Botshelo jo Boleele—A Sephiri sa Gone se Kwa Okinawa?
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE
◼ Go fopholediwa gore ka 2006 kwa ditlhaketlhakeng tsa Okinawa kwa Japane, mo palong ya batho ba le dimilione di le 1,3 go ne go na le batho ba ba fetileng dingwaga di le lekgolo ba ba ka nnang 740 ba mo go bone diperesente di le 90 e leng basadi. Go ya ka Okinawa Centenarian Study e e neng e eteletswe pele ke Dr. Makoto Suzuki, seno se raya gore mo bathong bangwe le bangwe ba le 100 000 ba ba ka nnang 50 ba fetile dingwaga di le lekgolo. Kwa mafelong a le mantsi a a tlhabologileng go akanngwa gore mo bathong ba le 100 000, ba ba lesome go ya go 20 ba fetile dingwaga di le lekgolo.
Patlisiso e e ntseng e tswelela e go akanngwang gore ke “patlisiso e e tsereng lobaka lo loleele go gaisa tsotlhe mo lefatsheng” e bontshitse gore “palo e e sa tlwaelegang ya batho ba ba fetileng dingwaga di le lekgolo ba ne ba [sa ntse] ba na le botsogo jo bo siameng thata.” E le go bona gore lebaka e ka tswa e le lefe, Suzuki le setlhopha sa gagwe ba ne ba tlhatlhoba tsela ya botshelo le dijini tsa batho ba ba ka nnang 900 ba ba fetileng dingwaga di le lekgolo le batho bangwe ba kwa Okinawa ba ba nang le dingwaga di le 70 kana go feta. Babatlisisi ba fitlhetse e le gore batsofe bano ba basesane mme gone ba itekanetse e bile ba nonofile, ditshika tsa bone tsa pelo di ne di sa thibana, mme ba ne ba na le palo e nnye thata ya malwetse a kankere le a pelo. Mme mo go ba ba neng ba le mo dingwageng tsa bofelo tsa bo90, ke ba le mmalwa thata ba ba neng ba na le bolwetse jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo fa ba bapisiwa le batsofe ba ba lekanang le bone ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologileng. Sephiri sa bone ke eng?
Sephiri sa bone se segolo e ne e le dijini tsa bone. Mme go ne go na le mabaka a mangwe gape—go sa goge motsoko, go dirisa bojalwa ka tekatekano le go ja sentle. Dijo tsa batho ba kwa Okinawa ga di na dikilojoule tse dintsi mme di na le merogo e mentsi le maungo, faeba le mafura a a siameng (omega-3, mafura a a se nang haeterojene e ntsi). Mme batho bano ba na le tlwaelo ya gore ba se ka ba jela go kgora. Dr. Bradley Willcox yo le ene a neng a na le seabe mo patlisisong eno a re: “O tshwanetse go emisa go ja fa fela o simolola go utlwa o kgora. Go tsaya metsotso e e ka nnang 20 gore mala a bolelele boboko gore motho o kgotse.”
Batho ba kwa Okinawa ga ba nne fela, ba nna ba dira kwa ditshingwaneng, ba tsamaya letsatsi le letsatsi ka dinao, ba tantsha ka tsela ya setso, ba bile ba dira le ditiro tse dingwe. Fa go tlhatlhobiwa botho jwa bone, go fitlhetswe gore batho ba le bantsi ba ba fetileng dingwaga di le lekgolo ba ne ba na le tsholofelo ka botshelo mme gape ba ne ba fetofetoga le maemo. Ba ne ba lebana le kgatelelo ya maikutlo ka tsela e e molemo mme basadi ba ne ba “nna le seabe thata mo dilong tsa setšhaba.”
Willcox a re: “Ga go na seokobatsi sa kgakgamatso se se ka thusang motho gore a tshele lobaka lo loleele.” Fela jaaka patlisiso eno e bontshitse, botshelo jo boleele bo nna teng ka ntlha ya dijini tsa motho, dijo tse a di jang, go ikatisa, mekgwa e mentle ya go tshela le “tsela e e molemo ya go lebana le kgatelelo ya maikutlo.”