LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/10 ts. 6-7
  • Dipotso Tse di Bodiwang Gangwe le Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Bodiwang Gangwe le Gape
  • Tsogang!—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Basupi ba ga Jehofa Ke Lekoko Le Le Belaetsang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Re Lemogiwa ka Boitshwaro jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 8/10 ts. 6-7

Dipotso Tse di Bodiwang Gangwe le Gape

Ke eng fa batho bangwe ba bua kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa?

Batho ba le bantsi ga ba itse boammaaruri ka bone. Ba bangwe ba ka tswa ba sa anaanele tiro ya go rera ya Basupi. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore Basupi ba dira tiro eno ka go bo ba rata baagelani ba bone, ba a itse gore “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”—Baroma 10:13.

A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta, Bangangatlelatumelo kgotsa lekoko?

Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete mme ga se Baporotesetanta e bile ga se Bakatoliki—ba lemoga fa dithuto dingwe tsa madumedi ao di sa theiwa mo Dikwalong. Ka sekai, Baebele ga e rute gore Modimo—yo e leng mothofatso wa lorato—o tlhokofatsa batho ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo. E bile ga e rute gore batho ba na le moya o o sa sweng kgotsa gore Bakeresete ba tshwanetse go itshunya nko mo dipolotiking.—Esekiele 18:4; Johane 15:19; 17:14; Baroma 6:23.a

The World Book Encyclopedia ya re: “Bongangatlelatumelo ke mokgatlho o mogolo o o leng mo gare ga Boporotesetanta kwa United States.” Mekgatlho mengwe ya Bangangatlelatumelo “e ile ya amogela maemo mo setšhabeng le mo dipolotiking e dira jalo ka ntlha ya go dirisa ditemana tsa Baebele fela jaaka di ntse.” Tlhaloso eo ga e tshwanele Basupi ba ga Jehofa. Jaaka go umakilwe, ga ba nne le seabe mo dipolotiking e bile ga ba gatelele maikutlo a bone mo bathong ba bangwe ka go dirisa dipolotiki kgotsa ka tsela le fa e le efe. Go na le moo, ba buisana le batho, gantsi le motho ka bo mongwe, ba dirisa mabaka le bosupi jo bo tlhatswang pelo, ba etsa Bakeresete ba bogologolo.—Ditiro 19:8.

Lekoko ke setlhopha se se sa dumalaneng le sepe mo mokgatlhong wa bodumedi kgotsa ke setlhopha se se tswang mo bodumeding jo bongwe se bo se tlhoma bodumedi jo bosha. Basupi ba ga Jehofa ga ba tswe mo kerekeng epe. Ga se lekoko.

Go diragala eng kwa dipokanong tsa Basupi?

Dipokano tsa bone, tse batho botlhe ba dumeletsweng go tla kwa go tsone, di akaretsa thatathata dithuto tsa Baebele, tse gantsi bareetsi ba letlelelwang go nna le seabe mo go tsone. Nngwe ya dipokano tsa bone tsa beke le beke, e leng Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se thusa maloko a phuthego go nna le bokgoni jwa go ruta, jwa go bala le go dira dipatlisiso. Pokano e nngwe ke puo ya Baebele ya metsotso e le 30 e e theilweng mo setlhogong sengwe se batho ba e seng Basupi ba ka tswang ba se kgatlhegela thata. Gantsi puo eno e latelwa ke thuto ya Baebele e go dirisiwang makasine wa Tora ya Tebelo mo go yone. Dipokano tseno di simololwa le go konelwa ka pina le thapelo mme ga go kopiwe madi kgotsa ga go tsamaisiwe poleiti ya dikoleke.—2 Bakorintha 8:12.

Basupi ba ga Jehofa ba tshegediwa jang ka madi?

Tiro ya bone e duelelwa ka meneelo ya boithatelo. Basupi ga ba duedisetse batho dikolobetso, manyalo le diphitlho kgotsa tirelo epe e nngwe ya bodumedi. E bile ga ba ntshe ditsabosome. Ope fela yo o batlang go ntsha moneelo a ka dira jalo ka go o tsenya mo lebokosong la moneelo le le beilweng sentle mo Holong ya Bogosi. Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dikgatiso tsa Baebele tse ba di dirisang, e leng selo se se dirang gore go se ka ga nna le ditshenyegelo tse dintsi mme bontsi jwa Diholo tsa bone tsa Bogosi le mafelo a bone a makala a a bori a agiwa ke baithaopi.

A Basupi ba ga Jehofa ba amogela kalafi?

Ee. Tota e bile, ba batlela bone le baratiwa ba bone kalafi e e molemolemo e ba ka e bonang. Mo godimo ga moo, Basupi ba le bantsi ba bereka mo mafelong a kalafi e le baoki, badiri ba kalafi ya potlako, dingaka le dingaka tse di arang. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi. Baebele ya re, ‘ithibeng mo mading.’ (Ditiro 15:28, 29) Se se kgatlhang ke gore, dingaka tse di oketsegileng di tsaya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone e le “kalafi e e molemolemo” ka gonne ka yone go tilwa dikotsi tse dintsi tsa botsogo tse di amanang le madi.

a Tshedimosetso ya gore Baebele ya reng ka dintlha tseno le tse dingwe tse di botlhokwa e ka bonwa mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

MO GO NANG LE GO TLOTLANA GONE

Toropo ya Bejucal de Ocampo e e kwa borwa jwa Mexico ke lefelo le le sa tlwaelegang go sekaenyana. Pego nngwe mo lokwalodikgannyeng lwa Excélsior ya re: “Bontsi jwa baagi ba gone ke Basupi ba ga Jehofa.” E oketsa ka gore: “Go na le moya wa go tlotlana mo bodumeding le mo pusong. . . . Baagi ba teng ba ile ba tlogela mediro ya botagwa le go goga disekerete gore ba opele dipina le go bala Baebele. Mme gape ba tlotla balaodi.”

Pego eo e bolela gore le fa go na le madumedi a a farologaneng mo toropong eno, “ga go ise go tsoge dikgotlhang kgotsa dikomang tsa bodumedi.” E bolela gape jaana: “Ga go na letlhoo mme go farologana ga madumedi ga go thibele baagelani go dumedisana . . . Lelapa lengwe le lengwe le gololesegile go bua ka bodumedi jwa lone mme seno ga se ba thibele gore ba tshele mmogo ka kagiso. Ga go na ope yo o gakgamadiwang ke go bo Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi thata jaana kwa Bejucal.” Mo godimo ga moo, morutabana mongwe wa koo wa sekolo se segolwane yo e seng Mosupi, o ne a bolela gore bana ba bone ba ‘apara ka tsela e e bori, ba nna le maduo a mantle kwa sekolong e bile ba itshwara sentle mo tlelaseng.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela