Baebele ya Reng
A go Siame go Rapela “Baitshepi”?
Marie le Theresa ba ne ba itsaya e le “Bakatoliki ba ba molemo.” Ka bobedi jwa bone ba ne ba dumela mo “baitsheping.” Marie o ne a dumela gore a ka kgona go ba rapela gore ba mo thuse. Theresa ene ka metlha o ne a rapela “moitshepi” yo o thusang le go sireletsa motse wa gagabo. Gape o ne a rapela “moitshepi” yo a reeletsweng ka ene.
JAAKA Marie le Theresa, batho ba le dimilione go ralala lefatshe ba rapela “baitshepi” ba bone gore ba ba segofatse. Go ya ka New Catholic Encyclopedia, “baitshepi ba buelela batho” mme “go ‘molemo e bile go mosola’ go ba rapela gore o bone . . . melemo go tswa kwa Modimong.”
Mme gone, Modimo ene o leba kgang eno jang? A o amogela kgang ya gore re rapele “baitshepi” gore ba re buelele? Akanya ka se Baebele e se bolelang.
A re Tshwanetse go Rapela “Baitshepi”?
Mo Baebeleng, lefoko la Segerika e leng “moitshepi,” mo dithanolong tse dingwe le kaya “yo o boitshepo.” Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebele e umakang ope wa baobamedi ba ba ikanyegang ba Modimo a rapela “moitshepi.” Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? New Catholic Encyclopedia e bolela gore e ne e le fela “mo lekgolong la boraro la dingwaga [mo] go neng ga itsiwe sentle ka maatla a baitshepi a go kgona go buelela batho.” E ne e le dingwaga tse di ka nnang 200 fa Keresete a sena go swa. Ka jalo, thuto eo, ga ya simololwa ke Jesu le bakwadi ba Baebele ba ba tlhotlheleditsweng ba ba neng ba kwala ka bodiredi jwa gagwe. Ke ka ntlha yang fa ba ile ba se ka ba re bolelela gore re rapele “Baitshepi”?
Baebele gangwe le gape e ruta gore re tshwanetse go rapela Modimo fela, re dira jalo mo leineng la ga Jesu Keresete. Jesu o ne a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6, Baebele e e Boitshepo) Mafoko ao a a utlwalang sentle a tsamaisana le thuto ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:9-13. Fa Jesu a ntse a tlhalosa kgang ya thapelo, o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. . . . ” (Mathaio 6:9) Ga go na pelaelo gore, Rraarona yo o kwa legodimong ke ene fela yo re tshwanetseng go mo rapela. Boammaaruri jono bo theilwe mo molaomotheong o o botlhokwa wa Baebele.
Thapelo—Tsela ya Kobamelo
The World Book Encyclopedia, ya re: “Thapelo e kaya mafoko le megopolo e e tlotlegang e e lebisitsweng go Modimo, medimo, medimogadi kgotsa mo dilong tse dingwe tse di obamelwang. . . . Mo e ka nnang mo madumeding otlhe mo lefatsheng, thapelo ke tsela e e botlhokwa ya kobamelo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ipotse jaana, ‘A go siame go khubama ka mangole re rapela ka tsela ya kobamelo, ope fela fa e se Mmopi wa rona le Monei Botshelo?’ (Pesalema 36:9) Jesu o ne a re: “Baobamedi ba boammaaruri ba tla [obamela] Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.” (Johane 4:23) Gape Baebele e bolela gore Mmopi wa rona o batla “boineelo [jwa rona] jo bo feletseng.”—Duteronome 4:24; 6:15.
Akanya ka sekao sa moaposetoloi wa Mokeresete e bong Johane. Fa a sena go amogela diponatshegelo tse di gakgamatsang tse di kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo, moaposetoloi yo o neng a gamaregile o ne a “wela fa fatshe go obama fa pele ga dinao tsa moengele” yo o neng a mmontshitse dilo tseno. Moengele o ne a tsiboga jang? O ne a re: “O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena le bakaulengwe ba gago . . . Obamela Modimo.” (Tshenolo 22:8, 9) Ee, gape Baebele e gatelela gore re tshwanetse go obamela Jehofa Modimo fela.
Go ya ka se se tlhalositsweng fa godimo, Modimo ke ene fela a bidiwang “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Mo godimo ga moo, e re ka e le Mothatayotlhe, ke ene fela a nang le taolo, kitso le maatla a go araba kopo epe fela e e tshwanelang e e dirwang ka thapelo. (Jobe 33:4) Tota le Jesu Keresete, o ne a dumela gore o na le fa a tlhaelang gone. (Mathaio 20:23; 24:36) Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o filwe taolo e kgolo, go akaretsa le boikarabelo jwa go nna Motsereganyi wa batho.
Motsereganyi yo o Kutlwelobotlhoko
Baebele e bolela jaana ka Jesu: “[O kgona] go boloka ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela gore a tle a ba rapelele.” (Bahebera 7:25) Ka mafoko a mangwe, Jesu a ka nna Motsereganyi yo o kutlwelobotlhoko wa batho ba ba ‘atamelang Modimo ka ene.’ Seno ga se reye gore re tshwanetse go rapela Jesu le gore go ka twe o fetisa dithapelo tsa rona. Go na le moo, go kaya gore re rapela Modimo ka leina la ga Jesu mme ka go dira jalo re bontsha gore re tlotla bolaodi jwa gagwe. Ke eng fa Jesu e le Motsereganyi yo o tshwanelang sentle?
Lebaka lengwe ke gore, Jesu o ile a tshela e le motho, e leng selo se se neng sa dira gore a tlhaloganye sentle go boga ga batho ba bangwe. (Johane 11:32-35) Le lengwe ke gore, o ne a bontsha gore o rata batho ka go fodisa batho ba ba lwalang, ka go tsosa baswi le go thusa batho botlhe ba ba neng ba tla kwa go ene semoyeng. (Mathaio 15:29, 30; Luke 9:11-17) O ile a bo a itshwarela maleo. (Luke 5:24) Seno se re tlhomamisetsa gore fa re leofa, “re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami.”—1 Johane 2:1.
Lorato le kutlwelobotlhoko tsa ga Jesu ke dinonofo tse re tshwanetseng go leka go di etsa. Gone ke boammaaruri gore, ga re na tshwanelo ya go nna batsereganyi. Mme re ka rapelela ba bangwe. Tota e bile, lorato lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira jalo. Jakobe o ne a re: “Lo rapelelane, . . . mokokotlelo wa motho yo o siameng, fa o dira, o na le maatla a magolo.”—Jakobe 5:16.
Marie le Theresa ba ile ba ithuta boammaaruri joo jo bo botlhokwa ka go itlhatlhobela Baebele ka bobone. Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore le wena o dire jalo. Jaaka Jesu a ne a bolela, ‘ba ba obamelang Modimo ba tshwanetse go mo obamela ka moya le ka boammaaruri.’—Johane 4:24.