LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 15-17
  • “Kgalalelo” ya Dinaledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Kgalalelo” ya Dinaledi
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Atemosefere ya Lefatshe e Dira Gore Letsatsi le Nne le Mmala
  • Loapi lo lo Mebalabala Bosigo
  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?
    Tsogang!—1994
  • A o Kile wa Bona Phatsimo e e Botala Jwa Tlhaga?
    Tsogang!—1996
  • Dinaledi di Senola Maatla a Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Maatla a go Bopa—“Modiri wa Legodimo le Lefatshe”
    Atamalana le Jehofa
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 15-17

“Kgalalelo” ya Dinaledi

A O KILE wa lebelela kwa godimo mo loaping lo lo apogileng o gakgamaletse go bona dinaledi tse dintsintsi bosigo? Fa o ntse o lebeletse masedinyana ao a a benyabenyang, o ka tswa o ile wa ela tlhoko gore dinaledi di farologana ka tsela e di phatsimang ka yone le e leng ka mmala wa tsone. Baebele e bolela sentle jaana: “Naledi e farologana le naledi e nngwe ka kgalalelo.”—1 Bakorintha 15:41.

Ke eng fa dinaledi di farologana ka kgalalelo ya tsone kgotsa ka phatsimo ya tsone? Ka sekai, ke eng fa tse dingwe di lebega di le ditshweu mme tse dingwe di le pududu, serolwana kgotsa di le dikhibidu? Mme ke eng fa di benyabenya?

Mo garegare ga dinaledi go tswa mogote o o seng kana ka sepe. Mogote oo o tswela kwa karolong e e ka kwa ntle ya naledi, mo o anamelang mo lefaufaung, gantsi e le lesedi le le bonalang kgotsa e le marang a re sa kgoneng go a bona ka matlho a rona. O ka gakgamala go itse gore dinaledi tse di mogote thata di pududu mme tse di tsiditsana tsone di dikhibidu. Ke eng fa mmala wa tsone o sa tshwane?

Re ka akanya ka lesedi e le matlhasedinyana a mantsi, a a bidiwang di-photon tse le tsone di dirang jaaka makhubu a mogote. Dinaledi tse di nang le themperetšha e e kwa godimo di ntsha di-photon tse di nang le mogote o montsi e bile di fitlhelwa mo karolong e e kwa bofelong jwa mmala o o pududu mo thulaganyong ya mebala. Kafa letlhakoreng le lengwe, dinaledi tse di tsiditsana tsone di ntsha di-photon tse di seng mogote thata tse di fitlhelwang mo karolong e e kwa bofelong jwa mmala o mohibidu mo thulaganyong ya mebala. Naledi ya rona, e leng Letsatsi, le mo magareng mo thulaganyong ya mebala ka gonne le ntsha selekanyo se se kwa godimo sa lesedi mo karolong ya mmala o motala go ya go o o serolwana mo thulaganyong ya mebala. Mme ke eng fa le sa lebege le na le mmala o motalanyana? Ka gonne le ntsha lesedi le lentsi mo makhubung a mangwe a re kgonang go a bona. Kgabagare, fa letsatsi le lebiwa go tswa kwa lefaufaung, le lebega le le lesweu.

Atemosefere ya Lefatshe e Dira Gore Letsatsi le Nne le Mmala

Re bona letsatsi fa atemosefere e sena go sefa marang a a bogale a letsatsi mme seo se dira gore re bone letsatsi le le ka ditsela tse di farologaneng, go ikaegile ka gore re le bona ka nako efe. Ka sekai, ka sethoboloko, gantsi letsatsi le nna le mmala o o boserolwana jo bo galolang. Mme fa letsatsi le tlhaba le fa le phirima, le ka nna la lebega le na le mmala wa namune kgotsa le e leng o mohibidu. Go fetoga gono ga mmala go nna teng ka ntlha ya dimolekhule tsa gase, moya metsi le dikarolwana tse dinnye tse di farologaneng tse di sa bonaleng tse di mo atemosefereng ya lefatshe.

Ka ntlha ya tsela e atemosefere e bopegileng ka yone, e anamisa lesedi le le pududu le mmala o e keteng o phepole mme seo se dira gore loapi le nne le mmala o montle o o pududu fa go apogile. Fa mmala o o o ntshiwa mo thulaganyong ya mebala ya letsatsi e re kgonang go e bona, gantsi lesedi la letsatsi le le salang le nna serolwana fa go le motshegare. Mme fa letsatsi le tlhaba kgotsa le phirima, atemosefere e fetola tsela e lesedi le ntseng le tsamaya ka yone pele ga le fitlha mo go rona. Ka ntlha ya seo, lesedi la letsatsi le feta mo karolong e kgolo ya atemosefere, e gone jaanong e anamisang lesedi le le oketsegileng mo karolong e pududu mo thulaganyong ya mebala mmogo le lesedi la mmala o motala. Ka jalo, letsatsi le le phirimang le ka nna la lebega e le kgolokwe ya mmala o mohibidu kgotsa o o bohibidu jo bo tseneletseng.

Loapi lo lo Mebalabala Bosigo

Tsela e re bonang loapi bosigo ka yone e amiwa thata ke tsela e matlho a rona a tsibogelang lesedi ka yone. Matlho a rona a amogela lesedi ka mefuta e mebedi ya disensara—di-cone le di-rod. Di-cone di farologanya mebala mme fa lesedi le le letobo thata, ga di tlhole di bereka. Le fa go ntse jalo, di-rod tsone, le fa di sa kgone go tsibogela mmala, ke disele tse di mosola thata tse di tsibogelang lesedi. Ee ruri, mo maemong a a siameng, go ka direga gore rod e tsibogele mmala ka ntlha ya photon e le lengwe ya lesedi! Le fa go ntse jalo, di-rod tsa rona di kgona go tsibogela lesedi le le fitlhelwang kwa karolong ya bofelo ya mmala o o pududu mo thulaganyong ya mebala. Ka ntlha ya seo, fa re leba dinaledi tse di letobo tse di phatsimang ka tsela e e tshwanang re sa dirise didirisiwa dipe mme re di leba ka matlho a rona fela, go ka direga gore re bone dinaledi tse di pududu mme re sa bone tse dikhibidu. Le fa go ntse jalo, ka lesego re na le didirisiwa tse di ka re thusang go bona dilo tse matlho a rona a sa kgoneng go di bona.

Dibonelakgakala le dithelesekoupo di dira gore re kgone go bona dilo tse dinnye bosigo mo loaping, dilo tse di jaaka dinaledi, masagaripa, dinaledi tsa motšhotšhonono (di-comet) le dinebula. Le fa go ntse jalo, tsela e re bonang dinaledi ka yone ka tsela nngwe e kgorelediwa ke atemosefere. Se se ka re thusang go rarabolola bothata jono ke Hubble Space Telescope kgotsa HST, e e ntseng e dikologa lefatshe. HST e e leng sedirisiwa sa thekenoloji se se dirilweng ka botswerere, e kgona go bona dilo tse di letobo thata tse di jaaka dinaledi tse dinnyennye tse re sa kgoneng go di bona ka matlho a rona! Ka ntlha ya seo, HST e kgonne go dira gore dilo tse di kwa tengteng ga lefaufau di bonale sentle, go akaretsa le masagaripa le maru a lerole a a fa gare ga dinaledi le gase e e bidiwang dinebula.

Le fa go ntse jalo, dithelesekoupo tse di tlhomilweng mo lefatsheng di mosola fela jaaka HST e bile di e gaisa ka ditsela dingwe. Ka sekai, ka go dirisa mekgwa ya botswerere e e baakanyang tsela e atemosefere e re amang ka teng, dithelesekoupo tseno tse disha di dira gore baithutadinaledi ba kgone go bona dilo sentle go gaisa ka tsela e go neng go ntse ka teng ka HST. Sekai sengwe ke sa Bobogelo Jwa Dinaledi jwa W. M. Keck, jo bo leng kwa setlhaketlhakeng sa Hawaii, jo thelesekoupo ya Keck I e leng gone, e e leng nngwe ya dithelesekoupo tse dikgolo go gaisa mo lefatsheng. Ka thelesekoupo eno, moithutadinaledi e bong Peter Tuthill wa kwa Yunibesithing ya kwa Sydney, kwa Australia, o ile a lemoga maru a lerole a a ntshiwang ke dinaledi tse pedi tse di dikologanang mo setlhopheng sa dinaledi se se bidiwang Sagittarius, se fa re se lebile se lebegang se le gaufi le bogare jwa losagaripa lwa rona lwa Molala wa Tladi.

Fa baithutadinaledi ba ntse ba lebelela kwa tengteng ga lefaufau, ba kgona go bona dinaledi le masagaripa a a oketsegileng. Go na le di le kae? Re ka fopholetsa fela. Mme ga go a nna jalo ka Mmopi wa rona, e bong Jehofa Modimo. Pesalema 147:4 ya re: “O bala palo ya dinaledi; o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.”

Moporofeti Isaia le ene o ne a bua se se tshwanang. Tota e bile, o ne a oketsa se se builweng ke mopesalema, a tlhalosa ka tsela e e nepileng le e e gakgamatsang go ya ka saense gore dilo tse di mo lobopong di nnile teng ka ntlha ya maatla a Modimo a a se nang selekanyo. Isaia o ne a kwala jaana: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—Isaia 40:26.

Isaia, yo o neng a tshela dingwaga tse di ka nnang 2 700 tse di fetileng, o ne a itse jang gore lobopo lo nnile teng ka ntlha ya maatla a Modimo a a se nang selekanyo? Ga go na pelaelo gore ga a ka a lemoga seo ka boene! Go na le moo, o ne a kwala se Jehofa a neng a mo tlhotlheleditse gore a se kwale. (2 Timotheo 3:16) Ka jalo, ene, mmogo le bakwadi ba bangwe ba Baebele, ba ile ba dira sengwe se go se nang buka epe ya saense kgotsa thelesekoupo epe e ka se dirang. Ba ile ba tlhalosa Ene yo o dirileng gore dinaledi di nne le bontle le kgalalelo ya tsone.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

KE ENG FA DINALEDI DI BENYABENYA?

Dinaledi di a benyabenya, kgotsa di bonala di fetola phatsimo ya tsone kgotsa lefelo le di leng mo go lone, ka ntlha ya se se diregang mo atemosefereng ya lefatshe. Ka sekai, akanya ka matlhasedinyana a lesedi kwa tlase ga metsi a phulu. Go direga eng ka matlhasedinyana ao a lesedi fa go feta makhubunyana mo godimo ga one? Ee, a benyabenya, fela jaaka dinaledi. Kafa letlhakoreng le lengwe, masedi a magolo a ka se amege go le kalo. Dipolanete di ntse jaaka masedi ao a magolo, e seng ka go bo di le dikgolo go gaisa dinaledi mme ka go bo di le gaufi thata le lefatshe mme ka jalo di lebega di le kgolwane.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

MEBALA YA DITSHWANTSHO: A KE YA MMATOTA KGOTSA NNYAA?

Ka ntlha ya Hubble Space Telescope (HST), gongwe o kile wa bona ditshwantsho tsa mebala e mentle tsa masagaripa, dinebula le tsa dinaledi. Mme a mebala eo ke ya mmatota? Boammaaruri ke gore, di dirilwe sesha, ka ntlha ya go kopanngwa ga bokgoni jwa go itlhamela dilo le saense. Ditshwantsho tse di bonwang ka HST ke tsa mebala ya mofuta o le mongwe fela mme di ile tsa tsenngwa mo didirisiweng tse di tlhaolang mebala. Baithutadinaledi le baitse ba ditshwantsho ba dirisa thekenoloji ya segompieno le dithulaganyo tsa khomputara go dira ditshwantsho tsa makgaolakgang, ka dinako tse dingwe ba dira jalo go ntsha ditshwantsho tse ba dumelang gore ke tsa mebala ya tlholego ya dilo tse ba di bonang mo lobopong.a Ka dinako tse dingwe, baithutadinaledi ba dira ditshwantsho tse di nang le mebala e e seng ya mmatota ka boomo, go dira gore dilo dingwe di tlhomologe, gongwe e le gore ba dire dipatlisiso tsa saense.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa re dirisa thelesekoupo go bona dilo tse di letobo mo loaping bosigo, re kgona go bona fela ka disele tsa rona tsa di-rod tse di sa kgoneng go bona mebala.

[Ditshwantsho]

Setshwantsho sa mmala o le mongwe

Bohibidu

Botala

Bobududu

Setshwantsho sa makgaolakgang morago ga go kopanya mebala e meraro

[Motswedi wa Setshwantsho]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Naledi ya V838 “Monocerotis”

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Masagaripa a a fetanang Arp 273

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

NASA, ESA, and the Hubble Heritage (STScI/​AURA) -ESA/​Hubble Collaboration

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

V838: NASA, ESA, and H. Bond (STScI); Arp 273: NASA, ESA, and the Hubble Heritage Team (STScI/​AURA)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela