borwa mme go ise go e kae ba bona metsi a a lapolosang le dijo kwa Elima. (Ekesodo 15:27) Lefa go ntse jalo, leo e ne e se lefelo leo ba neng ba ya kwa go lone. Ba ne ba ya kwa “thabeñ ea Modimo,” ebong Thaba ya Sinai. (Ekesodo 3:1; 18:5; 19:2; 24:12-18) Thaba eo e ne e le bokgakala jwa dikilometara di le 120—e leng dikilometara di le dintsi mo nageng e e makgwakgwa, e e omeletseng.

Jaaka fa setlhopha se se boitshegang seno se ne se ntse se tsamaya go ela kwa Thabeng ya Sinai, ba ne ba tla gaufi le lefelo lengwe le legolo le le nonneng le le bidiwang Feiran—ebile go bonala ba ile ba ema kwa go lone. Go bonala karolo e nnye ya lefelo leno mo setshwantshong se se mo tsebeng e e latelang.a Le feta go kgabaganya tselana eo go tsamaiwang ka dinao mo go yone e e mo sekakeng, go ela kwa Lewatleng le Lehibidu (Kgogometso ya Suez). Abo ba ile ba lapologelwa jang ne fa ba fitlha koo!

Le mororo sekaka sa Sinai se ka nna sa tshwanela ka kakaretso tlhaloso eno e e reng “naga e kgolo le e e boitshègañ,” Baiseraele ba ne ba kgona go ipelela go nna kafa tlase ga moriti wa ditlhare tse dikgolo tsa makolane le moriti wa ditlhare tse dingwe kwa lefelong le le nonneng le le bidiwang Feiran. Ba ne ba bona maungo a mantsi a a botshe a ditlhare tsa makolane ao ba neng ba a jela gone fela foo ba bo ba thota a mangwe jaaka mofago.

Dilo tsotlhe tseno di ne tsa diragala ka gonne metsi a a kafa tlase ga lefatshe a ne a tlhatlogela fa godimo kwa Feiran. A o ke o akanye fela kafa o neng o tla ikutlwa ka gone fa o ne o le mo sekakeng se se mo nageng mme ka tshoganyetso o bo o bona metsi a a phepa a go nwa! Selo seno se bontsha gore le eleng kwa Sinai tota go na le mafelo ao go ka bonwang metsi mo go one. Ka dinako tse dingwe go tshwanetse ga epiwa sediba se se boteng eletota. Morago ga moo e ne e tla nna tiro e e boima tota ya go gelela metsi a a lapolosang ano mo sedibeng ka dikgamelo le ka dikurwana, segolobogolo fa e le gore matsomane le matlhape a ne a tlhoka go nosiwa. Go tla go fitlha le gompieno jaana Baarabia ba ba kgarakgatshegang mo sekakeng sa Sinai ba rata thata go tla mo didibeng tseo ba ka ikgelelelang metsi go tswa mo go tsone ba bo ba gelelela le dikamela tsa bone.—Bapisa Genesise 24:11-20; 26:18-22.

Ee, go sa kgathalesege dipaka tseo ka tsone ba neng ba ngongoregela seo se neng se lebega ekete e ne e le letlhoko leo le neng le ka se twe sepe, Baiseraele ba ne ba na le metsi le dijo. Ka dinako tse dingwe Modimo o ne a ba tlamela ka dilo tse di ntseng jalo ka kgakgamatso. (Ekesodo 16:11-18, 31; 17:2-6) Go bonala ka dinako tse dingwe a ile a ba isa kwa “helō ga boikhucō” koo a neng a dirisa dikungo tsa tlholego gone gore a ba neye dilo tseo ba neng ba di tlhoka fela thata. (Dipalō 10:33-36) Mo nakong eno yotlhe, o ne a ba baakanyeditse letlotlo kwa Lefatsheng la Tsholofetso e le letlotlo leo le neng le emetse ba ba ikanyegang.—Duteronome 11:10-15.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go na le setshwantsho se segolo sa lefelo leno mo go 1992 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela