LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/13 ts. 16
  • Mokgwa wa go Bona wa Mmele wa Brittle Star

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgwa wa go Bona wa Mmele wa Brittle Star
  • Tsogang!—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
    Tsogang!—2009
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2013
  • Banna ba Kaelwa ke Naledi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu le Balepadinaledi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 5/13 ts. 16

A O NE O TLHAMILWE?

Mokgwa wa go Bona wa Mmele wa Brittle Star

BRITTLE STAR e e nnang mo lekekemeng la lewatle e na le letlalo le le gakgamatsang le le e sireletsang. Karolo eno ya mmele wa yone e na le dilense tse dintsi tse dinnyennye tse di dirang gore letlalo la setshedi seno le nne jaaka e kete ke leitlho la dilense di le dintsi.

Dithurusa tse di galalelang tsa mmele wa brittle star di dira tiro ya dilense tse dinnyennye

Ela tlhoko: Makasine wa Natural History wa re fa baitsesaense ba ne ba sekaseka dikarolo tse di bopang mmele wa brittle star, ba ne ba bona “dithurusa tse di kgobokaneng ka tsela e e sa tlwaelegang tse di galalelang jaaka legweka, nngwe le nngwe e le tshesane go feta thiri ya motho.” Ba ne ba fitlhela gore dithurusa tseno tse di phatsimang tse di dirilweng ka calcium carbonate (calcite), di ne di dira jaaka dilense tse dinnyennye tsa maemo a a kwa godimo tse di isang lesedi kwa go se se lebegang e le ditshikana tse di tsibogelang lesedi tse di ka fa tlase ga dikarolo tse di bopang mmele wa setshedi seno. Mo godimo ga moo, dilense tseno di na le popego e e tshwanelang tota go dira gore setshedi seno se bone sentle.

Go ya ka moitsekhemiseteri e bong Joanna Aizenberg, sekgapha sa brittle star se se dirang ditiro tse pedi se “bontsha ntlha ya botlhokwa: gore mo ditsheding, gantsi dikarolo tsa mmele di diretswe gore di dire ditiro tse dintsi tse di farologaneng ka mo go ka kgonegang ka teng.”

Babatlisisi ba ne ba tsaya malebela mo tseleng e brittle star e dirilweng ka yone mme ba tlhama mokgwa o o motlhofo o o sa jeng madi a mantsi wa go dira dilense tse dinnyennye tse dintsintsi tse di dirilweng ka calcium carbonate. Ditsela tse dintsi tse dilense tseno di dirisiwang ka tsone di akaretsa maranyane a tsa tlhaeletsano mo di dirisediwang go romela tshedimosetso e e fetotsweng go nna lesedi e romelwa ka megala ya di-optic fiber.

O akanyang? A mokgwa wa go bona wa mmele wa brittle star o iphetogetse fela ka boone? Kgotsa a o ne o tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela