Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ Ka 2007 Ba-China ba ba ka nnang dimilione di le 47 ba ne ba nna le tlhaelo ya metsi a a nowang ka ntlha ya komelelo e e maswe le go feta e e kileng ya nna teng mo dingwageng di le lesome. Ka nako e e tshwanang, ba le dimilione di le 42 ba ne ba amiwa ke ditsuatsue mme ba le dimilione di le 180 ba ne ba amiwa ke merwalela.—XINHUA NEWS AGENCY, CHINA.
◼ “Go fopholediwa gore ka 2003, mo e ka nnang motho a le mongwe yo o imileng mo go ba le batlhano mo lefatsheng lotlhe o ile a fedisa boimana jwa gagwe ka go senya mpa. Kwa Yuropa, palo eno e ne e batlile e fitlha go motho a le mongwe mo go ba le bararo . . . [Kwa] dinageng tse pele e neng e le tsa Soviet Union, . . . go fopholediwa gore diperesente di le 45 tsa batho ba ba neng ba le baimana ka 2003 ba ile ba senya mpa.”—BRITISH MEDICAL JOURNAL, BRITAIN.
Metshameko ya Bidio e e Nang le Thubakanyo mo Kerekeng
The New York Times e bega jaana: “Baruti ba le makgolokgolo ba ka pelo yotlhe ba batlang go kgothaletsa basha gore ba ye kwa dikerekeng tsa bone, ba ile ba kgalwa ka go bo ba dirisa tsela e e sa tlwaelegang ya go ngoka batho”—“motshameko wa bidio o o tumileng” mme “e le o o nang le thubakanyo e ntsi.” Motshameko o go buiwang ka one o diretswe batho ba bagolo. Mo go one, motshameki yo o tshamekang karolo ya lesole, o tshwanetse go bolaya batho ba bangwe ka go dirisa ditsela tse di farologaneng. Lokwalodikgang loo lwa re seno ga se a ka sa thibela barulaganyi ba le mmalwa ba Baporotesetanta le ditlhopha tsa boefangele tsa basha “go tsenya di-console (tafole ya eleketoroniki e e tlhometsweng mo loboteng mme e na le dikopono tse di dirisediwang go tshameka metshameko ya bidio) gore basha ba le bantsi ba kgone go kokoana mo dikirining tse dikgolo tsa dithelebishene mme ba kgone go lwa mo metshamekong eno.”
Go Dirisiwa ga Maina a Bana go Dira Dilo Dingwe
The Wall Street Journal ya re maina a bana ba ba oketsegileng a dirisiwa go dira dilo dingwe, mme ditlamorago di ka nna tsa ba senyetsa gore ba se ka ba kgona go adima madi mo isagweng le go senya dikamano tse ba nang le tsone le ba malapa a bone. Bokebekwa jo bo ntseng jalo, jo gantsi bo dirwang ke mongwe wa losika, bo ka nna jwa tswelela ka masome a dingwaga bo sa lemogiwe. Lokwalodikgang loo lo tlhalosa gore, “bontsi jwa batho ga ba lemoge gore go na le mongwe yo o ntseng a dirisa maina a bone e se kafa molaong . . . go fitlhela fa ba kwadisetsa ditiro tsa bone tsa ntlha, lokwalo lwa go kgweetsa, kadimo ya madi a sekolo kgotsa a go reka ntlo.” Bangwe ba lemoga ka bonakonyana fa mekgatlho ya dikoloto e batla madi a dikoloto tse di dirilweng ka maina a bone mme bone ba sa itse sepe.
Ditlhogo Tsa Dimisaele Tsa Nuklea “di Nyeletse”
Lokwalodikgang lwa The Washington Post lo bega gore ka August 30, 2007, Sefofane sa Ntwa sa B-52 se se thunyang dibomo sa kwa United States, se ne sa fofa se ralala United States ka diura di le tharo le sephatlo se rwele dimisaele tsa nuklea di le thataro tse di ileng tsa “tsenngwa mo lephukeng la sefofane ka phoso.” Lokwalodikgang loo lwa re, bakgweetsi ba sefofane le setlhopha se se berekang fa fatshe se se neng se pega dimisaele ga ba a ka ba lemoga phoso eno, e e “ileng ya se ka ya bonwa ka nako e e boifisang ya diura di le 36.” Go ya ka dipego, “badiredibagolo ba Sesole sa Difofane ba ne ba re ditlhogo tseo tsa dimisaele di ne di se mo seemong sa gore di ka thunya mme go ne go se ka tsela epe di neng di ka nna kotsi mo bathong.” Le fa go ntse jalo, motlhalosi mongwe o ne a botsa jaana: “Mme re tshwanetse go tshwenyega go le kana kang?”
Maphoi a ka Dirisiwa go Lekanya Kgotlelo
Babatlisisi kwa Yunibesithing ya Rajasthan, kwa bokone jwa India, ba bolela gore, dipatlisiso tse di dirilweng ka maphoi a kwa toropong ya Jaipur di bontsha gore dinonyane tseno di ka kgona go dirisediwa go lekanya kgotlelo mo toropong. Gobar Times, ya kwa New Delhi e e leng karolo ya makasine wa Down to Earth e tlhalosa jaana: “Dimetale tse di thata tse di leng mo lefelong le dinonyane di leng mo go lone di tsena mo mafofeng a tsone mme di bo di nna foo tota le e leng fa [mafofa] a sena go foforega.” E re ka gantsi maphoi a nna mo lefelong le le lengwe, selekanyo sa cadmium, chromium, kopore le lloto tse di fitlhelwang mo mafofeng a tsone e ka nna selekanyo se tota se leng teng se se kgotletseng lefelo le di leng mo go lone.