A go Siame go TSIETSA Gore o Bone Maduo a a Siameng?
A O MOITHUTI? Fa go le jalo, o tshwanetse wa bo o itse baithuti ka wena ba ba tsietsang mo tlelaseng gore ba bone maduo a a siameng. Eleruri bothata jono bo aname tota. Ka 2008, Josephson Institute e ne ya dira dipatlisiso mo baithuting ba ka nna 30 000 ba sekolo se segolwane kwa United States mme diperesente di le 64 tsa bone ba ne ba dumela gore ba ile ba tsietsa mo tlhatlhobong nngwe mo ngwageng oo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba fopholetsa gore palo e e nepileng e ka tswa e le kwa godimo go feta eo—diperesente di feta 75.
Go tsietsa e setse e le bothata jo bo masisi le kwa Yuropa, segolobogolo go utswa ditlhamo tsa ba bangwe. Setlhogo sengwe se se gatisitsweng mo lokwalopakeng lwa ileketeroniki lwa Digithum lwa re: “Di-website tse di rekisang ditlhamo tsa baithuti, ditlhamo tsa dikirii ya master’s le dipatlisiso tsa dikirii ya doctor’s tse di setseng di dirilwe, ke bothata jo bosha le jo bo ntseng bo tshwenya go ya pele.”
Ke ka ntlha yang fa go tsietsa e setse e le selo se se tshwenyang thata jaana? A ruri batho ba ba tsietsang ba solegelwa molemo ke go dira jalo? A go ikanyega—tota le fa go kaya go bona maduo a a kwa tlase—e sa ntse e le yone tsela e e molemolemo ya go dira dilo?
Ke Eng fa go Aname Jaana?
Go fela ga mekgwa e e siameng. American School Board Journal ya re: “Barutisi ba le bantsi ba re koketsego ya go tsietsa e bakwa ke go fela ga mekgwa e e siameng ka gonne batho ba ikakanyetsa ba le bosi.” Moithuti mongwe o ne a bolela jaana ka baithuti ba a neng a tsena le bone mo mephatong ya sekolo se segolwane: “Rotlhe . . . re ne re tsietsa; re ne re tlhoka maduo a a kwa godimo gore re kgone go bona diphatlha kwa dikolong tse di botoka. Re ne re le baithuti ba ba siameng ba ba nang le mekgwa e mentle; re ne re sa tshwane le batho ba ba nang le mekgwa e e bosula . . . Re ne re tlhoka fela go tsena kwa diyunibesithing tse di botoka.” Tota le batsadi bangwe ba simolotse go akanya ka tsela eo. E re ka ba batla go bona bana ba bone ba atlega ka tsela le fa e le efe, ba ba letlelela go tsietsa kgotsa ba ba itlhokomolosa ka boomo fa ba tsietsa, ka jalo ba senya mekgwa ya bana ba bone le go feta.
Kgatelelo ya go batla go atlega. Go ya ka Donald McCabe, mothei wa International Center for Academic Integrity, baithuti ba ba tsietsang ba akanya gore go ikanyega go dira gore ba se ka ba atlega jaaka ba bangwe ba ba tsietsang ba bo ba sa tshwarwe.
Thuso ya thekenoloji. Thekenoloji ya segompieno e dira gore baithuti ba kgone go tsietsa motlhofo fela go feta pele mme e le ka mekgwa e e raraaneng. Ba kgona go tsaya dipampiri tsa tlhatlhobo le dikarabo tsa tiro ya sekolo e ba e direlang kwa gae mo Internet ba bo ba di abelana le ba bangwe. Gantsi ke ba se kae fela ba ba tshwarwang mme seno se dira gore ba bangwe ba nne pelokgale.
Tlhotlheletso ya dikao tse di sa siamang. Bagolo ba setse ba tlwaetse go tsietsa—mo dikgwebong tse dikgolo, mo dipolotiking, mo metshamekong, mme gantsi tota le kwa gae, kwa batsadi ba tsietsang fa ba tshwanelwa ke go ntsha lekgetho kgotsa go dira dikopo tsa madi a inshorense. David Callahan, mokwadi wa The Cheating Culture, a re: “Fa batho ba ba nang le maemo kgotsa batho ba ba tsewang e le dikao ba tsietsa, ke akanya fa seo se dira gore basha ba akanye gore go tsietsa go siame.” A mme tota go siame? A ruri go tsietsa go siame fela ka gonne o batla maduo a a kwa godimo?
Ke Eng fa o Tshwanetse go Tlhopha go sa Tsietse?
Ipotse jaana, ‘Boikaelelo jwa thuto e e siameng ke bofe?’ A ga se go baakanyetsa baithuti go sikara maikarabelo a mantsi a botshelo a a jaaka go sekaseka mathata kwa tirong le go a rarabolola? Baithuti ba ba itlwaetsang go tsietsa ba ka palelwa ke go ithuta dilo tseno tse di botlhokwa. Ka jalo, batho ba ba nang le mokgwa wa go tsietsa ba bipa makoa a bone e bile ba itshenyetsa ditshono tsa go atlega mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo.
Callahan a re mo godimo ga moo, “batho ba ba simololang go rarabolola mathata ka matlhajana ba sa le basha—jaaka ka go tsietsa kwa sekolong—ba ka tswelela ka mokgwa oo fa ba setse ba bereka.” Ka tsela nngwe, batho bao ba tshwana le seaparo kgotsa sesupanako sa feshene se se lebegang e le sa leina le le rileng mme go bo go lemogiwa gore ga se sone.
Gone ke boammaaruri gore gape batho ba ba tsietsang ba itsenya mo kotsing ya go tshwarwa le go lebana le ditlamorago tsa gone. Mme seno se ka akaretsa go tsenwa ke matlho le go tlhabiwa ke ditlhong. Mme gape go ka felela ka go lelekwa kwa sekolong kgotsa le eleng go newa kotlhao e e botlhoko go feta eo. Baebele e tlhagisa jaana e sa potapote: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Le fa go ntse jalo, go boifa go tshwarwa ga e a tshwanela go nna lone lebaka la konokono la go ikanyega. Go na le mabaka a mangwe a a botoka mo go leo.
Boikanyegi—Tsela ya Mmatota ya go Atlega
Basha ba ba botlhale ba leka go nna le dinonofo tse di tla ba solegelang molemo, e seng fela ka nako ya ditlhatlhobo, mme mo botshelong jotlhe jwa bone. Ka jalo, ba dira ka natla kwa sekolong e bile ba leka go nna le mekgwa e e dirang gore ba itlotle, e e ka dirang gore bathapi ba bone ba mo isagweng ba ba anaanele le e e tla dirang gore ba nne le boitumelo jo bo nnelang ruri.
Dinonofo tseo di ka bonwa mo Baebeleng, mme basha ba ba tshelang ka tsone ba ka atlega. E bile, jaaka 2 Timotheo 3:16, 17 e bontsha, ba ‘tshwanelega ka botlalo, ba tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ Moithuti mongwe yo o bidiwang Jorge a re: “Baithutikanna ba a tsietsa ka gonne ba batla go bona maduo a a kwa godimo ba sa dira ka natla. Mme nna ke batla go itumedisa Modimo. Mo go Diane 14:2, Baebele ya re ‘yo o tsamayang mo thokgamong ya gagwe o boifa Jehofa, mme yo o sokametseng mo ditseleng tsa gagwe o a Mo nyatsa.’ Ke itse gore re ka se fitlhele Modimo sepe. Ka jalo ga ke tsietse, e bile ga ke thuse ba bangwe go tsietsa.”
Baithuti ba ba lekang go tshela go ya ka melaometheo ya Baebele e ka tswa e le bone kgotsa e se bone ba ba gaisang ba bangwe mo tlelaseng. Mme ke bone ba ba botlhale go feta ba bangwe ka gonne ba thaya motheo o o nonofileng thata wa go nna le katlego e e nnelang ruri mo botshelong. (Pesalema 1:1-3; Mathaio 7:24, 25) Mo godimo ga moo, ba ka tlhomamisega gore Mmopi o a ba amogela le go ba ema nokeng.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]
MELAOMETHEO E O KA AKANYANG KA YONE
● “Pounama ya boammaaruri ke yone e e tla tlhomamisiwang ka thata ka bosaengkae, mme loleme lwa maaka lo tla nna teng ka nakwana fela.”—Diane 12:19.
● “Motho wa ditiro tse di ikanyegang o tla nna le masego a mantsi.”—Diane 28:20.
● “Modimo wa boammaaruri o tla tlisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe mo katlholong ka ga sengwe le sengwe se se fitlhegileng, gore a se molemo kgotsa se bosula.”—Moreri 12:14.
● “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.
[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]
Thekenoloji ya segompieno e dira gore baithuti ba kgone go tsietsa motlhofo fela go feta pele mme e le ka mekgwa e e raraaneng
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Baithuti ba ba tsietsang ba tshwana le sesupanako se go tweng ke sa leina le le rileng mme gone e se sone, se lebega fela se le sentle