A o Tshwanetse go Tlhafuna Betel Nut?
MO MMILENG mongwe wa kwa Borwa jwa Asia, motho mongwe yo o botsalano o a nyenya mme go tlhaga meno a gagwe a a ntshofetseng mme molomo wa gagwe o tletse ka mathe a a bohibidu jwa madi. Go tswa foo, motho yoo o kgwela mathe mo bophaphathong jwa tsela mme go bo go sala go na le patso e khibidu fa fatshe. O tlhafuna betel nut.
Go tloga kwa Afrika Botlhaba, Pakistan le India le go ralala Borwabotlhaba jwa Asia go ya kwa Papua New Guinea le Micronesia, batho ba ba dirisang betel nut ba fitlha go dimilione di le makgolokgolo—mo e ka nnang diperesente di le lesome tsa baagi ba lefatshe. Batho ba ba rekisang betel nut ba tlhoma ditafole mo marekisetsong a batho botlhe le mo mebileng mme ka dinako tse dingwe ba dira jalo ba na le bana ba bone. Barekisi ba bangwe ba tsenya mabone a a benyang le go dirisa basetsana ba ba apereng diaparo tse dikhutshwane—“bommabontle ba betel nut”—go ngoka bareki.
Go ralala lefatshe, go rekisiwa ga betel nut go tsenya diranta di le dibilione. Mme gone betel nut ke eng? Ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba e tlhafuna? Mokgwa ono o ama jang botsogo jwa bone? Baebele ya reng ka mokgwa ono? Mme batho ba ba e dirisang ba ka o tlogela jang?
Betel Nut ke Eng?
Selo se gantsi se bidiwang betel nut ke loungo lwa areca palm (betel palm), semela sa boboatsatsi se se fitlhelwang kwa Pacific le kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Leina betel le tswa mo semeleng sa betel-pepper se se sa amaneng le yone. Batho ba ba tlhafunang betel nut ba phuthela loungo lwa areca mo teng ga letlhare la betel-pepper mmogo le motswako o monnye wa kalaka. Kalaka eo e dira gore go tswe alkaloid. Batho ba bangwe ba ba e tlhafunang ba tsenya ditswaiso, motsoko kgotsa dilo tse di botshe go tokafatsa moutlwalo.
Motswako ono o dira gore motho a nne le mathe a mantsi mo ganong e bile o dira gore mathe ao a nne bohibidu jwa madi. Ke ka moo batho ba ba tlhafunang betel nut ba kgwang mathe gangwe le gape, tota le fa ba le mo koloing e e tsamayang mo e leng gore ka dinako tse dingwe ba kgwela batho ba ba fetang ka tsela mathe!
Go e Tlhafuna go ba Tlisetsa Bohutsana!
Pego nngwe ya Oral Health e bolela jaana: “Areca nut ga e bolo go dirisiwa bogologolo mme e ile ya dirisiwa thata ke batho mo setšhabeng, mo dilong tse di amanang le setso le mo bodumeding. Gantsi batho ba ba e dirisang ba tsaya gore ga e kotsi mme ba bolela gore e dira gore ba ikutlwe sentle, ba itumele [le] go ikutlwa ba kgotsofetse . . . Le fa go ntse jalo, bosupi bo bontshitse gore e kotsi tota.” Jang?
Balaodi ba ba thibelang go dirisiwa ga diokobatsi ba dumela gore nngwe ya di-alkaloid tse di fitlhelwang mo betel nut e ka dira gore motho a tshwakgolwe. Ee, batho bangwe ba ba dirisang betel nut ba tlhafuna di-betel nut tse di ka nnang 50 ka letsatsi! Go ise go ye kae, meno a a timpala mme ba ka tshwarwa ke bolwetse jwa marinini. Go ya ka Oral Health, batho ba ba e dirisang ka metlha ba ka nna ba nna le se se bidiwang “chewers mucosa”—go dira gore lotha lo lo boleta lwa molomo lo nne le mmala o o borokwa jo bo bohibidu mme gantsi go dira gore lotha lo lo boleta lo lo mo molomong lo sosobane. Gape ba ka nna le “lebadi le le golang le le sa foleng . . . mo lotheng lo lo boleta lwa molomo [oral mucosa],” e leng bolwetse jo bo bidiwang oral submucous fibrosis.
Go tlhafuna betel nut gape go amanngwa le mofuta mongwe wa kankere e e bidiwang oral squamous cell carcinoma, e motho a ka nnang le yone le ka fa morago ga mometso. Lebaka la go bo go na le palo e e kwa godimo jaana ya batho ba ba godileng ba ba nang le kankere ya molomo kwa Borwabotlhaba jwa Asia ke bosupi jwa seno. Kwa karolong ya Taiwan, mo e ka nnang diperesente di le 85 tsa batho ba ba tshwarwang ke kankere ya molomo ke batho ba ba tlhafunang betel nut. Mo godimo ga moo, lokwalodikgang lwa The China Post lwa re: “Palo ya batho ba ba nang le kankere ya molomo kwa Taiwan—e leng sengwe sa dilo di le lesome tse di bolayang batho go gaisa kwa setlhaketlhakeng seo—e batla e menagane ganè mo dingwageng di le 40 tse di fetileng.”
Go ntse fela jalo le kwa mafelong a mangwe. Lokwalodikgang lwa Papua New Guinea Post-Courier lo bolela jaana: “Selo se se tlhafunwang thata kwa Papua New Guinea e leng betelnut, se bolaya bobotlana batho ba ba ka nnang 2 000 ka ngwaga mme go ya ka PNG Medical Society, ke sone se se bakang mathata a le mantsi a botsogo.” Go ya ka ngaka nngwe e gape e leng mokwadi wa dilo tsa kalafi, “ditlamorago tsa go dirisa betel thata di dintsi fela jaaka tsa batho ba ba gogang motsoko” mme di akaretsa bolwetse jwa pelo.
Baebele ya Reng?
Baebele ga se buka ya kalafi e bile ga e umake ka tlhamalalo go tlhafuniwa ga betel nut. Le fa go ntse jalo, e na le melaometheo e mentsi e e ka re thusang go tshela botshelo jo bo phepa, jo bo itekanetseng le jo bo botoka le go feta. Akanya ka ditemana tse di latelang le dipotso tse di di tsosang.
“Baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) ‘Lo ise mebele ya lona e le boitshepo, e amogelesega mo Modimong.’ (Baroma 12:1) A motho a ka nna boitshepo kgotsa a nna phepa mo matlhong a Modimo fa a ne a ka kgotlela mmele wa gagwe ka go tlhafuna betel nut?
“Ka [Modimo] re na le botshelo.” (Ditiro 17:28) “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo.” (Jakobe 1:17) Botshelo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa Modimong. A motho yo o ineetseng mo mekgweng e e ka mmakelang bolwetse o bontsha gore o tlotla mpho eo?
“Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi.” (Mathaio 6:24) “Ga ke na go itetlelela go tlisiwa kafa tlase ga taolo ke sepe.” (1 Bakorintha 6:12) A motho yo o batlang go itumedisa Modimo o tshwanetse go nna lekgoba la mokgwa o o seng phepa, a dira gore o laole botshelo jwa gagwe?
“O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mareko 12:31) “Lorato lo ka se fosetse moagelani.” (Baroma 13:10, The New English Bible) A re tla bo re bontsha batho ba bangwe lorato lwa mmatota fa re kgwa mathe ka tsela e e botlhaswa—le ka tsela e e bakang bolwetse—mathe a mahibidu mo ditseleng, mo bophaphathong jwa tsela kgotsa mo mafelong a mangwe?
Ga go na pelaelo gore ‘re roba se re se jalang.’ (Bagalatia 6:7, 8) Ono ke molao wa motheo wa tlholego. Ka jalo, fa re jala mekgwa e e bosula, re tla roba se se bosula. Le fa go ntse jalo, fa re tshela ka tsela e Modimo a neng a ikaeletse gore re tshele ka yone, e e akaretsang go nna le mekgwa e mentle, re ka se robe fela se se molemo mme gape re tla bona boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri. Fa e le gore o tlwaetse go tlhafuna betel nut mme o batla go tshela botshelo jo bo botoka le jo bo ka go solegelang molemo ka go dira se se siameng mo matlhong a Modimo, o ka fenya jang bothata jono? Ke eng fa o sa akanyetse ka thapelo dikgato tse di latelang tse tharo tse di itshupileng di thusa?
Dikgato Tse Tharo Tsa go Tlogela Mokgwa Ono
1. Nna le boikemisetso. Gore o kgone go fenya mokgwa o o bosula, o tlhoka go nna le boikemisetso jo bo nonofileng go na le fela go itse gore mokgwa oo o kotsi mo botsogong jwa gago. Tota e bile, batho ba le bantsi ba tswelela ba tlhafuna betel nut, ba goga motsoko kgotsa ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang le fa ba itse sentle gore mokgwa wa bone o ka tsenya botsogo le botshelo jwa bone mo kotsing. Go nonotsha boikemisetso jwa gago, ke eng o sa ithute ka Mmopi wa gago le ka tsela e a go ratang thata ka yone ka go tlhatlhoba Baebele? Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”
2. Kopa thuso mo Modimong. Jesu Keresete o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.” (Luke 11:9, 10) Fa Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, a bona o mo rapela le go ikaega ka ene gore a go thuse le go go naya maatla, a ka se ka a go itlhokomolosa. Johane wa ntlha 4:8 ya re: “Modimo ke lorato.” Mongwe yo o ileng a bona lorato loo ke moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo. O ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.
3. Batla thuso ya batho ba bangwe. Batho ba o tsalanang le bone ba ka nna le tlhotlheletso e e maatla mo go wena ya gore o dire se se siameng kgotsa se se bosula. Diane 13:20 ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Ka jalo, tlhopha ditsala tsa gago ka botlhale! Mo gare ga Basupi ba ga Jehofa go na le batho ba le bantsi ba ba kileng ba dirisa betel nut. Mme ka go itsalanya le badumedi ka bone le go ithuta Baebele, ba ile ba bona thuso e e oketsegileng e ba e tlhokang go fenya mokgwa wa bone o o seng phepa.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
BA NE BA TLOGELA BETEL NUT
Tsogang! e ile ya botsolotsa batho ba le batlhano ba ba kileng ba bo ba tlhafuna betel nut mme ba tlogetse mokgwa oo. Ela tlhoko se ba se bolelang.
Ke eng fa o ile wa simolola go tlhafuna betel nut?
Pauline: Batsadi ba me ba ne ba dira gore ke simolole go dirisa betel nut fa ke ne ke le ngwana yo monnye. Mokgwa ono o ne o tlwaelegile mo motseng wa setlhaketlhake o ke neng ke nna mo go one wa kwa Papua New Guinea.
Betty: Rre o ne a nnaya betel nut fa ke ne ke le dingwaga di le pedi. Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome, ke ne ke a tle ke tsamaye ke tshotse di-betel nut tse dintsi thata jaana mo e leng gore ke ne ke tshwana le setlhare sa betel nut! Ke ne ke tshwakgotswe thata jaana mo e leng gore selo sa ntlha se ke neng ke se dira moso mongwe le mongwe e ne e le go tlhafuna betel nut.
Wen-Chung: Ke simolotse go tlhafuna betel nut fa ke ne ke le dingwaga di le 16. Go ne go tsewa e le selo se se tumileng e bile o ne o tsewa o godile fa o dira jalo mme ke ne ke batla go amogelwa ke batho ba bangwe.
Jiao-Lian: Ke ne ke rekisa betel nut go itshedisa. Gore ke atlege, ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go tlhomamisa gore selo se ke se rekisang ke sa maemo a a kwa godimo, ka jalo ke ne ka simolola go e lekeletsa. Seo se ne sa dira gore ke simolole mokgwa wa go e tlhafuna.
Mokgwa oo o ne wa ama jang botsogo jwa gago?
Jiao-Lian: Molomo wa me, meno a me le dipounama tsa me di ne di na le mmala o bohibidu jwa madi. Ke tlhabiwa ke ditlhong go lebelela ditshwantsho tse ke di tsereng ka nako ya fa ke ne ke tlhafuna betel nut. Ke sa ntse ke na le diso tsa dipounama.
Pauline: Ke ne ke tlhola ke nna le diso mo ganong, ke feroga sebete le go nna le letshololo.
Betty: Boima jwa mmele wa me e ne e le dikilogerama di le 35 fela, e leng boima jwa mmele jo bo kwa tlase thata mo mothong yo o godileng wa boleele jwa me. Meno a me a ne a le maswe mme gantsi ke ne ke a phepafatsa le go a gotlha ka steel wool.
Sam: Ke ne ke a tle ke nne le letshololo le bolwetse jwa marinini. Gone jaanong ke na le leino le le lengwe fela! Mme gongwe go ne go sa thuse go dirisa steel wool go gotlha meno a me.
Ke eng fa o ile wa tlogela mokgwa oo?
Pauline: Ke ne ka bala mo Baebeleng mo go 2 Bakorintha 7:1 gore Modimo o batla gore re ‘intlafatse leswe lengwe le lengwe la nama.’ Ke ne ka swetsa ka gore ke leke ka natla go itumedisa Mmopi wa me.
Sam: Ke ne ke batla gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo o dire mo botshelong jwa me, ka jalo ke ne ka rapela gore Jehofa a nthuse go lwantsha thaelo ya go tlhafuna betel nut. O ne a araba dithapelo tsa me. Ke na le dingwaga tse di ka nnang 30 ke sa dirise betel nut.
Jiao-Lian: Fa ke ntse ke bala Baebele, ke ne ka kopana le mafoko a a reng, “Ntlafatsang diatla tsa lona, lona baleofi.” (Jakobe 4:8) Mafoko ao a ne a nkama tota. A go ne go tla bo go siame gore ke dirise le go rekisa betel nut ke ntse ke itse gore e ka nna kotsi go le kana kang? Ka yone nako eo ke ne ka swetsa ka gore ‘ke ntlafatse diatla tsa me’ mo mokgweng ono o o seng phepa mo mmeleng le mo semoyeng.
O ile wa solegelwa molemo jang ke go tlogela mokgwa ono?
Wen-Chung: Ke ne ka simolola go tlhafuna betel nut gore balekane ba me ba nkamogele. Gone jaanong ke na le ditsala tse di botlhokwatlhokwa, e leng Jehofa mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya.
Sam: Gone jaanong ke na le botsogo jo bo botoka—mo mmeleng le mo semoyeng. Mme e re ka ke sa senye madi mo mekgweng e e bosula, ke kgona go tlhokomela lelapa la me botoka.
Pauline: Ke ikutlwa ke gololesegile e bile ke le phepa. Meno a me a masweu e bile a nonofile. Mme ntlo ya me le tshingwana ya me ga e na matlape a betel nut le dipatso tse di maswe tse dikhibidu.
Betty: Ke na le segakolodi se se phepa le botsogo jo bo botoka thata. Tota e bile, ke kgona go bereka jaaka morutabana wa sekolo le go nna modiredi wa nako e e tletseng wa Mokeresete.
[Ditshwantsho]
Betty
Pauline
Wen-Chung
Jiao-Lian
Sam
[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 23]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Go nnela go tlhafuna betel nut go ka felela ka malwetse a a masisi
Meno a a timpetseng le bolwetse jwa marinini
Oral submucous fibrosis
Oral squamous cell carcinoma
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Di-“betel nut” tse di phuthetsweng ka letlhare la “betel-pepper”