Lebaka La go Bo re Ile Ra se Ka ra Senya Mpa
VICTORIA yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, o ne a bolelela lekau la gagwe e bong Bill, gore a ka se ka a senya mpa. Victoria a re: “Ke ne ke itse gore go na le botshelo mo teng ga me. E re ka ke ne ke lemoga gore fa nka tswelela ke nna le Bill, o ne a ka se ka a ntlhokomela ka nako ya fa ke ne ke imile, ke ne ka tsamaya.”
Le fa go ntse jalo, moragonyana, Bill o ne a fetola mogopolo wa gagwe mme a kopa Victoria gore ba nyalane. Mme go tlhokomela morwaabone yo o neng a sa tswa go tsholwa go ne go bonala e le tiro e e seng kana ka sepe. Victoria o tlhalosa jaana: “Re ne re se na koloi, re se na madi, re na le diaparo di le mmalwa fela mme re ne re se na dilo di le dintsi. Bill o ne a na le tiro e e duelang madi a mannye mme re ne ra tshwanelwa ke go nna mo ntlong e e sa jeng madi a mantsi, mme ga re a ka ra ineela.”
Batho ba bangwe le bone ba ile ba lebana le maemo a a boima ka ntlha ya go ima ba sa ikaelela. Le fa go ntse jalo, le bone ba ile ba gana go senya dimpa. Ke eng se se ileng sa dira gore ba nne ba nitame mo tshwetsong ya bone le gore ba lepalepane le go gatelelwa mo maikutlong, ka ntlha ya go godisa ngwana yo o sa rulaganyediwang kgotsa tota le yo o sa batlegeng? Ba ile ba thusiwa ke matlotlo a a botlhale a a tswang mo Baebeleng.
Tila go Nna Mafega—Dira Dithulaganyo Tse di ka Berekang
Baebele e bolela jaana ka botlhale: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”—Diane 21:5.
Mo go Connie, mmè wa basimane ba le bararo, go akaretsa le yo o neng a golafetse, kgopolo ya go nna le ngwana yo mongwe e ne e bonala e ngomola pelo. O ne a re: “Re ne re sa tlhoke ngwana yo mongwe yo re tshwanetseng go mo fepa. Ka jalo, re ne ra akanya ka go senya mpa.” Mme pele ga Connie a itlhaganelela go dira tshwetso e e ntseng jalo, o ne a bulela Kay, mongwe yo a neng a bereka le ene mafatlha. Kay o ne a mo thusa go lemoga gore o ne a imile motho, mme fa a lemoga seo, o ne a fetola mogopolo wa gagwe.
Le fa go ntse jalo, Connie, o ne a tlhoka thuso e e molemo gore a dire leano. E re ka Connie a ne a na le mmamogolo mo lefelong la bone, Kay o ne a akantsha gore Connie a ikgolaganye le ene. Fa a setse a ikgolagantse le mmamogolo wa gagwe, o ne a itumelela go mo thusa. Mo godimo ga moo, monna wa ga Connie o ne a batla tiro e nngwe mo godimo ga e a neng a na le yone mme ba fudugela kwa foleteng e e sa tureng thata. Ka tsela eo ba ne ba kgona go tlhokomela ngwana wa bone yo mosha.
Kay le ene o ne a thusa Connie go bona mekgatlho e e thusang batho ba ba imang ngwana yo ba sa mo rulaganyetsang. Mo dinageng di le dintsi, go na le mekgatlho e e ntseng jalo e e thusang bommè ba ba tlhokang thuso ba ba sa tswang go tshola bana. O ka kgona go bona diaterese tseno mo Internet kgotsa mo dibukeng tsa dinomoro tsa founo, tse gantsi di leng teng mo dilaeboraring tsa batho botlhe. Go batla thuso go ka tlhoka gore o tseye matsapa a magolo mme ke “dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng” tse di dirang gore motho a atlege.
Amogela Gore ke Botshelo Jwa Motho
Baebele ya re: “Fa e le ope fela yo o botlhale, matlho a gagwe a mo tlhogong ya gagwe; mme sematla se tswelela go tsamaya mo lefifing le legolo.”—Moreri 2:14.
Mosadi yo o botlhale tota ga a iphoufaletse boammaaaruri mme a bo a nna jaaka motho yo go ka tweng o ‘tsamaya mo lefifing.’ O dirisa ‘matlho a a mo tlhogong ya gagwe’ a tota a mo thusang go akanya. Seno se dira gore a kgone go sekaseka ka kelotlhoko ditlamorago tsa se a se dirang. Ka jalo, go farologana le motho yo o iphoufaletsang boammaaruri jwa se se diregang mo popelong ya gagwe, mosadi yo o botlhale o dira dilo ka kutlwelobotlhoko gore a sireletse leseanyana la gagwe le le tshelang le le iseng le tsholwe.
Stephanie, mosetsanyana mongwe yo o neng a imile yo o neng a akanya ka go senya mpa, o ne a bontshiwa sonogram (setshwantsho sa ultrasound) ya ngwana wa dikgwedi di le pedi yo o neng a le mo teng ga gagwe. Stephanie a re: “Ke ne ka thubega ka selelo. Ke ipotsa gore: Nka batlelang go bolaya sengwe se se tshelang?”
Mosadi yo mongwe yo mosha yo o neng a imile mme a sa nyalwa, yo o bidiwang Denise, le ene o ne a lebana le boammaaruri jwa gore o ne a imile motho yo o tshelang. Fa lekau la gagwe le ne le mo naya madi mme le mo raya le re: “Tsamaya o ye go baakanya bothata,” Denise o ne a araba ka gore: “Ke ye go senya mpa? Le ka motlha nka se ka ka dira jalo!” Ka jalo, o ne a gana go bolaya ngwana wa gagwe.
Se go Boifa Batho Go ka Se Dirang
Fa ba gatelelwa ke batho ba bangwe go senya mpa, batho, ba kwa tshimologong ba neng ba ka tswa ba akanya ka go fedisa boimana jwa bone ba tla bo ba dira sentle fa ba ka akanya ka seane seno sa Baebele: “Go boifa batho go ka go tsenya mo mathateng, mme fa o ikanya MORENA, o tla sireletsega.”—Diane 29:25, New Century Version.
Monica wa dingwaga di le 17 o ne a imisiwa ke lekau la gagwe fela fa a ne a tla tloga a simolola sekolo sa kgwebo. Mmaagwe, yo e leng motlholagadi yo o nang le bana ba le batlhano, o ne a ngomogile pelo thata. O ne a batla gore morwadie a ithutele sengwe gore a tle a kgone go tswa mo lehumeng. Ka ntlha ya go tlalelwa, mmaagwe Monica o ne a mo gatelela gore a senye mpa. Monica o tlhalosa jaana: “Fa ngaka e ne e mpotsa gore a ke batla go tswelela ka go senya mpa, ke ne ka mo araba ka go re ‘Nnyaa!’”
E re ka mmaagwe Monica a ne a tlhakantswe tlhogo ke go bona isagwe ya ga Monica e e solofetsang e nyelela mme a akanya ka go ngomoga pelo go ngwana yo mongwe a tla go lereng, o ne a mo leleka mo gae. Monica o ne a kgona go nna le mmamogolo wa gagwe. Morago ga dibeke di le mmalwa mmaagwe o ne a fetola mogopolo wa gagwe mme a mo letla gore a boele gae go tla go tshola ngwana wa gagwe. Mmaagwe Monica o ne a mo thusa go tlhokomela Leon, lesea la gagwe, mme a simolola go rata mosimanyana yono thata.
Kgatelelo ya mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o bidiwang Robin e ne ya tswa mo motsweding o o farologaneng. Robin a re: “Ke ne ke setse ke imile fa ngaka ya me e ne e nkalafela bothata jwa diphilo mme morago e ne ya ntlhatlhoba go bona gore a ga ke a ima. Ke ne ka bolelelwa gore go ne go na le kgonego e kgolo ya gore ngwana a tsholwe a golafetse thata mo tlhaloganyong.” Go tswa foo ngaka e ne ya mo kgothaletsa gore a senye mpa. Robin o tlhalosa jaana: “Ke ne ka mo tlhalosetsa gore Baebele ya reng ka botshelo. Ke ne ka mmolelela gore nka se senye mpa.”
Le fa go ne go utlwala go bo ngaka e ne e tshwenyegile, botshelo jwa ga Robin bo ne bo se mo kotsing ka nako eo.a Robin o oketsa ka gore: “Fa morwadiake a ne a tsholwa mme go dirwa ditlhatlhobo, ba ne ba mpontsha gore o golafetse go sekaenyana mo tlhaloganyong mme o ne a na le cerebral palsy e e seng maswe go le kalo. O tshela sentle. Gone jaanong o na le dingwaga di le 15 mme go bala ga gagwe go ntse go tokafala. O botlhokwa thata mo go nna mme mo letsatsing ke leboga Jehofa ka makgetlho a le mantsi go bo ke na le ngwana yono.”
Go Nna Tsala ya Modimo go Nonofile
Baebele e bolela jaana: “Jehofa ke tsala ya ba ba mmoifang.”—Pesalema 25:14, American Standard Version.
Se se tlhotlheletsang tshwetso ya batho ba bantsi ba ba ganang go senya mpa ke go akanya kafa Mmopi wa bone a ikutlwang ka teng ka kgang eo. Go nna le botsalano le Modimo le go dira se se mo kgatlhang ke sone se se botlhokwa thata mo go bone. Seno ke sone se se ileng sa tlhotlheletsa thata Victoria yo o umakilweng pelenyana. O ne a re: “Ke ne ke dumela thata gore Modimo o re naya botshelo mme ke ne ke se na tshwanelo epe ya go senya botshelo jo a re bo fileng.”
Fa Victoria a ne a simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo, botsalano jwa gagwe le Modimo bo ne jwa gola. O ne a re: “Go dira tshwetso ya gore ke se ka ka bolaya ngwana wa me go ne ga dira gore ke ikutlwe ke atamalane thata le Modimo mme ga dira gore ke batle go mo itumedisa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa me. Fa ke ne ke rapelela kaelo ya gagwe, sengwe le sengwe se ne se ntsamaela sentle.”
Go nna le botsalano le Modimo, Motswedi wa botshelo, go oketsa tsela e re tlotlang botshelo jo bo mo popelong ka yone. (Pesalema 36:9) Mo godimo ga moo, Modimo a ka kgona go naya mosadi le ba lelapa la gagwe “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go ba thusa go lepalepana le boimana jo bo neng bo sa rulaganyediwa. (2 Bakorintha 4:7) Fa re leba kwa morago, batho ba ba ileng ba tlotla tsela e Modimo a lebang botshelo ka yone ba ikutlwa jang ka tshwetso e ba e dirileng?
Ga ba Ikwatlhaye
Batsadi bano ga ba tshwenngwe ke maikutlo a go nna molato kgotsa go nna le bohutsana jo bo sa feleng le boikutlo jwa go latlhegelwa. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba tsaya ‘leungo la sebopelo’ e le tuelo tota, e seng phutso! (Pesalema 127:3) Connie yo o umakilweng pelenyana, o ne a lemoga seno diura di le pedi fela morago ga go belega! Ka boitumelo, o ne a leletsa Kay yo a neng a bereka le ene mogala mme a mmolelela gore o ne a itumetse jang go bo a lebeletse go godisa mosetsanyana wa gagwe. Ka boitumelo jo bogolo, Connie o ne a oketsa jaana: “Ruri ke boammaaruri gore Modimo o segofatsa batho ba ba mo itumedisang.”
Ke ka ntlha yang fa go le molemo jaana go dira dilo go ya ka tsela e Modimo a lebang botshelo ka yone? Ka gonne jaaka Motswedi wa botshelo, Modimo o tlhomile melao ya gagwe e e mo Baebeleng “gore [rona re] solegelwe molemo” kgotsa “gore [rona] re tshele sentle.”—Duteronome 10:13, New Revised Standard Version.
Go ya ka Victoria le Bill, ba maitemogelo a bone a leng mo tshimologong ya setlhogo seno le sa ntlha, tshwetso ya gore ba se ka ba senya mpa e ile ya fetola matshelo a bone. Ba tlhalosa jaana: “Re ne re dirisa diokobatsi ka tsela e e feteletseng mme re ka bo re ile ra swa fa re ne re tsweletse re di dirisa. Mme ka ntlha ya go tlotla botshelo jwa ngwana wa rona yo o neng a ise a tsholwe re ne ra di tlogela mme ra akanya ka matshelo a rona. Ka thuso ya Basupi ba ga Jehofa, re ne ra fetoga.”
Morwaabone e bong Lance, gone jaanong o na le dingwaga tse di ka nnang 34 mme o na le dingwaga tse di fetang 12 a nyetse. Lance o tlhalosa jaana: “Go tloga fa ke ne ke le ngwana, batsadi ba me ba ile ba nthuta go dira ditshwetso tse di theilweng mo Baebeleng. Seno se ile sa solegela nna, mosadi wa me le ngwana wa rona molemo thata mo e leng gore re ikutlwa gore ga go na boitumelo jo bo fetang jo re nang le jone.” Rraagwe yo kwa tshimologong a neng a batla gore Victoria a senye mpa, o ne a re: “Re a tshoga fa re lemoga gore re ne re le gaufi jang le gore morwaarona yo o rategang a bo a sa tshele.”
Akanya gape ka Monica, yo o neng a gana go senya mpa le fa mmaagwe a ne a mo gatelela. O bolela jaana: “Dibeke tse pedi morago ga go tsholwa ga morwaake, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela mme ke ne ka ithuta kafa nka dumalanyang botshelo jwa me ka botlalo le melao ya Modimo ka teng. Go ise go ye kae, ke ne ka ruta morwaake e bong Leon botlhokwa jwa go ikobela Modimo, mme fa nako e ntse e tsamaya o ne a simolola go rata Modimo thata. Gone jaanong Leon ke modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa.”
Fa Leon a akanya ka se mmaagwe a se dirileng, o ne a re: “Go itse gore o ne a nthata tota mo e leng gore o ne a ntetla go tshela le fa a ne a gatelelwa, go dirile gore ke batle go dirisa botshelo jwa me ka tsela e e molemolemo e nka bontshang Modimo kafa ke anaanelang mpho e ntle eno ka teng.”
Batho ba le bantsi ba ba ileng ba simolola go tlhaloganya kafa Modimo a lebang botshelo ka teng ga ba ikwatlhaele go bo ba ile ba dira tshwetso ya go boloka botshelo jwa ngwana yo gone jaanong ba mo ratang thata. Ba ka bua ba leboga go tswa pelong ba re, “Ga re a ka ra senya mpa!”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa go ka direga gore ka nako ya fa ngwana a belegwa, go bo go tshwanetse gore go tlhophiwe fa gare ga botshelo jwa ngwana le jwa ga mmè, go tla ikaega ka batho ba ba amegang gore bone ba tlhopha gore go dirwe eng. Le fa go ntse jalo, kgatelopele mo go tsa kalafi mo dinageng di le dintsi e dirile gore e nne ka sewelo gore go nne le seemo se se ntseng jalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa Stephanie a ne a bona “sonogram” ya ngwana wa dikgwedi di le pedi yo o mo teng ga gagwe go ile ga mo thusa gore a dire tshwetso
(Mothalo o o fa godimo o tsentswe)
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Victoria le Lance
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Victoria le Bill gompieno, ba na le Lance le lelapa la gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Monica le morwawe e bong Leon ba leboga thata go bo a ile a se ka a ineela fa a ne a gatelelwa go mmolaya dingwaga di le 36 tse di fetileng