Go Neela Bosupi ka Tsela e e Nang le Matswela Gongwe le Gongwe mo Batho ba Fitlhelwang Gone
1. Gompieno, Bakeresete ba etsa jang sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka go neela bosupi gongwe le gongwe mo batho ba fitlhelwang gone, mme ka matswela afe?
1 Fela jaaka go ne go ntse ka ba-rutwa ba pele ba ga Jesu, gompieno Bakeresete ba batla go bolelela batho dikgang tse di molemo gongwe le go-ngwe kwa ba kopanang le bone teng. (Dit. 16:13; 17:17; 20:20, 21) Maiteko a ba a dirang a go neela batho bosupi gongwe le gongwe mo ba fitlhelwang gone a dira gore ba kopane le batho ba ba kgatlhegang ba go neng go se ki-tla go kopanwa le bone mo bodireding jwa ntlo le ntlo.
2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa temogo fa re neela bosupi gotlhe fela mo re fitlhelang go na le batho gone, mme re ka nna le seabe jang mo go direng gore dilo di dirwe ka thulaganyo?
2 Re tshwanetse go dirisa temogo fa re neela bosupi phatlalatsa. Gantsi go molemo gore re se ka ra bereka re le setlhopha se segolo thata. Ka sekai, fa baboledi ba le bantsi thata ba bereka mo lefelong le le lengwe fela kgotsa mo tshimong e le nngwe fela ya kgwebo, batho bangwe ba ka nna ba itewa tsebe ke bontsi jwa bone. Seno se diga tiro ya rona seriti e bile se ka nna sa dira gore re se ka ra nna le matswela ape. Re ka dira eng gore seno se se ka sa direga? Diphuthego dingwe tse di nang le mafelo a le mantsi a batho ba ba ka neelwang bosupi ba fitlhelwang gongwe le gongwe mo go one di ile tsa go fitlhela go le mosola go rulaganya mafelo ao gore e nne ditshimo tse di farologaneng. (1 Bakor. 14:40) Mo godimo ga moo, re ka kgona go dira gore dilo di dirwe ka thulaganyo fa re bereka fela tshimo e e abetsweng phuthego ya rona ntle le fa Komiti ya Tirelo e dirile dithulaganyo dingwe tse di kgethegileng tsa gore re thuse phuthego e nngwe.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998, ts. 56, dir. 18-19.
3. Ke tsela efe ya go buisana le batho e bangwe ba e fitlhetseng e na le matswela fa ba neela bosupi gotlhe fela mo ba fitlhelang go na le batho gone?
3 Fa re bua le Batho: Fa Jesu a ne a bua le mosadi kwa sedibeng, o ne a simolola go bua ka bokhutshwanyane fela a bo a simolola go godisa motlotlo ka iketlo fa a bona gore
mosadi yono o a kgatlhega. (Joh. 4: 726) Go dira jalo go ka nna le matswela mo maemong mangwe le gompieno. Baboledi bangwe ba lemogile gore sengwe se se ka ba thusang go nna le matswela fa ba neela bosupi gotlhe fela mo ba fitlhelang go na le batho gone, ke go dirisa metsotso e se kae go ba dumedisa le go tlotlanyana le bone ka tsela e e botsalano pele ba simolola go ba bolelela molaetsa o ba tlileng ka one. Se sengwe se ba se dirang ke go umaka sengwe se se ngokileng kgatlhego ya batho mo lefelong la bone mme gantsi seno se dira gore ba kgone go tshwara motlotlo. Ba reetsa ka kelotlhoko fa batho ba ba tlhalosetsa mathata a bone. Go tswa foo, ba ba gomotsa ka go dirisa Lefoko la Modimo.—Bar. 15:4.
4. Re ka dira jang gore batho ba re kopanang le bone ba kgatlhege?
4 Go Dira Gore Batho ba Kgatlhege: Nako le nako fa re tshwara motlotlo o o itumedisang le motho mongwe, re tshwanetse go leka go dira dithulaganyo tsa go ya go dira gore motho yoo a kgatlhege. Re ka dira seno jang? Fa lo le gaufi le go wetsa motlotlo wa lona, o ka nna wa ntsha buka ya gago e o kwalelang mo go yone o bo o re: “Ke itumeletse motlotlo wa rona thata. A re ka kgona go o tsweletsa gape mo nakong e e tlang?“ Kgotsa o ka nna wa re: “Nka rata gore o bale setlhogo sengwe se ke dumelang gore o tla se rata tota. A nka go tlisetsa sone kwa gae kgotsa kwa ofising ya gago?“ Baboledi bangwe bone ba mmotsa jaana: “Nka go founela mo nomoreng efe?“ Gantsi seno se dira gore batho ba arabele sentle.
5. Mokgele wa rona e tshwanetse go nna eng fa re neela batho bosupi gotlhe fela moo ba fitlhelwang gone?
5 Batho ba le bantsi ba go kopanweng le bone gotlhe fela mo batho ba fitlhelwang gone ba ile ba dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele. Dithuto tseo di ka tshwarelwa kwa malapeng a bone, kwa ba berekang teng, mo lefelong lengwe le le tshwanelang sentle le fa go na le batho gongwe le gongwe mo go lone, kgotsa ka founo. E kete re ka dira gore mokgele wa rona e nne go simolola dithuto tsa Baebele fa re ntse re neela batho bosupi ka tsela e e nang le matswela, gotlhe fela mo ba fitlhelwang gone.