LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/08 ts. 11
  • Thuso E e Sa Lebelelwang go Tswa mo go Tsogang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso E e Sa Lebelelwang go Tswa mo go Tsogang!
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bala Baebele go Nnonotshitse mo Botshelong Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ke ne Ka Segofadiwa ka Ntlha ya go Baya Modimo Kwa Pele
    Tsogang!—2009
  • Buelela Dimakasine mo Tshimong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 9/08 ts. 11

Thuso E e Sa Lebelelwang go Tswa mo go Tsogang!

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BENIN

◼ Fa Noël yo o nang le dingwaga di le 23 a ne a swetsa go tlogela sekolo gore a nne modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, ba masika a gagwe ba ne ba belaela gore o tla kgona go nna le madi a a lekaneng gore a kgone go itlamela. Ele ruri, o ne a na le matsapa a go bona tiro e e seng ya malatsi otlhe. Ka jalo, fa makasine wa Tsogang! o ne o bua ka setlhogo se se leng mo nakong se se reng “Dilo Tse Tlhano Tse di Tla go Thusang go Bona Tiro” Noël o ne a o bala ka kelotlhoko ka makgetlo a le mmalwa.a A o ne wa mo thusa? Ee, mme e seng ka tsela e a neng a e lebeletse.

Motsamaisi wa sekolo sa poraefete o ne a bona Noël a rera ka ntlo le ntlo mme a mmotsa fa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Motsamaisi o ne a tlhoka morutisi yo mongwe mme o ne a lemogile gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta ka tsela e e nang le matswela, mme o ne a botsa Noël gore a o itse mongwe yo o neng a ka kgatlhegela go nna morutisi. Fa Noël a re ga a mo itse, motsamaisi o ne a mmotsa jaana: “Go tweng ka wena?”

Noël o ne a ise a rute kwa sekolong, mme ka dinako dingwe o ne a kwakwaetsa. Kwa Benin, jono ke bothata e re ka batsamaisi ba sekolo ba tlhoka gore barutisi ba tlhatlhobiwe go tlhomamisa gore ga ba kwakwaetse. Motsamaisi o ne a mo solofetsa jaana: “Dira gore o nne le setifikeiti mme o tla bona tiro.”

Noël o ne a setse a tsweletse sentle mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e leng sekolo se se diretsweng go thusa batho gore ba kgone go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bua phatlalatsa, se se tshwarwang beke le beke mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. O ne a bile a neela dipuo tsa phatlalatsa kwa phuthegong ya kwa a tswang teng. Le fa go ntse jalo, o ne a tshogile fa a tla go tlhatlhobiwa.

Motlhatlhobi o ne a mo naya makasine mme a kopa gore a balele kwa godimo serapa se se neng se thaletswe ka bohibidu. Noël o ne a rotola matlho fa a ne a bona setlhogo se se reng “Dilo Tse Tlhano Tse di Tla go Thusang go Bona Tiro.” O ne a bala serapa kwa ntle ga go kgonya mme a bo a amogela setifikeiti.

Moragonyana motlhatlhobi o ne a mmolelela gore ka gale o bala dimakasine tsa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhalosa jaana: “Dimakasine tseno di na le tshedimosetso e e molemo e bile di kwadilwe sentle, ke ka moo gantsi ke di dirisang mo ditlhatlhobong.”

Noël o ne a simolola tiro ya go ruta, mme mokaedi o ne a batla go mo naya tiro le mo ngwageng o o latelang mme Noël o ne a e gana e re ka a ne a na le dithulaganyo tse dingwe. O ne a laleditswe go ya go dira kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa a berekang teng gone jaanong.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona makasine wa Tsogang! ya July 8, 2005, ditsebe 4-9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela