Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ Ka 2007, China e ne e na le “batho ba le 106 ba ba nang le didolara tsa US di le dibilione, fa go bapisiwa le [ka 2006] fa go ne go na le ba le 15 mme e bile go ne go se na bape ka 2002.”—CHINA DAILY, CHINA.
◼ “Baindia ba ba itlhokomolosang batsadi ba bone ba ba tsofetseng ba lebanwe ke go ka tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya molao o o mosha o o tshwenyegileng ka tsela e dilo di tlhabololwang ka bonako ka teng . . . e e nyeletsang mokgwa wa bogologolo wa go nna le ba masika a a kgakala.”—REUTERS, INDIA.
◼ “Gompieno, go ka tswa go na le batho ba le bantsi ba e leng Mamoseleme kwa Engelane go lekana le ba ba tsenang Anglican.”—THE ECONOMIST, BRITAIN.
Ditlhare Tsa Kwa Siberia di “Rafa” Dimetale Tse di Botlhokwa
Makasine wa kwa Russia wa Vokrug Sveta o bega gore mo dikgweng tsa kwa Siberia “go a kgonega go fitlhela gauta e e sa pekanngwang mo dikutung tse di bodileng tsa ditlhare.” Baitsesaense ba ba tswang kwa Ulan-Ude, Irkutsk, le Novosibirsk ba fitlhetse gore ditlhare tse di nnang di talafetse tse di tlhogang mo godimo ga masalela a lenyatshipi kwa Siberia di goga dimmetale tse di gakologileng go tswa mo mmung. Fa ditlhare tseno di swa le go bola, dimetale di salela mo godimo ga mmu. Baitsesaense ba kwa Siberia ba ntshitse digerama di le tlhano tsa polatinamo, gauta e e batlang e dira dimiligerama di le 200, le selefera ya dikilogerama di le tharo mo maritseng a a lekanang le tone a a tswang mo ditlhareng tseno tse di bodileng.
Thuso ya Potlako Kwa Mabitleng
Batho ba ba epang mabitla kwa diphuphung tsa kwa Australia, ba neilwe sedirisiwa sengwe sa eleketeroniki se se kgonang go dira gore pelo e kgone go itaya gape. Lebaka e ne e le eng? Lokwalodikgang lwa Sydney Sun-Herald lo bega gore seno se diriwa e le go thusa batho ba ba hutsafetseng ba ba tshwenngwang ke bolwetse jwa pelo. Sisenanda Santos sebueledi sa mosadi sa ditirelo tsa St. John Ambulance se se tlhokometseng thuso ya potlako a re: “Diphitlho ke mafelo a batho ba tlhaselwang thata ke bolwetse jwa pelo mo go one. Batho ba nna ka ditlhopha tse dikgolo, ba ngomogile pelo, e bile gantsi ba nna ba apere diaparo tse dintsi mo letsatsing le le mogote.” Sedirisiwa seno se se dirang gore pelo e boe e bereke se na le ditaelo tse di rekotilweng tse motho yo o se dirisang a tla di utlwang, gape se laola le maatla a motlakase a a yang mo pelong ya motho yo o hutsafetseng fa fela e le gore se utlwa matshwao a a rileng mo pelong.
Tlhalo Ga e A Siamela Tikologo
Tlhalo e e oketsegang mo lefatsheng e senya tikologo, e re ka e baka go oketsega thata ga didirisiwa tse di seng dintsi. Tlhalo e baka go oketsega ga magae, palo e nnye ya batho ba ba nnang mo magaeng ao, le go dirisiwa thata ga dilo mo legaeng lengwe le lengwe, go bolela jalo dipatlisiso dingwe tse di gatisitsweng mo Proceedings of the National Academy of Sciences. “Malapa a batho ba ba tlhalaneng kwa [United States] a ka bo a bolokile diphaposi tse di fetang dimilione tse 38, diura di le dibilione tse 73 tsa go dirisiwa ga motlakase, le dibilione di le 2,4 tsa dilitara tsa metsi ka 2005 fela fa ba ka bo ba dirisitse didirisiwa tseno ka selekanyo se se lekanang le sa mo malapeng a batho ba ba nyalaneng.” Ka ngwaga wa 2000, go ne go na le malapa a mofuta ono kwa United States a le dimilione di le 6,1 a a neng “a sa dirise didirisiwa tseno ka tshwanelo.”
Baebele mo Tlhogong ya Phini
Lokwalodikgang lwa Science Daily lo bega gore, baitsesaense ba kwa Iseraele ba ba dirisang nanotechnology ba kgonne go gatisa “Tesetamente ya Bogologolo” yotlhe ka Sehebera mo phatsheng ya silikhone “e nnye go na le tlhogo ya phini.” Namane eno ya tiro e fitlheletswe ka go dira gore dikarolwana tse dinnye, tse di bidiwang gallium ions, di gabe mokwalo mo phatsheng eno ya mmala wa gauta fa godimo. Porofesara Uri Sivan wa Technion-Israel Institute of Technology o tlhalosa jaana: “Baebele eno ya nano e bontsha kafa re kgonang go dira dilo tse dinnye ka teng. Gape go tla dira gore re kgone go boloka tshedimosetso mo dilong tse dinnye.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
AP Photo/Ariel Schalit