Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo June 15
“Ba le bantsi ba rona re tlile go fetsa nako e ntsi ya botshelo jwa rona re bereka. Bangwe ba rata go bereka mme ba bangwe bone ga ba rate. Wena o akanya eng ka tiro? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Moreri 2:24.] Makasine ono o bontsha kafa Baebele e ka re thusang ka gone go leba tiro ka tsela e e tshwanetseng. Gape, e tlotla ka ditsela tse ka tsone re ka lebanang le maemo a a dirang gore re gatelelwe mo maikutlong kwa tirong.”
Tora ya Tebelo July 1
“Rotlhe fela re itse batho ba ba lebegang e kete ba atlegile mo botshelong mme bone ba sa ntse ba ikutlwa gore ba tlhaela sengwe. O akanya gore ba tlhaela ka eng? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Mathaio 5:3.] Makasine ono o tlotla ka selo se se botlhokwa se se ka dirang gore motho a nne le kagiso ya mogopolo—e leng go nna le dilo tse a di tlhokang semoyeng.”
Tsogang! July 8
“A o akanya gore tikologo e re nnang mo go yone e ka bo e le lefelo le le botoka fa mongwe le mongwe a ka bo a dirisa mafoko ano? [Bala Baefeso 4:28. Morago ga moo, mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa ditlamorago tse di botlhoko tse di tlelang mongwe le mongwe wa rona fa a utswa kwa mabenkeleng. Gape, o bontsha gore go ise go ye kae, go utswa mo mabenkeleng le mefuta e mengwe ya bokebekwa go tla fedisiwa.”
“Ga go na ditiro mo lefatsheng leno le bontsi jwa batho bo batlang ditiro mo go lone. Makasine ono o tlotla ka dilo tse tlhano tse di tla thusang motho go bona tiro. [Mmontshe ditlhogwana tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng mo setlhogong se se reng “Dilo Tse Tlhano Tse di Tla go Thusang go Bona Tiro.”] Gape, o na le dikakantsho tse di mosola tsa go dira gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro.” Bala Diane 22:29, e e umakilweng mo tsebeng ya 10.