LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g03 3/8 ts. 31
  • “Tsogang! e Bolokile Botshelo Jwa Me!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tsogang! e Bolokile Botshelo Jwa Me!”
  • Tsogang!—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Gatelela Thata se Baebele e se Buang!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Babadi ba Makasine Ono
    Tsogang!—2006
  • Go Lemoga Matshwao—Le go A Tsibogela
    Tsogang!—1996
  • Ditlhabi Tse Di Tlileng go Nyelediwa
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2003
g03 3/8 ts. 31

“Tsogang! e Bolokile Botshelo Jwa Me!”

Bakwadi ba Tsogang! ba amogetse lekwalo le le tswang kwa mmading mongwe yo o nang le kanaanelo kwa Italy. Le balega jaana:

“Ke feditse dingwaga di le 40 ke bala Tsogang!, mme ke rata tsela e e tlhalosang ditlhogo tse di farologaneng tse di mosola ka yone. Bosheng jaana ke ne ke le kwa tirong fa ke ne ke tshwarwa ke setlhabi se se botlhoko mo mpeng le mo sehubeng. Ke ne ka swetsa ka gore ke ye gae, mme e ne ya re fa setlhabi seno se ntlhasela gape, ka lemoga gore go diragalang ka nna. Ke ne ka gakologelwa sentle setlhogo sa Tsogang! se se tlhalosang matshwao a go tlhaselwa ke bolwetse jwa pelo.a Ke ne ka swetsa ka gore ke ye kwa bookelong. Ke ne ke sa ntse ke le mo phaposing ya boletelo fa tlhogo ya me e ne e sekamela kafa letlhakoreng mme ka idibala. Ke ne ka bolelelwa seno mo letsatsing le le latelang ke le mo phaposing ya balwetse ba ba lwalang thata.

“Ke sa ntse ke tshela gompieno ka ntlha ya go bo dingaka tse di nang le bokgoni di ile tsa tsaya kgato ka bonako. Mme gape, ke leboga makasine wa lona o o nneileng tshedimosetso e e neng ya nthusa gore ke dire tshwetso e e botlhale ya go ya kwa bookelong. Tsogang! e bolokile botshelo jwa me!”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona makasine wa rona wa December 8, 1996, tsebe 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela