LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/08 ts. 10-12
  • Kafa Mmidi o Gakgamatsang ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Mmidi o Gakgamatsang ka Teng
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sejalo Seno se “Bua” le Wena
  • Mafetlho, Makukunya le Maodi
  • Go Tswa Mexico go ya Lefatsheng Lotlhe!
  • Thoro e e Dirisiwang ka Ditsela di le Dintsi
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2009
  • A Meletlo ya Thobo e Itumedisa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Mathata a Balemirui ba Lebanang le One
    Tsogang!—2003
  • Dikhemikale Tsa Dibolayaditshenekegi di Bolaya e Seng Fela Ditshenekegi
    Tsogang!—1999
Tsogang!—2008
g 8/08 ts. 10-12

Kafa Mmidi o Gakgamatsang ka Teng

GO TLA go fitlha mo dingwageng tsa bosheng jaana Harlin e ne e le molemi wa mmidi mo kgaolong ya Finger Lakes kwa New York kwa United States. Ka metlha o ne a itumelela go tlhalosetsa ditsala le baeti dilo dingwe tse di gakgamatsang ka mmidi. Tsogang! e ne ya kopa Harlin go tla go tlhalosetsa babadi ba rona dilo dingwe tse a di itseng ka mmidi. Re tla sekaseka gape le dikarolo tse dingwe tsa sejalo seno se se kgatlhang. Ka sekai, mmidi o simologile kae? O ile wa anama jang mo lefatsheng lotlhe? Mme sejalo seno se dirisiwa ka ditsela dife? Mma re sekaseke kafa Harlin a tlhalosang ditsela dingwe tse mmidi o gakgamatsang ka tsone.

Sejalo Seno se “Bua” le Wena

“Fa ke lebile mmidi ke bona o dirilwe ka botswerere le ka tsela e e raraaneng. Go simolola ka matlhare go fitlha kwa thorong nngwe le nngwe e e mo setlhotlheng, sengwe le sengwe se rulagantswe sentle ka tsela e e kgatlhang. Mo godimo ga moo, fa sejalo seno se ntse se gola se ‘bua’ le wena. Se a go bolelela fa se nyorilwe kgotsa se sa bone dikotla tse di lekaneng. Ngwana o a lela fa a batla sengwe. Fela jaaka dijalo tse dintsi, sejalo se se golang sa mmidi se bontsha matshwao a a jaaka mmala le popego ya matlhare ka tsela e se lebegang ka yone. O tshwanetse go tlhaloganya matshwao ano.

“Matlhare a a nang le mmala o mohibidu jo bo mokgona a ka supa go tlhaela ga khemikale e e bidiwang phosphate. Matshwao mangwe a ka bontsha go tlhaela ga magnesium, nitrogen, kgotsa potash. Gape molemi a ka kgona go bona fa e le gore mmidi wa gagwe o na le bolwetse bongwe kgotsa o sentswe ke dikhemikale.

“Fela jaaka balemi botlhe ba mmidi, ke ne ke jala mmidi wa me ka dikgakologo fa mmu o le bothitho mme o dira gore peo e kgone go mela. Fa mmidi wa me o setse o godile sentle, morago ga dikgwedi di le nnè go ya go di le thataro, o ne o le boleele jwa dimetara di le pedi.

“Sejalo sa mmidi se gola ka dikgato tse di ka lemogiwang ka go bala matlhare a sone. Fa se na le matlhare a le matlhano, bokgoni jwa sone jwa go dirisa dikhemikale le “dipalo” bo bonala sentle. Sa ntlha, medi ya sone e tlhatlhoba mmu ka botlalo. Se sejalo seno se se fitlhetseng fa se tlhatlhoba mmu ke sone se tla laolang gore seako sa mmidi se tla nna bogolo jo bo kana kang, go ikaegile ka palo ya mela ya dithoro tsa sone. Fa se na le matlhare a a magareng ga 12 le 17, se tlhatlhoba mmu gape e le go tlhomamisa gore go tla tlhoga dithoro di le kae mo setlhotlheng. Ka bokhutshwane fela, sejalo sengwe le sengwe se kgona go bona kafa mmu o ka se solegelang molemo thata ka teng. Bosupi jo bongwe gape jwa kafa sejalo seno se dirilweng ka tsela e e gakgamatsang ka teng ke tsela e e raraaneng e se atang ka yone.”

Mafetlho, Makukunya le Maodi

“Sejalo sengwe le sengwe sa mmidi se na le karolo e tonanyana le e namagadi. Karolo e tshesane e telele e e goletseng kwa godimo ke e tonanyana, e leng lefetlho. Lefetlho lengwe le lengwe le na le makukunya (anthers) a a ka nnang 6 000. Makukunya ano a ntsha mmudula o montsintsi mo sejalong sengwe le sengwe. Mmudula ono o tsamaisiwa ke phefo go ya go kopana le lee, le le mo gare ga diako tse di iseng di gole tsa dijalo tse di gaufi. Mae ano a nna a bolokesegile mo teng ga letlape.

“Mmudula o kgona jang go phunyeletsa letlape leno gore o fetele mo maeng? Maodi ke ditlhalenyana tse di boleta tse di tshweu tse di lepeletseng kwa godimo ga mmidi o o iseng o obolwe. Seako sengwe le sengwe sa mmidi se na le maodi ano a le makgolokgolo. Fa o latelela gore leodi lengwe le lengwe le tswa kae, o tla fitlha mo kgelesweng ya mae e go nnang mae mo go yone. Lee lengwe le lengwe le na le leodi la lone. Mme lee lengwe le lengwe le dira thoro e le nngwe ya mmidi.

“Maodi ano a a tlhagelelang kwa godimo mo setlhotlheng se se iseng se gole, a a ntseng a fokiwa ke phefo e e tletseng ka mmudula, a na le boboa jo bo boleta, jo bo kgomarelang mmudula. Fa mmudula o setse o kgomaretse, e leng sengwe se se ka diregang gongwe le gongwe mo maoding ano a a akgegang, o simolola go mela o bo o romela tšhupu e e jaaka modi kwa tlase ka maodi go ya go kopana le lee.

“Dithoro tsa mmidi tse di tlhaelang mo setlhotlheng di supa gore maodi mangwe ga a ka a kgomarela mmudula, gongwe e le ka go bo a ile a se ka a gola ka nako. Mmu o o omileng o ka baka seno. Fano le gone, fa molemi a itse matshwao gantsi a ka kgona go dira sengwe e le go baakanya bothata jono mme a tokafatse thobo ya gagwe, fa a ka se kgone go dira jalo ka mmidi o a setseng a o jadile, o tla kgona go dira jalo ka o o tlang. Sengwe se ke se dirileng go tokafatsa thobo ya me, e ne e le go jala mmidi ngwaga mongwe ke bo ke jalo dinawa tsa soya mo ngwageng o o latelang. Dinawa tseno di oketsa nitrogen mo mmung mme e bile seboko se se jang mmidi ga se kgone go ka di ja.a

“Go intumedisa tota fa ke bona masimo a a se nang sepe mme ka iketlo a nna matala a bo a ntsha letlepu la dijo—mme seno sotlhe se diragala ka tidimalo, ka matsetseleko, le ka bontle. Ruri ke tlhatswegile pelo gore mmidi fela jaaka dijalo tse dingwe, ke popo e e gakgamatsang. Mme ruri se ke se ithutileng ke maoko fela.”

A se Harlin a se buileng se dirile gore o batle go itse dilo dingwe tse di oketsegileng ka sejalo seno se se gakgamatsang? Akanya ka kafa sejalo seno se simologileng ka teng le ditsela tse dintsi tse se dirisiwang ka tsone.

Go Tswa Mexico go ya Lefatsheng Lotlhe!

Go lemiwa ga mmidi go simologile kwa dinageng tsa Amerika, gongwe kwa Mexico, mme go ne ga anama go tswa koo. Ba-Peru ba pele ga motlha wa mmusomogolo wa bo-Inca ba ne ba obamela modimo wa sesadi wa mmidi o o neng o kgabisitswe ka ditlhotlha tsa mmidi mo tlhogong jaaka e kete ke ditshipi tsa leotwana. Mokwadi wa tsa tlholego e bong, Joseph Kastner o tlhalosa gore Baindia ba kwa Amerika ba ne ba “obamela [mmidi] jaaka selo se se dirilweng ke medimo, selo se motho ka boene a neng a dirwa ka sone . . . Go ne go sa je madi a mantsi go o jala mme sejalo se le sengwe se ne se naya motho dijo tse di lekaneng tsa letsatsi.” Le fa go ntse jalo, batho ba koo ba ne ba o kopanya le dinawa, e leng mokgwa wa kwa Latin-America o o tlwaelegileng le gompieno.

Bayuropa ba ne ba simolola go itse ka mmidi ka 1492 morago ga gore mmatlisisi Christopher Columbus a goroge kwa Caribbean. Morwa Columbus e bong Ferdinand o ne a kwala gore rraagwe o ne a bona thoro e “ba neng ba e bitsa mmidi mme e ne e le monate thata fa e bedisitswe, e besitswe kgotsa e sidilwe go nna bupi.” Columbus o ne a tsaya peo eo a ya le yone kwa gaabo, mme Kastner o ne a kwala gore “mo magareng ga dingwaga tsa bo1500, [mmidi] o ne o gola e seng kwa Spain fela mme le kwa Bulgaria le kwa Turkey. Batho ba ba gwebang ka makgoba ba ne ba isa mmidi kwa Afrika . . . banna ba ga [mmatlisisi wa Mo-Spain yo o tsholetsweng kwa Portugal e bong Ferdinand] Magellan ba ne ba isa peo eno ya kwa Mexico kwa Philippines le kwa Asia.” Go dirisiwa thata ga mmidi go ne ga simologa.

Mmidi ke sejalo sa bobedi se sentsi thata mo lefatsheng gone jaanong, se gaisiwa fela ke korong. Reisi ke sejalo sa boraro se sentsi mo lefatsheng. Dijo tseno tse tharo tsa konokono di fepa merafe e mentsi ya batho le diruiwa.

Fela jaaka majang a mangwe, mmidi le one o na le mefuta e mentsi. Tota e bile, go na le mefuta e e fetang 1 000 e e itsegeng, go akaretsa le mefuta e mebedi e e kopantsweng ya mmidi, e e fitlhetsweng mo United States fela. Dijalo tseno di simolola ka boleele jwa disentimetara di le 60 go ya go dimetara di le thataro! Boleele jwa diako le jone bo a farologana. Tse dingwe di boleele jwa disentimetara di le tlhano; fa tse dingwe tsone di le boleele jo bo gakgamatsang jwa disentimetara di le 60. Buka ya Latin American Cooking ya re: “Mefuta mengwe ya mmidi o o melang kwa Amerika Borwa e na le ditlhotlha tse dikgolo thata tse di bopegileng jaaka bolo ya rugby, le dithoro tsa mmidi tse di boleele jwa disentimetara di le 2,5 e bile di batla di le bokima jo bo lekanang.”

Mmidi gape o na le mebala e e farologaneng. Kwantle ga o serolwana, go na le o mohibidu, o pududu, o pinki, kgotsa o montsho. Ka dinako dingwe, dithoro tsa mmidi di ka dira gore seako se nne le marontho, kgotsa le methaladi. Go a utlwala go bo ditlhotlha tseno tse di mebalabala ka dinako dingwe di sa apewe, mme di dirisediwa go kgabisa.

Thoro e e Dirisiwang ka Ditsela di le Dintsi

Mefuta e mentsi ya mmidi e rulagantswe ka ditlhopha tsa konokono tse thataro: dent corn; flint corn; flour corn; sweet corn; waxy corn, le popcorn. Sweet corn ke karolo e nnye fela ya mmidi o o jalwang. Go nna botshe ga yone go bakiwa ke phoso e e diragetseng mo thulaganyong ya go sila dijo e e dirang gore go nne le sukiri e nnye fela e e fetolelwang go nna setatšhe go na le kafa go neng go tshwanetse go nna ka teng. Lefatshe ka bophara diperesente tse di fetang 60 tsa mmidi di dirisediwa go fepa diruiwa, mme tse di kafa tlase ga tse 20 fela di dirisediwa go fepa batho. Mme diperesente tse di setseng tsone di dirisiwa mo madirelong kgotsa di dirisediwa go nna dipeo. Gone ke boammaaruri gore diperesente tse di dirisiwang di farologana go ya ka naga nngwe le nngwe.

Mmidi o dirisiwa ka ditsela di le dintsi. Thoro kgotsa karolo ya yone e ka fitlhelwa mo go sengwe le sengwe go simolola ka dikgomaretsi go ya go mayonaese le go simolola ka biri go ya go mengato ya dipampiri. Mmidi o ntse o dirisiwa le mo madirelong a lookwane go dira ethanol, le fa gone go nnile le go sa utlwane ka seno. Gone ke boammaaruri gore, go sa ntse go bonwa ditiro tse disha tsa sejalo seno se se gakgamatsang le se se nang le ditiro tse dintsi.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona “A go Ne go Tlhamilwe? Go Dirisana Mmogo go go Gakgamatsang go go Leng mo Mmung,” mo tsebe 25.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Mefuta e Mebedi ya Mmidi e e Kopantsweng

Mo dinageng di le dintsi, gantsi balemi ba mmidi ba lema mefuta e mebedi ya mmidi e e kopantsweng ka gonne e ntsha thobo e ntsi. Mefuta e e farologaneng ya mmidi e e kopantsweng, bogolo jang ya dent corn, e nna gone fa go tlhakanngwa mefuta e e farologaneng le fa go jalwa mefuta e e batlang e tshwana e e nang le dilo tse di batlegang. Le fa go ntse jalo, ditlamorago tsa tlwaelo eno ke gore, balemi ba tshwanetse go reka peo nako le nako fa ba batla go jala. Ka ntlha yang? Mmidi o o jadilweng ka peo ya sejalo sa nako e e fetileng se se neng se tswakantswe le mofuta o mongwe ga o nne le boleng jo bo tshwanang mme e ungwa go le gonnye.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go na le mefuta e mentsi ya mmidi lefatshe ka bophara

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Courtesy Sam Fentress

Courtesy Jenny Mealing/flickr.com

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela