LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 21-23
  • A o Rata go ja Mabowa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Rata go ja Mabowa?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Temo ya Mabowa
  • A Monate e Bile a ka Apewa ka Ditsela Tse di Farologaneng
  • Ke Ithutile Boammaaruri Jwa Baebele Kwa Romania
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2005
  • Dirisa Internet ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Ithutela Baebele mo Teng ga Zuu!
    Tsogang!—1996
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 21-23

A o Rata go ja Mabowa?

KWA Egepeto wa bogologolo Bofaro ba ne ba tsaya mabowa (mushrooms) e le dijo tse di monate thata. A ne a nna dijo tse di jewang ke ba lelapa la segosi fela. Baroma ba ne ba bitsa mabowa ba re ke dijo tsa medimo mme ba ne ba di ja fela ka dinako tse di kgethegileng. Bagerika ba bogologolo ba ne ba dira mediro e go jewang mabowa mo go yone mme ba ne ba dumela gore a nonotsha masole a bone fa a ya ntweng.

Le fa go ntse jalo, gompieno mabowa ga a jewe fela ke batho ba maemo a a kwa godimo. Batho mo lefatsheng lotlhe ba rata go a ja! Go tweng ka wena? Fa e le gore o rata go ja mabowa, a o itse gore o a bo o ja eng? A mabowa ke diphologolo, merogo, kgotsa selo se sele? A lengwa jang? A a na le dikotla? Mme fa o bona mabowa kwa nageng, o tshwanetse go dira eng?

E re ka nna le mosadi wa me re ne re batla dikarabo tsa dipotso tseo, re ne ra tsaya loeto go tswa kwa Sydney, Australia, go ya kwa Mittagong, toropo e ntlentle e e mo kgaolong e e kwa borwa e e mo dithabeng kwa New South Wales. Re ne re ya kae? Kwa polasing ya mabowa ya ga Noel Arrold.

Temo ya Mabowa

Noel, monna yo o kwenneng wa Mo-Australia, ke moitse wa thutatshelo ya ditshedi tse dinnyennye e bile ke moitse wa mabowa. O ne a ithuta ka temo ya mabowa kwa dinageng tse di farologaneng pele a boela kwa Australia a bo a a lema gore a a rekise. O tlhalosa jaana: “Mabowa ke losika lwa di-fungus, ditshedi tse di akaretsang mokobo le mouta. Baitsethutotshelo ba kile ba bo ba dumela gore di-fungus ke dimela mme jaanong re itse gore di farologane gotlhelele le dimela.

“Ka sekai, di-fungus ga di dirise thulaganyo ya fotosentesese go itirela dijo jaaka mo e ka nnang dimela tsotlhe di dira. Di-fungus di kgona go gola mo lefifing. Mo go tsone go tswa diensaeme tse di maatla tse di fetolang masalela a dilo tse di suleng go nna dikotla tsa botlhokwa, tse e nnang dijo tsa tsone. Thulaganyo eno e e tlhomologileng ya go sila dijo, gape e dira gore di-fungus di farologane le diphologolo. E re ka di-fungus e se dimela e bile e se diphologolo, jaanong baitsethutotshelo ba di beile mo setlhopheng sa tsone di le tsosi—losika lwa di-fungus.”

Noel o tswelela jaana: “Mabowa a naga a a godileng a ntsha diselenyana tse dintsintsi tse di kopanang le diselenyana tsa mabowa a mangwe di bo di tlhoga. Fa . . . diselenyana tseno di wela mo lefelong le le tsididi, le le bongola e bile le na le dijo tse dintsi, di kgona go gola go nna mabowa. Batho ba ba lemang mabowa gore ba a rekise ba leka go etsa thulaganyo eno ka go laola maemo a mabowa a golang mo go one gore ba oketse thobo le go tokafatsa boleng jwa one.”

Fa re ntse re tsweletse ka loeto lwa rona, Noel o tlhalosa gore mefuta e e farologaneng ya mabowa e tlhoka maemo a a farologaneng gore e gole sentle. Ka sekai, mabowa a masweu, e leng mofuta o o rategang thata mo lefatsheng, a gola sentle mo menontsheng e e ntshitsweng megare. Mefuta e mengwe e gola sentle mo dikgetsing tsa matlakala a dimela, mo mabotlolong a dijo tsa ditlhaka, mo dikoteng tsa logong kgotsa mo dikoteng tse di dirilweng ka go papaitela matlakala a a tswang fa go shagiwa logong. Mo mefuteng e le diketekete e e itsiweng ya mabowa, ke e le 60 fela e e lengwang e bo e rekisiwa.

Noel o lema mabowa a gagwe mo thaneleng ya seporo se se sa tlholeng se dirisiwa gaufi le Mittagong. O re bolelela jaana: “Ke lefelo le le tsiditsana, le le bongola e bile le siametse go lema mabowa.” Fa re le koo, re bona mefutafuta ya dikgetsi, dipitsa le mabotlolo a a tlhogang mabowa a le mantsi a a farologaneng ka dipopego le ka bogolo. Mangwe a one a re gopotsa dithunya tsa dirouse; a mangwe a tshwana le dithunya tsa di-lily tse di bopegileng jaaka folutu kgotsa dingata tsa dithunya kgotsa dikhukhu tse dikhutshwane tse dikima. Re kgatlhiwa thata ke mebalabala ya one!

A Monate e Bile a ka Apewa ka Ditsela Tse di Farologaneng

Noel o tlhalosa jaana: “Batho ba le bantsi ba rata tebego ya mabowa a a tswang kwa dinageng di sele mme ba ka tswa ba sa itse gore a apewa jang. Le fa go ntse jalo, go motlhofo go a apaya. Batho ba bangwe ba a kgabetlelela ba bo ba a gadika, ba dira sopo le salate ka one kgotsa ba a besa a sa kgabetlelelwa. Nna ke rata mabowa a oyster a innwe mo mafoforeng a borotho a bo a gadikiwa mo mafureng. Mme mabowa a shiitake a na le moutlwalo o o monate o e keteng wa nama mme a monate thata fa o a gadikile le mae.”

Mabowa a na le dikotla tse dintsi e bile a na le faeba, poroteine, diminerale le dibitamine. Gape go itsiwe gore mo e ka nnang mefuta e le 2 000 ya one e kgona go thusa mo kalafing. Go ya ka patlisiso nngwe ya tsa kalafi, dilo tse di ntshitsweng mo maboweng di ka dirisiwa mo mefuteng e e fetang 100 ya kalafi, e e akaretsang go lwantsha kankere, bolwetse jwa sebete, AIDS, bolwetse jwa Alzheimer le kholeseterole e e kwa godimo.

Le fa go ntse jalo, go ka nna kotsi tota go kgetla mabowa mo sekgweng. Thuthuntshwane e e bidiwang death cap (Amanita phalloides), gareng ga tse dingwe, e tshwana thata le mabowa mme e na le botlhole jo bo bolayang. Ka jalo latela molao ono: Le ka motlha o se ka wa ja mabowa a naga ntle le fa moitse wa mabowa a re ke a a jewang! Mme gone, mefuta e e lengwang e bo e rekisiwa e siametse go jewa. Tota e bile, ke dijo tse di monate tse pele di neng di jewa ke ba malapa a segosi fela!

[Lebokoso mo go tsebe 22]

MABOWA A A ITLHOGELANG FELA

Gantsi mabowa a naga a gola mo dikgweng tse di tsiditsana, tse di bongola, tse di lefifi, mo a fetolang ditlhare le dimela tse di suleng le mantle a diphologolo go nna menontsha ya mmu. Mabowa a mangwe a dirisana mmogo le ditlhare. Mabowa ano a ja dilo dingwe mo meding ya ditlhare, mme ditlhare tsone di bona dikotla tse di tswang mo maboweng.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DILO TSE O TLHOKANG GO DI ITSE KA MABOWA

• Tsenya mabowa mo kgetsaneng ya pampiri kgotsa ya letsela fa o a baya mo setsidifatsing sa gago. Tila go a baya gaufi le dilo tse di nang le monko o o bogale ka gonne a kgona go gopa menko e e bogale.

• Fa o ja mabowa a sa apewa, a phimole ka letsela le le metsi le le phepa kgotsa o a tsokotse ka bonako mo metsing o bo o a phimola ka letsela. O se ka wa inela mabowa mo metsing.

• Fa o apaya mabowa, dirisa borashe jo bo seng thata go tlosa leswe lepe le le mo godimo ga one.

• O se ka wa obola mabowa—letlalo la one le monate e bile le na le dikotla!

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Mabowa a lengwa mo phaposing eno e themperetšha ya yone e kgonang go laolwa

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Mabowa mangwe a tshwana le dithunya tse dintle

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 23]

Mabowa a a besitsweng le “hummus,” matlhare a sepinatšhe, kaliki le di-“chive” tse di kgabetleletsweng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Courtesy of the Mushroom Information Center

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Top: Courtesy of the Mushroom Information Center; bottom: Courtesy of the Australian Mushroom Growers Association

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela